Go Boloka Bongwefela Jwa Rona Jwa Bokeresete
“A O KO o ikakanye o bidiwa mokaulengwe kana kgaitsadi,” ga kwala jalo mokwadi mongwe wa Mokatoliki Domenico Mosso, “eseng ke moruti, mme ke lekolwane lengwe le le bapileng le wena kana ke mohumagatsana mongwe yo o mabono-mantle yo o sa tswang go nna fa go wena kafa mojeng. ‘Ga ke a utlwa sentle?’ ‘Ke ne ke re, dumela mokaulengwe wa me.’ ‘O raya jang fa o re . . . ga ke go itse le eseng, o ntlwaeditswe ke eng? Mme ebile, golo fano re mo kerekeng.’”
Tota bokaulengwe jwa mmannete ga boyo mo dikerekeng tsa La-Bodumedi. Seno se supa kafa ba senang kutlwano ya Bokeresete ka gone. Lefa go ntse jalo, seno ga se a nna jalo mo Basuping ba ga Jehofa. Fela jaaka balatedi ba pele ba ga Jesu, re gololesegile go bitsa ba bangwe bakaulengwe le bokgaitsadi. (2 Petere 3:15) Lefa re ka ya kae mo lefatsheng, re tla fitlhela go na le kamogelo ya bokaulengwe mo Holong ya Bogosi nngwe le nngwe e e gaufi. Kutlwano gape e bonala mo go reng diphuthego tsotlhe di na le tsela e e tshwanang ya thuto le go bo Basupi botlhe ba tshwaregile mo go rereng “Mahoko a a Molemō a, a bogosi.”—Mathaio 24:14.
Mo bosigong jwa pele ga a swa, Jesu Keresete o ne a rapela are: “Ke rapèlèla le ba ba dumèlañ mo go nna ka lehoko ya bōnè . . . Gore ba nnè bañwe hèla botlhe; hèla yaka wèna Rara u le mo go nna, le nna mo go wèna.” (Yohane 17:20, 21) Bibela e bontsha gore Jehofa Modimo o ne a araba thapelo ya ga Jesu. Gareng ga Bakeresete ba pele ditlhoano tsa bogologolo tse di neng di le teng fa gare ga Bajuda le Baditš haba di ne tsa fedisiwa ke maatla a a kopanyang a dithuto tsa ga Keresete.—Bagalatia 3:28.
Lefa go ntse jalo, maiteko a ne a tlhokafala gore kutlwano eno e nne gone ka metlha. Moaposetoloi Paulo o ne a lopa badiri-ka-ene gore ba “sepelè mo go chwanetseñ picō [ya selegodimo] . . . ka go tlhōahalèla go tshegetsa boñwe hèla yoa Mōea mo tumalanoñ ea kagishō.” Ba ne ba sa tshwanela go kgaogana ka makoko a a farologaneng. Nnyaa, “go mmele ole moñwe hèla, le Mōea o le moñwe hèla, hèla yaka le lona lo biledicwe cholohèlō e le ñwe hèla ea go bidiwa ga lona; Go Morèna a le moñwe hèla, tumèlō e le ñwe hèla, kolobeco e le ñwe hèla, Modimo o le moñwe hèla, le Rara oa botlhe.” Baaposetoloi, badisa, le barutisi mo phuthegong ba ne ba fiwa thuso gore ba ‘fitlhe botlhe mo bongwefeleng jwa tumelo.’—Baefesia 4:1-6, 11-14.
Basupi ba ga Jehofa mo metlheng ya segompieno ba ile ba boloka ‘bongwefela’ jono ka katlego. Lefa go ntse jalo, mabaka a a farologaneng—moya wa boitaolo, go se tshwane ga tsela ya botshelo le ga lotso, diphoso tse di farologaneng le go sa itekanelang gareng ga Bakeresete-ka-rona—go ka baya ‘bongwefela jwa rona jwa tumelo’ mo kotsing. Bo ka bolokwa jang?
Go ja Dijo Tse di Tshwanang
Jehofa ga a fe Bakeresete ka bongwe ka bongwe lesedi. Go na le moo, Keresete o ile a tlhoma setlhopha sa “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale” yo o baakanyetsang didirisiwa tsa thuto ya Dikwalo le kgakololo e e tshwanetseng mo Bakereseteng go ralala lefatshe lotlhe. (Mathaio 24:45-47) Ka jalo Tora ya Tebelo e gatisiwa ka dipuo di le 103 go thusa mo tlhokafalong eno ya lefatshe lotlhe.
