“Di Thusa Jaaka Bakaedi ma Botshelong Jwa Tsatsi le Letsatsi”
KE KAFA mosadi mongwe wa Toronto, kwa Canada a neng a bitsa dikgatiso tsa Watch Tower Bible and Tract Society ka teng. “Ke ipelela go di bala ebile ke bona boikitsiso bo na le tshedimosetso e kgolo, bo omosa pelo, mme go feta tsotlhe, di thusa fela thata jaaka bakaedi mo botshelong jwa tsatsi le letsatsi:
O ne a oketsa ka go re: “Ke moalogi wa unibesithi, mme ka mo go gakgamatsang ke dumela gore ke ithutile mo gontsi mo dikgatisong tsa lona go feta seo ke se ithutileng mo dingwageng tsotlhe tsa me tsa go ithuta. Segolobogolo ke ipeletse buka ya lona Go Dira Botshelo jwa Lelapa la Gago go Itumedisa. Ga go na dikgatiso dipe tseo di kgonneng go ama botshelo jwa me ka tsela e e tlhamaletseng jaaka tsa lona—di nthusitse fela thata; mme ke lo lebogela sena ka pelo ya me yotlhe:
Buka e e umakilweng fa godimo, Go Dira Botshelo jwa Lelapa la Gago go Itumedisa, e neela dikakantsho tse di tlhomameng tseo di thusang go rarabolola mathata le go dira gore lenyalo le ipedise fela jaaka Mmopi a ne a batlile gore le nne. Gore o bone sekaelo, tlatsa o bo o romele foromonyana e e fa tlase eno mmogo le moneelo wa R2.
Tswee-tswee romelang, poso e duetswe, buka ya khabara e e thata, ya ditsebe tse 192 Go Dira Botshelo jwa Lelapa la Gago go Itumedisa. Ke romela R2.