LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w88 7/1 ts. 3
  • Ke Eng fa O Tshwanetse go Leboga?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Eng fa O Tshwanetse go Leboga?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Di Tsewa Motlhofo Fela
  • Go Leboga go ka Tlosa Sefatlhego se se Tlhontseng
  • “Lo Nnè Lo Lebogè”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Mabaka a Mangwe a Gore O Leboge
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Bontsha Gore O na Le Tebogo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2004
  • “Itshupeng Lo na Le Tebogo”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
w88 7/1 ts. 3

Ke Eng fa O Tshwanetse go Leboga?

LEBA mo khabareng ya makasine ono. Tota ruri, e re gakolola gore go na le dilo di le dintsi tseo di phalang bomaswe le matladika a re a bonang gongwe le gongwe.

A o anaanela dilo tse dintle? A o ko o akanye ka motshe wa godimo o o nang le mebalabala e mentle, e e matsetseleko, morago ga bontsho jwa pula e e matsubutsubu. Ao ke o akanye fela ka metsi a a phothoselang. Kana a o ke o leke go bona diphologolo tse di ntseng di gwanta le bana ba tsone mo mogopolong wa gago. Tshwantsha tshingwana e ntle ya dithunya mo mogopolong wa gago kana tshimo ya korong e e ungwileng thata. Ee, dilo tseno ke tse batho ba le bantsi ba tlwaetseng go di bona. Mme dilo tseno di go ama jang?

Di Tsewa Motlhofo Fela

Gantsi, fa motho a ntse a bona selo gangwe le gape, ‘selo seo se fetoga se se tlwaelesegileng—mme jaanong go bo go diragala gore se tsewe motlhofo fela. Selo sena se ka nna sa iponatsa thata mo lekgolong leno la dingwaga la bo-20 la dilo tse di dirwang ka bofefo. Mme go sa iphe nako go tlhatlhanya kana go akanya ka masego le mabaka a go neela malebogo ke dilo tse ka metlha e nnileng ditlhaelo tsa batho ba ba sa itekanelang.

Mo letlhakoreng le lengwe, mopesalema Dafide, yo o dirileng jalo ka tlhotlheletso, gantsi o ne a bontsha tebogo ka pina. Mafoko ana a a neng a lebagantswe le Modimo mo go e nngwe ya dipina tsa ga Dafide ke sengwe sa dikai tse dikgolo tsa go neela malebogo:

“Ea re ha ke akanya magodimo a gago, tihō ea menwana ea gago,

Kgwedi le dinaledi tse u di baakantseñ;

Kana motho e be e le eñ, ha e bo ne ne u mo gopola?

Le morwa motho, ha e bo ne ne u mo lekola?

Ua mo naea taolo mo ditihoñ tsa diatla tsa gago;

U beile dilō cotlhe tlhatse ga dinaō tsa gagwè:

Dinku cotlhe le dikgomo,

E, le cōna ditshedi tsa naga;

Dinōnyane tsa loapi, le ditlhapi tsa lewatlè,

Señwe le señwe se se ralalañ mawatlè ka ditsela tsa aōna.

Yehofa, Morèna oa rona, Ana leina ya gago le lentlè yañ mo lehatshiñ yeotlhe hèla!”—Pesalema 8:3, 4, 6-9.

Go Leboga go ka Tlosa Sefatlhego se se Tlhontseng

Go lebogela dilo tse dintle ga mopesalema go ne ga mo thusa gore a seka a nna le sefatlhego se se tlhontseng ka ntlha ya dilo tse di sa itumediseng kana ka ntlha ya maemo a a boima. Mme le wena o ka nna le boitemogelo jo bo tshwanang le joo. Jang? Ka go gagamalela go anaanela ka botlalo dilo di le dintsi tse di itumedisang tse re nang natso. Ka tsela eno, o ka oketsa boitumelo jwa gago le jwa batho ba o nang nabo.

Jalo he ke ka ntlhayang o sa letlelele dilo tse dintle tse o di bonang malatsi otlhe gammogo le dikgakgamatso go tlhotlheletsa pelo ya gago go leboga Mmopi wa rona yo o molemo? Akanyetsa jaanong mangwe a mabaka ao a re dirang gore re leboge.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela