Ntwa e e Tla Khutlisang Dintwa
SEFOFANE se segolo sa ntwa sa zeppeliñ sa Jeremane se ne sa teta se duma mo loaping go le bosigo. Se ne se boela kwa gae morago ga go tlhasela Lontone, mme erile ta se teta ta godimo ga motsana mongwe mo Essex, go ne ga latlhelwa dibomo. Nngwe ya tsone e ne ya bolaya mooki mongwe yo o neng a le mo malatsing a boikhutso go tswa kwa ntweng ya Fora.
Seno e ne e le tiragalo e potlana tel a ya Ntwa ya Letatshe I, mme e ne e na le bokao jo bogolo. E ne e le sekai sa kata lekgolo la bo-20 la dingwaga, phapaanong gotlhelele le go simologa ga motlha wa ta batho ‘ba ne ba se kitla ba ithuta tlhabano gope,’ le boneng koketsego e kgolo ya dibetsa gammogo le ditiragalo tsa ntwa. (Isaia 2:2-4) Mo diketeketeng tsa dingwaga, dintwa di ne di ile tsa tlhabanelwa mo letatsheng le mo godimo ga lewatle. Mme mo Ntweng ya Letatshe I, go ne ga simololwa go tlhabanelwa kwa letautaung le kwa tlase kata tlase ga lewatle. Ka baka leo, batho ba eseng masole bao ba neng ba le makgolokgolo a dikilometara go tswa kwa matelong a botlhabanelo ba ne ba bolawa ke dibomo, mme dikepe di le dintsi di ne tsa nwediwa kwa tlase ga mawatle ke disabomarine tseo ba neng ba sa di bone.
Eleruri, mo ntweng eo ya ntlha e e maswe ya letatshe masole a le dimilione di le 8 a ne a swela mo ntweng, mme batho bao e neng e se masole ba go topholediwang ba ne ba le dimilione di le 12 ba ne ba bolawa ke dilo tse di neng di akareletsa tlala le go sa sireletsega. “Masetlapelo a Ntwa e Kgolo [Ntwa ya Letatshe I],” go ya ka raditiragalo H. A. L. Fisher, “a ne a bakilwe ke go bo e ne e lowa ke batho bao ba neng ba tlhabologile thata ba Yuropa ka baka la kgang eo batho ba sekae bao ba neng ba sa rutega thata ba neng ba se kake ba e tlhaloganya motlhofo.” Go mpampetsa go bolaya ga yone batho ka setlhogo, e ne ya bidiwa “ntwa eo e neng e tla khutlisa dintwa.” Mme matoko ao a ne a tloga a utlwala a sa kae sepe.
Lekgotla la Kagiso
Fa kagiso e sena go bolelwa ka 1918, losika lwa batho bao ba neng ba gaketse ba ne ba batla gore go tsewe dikgato tsa go tlhomamisa gore ntwa ya go nna jalo ga e kit la e diragala gape. Ka gone, Lekgotla la Kgolagano ya Merate le ne la tlhomiwa ka 1919. Mme Lekgotla leo le ne la swabisa tela thata. Ka 1939 letatshe le ne la tsenelela mo ntweng ya letatshe gape—e le ntwa eo e bileng e ne e le e e maswe go gaisa ya pele.
Ka Ntwa ya Letatshe II, metse e le mentsi e ne ya tetolwa thothobolo ya matlakala tela, ya dira gore batho bao e neng e se masole ba tshelele mo letshogong tela. Go tswa too, ka 1945, dibomo tsa atomo di ne tsa latlhelwa mo Hiroshima le Nagasaki, di simololela batho motlha wa nuklea. Maru a a tshosang a a neng a apesa metse e mebedi eo ya Japane e ne e le ditshimologo tsa matshosetsi ao a nnileng a gomagometsa batho ta esale go tloga ka nako eo.
Lefa go ntse jalo, le eleng pele ga dibomo tseo di latlhelwa, go ne go ntse go dirwa dipaakanyo tsa go tlhoma lekgotla leo le neng le tshwana le Lekgotla la Kgolagano ya Merate le le neng le suie. Go ne ga telela ka go tlhongwa ga Lekgotla la Merate e e Kopaneng leo ka motheo le neng le na le boikaelelo jo bo neng bo tshwana le jwa leo le neng le le teng pele ga lone—jwa go boloka kagiso mo letatsheng lotlhe. Le titlheletse eng? Ebu, ga go ise go ke go nne le ntwa ya letatshe ta esale ka 1945, mme go nnile le dintwa di le mmalwa tse dipotlana tseo dimilione tsa batho di bolailweng mo go tsone.
A seno se raya gore setho ga se kitla se bona tiragatso ya tsholotetso ya Modimo ka Isaia ya gore batho ‘ga ba kitla ba ithuta tlhabano gope’? Nnyaa. Go raya tela gore sene ga sena go dirwa ke batho. Bibela, eo e bidiwang ‘lesedi la tsela ya rona,’ ke bu ka eo e nang le tsholotetso e e tlhotlheleditsweng eo. Mme ke Bibela eo e bontshang gore ga go ope o sele ta e se Modimo ka boone tela yoo kwa bokhutlong o tla khutlisang dintwa.—Pesalema 119:105.
Bokhutlo jwa Dintwa Tsotlhe
Jaaka go umakilwe mo setlhogong se se tetileng go ne go na le setlhopha sengwe mo lekgolong la ntlha la dingwaga seo se neng sa tlhoma bokaulengwe jwa merate yotlhe joo mo go jone go neng go le kgakala le mogopolo wa leloko la jone go ka tlhabana le mokaulengwe wa gagwe kana kgaitsadie. Seno e ne e le phuthego ya Bokeresete, eo maloko a yone tota-tota a neng a ‘thudile ditshaka tsa bone magale a megoma.’ Gompieno, leta batho ka kakaretso ba ka seka ba atlega pele mo go tediseng ntwa, go na le setlhopha sa batho gape bao ba fitlheletseng mokgele o mogolo oo. Bone ke bomang?
Mo dingwageng tsa pele ga 1914, setlhopha se sebotlana sene sa batho se ne se na le tshepo mo Bibeleng. Ka jalo, ba ne ba itse gore maiteko a batho a go khutlisa ntwa a ne a ka seke a atlege. Mo go ithuteng ga bone Bibela, ba ne ba ithuta gore ngwaga wa 1914 e ne e tla nna nako ya phetogo mo ditiragalong tsa bat ho, mme ba ne ba tlhagisa kaga sene mo dingwageng di le 40. Tumalanong le polelelopele ya Bibela, 1914 e ne ya nna tshimologo ya motlha o o tshwailweng ka mauba, dikgogodi tsa bolwetsi, le dithoromo tsa letatshe, gammogo le ntwa. (Mathaio 24:3, 7, 8; Luke 21:10, 11) Malebana le Ntwa ya Letatshe I, raditiragalo James Cameroñ o ne a kwala jaana: “Ka 1914 letatshe, jaaka le ne le itsiwe le bile le amogelwa ka nako eo, le ne la khutla.”
Pele ga ntwa eo e khutla, leroborobo le le maswe la bolwetse jwa letshoroma le ne la tlhasela mo letatsheng lotlhe mme jwa bolaya batho ba le dimilione di le 20—bao ba neng ba teta pale ya masole ao a neng a swetse mo ntweng eo ka boyone gabedi. Fa esale go tloga nakong eo, malwetsi a a tshwanang le kankere le jwa bosheng tela jaana jwa AIDS, a nnile a boitisa batho.
Jaanong elatlhoko polelelopele e nngwe ya Bibela: “Me e tla re ka boikèpō bo tla bo bo ntsihetse, loratō loa bontsi bogolo lo tla tsidihala.” (Mathaio 24:12) A sene se a diragadiwa? Eleruri! Letsatsi le letsatsi, dikgang di bolela kaga boganana mo letatsheng ka bophara: dipolaano, go thukuthiwa, le thubakanyo ka kakaretso. Go teta moo, ponelopele ya sepolotiki malebana le Ntwa ya Letatshe II e ne e le gore e ne e tla lere “kgololesego mo poitong.” Phapaanong le seo, Bibela ka go opa kgomo lonaka e ne ya bolelela pele gore batho ba ne ba tla “idibadiwa ke poihō le tebèlèlō ea dilō tse di tlañ mo lehatshiñ.” (Luke 21:26) Gape diponelopele tsa batho di ne di le phoso, mme matoko a Modimo a polelelopele a ne a le boammaaruri.
Ntwa-Dumela yo Mogolo
Ntwa-dumela ke motho yo o tlhotlheletsang ntwa. Boradipolotiki, baruti, le eleng borakgwebo ba nnile le seabe mo go seno. Mme ntwa-dumela yo mogolo go ba teta botlhe ga se ope ta e se Satane Diabolo, yoo Dikwalo di mmitsang “modimo oa lehatshe yeno.”—2 Bakorintha 4:4.
Satane o ne a tsuologela Jehota Modimo diketekete tsa dingwaga tse di tetileng, mme morago o ne a pateletsa matsholo a baengele go kopaflela le ene. Mme ka 1914 nako ya gagwe e ne ya fela. Bibela e re bolelela jaana: “Ga nna ntwa mo legodimoñ; Mikaele le baengele ba gagwè ba bololèla kgōgèla ba ea go tlhabana naeō; me kgōgèla ea tlhabana e na le baengele ba eōna: Me ba se ka ba henya, le gōna ba se ka ba tlhōla ba na le bonnō mo legodimoñ. Me kgōgèla e kgolo, nōga ea bogologolo ea piriganwa, eōna e e bidiwañ Diabolo le Satane, motsietsi oa lehatshe yeotlhe; ea piriganyediwa koñ kwa lehatshiñ, le baengele ba eōna ba piriganyediwa kwa tlhatse naeō.”—Tshenolō 12:7-9.
Seno se tlhalosa lebaka la go bo lefatshe le nnile lefelo le le kotsi fela thata fa esale ka 1914. Bibela e ne ya bolelela pele phelelo ya go wa ga ga Satane: “A bo go latlhèga lehatshe . . . ka diabolo a hologetse kwa go lona, a tletse bogale, ka a itse ha loba ka loa gagwè lo setse lo le lokhutshane.” (Tshenolō 12:12) Ke loba ka lo lokhutshwane go le kana kang? Jesu o ne are: “Losika lo [loo lo neng lo tla bona ditiragalo tse di simologileng ka 1914] ga lo ketla lo heta go tlo go tsamaee dilō cotlhe di di hale pele.” (Mathaio 24:34) Dilo dife? Masetlapelo otlhe le dikhuduego tseo Jesu a neng a bolelela pele fa di ne di tla diragala mo motlheng wa rona.
Lefa go ntse jalo, Bibela e bontsha gore le fa Lekgotla la Kgolagano ya Merafe le reteletswe ebile Lekgotla la Merafe e e Kopaneng le palelwa mo nakong eno, merafe e ne e se kitla e tlogela maiteko a yone a go dira kagiso. Eleruri, go tla tla nako ya fa ba tla akanya gore ba atlegile. Go tla nna le mokgosi o mogolo wa “Kagishō le thagamō,” mme sena se tla latelwa ke “tshenyègō ea choganeco” ya lefatshe leno le le bodileng. Ka go bo batho ba tla bo ba le mo lefifing, ba tla welwa ba sa itebetse ke phetogo eno ya ditiragalo, eo e tla tlang “yaka legodu bosigo.”—1 Bathesalonia 5:2, 3.
Seno se tla gogela go eng? Kwa ntweng eo tota-tota eleng “ntwa eo e tla khutlisang dintwa”: ntwa ya Hara-Magedona, eo Bibela e e bitsang ‘ntwa ya letsatsi le legolo la Modimo, Mothatayotlhe.’ Seno se tla raya go senngwa ga makgotla otlhe a a bosula le baema-nokeng ba one. “Badiha boshula ba tla kgaolwa.” (Tshenolō 16:14-16; Pesalema 37:9) Kwa bokhutlong, Satane, eleng ntwa-dumela yo mogolo, o tla kganelelwa mo lefelong leo a tla sekeng a tlhole a kgona go tlhotlheletsa batho mo go lone. Kgabagare, ene le ene o tla senngwa.—Tshenolō 20:1-3, 7-10.
Lefa go ntse jalo, ela tlhoko gore seno ga sena go nna ntwa ya tshenyo ya boeleele eo go tla bolawang batho ba ba senang molato le ba ba molato ka go tshwana kwantle ga lebaka. Go tla nna le bafalodi, mme banc e tla nna bao ba ‘dihelang Modimo motshegare le bosigo.” Ee, bao ba tlogelang go tlhola ba ithuta ntwa le eleng jaanong le bao ba latelang ditsela tsa kagiso tsa Bokeresete jwa boammaaruri ba tla falola ntwa eno ya bofe-10, e kgolo. A ba tla nna bantsi? Bibela e ba bitsa “boidiidi yo bogolo yoa batho, yo go señ motho opè eo o ka bo balañ, e le ba morahe moñwe le moñwe, le ba dicō cotlhe, le batho, le dipuō.”—Tshenolō 7:9, 14, 15.
Morago ga Setsuatsue
Abo bano ba tla ikutlwa ba wetse dibete jang ne! Mo boemong jwa dipuso tse dintsi tsa bomorafe, go tla nna le puso e le nngwe fela fela: Bogosi jwa Modimo. (Daniele 2:44; Mathaio 6:9, 10) Mo boemong jwa batho ba ba boikgogomoso le ba ba boikgodiso, bapelonomi ba tla rua lefatshe ba bo ba “inatehisa mo letlotloñ ya kagishō.” (Pesalema 37:10, 11) “Modimo ka osi . . . o tla phimola dikeledi cotlhe mo matlhoñ a bōnè; me ga go ketla go tlhōla go le losho; le gōna ga go ketla go tlhōla go le bohutsana, leha e le selelō, leha e le botlhoko: dilō tsa pele di hetetse rure.” (Tshenolō 21:3, 4) Jehofa o tla “khutlisa ditlhabanō le kwa bokhutloñ yoa lehatshe.” Ditshaka di tla thulwa go nna magale a megoma, marumo a tla nna dithipa tsa mabele, mme “ga ba ketla ba tlMla ba ithuta tlhabanō gopè.”—Pesalema 46:8, 9; Isaia 2:4.
A o ka seka wa rata go nna mo lefatsheng le le ntseng jalo? Eleruri o ka rata! Mme kana, go ka kgonega. Kgato ya ntlha ke go ithuta Lefoko la Modimo, ebong Bibela, mme o itlhomamisetse gore tsholofelo eno e boammaaruri ebile e na le motheo o o utlwalang. Go tswa foo, iponele go tswa Bibeleng seo thato ya Modimo e leng sone ka wena jaanong mme o dire tumalanong le seo. Ke boammaaruri gore go ithuta go tlhoka boiteko, mme bo a go tshwanela. Jesu o ne a bolela gore kitso e o e bonang, fa o e dirisa ka tshwanelo, e tla raya “botshelō yo bo sa khutleñ.” (Yohane 17:3) A go na le sengwe se se botlhokwa go feta seo?