Go otliwa ka dijo tse di tshwanang tsa semoya go ile ga thusa thata mo go bopeng le mo go bolokeng bongwefela jwa tumelo. Lefa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe, kgakololo nngwe e ka bonala e sa dire mo mafatsheng mangwe. A re tshwanetse go ikutlwa gore ga re tlhoke tshedimosetso eo? Legoka. Dingwe tsa ditlhagiso tse Paulo a neng a di bolelela Bakeresete ba ba neng ba nna mo motseng wa Korintha oo boitsholo jwa one bo neng bo sa siama, o o neng o obamela medimo ya disetwa di ka nna tsa bo di ne di bonala di sa dire ka botlalo mo Bakereseteng ba ba neng ba nna mo metseng ya selegae. (1 Bakorintha 6:15, 16; 10:14) Lefa go le jalo, Bakeresete gongwe le gongwe ba ne ba leba mekwalo ya ga Paulo jaaka bontlhanngwe jwa ‘Dikwalo.’—2 Petere 3:16.
Ka tsela e e tshwanang gompieno, go ka nna le ditlhogo dingwe tse di ka lebegang di sa dire mo maemong a lefelo la lona go sa tshwane le tse dingwe. Mme re tshwanetse ra nna ra amogela tlhagiso e e ntseng jalo ya go sale gale, ka go itse gore mo motlheng wa rona wa ditlhaeletsano tse di bofefo, ditshekamelo tse di sa siamang tse di simologileng mo karolong nngwe ya lefatshe di ka anama ka bofefo!
Go sa Itekanelang le Dipono Tse di Feteletseng
Morutwa Jakobe o ne a re: “Re tle re kgocwe rotlhe mo diloñ di le diñ tsi.” (Yakobe 3:2) Ka ntlha ya go sa itekanelang, batho gape ba sekamela mo go feteleleng. Seno se ka bonala e se bothata fa batho ba na le dipono tse di tshwanang. Ka sekai, batho bangwe ba le babedi ba ba ratang bophepa jo bo feteletseng ba ka utlwana sentle fela. Mme fa yo mongwe a le letlhaswa yo mongwe a rata bophepa jo bo feteletseng, ba ka tlhola ba omanye ka metlha yotlhe!
Basupi ba ga Jehofa ba tswa go “morahe moñwe le moñwe, le . . . dicō cotlhe, le batho, le dipuō.” (Tshenolō 7:9) Kajalo, batho gareng ga rona ba ka tswa ba na le megopolo e e farologaneng thata kaga dikgang tse di tshwanang le dijo tse di jewang, diaparo, mokgwa wa go tshela sentle, le eleng tsela ya go itshwara mo botshelong. Dipono tse di ntseng jalo tse di sa tshwaneng ga di a tshwanela go re kgaoganya ka bogare. Bibela e tlhagisa kgatlhanong le dipheteletso mme e re kgothaletsa go nna tekatekano le tlhaloganyo. “Botlhale yo bo cwañ kwa godimo bo . . . kagishō, bo [dira dilo ka tlhaloganyo, NW],” go bolela jalo Bibela.—Yakobe 3:17.
Ke boammaaruri, Bibela e kgala ditlwaelo dingwe ka tlhamalalo. Mme gantsi e re kgothaletsa fela go nna tekatekano go na le go feteletsa. Tlhokomela se Bibela e se bolelang ka dikgang tse di latelang:
Tiro ya Boitshediso: “Bobodu bo digèla motho mo thulameloñ e kgolo; le gōna motho eo o sa diheñ sepè o tla bolawa ke tlala.” (Diane 19:15) “Ga lo kake loa dihèla Modimo le Dikhumō.”—Mathaio 6:24.
Go bua: “Eo o thibañ dipounama tsa gagwè o botlhale.” (Diane 10:19) “Señwe le señwe se na le motlha oa shōna . . . Motlha oa go didimala, le motlha oa go bua.”—Moreri 3:1, 7.
Botsalano: “Batho botlhe ba tla itse ha lo le barutwa ba me ka mo, ha 10 ratana.” (Yohane 13:35) “A lonaō loa gago lo se tsene bobe mo tluñ ea oa ga eno; u ka tla ua mo lapisa, me a gu ila.”—Diane 25:17.
Go Godisa Bana: “Eo o rèkègèlañ thupa o ila morwawè: me eo o mo ratañ, o tla a mo oatlhaee go sa le galè.” (Diane 13:24) “Se chwenyeñ bana ba lona, gore ba se ka ba shulahala pelo.”—Bakolosa 3:21.
Fa dipono tsa rona e nna tseo di lekalekaneng go na le tse di feteletseng, ga re na go thulana thata le Bakeresete ba bangwe. Mme go tweng fa e le gore diphapaang di nna di le gone ka ntlha ya go sa itekanela? Gakologelwa mafoko a ga Paulo go Bakolosa 3:13: “Lo iphapaanyanè moñwe le eo moñwe, 10 ichwarèlanè, ha motho moñwe a na le ñōñōrègō kaga eo monwe.”
‘O Nkgopisitse’
Lefa go ntse jalo, bangwe mo phuthegong, ba ka nna ba ba kgopisegang motlhofo fela, nako le nako ba senka sengwe se se phoso mo mafokong a batho ba a buang le dilo tse ba di dirang. Gongwe seno se ka ne se dirwa ke tsela e ba godileng ka yone. Lefa seemo e ka nna sefe, abo go swabisa jang ne go bo batho ba ba ntseng jalo ba ba kgopisegang motlhofo fela ba iteseletsa go ngalosiwa ke dilo tse di seng tsa sepe, kana se se fetang seo, ba kgobera ba bangwe ka go jala moya wa go sa utlwane!
Ke boammaaruri, Bibela e kgala boitshwaro jo bo ka kgopisang barutwa ba bangwe. (Luke 17:1, 2) Mme ba ba godileng ba tshwanetse go akanyetsa thata-thata maikutlo a Bakeresete ka bone. Lefa go ntse jalo, Bibela e re gakolola thata kgatlhanong le go amega thata-thata le go godisa dikgopiso mo megopolong ya rona. (Moreri 7:9) Mme gape, go tsosa dingongorego gareng ga bakaulengwe ba rona ka go senola ditlhaelo tsa yo mongwe ke sengwe sa dilo tse “Yehofa o di ilañ.”—Diane 6:16-19.
Moya wa Modimo o ka re thusa go fenya go kgopisega ka bofefo. Mo boemong jwa go nna re ntse re akantse ka diphoso tsa bakaulengwe ba rona, ka thuso ya moya, akanya dilo tse di molemo, megopolo e e agelelang. (Bafilipi 4:8) Seno se rotloetsa kutlwano.
Kutlwano ga e Reye go Tshwana
Lefa go ntse jalo, kutlwano ya lefatshe lotlhe ga e reye gore batho ba tseelwa botho jwa bone kana ba kgojwa marapo. Koo melao-metheo ya Bibela e dirang gone, re itumelela go tlogela megopolo ya go akanya ga boitaolo ga lefatshe leno mme re amogela go gogwa ke moya wa ga Jehofa. Mme gape, ka go diragatsa thomo ya rona jaaka bareri, motho o sala a ntse ka botho jwa gagwe, ee, a kgona go ikakanyetsa. Ee ruri, bakaulengwe ba rona gantsi ba dirisa matsetseleko a bone a magolo mo go direng gore mekgwa e ba rerang ka yone e amogelesege mo maemong a mafelo a bone.
Mme ebile go na le ditiro tse dintsintsi koo melao-metheo ya Dikwalo e sa kopanyelediweng ka tlhamalalo, go akareletsa le mekgwa e e rileng ya lefelo. Mo Yuropa yotlhe, batho gantsi ba dumedisana ka go tshwarana ka diatla. Mo dikarolong dingwe tsa Botlhaba jo bo Kgakala, ba a obama. Gotlhe go a amogelesega mo Bakereseteng. Kana fa re tla mo kgannyeng ya moaparo le go ipaakanya mo mmeleng. Bibela e re fa kaelo fela ya motheo ya gore re nne bori le tekatekano. Fa re latela dilo tseo, re ka nna ra itlhophela se re se batlang fa re ntse re dirisa “bori le tekanō.”—1 Timotheo 2:9, 10.
Ka jalo, bagolwane ka metlha ba tshwanetse go tlhokomela gore kgakololo e ba e fang e bo e theilwe mo melao-metheong ya Bibela go na le mo boemong jwa dilo fela tse di ratwang ke bone. Legale, fa go tla mo dikgannyeng tsa semoya, ba tla tlhagafalela go kgothaletsa kutlwano e e nonofileng. Le rona re ka nna le seabe. Re ka nnela ‘go iteka gore a re mo tumelong’ ka go ithuta Bibela ka metlha yotlhe le dikgatiso tsa “motlhanka eo o boikañō.” (2 Bakorintha 13:5) Re ka boloka bongwefela jwa rona ka ditiro fa ka bopelokgale re ‘bolela phatlalatsa’ tumelo ya rona.—Bahebera 13:15.
Ka tsela eno re tla bo re reetsa kgakololo eno e e tlhotlheleditsweng: “Me yana, ba ga echo, kea lo rapèla, ka leina ya Morèna oa rona Yesu Keresete, gore lo nnè puō ñwe hèla lotlhe, le gore go se nnè dikgaoganō mo go lona; me lo ko lo0 itekanèlè mmōgō, le mo mogopoloñ o le moñwe hèla, le mo tshekatshekoñ e le ñwe hèla.”—1 Bakorintha 1:10.
[Setshwantsho mo go tsebe 30]
Go boloka dikamano tse di molemo, le eleng fa motho a na le lebaka la gore a kgopisege, go tlhokafala thata mo kutlwanong