LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w88 8/15 ts. 31
  • Go Lemoga Dikgang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Lemoga Dikgang
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Morwalela Ga se Selo se se Itlhametsweng
  • Go Amega ka Bahumanegi?
  • Lefatshe je le Neng la Senngwa
    Go Falolela mo Lefatsheng je Lesha
  • A Tota Morwalela wa Motlha wa ga Noa O ne O le Mo Lefatsheng Lotlhe?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Dintlhakgolo Tsa Buka ya Genesise—I
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • A Kgang ya Morwalela wa ga Noa ke Tlhamane Fela?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
w88 8/15 ts. 31

Go Lemoga Dikgang

Morwalela Ga se Selo se se Itlhametsweng

Pego ya Bibela ka morwalela wa lefatshe lotlhe ga e bolo go nna e kgalwa go twe e theilwe thata mo tiragalong e e ikakanyediwang fela go na le mo tiragalong ya mmatota. New Catholic Encyclopedia e tlhalosa jaana: “Ka kakaretso jaanong go dumelwa gore tiragalo ya ga Noa le araka ga se karolo ya pego ya ditiragalo mme ke kgang fela eo e ikakanyediwang ya mofuta o mongwe e e farologaneng.” Batho bangwe bao ba nang le dipelaelo ka tiragalo eo ba ile ba bolela gore bongola jotlhe jo bo mo lefaufaung bo ne bo ka dira disentimetara di sekae fela tsa pula ya lefatshe lotlhe.

Mme go ya ka pego ya Genesise, met si a morwalela a ne a sa dirwe ke bongola jo bo mo lefaufaung fela. Mo go Genesise 1:6 re bolelelwa gore Mmopi o ne a laela jaana: “A go nnè phuthologō [ya lefaufau] gare ga metse, me a e harologanye metse [a lewatle] le metse [a a mo godimo ga phuthologo].” Go bonala fa metsi a a kwa gOdimo ga phuthologo a ne a nna jalo koo go fitlhelela ka morwalela. Go ya ka moaposetoloi Petere, ke ka “magodimo” a lefaufau le met si a a mo gOdimo ga one le a a kwa tlase ga one “lehatshe ya yale [la motlha wa ga Noa] le senyegileri, ka le penologèlwa ke metse.”—2 Petere 3:5, 6; Genesise 1:7.

Ditlamorago tse di kgakgabatsang tsa morwalela wa metsi di ne tsa utlwiwa bosheng jaana mo Afrika Borwa fa morwalela o ne o itaya kgaolo ya Natala mme wa bolaya batho ba le 300. Ratshomarelo ya tlholego ebong K. H. Cooper, fa a ne a akgela ka matlhotlhapelo ao o ne a tlhalosa jaana: “Gantsi ke ile ka ipotsa gore go ne go tla diragala eng mo motlheng ono fa pula e ne e tshwanetse go na malatsi a le 40 le masigo a le 40 e sa se . . . A pula eo e ne e tlile go nyeletsa mo e ka nnang sengwe le sengwe se se tshelang se se mo lefatsheng? Jaanong morago ga go bona seo se neng sa diragala morago ga pula ya malatsi a le ma ne fela bosheng jaana kwa Natala,” Cooper o ne a tswelei a jalo, “ke tlhatswegile pelo gore kgang e e mo Testamenteng e Kgologolo ke boammaaruri.”

Go Amega ka Bahumanegi?

Phatlha eo e kgaoganyang bahumi mo bahumaneging e ka tswalwa jang? Eno e ne e le kgang eo Mopapa John Paul II a neng a tlotla ka yone mo lekwalong la mopapa leo le yang kwa go bobishopo la bosheng jaana le le neng le na le setlhogo se se reng Sollicitudo rei socialis (Go Amega ka Morafe). Mopapa o ne a tlhalosa gore kereke e tshwanetse ya ikutlwa e tshwanelwa ke go golola ba ba bogang mo bohutsaneng jwa bone. Jang? “Fa motho a ba bona ba tlhoka, ga a kake a ba itlhokomolosa fela ka ntlha ya go bo a ratela kobamelo ya Modimo mekgabiso e mentsi ya kereke le dilo tse di tlhotlhwa-kgolo tsa kafa gare; go na le moo e ka nna tshwanelo gore a rekise dilo tseno gore a tlamele bao ba di tlhokang ka dijo, dino, diaparo le bonno.”

Lefa go le jalo, fa mankge wa Ntlokgolo ya bomopapa ebong Domenico Del Rio a ne a akgela malebana le lekwalo leno la mopapa leo le yang kwa go bobishopo o ne a tlhalosa jaana go La Repubblica: “Go phepafetse gore jaanong batho ba tla letela go bona . . . mopapa ka boene, le bao ba mo dikologileng, ba tlhoma sekao. Kago ya kereke ya kwa Ntlongkgolo ya Bomopapa le dikago tse dingwe tsa dikereke tsa Roma di tletse ‘ka dilo tse di tlhotlhwa-kgolo tsa kafa gare,’ mme gongwe gape le ‘mekgabiso e mentsi ya kereke.’” Ebile, go ya ka makasine wa Fortune, “Badiredi ba Ntlokgolo ya Bomopapa ba tlala bogale tota fa go tlhagisiwa mogopolo wa gore ba rekise le eleng selwana se se ntseng fela jaaka Nkgwana ya Segerika gore go dirwe madi ka yone.”

Fa Jesu a ne a laela mmusi mongwe wa mohumi gore a ‘rekise tsotlhe tse a nang natso, mme a abele bahumanegi madi a tsone,’ monna yoo o ne a sa rate go dira jalo. O ne “a tsamaea ka bohutsana: gonne e ne e le motho eo o dithuō dintsi.” Jesu o ne a tlhagisa jaana ka tshwanelo: “Kwa khumō ea gago e gōna, pelo ea gago le eōna e tla nna hèla gōna.”—Mareko 10:21, 22; Mathaio 6:21.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela