Pego ya Baboledi ba Bogosi
Boitshoko jwa Monna Mongwe Bo Lere Kutlwano mo Lelapeng
O NE o ka dirang fa e re o sena go amogela boammaaruri molekane wa gaga wa lenyalo a bo a go ganetsa mo go botlhoko mme a dira sengwe le sengwe seo a ka se kgonang go roba bothokgami jwa gago? A o ne o tla nonotshiwa ke mafoko a ga Paulo a a mo go 2 Timotheo 3:12, koo a reng: “Le botlhe ba ba ratañ go tshela ka poihōmodimo mo go Keresete Jesu ba tla bōna pogishō”? A o ne o tla itshoka kana o ne o tla ineela? Monna mongwe wa Mokeresete mo Italy o ne a thulana le kgwetlho ya go nna jalo. O ne a se ka a ineela, mme Jehofa o ne a mo segofaletsa seo.
Monna yo go buiwang ka ene o ne a kile a bo e le mokomonisi yo o tlhoafetseng pele, mme gape e ne e le Mokatoliki yo o tlhaga. O ne a dumela mo go lekalekaneng ga batho mme a ikutlwa gore mekgatlho eo ka bobedi e ne e rera ka mogopolo oo. Mongwe wa badiri-ka-ene o ne a bua le ene ka Bogosi jwa Modimo, mme ka bofefo fela o ne a lemoga gore eno e ne e le tsela e le nngwe fela fela eo go lekalekana ga batho go neng go ka fitlhelelwa ka yone. O ne a amogela boammaaruri ka botlhaga jo bo tshwanang le joo a neng a bo bontshitse mo bokomonising le mo Bokatoliking mme a kolobediwa ka 1972. Go tweng ka mosadi wa gagwe? O ne a mo ganetsa mo go botlhoko. O anela jaana:
“Monna wa me o ne a kopana la ntlha le Basupi ba ga Jehofa ka 1970 kwa tirong ya gagwe. Ka bonya, jaaka a ntse a ithuta Bibela, ke ne ka simolola go lemoga gore e ne e le bodumedi jo bosha le gore bo ne bo na le dintlha tseo ke neng ke sa dumalane le tsone. Nna le maloko a mangwe a lelapa re ne ra simolola go mmogisa ka bokhutshwane fela morago ga moo.”
O tswelela jaana: “Batsadi ba monna wa me ba ne ba mo tsenya tsebe-tsebe, ba dirisa sengwe le sengwe se se neng se kgonega go mo emisa. Fa monna wa me a ne a ntse a gatela pele mo kit song ya Bibela, o ne a bona fa go tlhokega go tlosa medimo ya disetwa mo legaeng la rona. Ke ne ka mmolelela gore fa a ne a ka dira jalo, sengwe se se maswe se ne se tla diragala. O ne a senya setshwantsho sengwe sa bOdumedi, mme ke ne ka simolola go mo gobolola thata-thata ka bo ka mo itaya mme ka gagola dimakasine tsa gagwe di le mmalwa. Fa bomatsale ba ne ba utlwa ke nt se ke mo goagoetsa jalo, ba ne ba tla ba siane mme ba itatlhela mo go ene le bone, mme o ne a seka a ipusolosetsa.
“Go sa utlwisisane mono go ne ga tswelela go fitlhelela ke kgaogana nae fa a ne a sa dumalane le go tsena sekolo sa kereke ga morwadia rona. Monna wa me o ne a mpolelela gore fa ke ne ke sa boele gae, o ne a tla mpega molato wa go tlhokomologa lenyalo kafa molaong. Morago ga beke ke ne ka fetsa ka gore ke boele gae.
“Ka boiteko jwa go mo emisa, ke ne ka ya kwa go yo o buang le badimo mme ka mo kopa gore a mo loe. Motho yo o buang le badimo yoo a simolola go mpotsa dipotso, mme ke ne ka mo tlhalosetsa seemo. Fa a sena go se utlwa, o ne a mpolelela gore ga go na mofuta ope wa too o o ka dirang sepe go mongwe wa Basupi ba ga Jehofa.
“Re ne ra akanya ka go ya go bona moruti wa lefelo leo. Moruti yoo o ne a re gakolola ka gore re ye go bona agente. Seo se neng sa nkgakgamatsa ke gore agente eo e ne ya nkgothaletsa go ya dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa le monna wa me. Rratsale, yo o neng a na le nna, o ne a se ka a dumalana le seo, a bolela gore lelapa la gagwe le ne le ineetse fela thata go Sañ Rocco eleng ‘Mosireletsi’ wa torapo ya rona. Lefa go ntse jalo, agente yoo o ne a tlhalosa gore ‘moitshepi’ yono, fela jaaka medimo yotlhe ya disetwa, e ne e se wa boammaaruri. Go tswa foo o ne a ipolelela fa e le modula-setulo wa Catholic Action mme a re bolelela gore o ne a sa tseye karolo gotlhelele mo meketeng ya bodumedi ka gonne, ereka a ne a badile Bibela, o ne a itse gore yotlhe e ne e se ya boammaaruri. Kwa bokhutlong, o ne are: ‘Tsamaya le monna wa gaga mme lo agisane. Mo reetse, mme wena le wena simolola go ithuta Bibela.’
“Morago ga kgothatso eno, ke ne ka akanya ka boitshwaro, diphetogo, le boitshoko jwa monna wa me, jalo ka simolola go ya dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa le ene. Ereka ke ne ka kgatlhiwa ke lorato 100 10 bontshiwang koo, ke ne ka ithuta, ka ikwadisa mo Sekolong sa Bodihedi sa Bolegodimo, mme ka simolola go ya tirelong ya tshimo. Kwa bokhutlong, ke ne ka bontsha boineelo jwa me ka 1977 mme jaanong ke itumelela go bo ke le mo boammaaruring, ke leboga Jehofa yo o neng a thusa monna wa me go itshoka le go utlwanya lelapa lotlhe mo kobamelong ya Gagwe:’