LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w88 5/15 ts. 28-31
  • Dikgoro Di Bulegela Ditlhaketlhake tsa San Blas

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikgoro Di Bulegela Ditlhaketlhake tsa San Blas
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Ditlhogwana
  • Puisano le Bo-Sahilas
  • Go Etela kwa Setlhaketlhakeng sa Dog
  • Go ya ka Mokgoro le Mokgoro mo Achutupu
  • Diaparo tsa Se-Kuna tse di Mebalabala
  • Boikaelelo bo Fitlheletswe!
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
w88 5/15 ts. 28-31

Dikgoro Di Bulegela Ditlhaketlhake tsa San Blas

SEFOFANE sa dienjene tse pedi se ne sa dikologa mo godimo ga lebala la bokotamelo go bapa le losi lwa lewatle. Mokgweetsi wa sefofane o ne a bolela gore tselana ya bokotamelo e tletse metsi le gore go ka nna kotsi go kotama. Mme e rile fa a atamela ka tsela e nngwe, a swetsa ka gore a kotamise sefofane. Fa sefofane se kgoma lefatshe, se ne sa nna sa tlolatlola mo bokotamelong jo bo sa dilwang, se gasetsa metsi kwa godimo mo phefong. Fa kwa bofelong se ema, re ne ra wela dibete. Go tlhobaela ga rona go ne ga fetoga boitumelo fa re ne re bona ditsala tsa rona tse di neng di re emetse.

Ba ne ba tswa kwa setlhaketlhakeng sa Ustupu, mo e ka nnang kilometara e le nngwe le halofo go tswa fa losing lwa lewatle. Ke sengwe sa ditlhaketlhake tsa San Blas, tse eleng mogolagang wa ditlhaketlhakenyana tse 350 tse di gasameng go tswa fa losing lo lo kafa bokone-botlhaba lwa Panama go ya go fitlha kwa molelwaneng wa Colombia. Ditlhaketlhake tseno di nna Ma-India a a tsholetsweng koo a lotso lwa Kuna a a ka nnang 50 000. Re ne re tlile ka boikaelelo jo bo rileng.

Puisano le Bo-Sahilas

San Blas ke comarca, kana karolwana ya naga, ya Repaboliki ya Panama. Setlhaketlhake sengwe le sengwe se busiwa ke Bo-Sahilas ba sone, sengwe se se jaaka lekgotla la selegae le le dirilweng ka maloko a banna ba bagolwane mo baaging bao. Baemedi ba Bo-Sahilas ba bopa setlhopa se se bidiwang Caciques, seo se busang comarca yotlhe.

Go tloga ka 1969, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba ntse ba rera mafoko a a molemo a Bogosi mo San Blas, mme batho ba ba ka nnang 50 jaanong ba nna teng mo dipokanong tsa rona. (Mathaio 24:14) Lefa go ntse jalo, balaodi ba lefelo leo ba ganne go re naya tetla ya go rera mo dingweng tsa ditlhaketlhake tseno. Bosheng jaana, Bo-Sahilas ba Ustupu, e leng setlhaketlhake sa bobedi se se nang le baagi ba bantsi mo go tsone, ba ne ba kopa go botsolotsa Basupi ba ga Jehofa e le gore ba tle ba dire tshwetso ya gore a ba re neye tetla ya semmuso kana nnyaa. Go lebega ekete Jehofa o re ‘bulela kgoro.’—1 Bakorintha 16:9.

Kwa pokanong ya ntlha, tlhobaelo e kgolo ya balaodi ba lefelo leo e ne ya phepafala. Ba ne ba bontsha gore go ne go setse go na le ditumelo di le nne mo tikologong—tsa Katoliki, Baptist, Church of God, le Mormon. Nngwe le nngwe ya tseno e na le kago e kgolo ya kereke, tse dingwe tsa tsone di tlogetswe fela. Ka jaana lefatshe le tlhokega thata mo setlhaketlhakeng seo, basimegi ba ne ba tla tshwanelwa ke go nna kelotlhoko thata mabapi le go letlelela setlhopha se sengwe gape sa bodumedi.

Re dirisa moranodi, re ne ra tlhalosa gore mo mafatsheng a a fetang 200 go dikologa lefatshe, Basupi ba ga Jehofa ba tlatseleditse mo tlhogonolofalong ya morafe ka go tshegetsa ga bone ditekanyetso tse di kwa godimo tsa boitsholo. Re ne ra tlhomamisetsa basimegi gore dipokano mo nakong eno di ne di tla tshwarelwa mo magaeng a Basupi ba lefelo leo, mme fa go ka tlhokega gore go agiwe lefelo le le kgethegileng la go kopanela, le ne le ka se nne le sa dirisiwe, ka gonne dipokano tsa rona di tliwa ke batho ba le bantsi.

Morago ga puisano e e neng e ka nna ya oura, basimegi ba ne ba swetsa ka gore ba tla isa kgang kwa pokanong e e latelang ya Bo-Sahilas, e e neng e tla tshwarwa moragonyana mo bekeng eo. Re ne re tla tshwanelwa ke go emela karabo.

Go Etela kwa Setlhaketlhakeng sa Dog

Go na le go leta fela, re ne ra swetsa gore re etele Achutupu, kana Setlhaketlhake sa Dog, ka molaetsa wa Bogosi. Seketswana sa rona, se se bidiwang La Torre del Vigia (Tora ya Tebelo), se pentilwe bohibidu le botala jo bo galalelang mme se tsentswe enjene. Seketswana seno se ne se farologane thata-thata le di-cayuco tse dingwe tse dintsi, kana mekorwana ya logong, e e bofeletsweng fa boemelakepeng. Loeto lwa metsotso e 45 re raletse lewatle je le tletseng makhubu la re fitlhisa mo Achutupu.

Achutupu ke setlhaketlhake se se tshwanang le tse dinnye tsa mafelo a a mogote, tse di nang le ditlhare tsa mokolane le matshitshi a a tletseng motlhaba. Mme ka baagi ba ba ka nnang 2 000, se ne se lebega se pitlagane thata. Mekgoro e e tlhomaganeng ya lefelo leo e gongwe le gongwe, e kgaogantswe fela ke ditselana tse ditshesane, tse di sa baakanngwang. Mekgoro yotlhe e ne e lebega e tshwana. Dipota, tse di dirilweng ka matlhaka a setlhare sa mokolane a a kokotetsweng mo dikaleng tse ditshesane tsa ditlhare, di ne di le boleele jo e ka nnang dimetara tse 1,5 fela mme di ne di ruletswe ka dithulelo tse di kitlaneng tsa matlhare a mokolane. Mo teng, go ne go le kamore e le nngwe fela e kgolo ya lelapa lotlhe. Go ne go sena difensetere, mme diphatlha tse di fa gare ga matlhaka di ne di tsenya lesedi le moya o o lekaneng.

Pele ga re etela magae ka molaetsa wa rona wa Bibela, re ne ra swetsa ka go latela ngwao ya lefelo leo ya go ya kwa dikgosing tsa motse go kopa gore ba re letlelele. Ka jalo re ne ra ya kwa holong ya motse oo, kago e kgolo e e mo gare ga toropo.

Go ne go le lefifi mo teng ga holo, mme fa matlho a rona a sena go tlwaelana le lone, re ne ra kgona go bona dipanka tse di tlhomagantsweng tsa logong tse di beilweng go dikologa sebaka se se bulegileng. Ditshwantsho tsa Bo-Sahilas ba ba tlotlegang ba nako e e fetileng di ne di le gongwe le gongwe. Ka ntlha ya lefifi leo, ditshwantsho tseno, le tidimalo, lefelo leno le ne le tshwana le mo teng ga kereke. Mo gare ga dilo tseno tsotlhe go ne go na le banna ba batlhano, bangwe ba kaname mo ditulong, ba bangwe ba nntse mo dipankeng. Go ne ga bonala, fa e ne e le bone dikgosi tsa motse.

A bua ka puo ya lefelo leo, Bolivar, mongwe wa Basupi ba ba neng ba tlile le rona go tswa Ustupu, o ne a tlhalosa boikaelelo jwa loeto lwa rona. Ka yone nako eo, re ne ra amogelwa ka diatla tsoopedi mme ra fiwa tetla ya go etela batho ba motse oo.

Go ya ka Mokgoro le Mokgoro mo Achutupu

Ma-India a Ma-Kuna ke batho ba ba itumetseng, ba ba botsalano. Fa re ne re tsamaya mo mebileng, bana ba ne ba sianela kwa go rona, ba goa ba re “Mergui! Mergui!” se se rayang “batswakwa.” Ba ne ba batla go re dumedisa ka diatla. Go ne go le banna ba sekae fela foo, mme re ne ra bolelelwa gore bontsi jwa bone ba ne ba ile kwa masimo go ya go lema ditshingwana tsa bone.

Re ne re amogelwa mo ntlong nngwe le nngwe. Mmalelapa o ne a re fa ditulo tse di bokete, tse di dirilweng ka logong, mme maloko a mangwe a lelapa a ne a kgobokana go reetsa ka kelotlhoko. Pele ga re tsamaya, re ne re sielwa cocoa, kofi, kana re fiwa maungo mangwe a koo. Morago ga moo re ne re sielwa galase ya metsi go itsukula legano. Go ya ka ngwao ya lefelo leo, go ne go siame fela go kgwela metsi mo bodilong. Re ne ra tloga ra ithuta gore re nwe go le gonnye fela nako le nako, re gakologelwa gore go ne go le magae a mantsi a re tla a etelang.

Fa mokgorong o mongwe, re ne ra bona dintshwantsho tse di setilweng tsa logong di ka nna 50 tsa bogolo jo bo sa lekaneng di beilwe ka go tlhomagana go bapa le kgoro. Bolivar o ne a tlhalosa gore tseno di ne di beilwe foo go koba meya e e bosula. Fa mosadi a tla fa mojakong mme a re bolelela gore monna wa gagwe o ne a sa tsoga sentle, re ne ra tlhaloganya gore ke ka ntlhayang ditshwantsho tseo di ne di le foo, ka gonne gantsi bolwetsi bo ne bo amanngwa le badimona.

Morago ga re sena go tsenngwa mo tlong, re ne ra bona monna a robetse mo setulong. Mo godimo ga gagwe go ne go lepeleditswe mara a le mmalwa a mannye a a neng a fololetswe metswi e e dintlha dikhibidu e lebisitswe kwa monneng yo o lwalang. Tseno di ne di tshwanetse go tshosa meya e e bosula. Fa fatshe mo bodilong go ne go na le digwana di le mmalwa tse di kgolokwe tse di tsentsweng ditshwantsho tse dinnye tse di setilweng, dipeipi tsa motsoko, le dinawa tsa cocoa tse di tswang mosi. Tseno di ne di tshwanetse go didimatsa meya. Bolivar o ne a leka go gomotsa lelapa leno ka go ba bolelela ka tsholofetso ya Modimo ya go fedisa malwetsi otlhe, mme ba ne ba amogela dibuka tsa Bibela. Re ne ra sielwa gape seno se se tlwaelegileng le galase ya metsi.

Diaparo tsa Se-Kuna tse di Mebalabala

Dipono tse di sa tlwaelesegang mo ditlhaketlhakeng tseno ke diaparo tse di mebalabala tsa Ma-India a Ma-Kuna. Lefa banna gompieno ba apara diaparo tse di tshwanang le tsa kwa Bophirima, basadi ba santse ba rata go apara ka tsela ya setso sa bone e leng kojwana e khibidu, bolaose jo bo matsogo makhutshwane, le mosese wa letheka o o fitlhang fa mangoleng. Karolo e e fa godimo ya bolaose gantsi ke ya mmala o o galalelang. Karolo e e fa gare e e itsegeng jaaka mola, ke eo gantsi bajanala ba e rekang mme ba e dirisa jaaka mokgabiso wa lobota. Ke letsela le le dirilweng ka matselana a a mebalabala a a sa tshwaneng a mekgabiso ya ngwao ya dinonyane, ditlhapi, le diphologolo. Mosese wa letheka o dirilwe ka letsela la mmala o mofitshwa o o dikhutlo di nne la mekgabiso e e galalelang, le le thathediwang mo mmeleng mme le funelwa fa lethekeng. Bontsi jwa basadi ba Ma-Kuna ba kgaola meriri ya bone, lefa bangwe ba basetsana ba babotlana ba ba sa nyalwang ba lesa meriri ya bone go gola boleele.

Basadi ba teng ba lebega ba rata go ikgabisa ka dilo tse dintsi. Mangena a gauda, dikagale, maseka, le mangena a dinko ke tse di tlwaelesegileng thata. Go le gantsi khumo yotlhe ya lelapa, e e jang dikete tsa diranta, e aparwa ka mokgwa ono ke basadi. Se se tlhomologileng, gape, ke maseka a bone a maoto le mabogo. Tseno di dirilwe ka dibaga tse ditshesane tsa mmala wa namune, serolwana, le mebala e mengwe mme di ka nna bophara jwa go tloga go disentimetara tse 5 go ya go disentimetara tse 15. Basadi ba fololela dibaga tseno mo tlhaleng e telele mme ba bo ba e bofelela thata mo maotong a bone. Mekgabiso e e kgatlhisang e kgonwa go dirwa ka go kabakanya mebala ya dibaga mo tlhaleng. Maseka ano a bofelelwa thata e le gore ba ka kgona go a rwala dikgwedi di le dintsi kwantle ga go a rola lefa ba tlhapa. Go feleletsa go ikgabisa ga bone, ba itshasa kana ba itshwaya ka mothalo o montsho go tloga fa bogareng jwa phatla le nko, go ya go ema fa godimo ga molomo.

Loeto lwa rona lo lo itumedisang lwa kwa Achutupu lo ne lwa tshwanelwa go kgaosediwa, ka jaana re ne re tshwanetse go boela kwa Ustupu go sa le nako go ya go kopana le Bo-Sahilas. Fa boemelakepeng, batho ba le bantsi ba ne ba letile go itseela dibuka tsa Bibela mo go rona. Re ne re itumelela go ba tlogelela seo re neng re se tshotse.

Boikaelelo bo Fitlheletswe!

Morago kwa Ustupu, holo ya semorafe e ne e tletse makgolokgolo a batho ba ba fisegelang go itse gore a Basupi ba ga Jehofa ba ne ba tla amogelwa semmuso kana nnyaa. Le rona re ne re ikutlwa fela jalo. Fa go ntse go tsweletswe, modulasetilo o ne a ntsha kgang ya gore Basupi ba ga Jehofa ba letlelelwe go dira jaaka bodumedi mo setlhaketlhakeng seo. Fa a laletsa bareetsi go ntsha maikutlo a bone, dipelo tsa rona tsa iteela ka bonako. Ke batho ba le babedi fela ba ba neng ba ganetsa; bontsi jwa bone ba ne ba dumalana.

Kwa bokhutlong, lekgotla la morafe oo le ne la dumalana go re letlelela kafa molaong go tshwara dipokano le go rera ka ntlo le ntlo ba bo ba kwala tshwetso ya bone mo direkotong tsa bone. Ka gone, Basupi ba ga Jehofa ba nna bodumedi jwa ntlha mo setlhaketlhakeng seo go bona tetla e e kwadilweng. Ba bangwe botlhe ba ne ba dumeletswe ka molomo fela. Abo re ne ra itumela le go lebogela phenyo eno jang ne!

Go solofelwa gore tshwetso eno e tla bula dikgoro gore mafoko a a molemo a Bogosi a rerwe mo ditlhaketlhakeng tsotlhe tsa San Blas. Ke mo go utlwalang go ikutlwa jaaka mopesalema a dirile fa a ne a re: “Yehofa oa busa; a lehatshe le ipelè: a ditlhake tse dintsi di itumèlè.”—Pesalema 97:1.

[Mmapa mo go tsebe 28]

(For fully formatted text, see publication)

PANAMA

Motse wa Panama

Kgogometso ya Panama

Ditlhaketlhake tsa San Blas

Caribbean Sea

COLOMBIA

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela