LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w88 7/1 ts. 4-6
  • Mabaka a Mangwe a Gore O Leboge

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Mabaka a Mangwe a Gore O Leboge
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Falola ga Bone mo Losong Gabedi
  • Ditsela tse di Gakgamatsang Thata tsa go Tlhabana tsa ga Jehofa
  • Tebogo e ne ya Tsaya Lobaka lo Lokhutshwane
  • “Lo Nnè Lo Lebogè”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Ke Eng fa O Tshwanetse go Leboga?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • “Itshupeng Lo na Le Tebogo”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • Go Kgabaganya Lewatle le Lehibidu
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
w88 7/1 ts. 4-6

Mabaka a Mangwe a Gore O Leboge

BATHO ba Iseraele wa bogologolo ba ne ba na le mabaka a le mantsi go feta ba bangwe a gore ba bontshe tebogo go Mmopi. Ke ka ntlhayang re ka bua jaana?

Mme kana, fela jaaka batho botlhe ba bangwe, Baiseraele ba ne ba na le mabaka a gore ba leboge ka ntlha ya dilo tsotlhe tse dintle le tse di gakgamatsang tse di bopilweng ke Modimo. Mme gape ba ne ba na le lebaka le lengwe la gore ba leboge ka ntlha ya gore Mothatayotlhe o ne a ba tlhophile gore e nne batho ba gagwe ba ba kgethegileng mme ebile a ba tlhokomela go feta. (Amose 3:1, 2) Akanyetsa mangwe a mabaka a bone a magolo a gore ba leboge.

Go Falola ga Bone mo Losong Gabedi

Abo batsadi ba Baiseraele ba tshwanetse ba bo ba ile ba leboga jang ne mo bosigong jwa Nisane 14, 1513 B.C.E.! Mo bosigong joo jo bo kgethegileng, moengele wa Modimo o ne a bolaya “bana ba ntlha botlhe mo lehatshiñ ya Egepeto, motho le kgomo.” Mme o ne a tlolaganya matlo a Baiseraele koo madi a diphologolo tsa Tlolaganyo a neng a tshasitswe gone mo dintlheng tsoopedi tsa kgoro le mo mephakong ya yone. Dilo di ne tsa senyega fa go nna “segayaya se segolo mo Egepeto: gonne go no go sena ntlo epè e go senañ moshwi mo go eōna.” Lefa go le jalo, motsalwapele mongwe le mongwe yo o rategang mo ntlong ya Moiseraele mongwe le mongwe o ne a santse a tshedile ebile a tsogile sentle.—Ekesodo 12:12, 21-24, 30.

Ka bokhutshwane morago ga moo, dipelo tsa Baiseraele di tshwanetse tsa bo di ile tsa tlala boitumelo fa ba iponela ka matlho dikgakgamatso tseo Jehofa a neng a di dira fa go ne go bonala ekete ba mo kotsing ya go kganelwa ke Lewatle le Lehibidu, ntswa ba ne ba konateletswe ke mephato ya ga Faro wa Egepeto. Selo sa ntlha, ba ne ba bona mosipuri wa leru leo le neng le ba eteletse pele o ba pota kafa morago, mme seo se dira gore bakonateledi ba bone ba seka ba nna bofefo. Go tswa foo Baiseraele ba ne ba bona Moshe a otlololela letsogo la gagwe mo lewatleng, mme ba bona dikgakgamatso tsa ga Jehofa a dira gore phefo e e nonofileng ya botlhabatsatsi e lale e foka bosigo jotlhe, mme go rialo e kgaoganya metsi e bo e fetola gore lewatle e nne komelelo fela. Baiseraele ba ne ba akofa ba itlhaganela ba kgabaganya ka paakanyetso eno ya phalolo ya Modimo.

Lefa go le jalo, go ne ga akofa ga nna poitshego e nngwe! Baegepeto ba ne ba itatlhela mo teng ga lewatle, jaanong ba tshepile tota gore ba tla tshwara Baiseraele. Mme ijoo we! Fa Baegepeto ba sena go tsena mo tselaneng eo e neng e potilwe ke metsi a a dirileng dipota kafa le kafa, dikara tsa bone tsa ntwa di ne tsa somoga maotwana, mme ka bofefo ga tloga ga nna lesukasuka. Mme jaanong, ka Baiseraele botlhe ba ne ba setse ba kgabaganyeditse kafa ntlheng e nngwe ba bolokesegile, Jehofa o ne a raya Moshe gape a re a otlolole letsogo la gagwe, “me ea re bosigo boo sa lewatlè ya boèla mo thateñ ea yeōna.” Go ne ga nna jang? Ga go a ka ga falola lefa a le mongwe fela mo masoleng a a ikantsweng thata a ga Faro yo o boikgogomoso mo go nweleng mo metsing, lefa e le ene mmusi yo o boikgogomoso yoo ka boene. (Ekesodo 14:19-28; Pesalema 136:15) A o ka akanya fela kafa Baiseraele ba ba neng ba falodisitswe ba neng ba leboga Jehofa thata ka gone?

Ditsela tse di Gakgamatsang Thata tsa go Tlhabana tsa ga Jehofa

Lemororo ba ne ba lebogela go bo ba golotswe mo Egepeto le kgakgamatso ya gore ba ralale Lewatle le Lehibidu, Baiseraele ba ne ba santse ba tla bona dilo di le dintsi tse di boitshegang pele ga ba ka fitlha mo Lefatsheng la Tsholofetso. Mme maitemogelo a bone mo mosepeleng wa bone wa dingwaga tse 40 mo nageng e ne e tshwanetse ya bo e nnile lebaka le lengwe gape la go leboga Jehofa thata-thata.

Kgabagare, Baiseraele ba ne ba kgabaganya Noka. ya Joredane mme ba tsena mo lefatsheng leo Modimo o neng o le ba neetse. Ka bonakonyana ba ne ba tloga ba iponela ka matlho sekai sa ditsela tse di gakgamatsang tseo Jehofa a ba tlhabanelang ka tsone. Jang? Ebu, ka kgakgamatso ya go gapa le go senya motse wa ntlha wa Bakanana oo ba neng ba o tlhasela—Jeriko! (Yoshue, kgaolo 6) Abo tsela ya tlhaselo eo e neng e laolwa ke Modimo ya gore ba gwante go dikologa Jeriko ba ntse ba tshotse letlole la kgolagano e ne e sa tlwaelesega jang ne! Ka malatsi a a tlhomaganeng a le marataro, ba ne ba gwanta go dikologa lorako gangwe fela ka letsatsi. Mo letsatsing la bosupa, ba ne ba dikologa lorako ka makgetlo a supa. Fa baperesiti ba sena go lets a dinaka tsa bone, Baiseraele ba ne “ba thèla loshalaba lo logolo,” mme “loraM loa salalagana”! (Temana 20) Go ne ga sala fela ntlo ya ga Rahabe le karolo nngwe ya lorako e e fa tlase ga yone. Lorako lwa motse ono oo go neng go bonala go sena sepe se se ka o tlhaselang lo ne lo ole kwantle ga gore Joshua le mophato wa gagwe ba hule lefa e le ka motsu o le mongwe fela! Tota ruri, boitemogelo joo jwa kwa Jeriko e ne e le lebaka le lengwe gape le le tlhomologileng la go leboga Modimo.

Mo pakeng e nngwe, go ne ga bonala sesupo se sengwe gape se se gakgamatsang ka ditsela tse Jehofa a tlhabanang ka tsone. Fa batho ba Gibeona ba sena go agisana le Baiseraela, dikgosi di le tlhano tsa Baamora di ne tsa epa pitso ya go tlhabana le Bagibeona. Joshua o ne a ba thusa, mme thuso e e gakgamatsang ya ga Jehofa e ne ya supiwa gape mo ntweng e e neng ya latela. Modimo o ne wa tlhakanya Baamora tlhogo, mme “ga dihala, ea re ka ba tshaba ha pele ga Iseraela, ka ba le mo phologoñ ea Betha-horona, Yehofa a ba osetsa mayèa magolo a cwa legodimoñ go ea go hitlha kwa Aseka, me ba shwa.” Ba le bantsi ba ne ba bolawa ke sefako seo go feta bao ba bolailweng ke Baiseraele ka tšhaka.—Yoshua 10:1-11.

