A Dintwa Di Tla Nna Di Ntse Di le Teng ka Metlha?
KA JULY 1, 1916, go ne ga simologa Ntwa ya Ntlha ya Somme mo lefelong le lentle la temo la Picardy kwa Bokone jwa Fora. Morago ga go itaakanya ka marumo le go tlhasela go tswa loaping, masole a Britane le a Fora ba ne ba simolola seo ba neng ba solofela gore e ne e tla nna go fenya ga bone ga makgaolakgang masole a Jeremane ao a neng a iphitlhile mo mesimeng ao a neng a tlhabana le bone. Mme ba ne ba se ka ba fenya. Go na le moo, mo letsatsing lantlha, masole a Britane a le 20 000 a ne a bolawa. Fa dibeke di ntse di kgabaganya ka iketlo, ntwa eo e ne ya nna ya tswelela kwantle ga phenyo. Ka October, dipula tse di matsorotsoro di ne tsa fetola lefelo leo la botlhabanelo lewatle la diretse. Mo bogareng jwa November masole a Allied a ne a atametse dikilometara di ka nna robedi fela. Ka yone nako eo, go ne ga swa Majeremane a le 450 000, Mafora a le 200 000, le Ma-Britane a le 420 000. Masole a feta milione, bontsi jwa one e le makawana, ba ne ba swela mo ntweng eo!
Seno e ne e le tiragalo fela ya ntwa ya ntlha ya lefatshe. Mme ntwa ya ntlha ya lefatshe e ne e le e nngwe fela—lemororo e ne e le e e maswe go di feta tsotlhe go tla go fitlha nakong eo—ya dintwa di le mmalwa tseo di nnileng tsa lowa go kgabaganya hisitori. Abo e ne e le go senngwa ga botshelo jwa motho kwantle ga lebaka jang ne!
Ke ka ntlhayang fa batho ba ganelela mo go bolaaneng ka tsela eno? Go na le mabaka a le mantsi a a kopanyelediwang, ao gareng ga one re ka umakang bogagapa, boikgodiso, bopelotshetlha, gammogo le go gwalalela puso le bokwagodimo. Selo se sengwe seo se bakileng ntwa e nnile bomorafe. Eleruri, ntwa e bontsha ka moo tlhaloso ya ditiragalo tsa batho eo e fitlhelwang mo Bibeleng e leng boammaaruri ka gone: “Motho o busitse yo mongwe go ikutlwisa botlhoko.”—Moreri 8:9, NW.
Bodumedi le jone gantsi bo nnile jwa tsosa ntwa. Dintwa tsa botlhabanela-tumelo tsa Dingwaga tsa Bogare di ile tsa lowa ke merafe ya bodumedi ka boikaelelo jo go lebegang e ne e le jwa bodumedi: e leng go gapela Palesetina mo go La-Bodumedi gape. Mo dintweng tsoopedi tsa lefatshe tsa lekgolo leno la dingwaga, baruti ba dikereke tse di farologaneng ba ile ba leka go dirisa maikutlo a bodumedi a masole ba dira gore a iketleeletse go bolaya balekane ba bone ba ba mo letlhakoreng le lengwe. Mme dingwe tsa dikgotlhang tse di leng gone jaanong jaana di bakilwe thata-thata ke bodumedi.
Diponelopele tsa Tsholofelo
A go na le tsholofelo nngwe ya gore dintwa di tla khutla ka letsatsi lengwe? Ee, e teng. Jesu Keresete o bidiwa “Kgōsana ea Kagishō.” Fa a ne a tla mo lefatsheng, o ne a tshelela lei na leo, a ruta batho go rata baagelani ba bone jaaka ba ithata. O bile a ba a ba bolelela gore ba rate baba ba bone. (Isaia 9:6; Mathaio 5:44; 22:39) Ka baka leo, bao ba neng ba utlwa dithuto tsa gagwe mo lekgolong la ntlha la dingwaga e ne ya nna bakaulengwe ba ba kagisano ba merafe yotlhe. Go lwantshana go ne go le kgakala le megopolo ya bone. Lefa go ntse jalo, ka maswabi, tumelo e e itshekileng ya Bakeresete banc ba ntlha moragonyana e ne ya kgotlelwa. Morago ga nako, dikereke di ne tsa itlhakatlhakanya le dipolotiki mme ba ne ba tladika diatla tsa bone ka madi a dintwa tsa merafe eo.
Moragonyana thata, go ne ga simologa diphetogo mo Yuropa. Go ne go lebega jaaka ekete batho ba ne ba simolola go lapisiwa ke dintwa tse di neng di sa fele. Ka 1899 le ka 1907 gape, dikopano tsa merafe yotlhe di ne tsa tshwarelwa kwa The Hague, kwa Netherlands. Kwa kopanong ya 1899, go ne ga amogelwa tumalano ya “Tharabololo ya Dikgogakgogano tsa Merafe yotlhe ya kwa Pacific [ya kagiso].” Jalo, fa lekgolo la bo-20 la dingwaga le ne le simologa, ba le bantsi ba ne ba solofela gore lefatshe le ne le tla tlogela go rata ntwa ga lone ka iketlo. Lefa go ntse jalo, ditsholofelo tsa go nna jalo di ne tsa phatlakanngwa ke go simologa ga ntwa ya ntlha ya lefatshe. A sena se ne se kaya gore ditsholofelo tsa batho tsa kagiso di ne di se kitla di diragadiwa?