Dipotso tse di Tswang go Babadi
◼ Jesu o ne a dira eng ‘go baakanyetsa’ balatedi ba gagwe ‘manno’ kwa legodimong?
Ka bokhutshwane fela pele ga a simolola moletlo wa Sejo sa Morena sa Maitsiboa, Jesu o ne a bolelela baaposetoloi ba gagwe ba ba ikanyegang gore o ne a tshwanetse go tsamaya. Legale, o ne a raya gore, morago ga a sena go swa moragonyana mo go lone letsatsi leo, o ne a tshwanetse go boela kwa legodimong. Petere o ne a arabela ka go kopa gore a letlelelwe gore a mo sale morago. Fa a rialo Jesu a re: “A dipelo tsa lona di se huduegè: lo dumèla mo Modimoñ, dumèlañ le mo go nna. Mo tluñ ea ga Rrè go na le mannō a le mantsi; ha go no go sa nna yalo, nka bo ke lo boleletse; gonne ke ea go lo baakanyetsa bonnō. Me ha ke ea go lo baakanyetsa bonnō, ke tla tla gapè, me ke tla lo icholèla; gore kwa ke gōna le lona lo nnè gōna.”—Yohane 14:1-3.
Ke “mannō” afe a a neng a tlhoka go baakanyediwa baaposetoloi? Baranodi bangwe ba Bibela ba ranotse Yohane 14:2 ka tsela e e akantshang gore Jesu o ne a bua ka gore baaposetoloi ba ne ba tlhoka “mafelo a boikhutso” fa ba ya kwa legodimong. Lefa go le jalo W. E. Vine o buile jaana ka lefoko la Segerika le go buiwang ka lone: “Ga go na sepe mo lefokong leo seo se supang matlwana a a farologaneng kwa Legodimong; lone ga le akantshe mafelo a boikhutso a nakwana mo tseleng.” Lefoko leo le raya fela lefelo la bonno. Jalo Jesu o ne a solofetsa mafelo a bonno kwa magodimong a semoya koo a neng a ya go nna teng le Rraagwe.—Baefesia 1:20; 1 Petere 1:4; 3:21, 22.
Mme Jesu o ne a tla baakanyetsa balatedi ba gagwe ba ba ikanyegang manno a go nna jalo ka tsela efe? Ka go bo a ne a sule loso lwa go intsha setlhabelo, Jesu o ne a ya kwa legodimong go ya go neela Modimo boleng jwa madi a botshelo jwa gagwe. Seno lantlha se ne se tla solegela molemo bao ba neng ba tla bilediwa go nna baruaboswa mmogo ba botshelo jwa selegodimo. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Keresete ga a ka a tsèna mo heloñ goñwe ga boitshèpō ha go dihilweñ ka diatla, ha go leñ sechwanō sa helō ga amarure; me o tsenye mo go ye e leñ legodimo tōta, go tla a bōnalèla rona yanoñ ha pele ga sehatlhōgō sa Modimo.” (Bahebera 9:12, 24-28; Baroma 6:5; 8:17) Jalo fa Jesu a ne a raya baaposetoloi ba gagwe a re o ya go ‘ba baakanyetsa manno,’ tota o ne a akantse ka ‘go ba bonalela fa pele ga sefatlhego sa Modimo.’ Bone kana batho ba bangwe ba ne ba ka kgona go mo sala morago go ya kwa legodimong fela morago ga a sena go dira jalo.—Bafilipi 3:20, 21.
A Jesu o ne a tshwanetse go dira dilo tse dingwe go ba baakanyetsa bonno? Morago ga nako, o ne a tla tsaya maatla a bogosi mme a lwe le Satane, a mo ntsha kwa legodimong le badimona ba gagwe. (Tshenolō 12:7-9) Seno se ne se tla diragala pele ga baaposetoloi le batlodiwa ba bangwe bao ba robetseng mo losong ba tsogela legodimong. (1 Bathesalonia 4:14-17) Gore a kakgelo ya ga Jesu ya go ‘baakanyetsa balatedi ba gagwe manno’ e ne e akareletsa go ntshiwa ga ga Satane go tswa kwa legodimong, ke se re sa kakeng ra se bua.
Mo godimo ga moo, ga re itse gore a Jesu o ne a na le dikabelo tse dingwe tse di neng tsa mo thusa go baakanyetsa Bakeresete ba ba tloditsweng bonno kwa legodimong. Lefa go le jalo, go botoka ka bobotlana re ka tlhomamisega gore Jesu o ne a baakanyetsa balatedi ba gagwe ba ba tloditsweng tsela ka go neela Modimo boleng jwa “madi [a gagwe] a a tlhokègañ.” (1 Petere 1:19) Kgolagano e ntšha e ne ya tlhongwa gareng ga Jehofa Modimo le Bakeresete ba ba tloditsweng ka moya, mo motheong wa madi ao.