Mme Joshua “a bua mo ponoñ ea Iseraela,” a bua le Jehofa mme are: “Wèna Letsatsi, sisibala godimo ga Gibeona, le wèna Kgwdi mo molapoñ oa Aiyalona.” Mme go ne ga nna jang? “Me,” polelo e a tlhalosa, “letsatsi ya sisibala, le kgwedi ea èma, ga tsamaea morahe oa iphusholosetsa baba ba ōna.”—Yoshue 10:12, 13.

Abo tseo e ne e le ditiragalo tse di boitshegang jang ne! Mme ebile abo seo e le mabaka a mangwe a a tlhomologileng a gore batho ba ga Jehofa ba mo leboge!

Tebogo e ne ya Tsaya Lobaka lo Lokhutshwane

Morago ga tshupo nngwe le nngwe ya gore Jehofa ke ene a thusitseng, Baiseraele ba ne ba tletse ka ditebogo. Go bonala gore, Moiseraele mongwe le mongwe o ne a ititaya sehuba a re ga a ne a lebala dilo tse a di boneng. Lefa go le jalo, se se gakgamatsang ke gore tebogo e e ntseng jalo e ne e le khutshwane thata. Nako le nako, Baiseraele ba ne ba itshupa gore ke batho ba ba sa lebogeng. Ka jalo, Modimo “a ba tsenya mo seatleñ sa merahe; me ba ba ba ilañ ba ba busa.”—Pesalema 106:41.

Lefa go le jalo, Jehofa o ne a bontsha moya wa gagwe wa bopelonomi ka go itshwarela Baiseraele fa ba ne ba tsena mo dipharagobeng, ba ikwatlhaela bosula jwa bone le ditsela tsa bone tsa go tlhoka tebogo, mme ba ikuela kwa go ene gore a ba thuse. “A tlhōkōmèla pitlaganō ea bōnè, mogañ o utlwañ selelō sa bōnè. Me a ba gakologèlèlwa kgōlaganō ea gagwè, a ikwatlhaea kaha bontsiñ yoa mautlwèlō botlhoko a gagwè.” (Pesalema 106:44, 45) Nako le nako, Modimo wa bone yo o bontshang boitshwarelo o ne a ba golola mo bagateleding ba bone mme a ba amogela gape.

Go sa kgathalesege bopelotelele jwa Modimo le go nna a nt se a romela baperofeti gore ba ikakanye sentle, Baiseraele ba ne ba itshupa e le batho ba ba sa fetogeng mo bosuleng. Kgabagare, bopelotelele jwa ga Jehofa bo ne jwa fela mme o ne a dumelela gore morafe wa Juda o fenngwe ke Bababelona ka 607 B.C.E. Ba ba neng ba seka ba bolawa ke masole a ga Kgosi Nebukadenesare ba ne ba tsewa e le ditshwarwa go isiwa kwa Babelona.

Abo seo e ne e le diphelelo tse di kotsi jang ne ka ntlha ya go tlhoka tebogo le go tlhoka boikanyego mo Modimong mo go nnileng ga boelelwa gangwe le gape! Mme sena se ne sa diragala ntswa go ne go na le mabaka a le mantsi a go leboga.

Bakeresete gompieno ba ka tila jang go dira phoso e e tshwanang ya go palelwa ke go lebogela dilo tsotlhe tseo Jehofa Modimo a di ba diretseng, mo ditirong tsotlhe tse di molemo tse a di diretseng setho ka kakaretso? Seno re tla se tlogelela gore se tlhalosiwe mo setlhogong se se latelang.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela