A O A Gakologelwa?
A o fitlhetse gore ditokololo tsa bosheng tsa Tora ya Tebelo di nnile le mosola o mogolo go wena? Ke eng osa leke go bona se o se gakologelwang ka dipotso tse di latelang?
◻ Ke eng se se ka rarabololang bothata jwa go ima ga thaka e tshesane gompieno?
Basha ba tshwanetse go bona ketelelopele e e molemo mo boitshwarong le mo semoyeng. Bibela e bontsha gore batsadi ba na le boikarabelo mo go direng seno. (Baefesia 6:4)—4/15, tsebe 4.
◻ Ke eng se se ketefatsang go godisa bana ka katlego?
Batsadi le bana ga ba a itekanela, mme, ka jalo, ba dira diphoso. (Baroma 5:12) Mme gape, bana ba ba santseng ba gola ba tlhotlhelediwa thata-thata ke ditshekamelo tse di bosula tsa batho ba motlha wa segompieno; se no se ama pono ya bone mo botshelong ka tsela e e sa siamang. (2 Timotheo 3:1-5)—5/1, tsebe 4.
◻ Go na le dipharologano dife di le nne tse di tlhomologileng gareng ga Bakeresete ba boammaaruri le bao eleng Bakeresete ka leina fela?
Bakeresete ba boammaaruri ba ithiba mo mading. (Ditihō 15:28, 29) Ba na letekanyetso e e kwa godimo ya boitshwaro. (1 Bakorintha 6:9, 10) Bakeresete ba boammaaruri ba itlhaola mo dipolotiking le mo dintweng tse dintsi tsa semorafe. (Yohane 17:16) Bao ba latelang Jesu ba dirisa sekao sa gagwe jaaka motlhala mo dikamanong tsa bone tsa mo gae. (Baefesia 5:21-25)—5/1, ditsebe 17-19.
◻ Ke ka ntlhayang fa Bajuda ba ne ba bitsa Jesu Mosamaria? (Yohane 8:48)
Bajuda ba ne ba tlhoile Basamaria. Ka jalo, ba ne ba dirisa lereo leo go supa gore ba bifela le go kgoba Jesu.—5/15, tsebe 8.
◻ “Puō e e itshekileñ” e e bolelwang go Sefania 3:9 ke eng?
Eno ke puo ya boammaaruri jo bo mo Dikwalong jo bo kgonisang batho ba ba boifang Modimo mo merafeng yotlhe le mo ditsong tsotlhe go direla Jehofa ka kutlwano.—5/15, tsebe 16.
◻ Ke kgololesego efe e e nnang gone fa motho a nna le kamano le Modimo?
Ke go gololesega mo bokgobeng jwa go boifa batho le mo mokgweleong wa dingwao tse e seng tsa sepe mme ebile di sena mosola. (Diane 29:25) Gape, ke go gololesega mo go boifeng loso. (Moreri 9:5, 10; Yohane 5:28, 29)—6/1, ditsebe 5-6.
◻ Jesu o ne a raya go reng fa a ne are: “Bosigo boè tla, yo go senañ opè eo o ka dihañ mo go yōna”? (Yohane 9:4)
Jesu fano o ne a lebisitse mo motlheng oo a neng a tla ya kwa lebitleng mme jaanong a sa tlhole a kgona go dira ditiro tse di gakgamatsang tse a neng a di dira fa a santse a tshedile.—6/1, tsebe 8.
◻ Go kolobediwa mo metsing go kaya eng?
Go nwediwa gotlhelele mo metsing ke sesupo se se tshwanelang sa gore motho o ineela go Modimo, ka gone motho a fetoga modihedi yo o tlhomamisitsweng wa Modimo. Fa a ntse a le ka fa tlase ga metsi, ka tsela eo, o a bo a swa kafa ditirong tsa gagwe tsa pele mo botshelong, mme fa a tlhatloga mo metsing, o nna jaaka ekete, o tsogetse go ya tseleng ya go intsha setlhabelo mo tirelong ya ga Jehofa. (Bapisa Baroma 6:2-4; 12:1; Bafilipi 3:16.)—6/15, tsebe 29.
◻ Dingwe tsa ditsela tsa go bontsha tebogo go Jehofa ke dife?
Fa go bontsha malebogo go nonofi-le, pelo ya motho e tlala ka keletso e kgolo ya go direla Modimo. Tsela e nngwe ya go diragatsa keletso eno ke go tshwarega mo bodiheding, gongwe mo tirelong ya bobulatsela. E nngwe ke go nna le seabe mo thulaganyong ya go aga e jaanong jaana e diragalang go dikologa lefatshe lotlhe.—7/1, tsebe 11.
◻ Ke ka ntlhayang fa Jesu a ne a tiisa ba le 70 mo barutweng ba gagwe go fodisa balwetsi fa a ne a ba romela go ya go rera mo Galilea?
Barutwa bano, ka go dira dikgakgamatso tse di ntseng jalo, ba ne ba baakanyetsa Jesu tsela ya gore le ene a latedise. Dikgakgamatso tse ba neng ba di dira di ne di tla dira gore bontsi jwa beng ba matlo ba tlhoafalele go bona Jesu le go reetsa molaetsa wa gagwe wa Bogosi.—7/1, ditsebe 16-17.
◻ A Jesu o ne a raya Judase fa a ne a raya Pilatwe are: “Eo o ntsentseñ mo seatleñ sa gago o na le boleo bogolo”?—Yohane 19:11.
Go bonala gore Jesu o ne a raya botlhe ba ba neng ba na le boikarabelo jwa gore a tle go sekisiwa ke Pilatwe. Se ru ri se ne se akareletsa le Judase Isekariota, yo o neng a oka Jesu. (Luke 22:2-6) Mme moperesiti yo mogolo Kaiafase le baeteledipele ba bodumedi ba bangwe le bone ba ne ba kopanyelediwa mo go direng gore Jesu a tshwarwe. (Mathaio 26:59-65; 27:1, 2, 20-23) Go bonala gore botlhe bano ba ba molato ba ne ba akarelediwa mo go se Jesu a neng a se bua go Yohane 19:11.—7/15, tsebe 30.
◻ Ke kotsi efe eo segolo bogolo e amanang le kobamelo ya ditshwantsho?
Mopesalema o ne a bua jaana ka Baiseraele: “Ka go direla medimo ya disetwa ya baheitane, ba ne ba iphitlhela ba le mo serung sa go ntsha bomorwaa bone le bomorwadia bone ditlhabelo tsa badimona.” (Pesalema 106:36, 37, The Jerusalem Bible) Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika di tlhagisa ka kotsi e e tshwanang. (1 Bakorintha 10:19, 20) Kobamelo ya medimo ya disetwa ya mofuta le fa e ka nna ofe e bula ditsela tseo ka tsone setshwantsho se ka dirang jaaka selo se se ka golaganyang mot ho le badimona.—8/1, tsebe 6.