Karolo 7—Mmuso wa Bofelo mo Mebusong e Megolo ya Lefatshe
Fa lekwalo la Bibela la Tshenolō le kwalwa, mo e ka nnang dingwaga di le 1 900 tse di fetileng, e ne ya re “dikgosi” tse tlhano, kana mebuso ya lefatshe, e ne e setse e busitse ebile e fetile. Tseno e ne e le Egepeta, Asiria, Babelona, Medo-Persia, le Greece. Wa borataro, ebong Roma, o ne o “sa le gōna,” o leeo mme wa bosupa o ne o ise o tle. (Tshenolō 17:10) Mmuso oo wa bosupa wa lefatshe e ne e le ofe? O ne wa nna teng jang? Mme o tla latelwa ke ofe? Dikarabo tsa dipotso tseno tsa botlhokwa e tla nna tsone tse go tla tlotliwang ka tsone mo setlhogong seno.
DINTLHA tse dikgolo tsa thadiso ya ditiragalo tsa lefatshe mo dingwageng tse 2 500 tse di fetileng di ne tsa bolelelwa pele mo bukeng e e balwang ke batho ba le bantsi thata go feta epe e e kileng ya nna teng mo lefatsheng. Lefa go ntse jalo, go na le palo e e kwa tlase thata ya batho bao ba nang le sekaelo sa buka eno, ebong Bibela, bao ba itseng sengwe ka tshedimosetso e e gakgamatsang eo e nang nayo.
Ka sekai, dingwaga tse di fetang 500 pele ga go tsalwa ga ga Jesu Keresete, moperofeti Daniele o ne a kwala ponatshegelo eo e neng e tlhotlheleditswe ke Modimo eo mo go yone mebuso e megolo ya lefatshe go simologa ka motlha wa gagwe e e emelwang ke dibatana tse di maatla. Sebatana sengwe le sengwe se ne se tshwana le mmuso wa lefatshe o se neng se o emela. Mmuso wa Roma o o maatla o ne wa tlhalosiwa jaaka sebatana se segolo “se se boitshègañ, se se nonohileñ, se le thata e e heteletseñ.” Daniele o ne a re “se ne se sa chwane le sepè sa ditshedi tse di tsileñ pele ga shōna; me sa bo se na le dinaka di le shomè.”—Daniele 7:2-7.
‘Lonaka lo Lonnye’
Morago ga nako, Mmuso wa Roma o ne wa gola mo o neng wa akaretsa lefelo leo le simologang kwa British Isles go kgabaganya karolo e kgolo ya Yuropa, go tla fela go akaretsa Mediterranean le go feta Babelona go ya Persian Gulf. Mmuso ono o o maatla kgabagare o ne wa kgaogana go nna merafe e mentsi—go nna “dinaka di le shomè” tseo Daniele a neng a di bona.a Go tswa foo Daniele o ne a bona go “tlhoga lonaka lo loñwe gare ga cōna, e le lo lonnye, lo di le tharo tsa dinaka tsa pele [di neng] tsa khumolwa ka mecwe ha pele ga lōna.” (Daniele 7:8) Seno se ne se kaya eng?
Daniele o ne a tewa ga twe: “Kaga dinaka tse shomè, dikgosi di le shomè di tla coga mo bogosiñ yo [Roma]; me e ñwe [‘lonaka lo lonnye’] e tla coga moragō ga cōna; me e tla nna e sele mo go tsa pele, me e tla gatèla dikgosi di le tharo.” (Daniele 7:24) ‘Lonaka lo lonnye’ lono e ne e le mang, mme dikgosi tse tharo tse a neng a di isa tlase e ne e le dife?
Setlhaketlhake seo se neng se le mo sekhutlong sa bokone-bophirima jwa Mmuso-mogolo wa Roma se ne se sa bolo go emela kwa thoko mo ditiragalong tsa lefatshe. Jaaka raditiragalo mongwe a ne a tlhalosa: “Mo lekgolong la bolesome le borataro la dingwaga, Ennyelane e ne e ntse e le mmuso o mmotlana. Khumo ya gagwe e ne e le potlana fa e bapisiwa le ya Netherlands. Batho ba gagwe ba ne ba fetwa ke ba France fela thata. Masole a gagwe [go akareletsa le dikepe tsa ntwa] a ne a sa nonofa jaaka a Spain.” Lefa go ntse jalo, Ennyelane e ne ya tloga ya nna le dikepe tse dintsi tsa maemo a a kwa godimo, mme magodu a teng a lewatle le dikepe tsa bogodu tsa tloga tsa tlhasela mafatshe a a neng a busiwa ke Spain le dikepe tsa gagwe tseo di neng di tletse ka letlotlo la yone.
Dinaka tse Tharo
Ka 1588 Phillip II wa Spain o ne a bolotsa Spanish Armada go ya go tlhabana le babogisi ba gagwe ba Ennyelane. Setlhopha seno sa dikepe tseo di neng di le 130 tseo di neng di rwele banna ba le 24 000 di ne tsa tsamaya ka iketlo di lebile kwa English Channel, ka maswabi tsa senngwa ke diphefo le ditsuatsue tse dikgolo tsa Atlantic. Mo go Modern Europe to 1870, raditiragalo Carlton Hayes o kwala ka go re tiragalo eno “e ne ya tshwaya go tsewa ga maatla a dikepe tsa ntwa gotlhelele ke Ennyelane go tswa go Spain.”
Mo lekgolong la bo-17 la dingwaga Ma-Dutch a ne a na le dikepe tse dikgolo tsa kgwebo mo lefatsheng lotlhe. Dikepe tsa bone e ne e le tsone tse di busang mo mawatleng, mme ba ne ba adima dipuso tse dingwe go kgabaganya lefatshe merokotso ya bone. Mme ka go oketsega ga mafatshe ao a neng a a busa kwa moseja ga mawatle, Ennyelane le yone fano e ne e sa salela kwa morago.
Go tswa foo, mo lekgolong la bo-18 la dingwaga, Maesemane le Mafora ba ne ba lwela mo mafelong a a katologaneng fela thata jaaka Amerika Bokone le India, seo se neng sa gogela go Tumalano ya Paris ya 1763. Malebana le yone, William B. Willcox o ne a kwala mo bukeng ya gagwe Star of Empire—A Study of Britain as a World Power gore lemororo tumalano eo e ne e lebega e le go ineela, “tota e ne e supa boemo jo bosha jwa Britane jaaka mmuso o mogolo wa Yuropa mo mafatsheng a a ka kwantle ga Yuropa.”
Boraditiragalo ba bangwe ba dumalana le seo, ba re: “Morago ga go lwa le Masepanishe, Madatšhe, le Mafora ka makgolo a mabedi a dingwaga, ka 1763 Great Britain e ne ya nna mmuso o o kwa godimo mo go tsa kgwebo le mo mafatsheng a a neng a busa mo lefatsheng lotlhe.” (Modern Europe to 1870) “Ka 1763 Mmuso wa Britane o ne wa busa lefatshe ekete ke Roma e e neng e tsosolositswe ebile e atolositswe.” “O ne a tswa mo dintweng tsa makgolo a bogare tsa dingwaga e le mmuso o mogolo go feta yotlhe le o o nonofileng—o o neng o ilwa fela thata—mo lefatsheng.” (Navy and Empire, e e kwadilweng ke James L. Stokesbury) Ee, ‘lonaka lo lonnye’ lono lo ne lo godile go nna mmuso wa bosupa wa lefatshe mo ditiragalong tsa Bibela.
Maesemane a ne a tla a fenya go feta ka Nile go kgabaganya Noka ya Zambezi. Ba ne ba gapa Upper Burma, North Borneo, le ditlhaketlhake tsa Pacific. Mo godimo ga moo, ba ne ba gapa Canada, Australia, New Zealand, le lotshitshi lo lo kafa botlhaba lwa Amerika Bokone le go di busa. “Mmuso wa Roma o ne o ipheditse,” go kwala jalo James Morris mo go Pax Britannica. “Mmuso wa Britane o ne o itsege go kgabaganya lefatshe lotlhe.” O ne wa nna mmuso o mogolo mo ditiragalong tsa setho, o akaretsa mo e ka nnang nngwenneng ya lefatshe ebile o na le batho ba ba fetang nngwenneng ya batho ba lefatshe lotlhe. Go ne ga bolelwa fa mo pusong ya one letsatsi le ne le seke le phirima.
Mmuso o o Maphata Mabedi
Mo bukeng ya Tshenolō, mmuso ono wa bosupa wa lefatshe gape o ne o tlhalositswe e le o o nang le “dinaka di le pedi yaka kwana.” (Tshenolō 13:11) Ke ka ntlhayang o na le dinaka di le pedi? Ka gonne mmuso wa Britane le morafe o mosha wa Amerika, eo e buang puo e le nngwe fela, eo e nang le melao-metheo le melao e le mengwe fela, ba ne ba tloga ba dirisana mmogo. Ka ditsela di le dintsi ba ne ba nna mmuso wa lefatshe o o maphata mabedi o o buang Seesemane.
William B. Willcox o lemotsha mo go Star of Empire gore mo lekgolong la bo-19 la dingwaga United States e ne e “femetswe mo ditlhaselong tsa Yuropa ke dikepe tsa ntwa tsa Britane.” O oketsa ka go re: “Mo dingwageng di le lekgolo United States e ne e gololesegile go ka nna mmuso o mogolo kwantle ga go nna, ntle le mo ntweng ya selegae, le sesole kana dikepe tsa ntwa tseo mmuso mongwe le mongwe o mogolo o neng o itsege ka tsone.” Amerika “o ne a sa bolo go kgona go ka ikemela ka nosi ka gonne Dikepe tsa Britane di ne di ntse di mo sireleditse mo mebusong ya Yuropa.” Moragonyana, United States le yone e ne ya nna mmuso o mogolo wa sesole.
Sekai se se tlhomologileng sa go tshwaraganela tiro ga Britane le Amerika se ne sa diragala ka June 6, 1944, fa go tsamaya ga Ntwa ya Lefatshe II go ne go fetoga mo Bokone jwa Yuropa. Ka letsatsi leo, Maesemane a le 156 000, le Maamerika, le masole a mangwe a Lekoko la bone ba ne ba tlhasela lefatshe la Yuropa. Masole ano a a kopaneng a ne a laolwa ke ramasole wa U.S. le ramasole yo mogolo wa masole a Britane—ebong Eisenhower le Montgomery ka go tlhomagana ga bone. Mo godimo ga moo, dibomo tsa atomo tse di neng tsa khutlisa ntwa e e neng e lowa le Japane e ne e le tse di neng di dirilwe ke baitseanape ba Britane le Amerika.
Los Angeles Times ya May 5, 1986, e ne ya supa gore, le eleng mo metlheng ya kagiso, Britane le Amerika ba ne ba tla dirisana mmogo “mo dilong tse dikgolo tse di tshwanang le botlhale le boranyane jwa nuclear.” Fa ba sena go kopana le Canada, Australia, le New Zealand moragonyana, ba ne ba “kgaoganya mafatshe ka dikarolo tseo di ikarabelelang mo go batlisiseng botlhale ba bo ba dumalana go abalana le eleng tshedimosetso e e boteng tota.” Pampiri eno ya dikgang e ne ya bolela gore lefa botsalano “ka metlha bo se kile jwa nna jo bo senang makgwere,” bo nnile jwa “itsege ka go atamalana ga jone go feta kafa bo itsegeng ka gone ka dikgotlhang tsa jone.”
Bontsi jwa mafatshe a a busiwang ke Britane a tsere boipuso mme a tsene mo Lekgotleng la Merafe e e Ipusang. Lefa mmuso oo o ka tswa o sa tlhole o le teng, Mmuso wa Lefatshe wa Maamerika le Maesemane o santse o le teng. Mme o tla nna teng “ka lobakanyana,” fa go bapisiwa le makgolokgolo a dingwaga ao mmuso wa Roma o o busitseng pele ga one o neng wa busa ka tsone.—Tshenolō 17:10.
Puso e Ntšha ya Lefatshe ka Bophara
Polelelopele ya ga Daniele mabapi le mebuso e megolo ya lefatshe e supegile e le boammaaruri mo dingwageng tse 2 500 tsa puso ya lefatshe—go simologa pele ga 500 B.C.E go tla mo mmusong wa lefatshe wa motlha wa rona. Ka gone, re ka nna le tsholofelo mo polelelong pele e e iseng e diragadiwe. Ntlha e e gakgamatsang ke gore ga e sa tlhola e tlhalosa mebuso ya batho ya lefatshe! Tshenolō le yone e ile ya bontsha gore e ne e tla nna supa fela.b He, go tla diragala eng morago?
Kgaolo 7 ya Daniele, eo e buang ka mebuso eno ya lefatshe, e tswelela ka go tlhalosa sengwe se ebileng se gakgamatsa thata—phetogo e kgolo ya tsela eo lefatshe le busiwang ka yone! Dipuso tsa batho tseo di retelelwang di tshwanetse go khutla mme tsa tseelwa sebaka ke mmuso o o siameng wa selegodimo.
Ponatshegelo ya ga Daniele e ne ya mo letlelela go bona setulo sa bogosi se sentle sa selegodimo “moñwe eo o leñ mogologolo,” ebong Jehofa Modimo. Go ne ga leriwa fa pele ga yono “moñwe eo o chwanañ le moñwe morwa motho”—Jesu Keresete yo o tsositsweng.c Daniele o anela jaana: “A nèwa pushō, le kgalalèlō, le bogosi, gore batho botlhe ba dichaba, le ba merahe, le ba dipuō ba mo dihèlè: pushō ea gagwè ke pusho e e sa khutleñ, e e se ketlañ e heta, le bogosi yoa gagwè [ka go sa tshwane le magosi a batho a a retelelwang] ke yo bo se ketlañ bo señwa.”—Daniele 7:9, 10, 13, 14.
Polelelopele e e neng ya neelwa Daniele pelenyana mabapi le puso yone eo ya lefatshe e re: “E tla re mo metlheñ ea dikgosi tseuō, Modimo wa legodimo o tla tlhōma bogosi yo bo se ketlañ bo señwa gopè, . . . bo tla thubaganya bo nyèlètsa magosi auō aotlhe [a batho], me bo tla ema ka bosakhutleñ. . . . mme tōrō e tlhōmame, le phuthololō ea eōna ke ea manete.”—Daniele 2:44, 45.
Puso eno ya Bogosi jwa Modimo ke yone eo Jesu a neng a re ruta gore re e rapelele. O ne a re: “Ke gōna, lo rapèlè, lo re yana: lo re, Rra echo eo o kwa legodimoñ, Leina ya gago a le itshepisiwè. Bogosi yoa gago a bo tlè. Go rata ga gago a go dihwè mo lehatshiñ yaka kwa legodimoñ.”—Mathaio 6:9, 10.
Abo baagi ba lefatshe ba tla itumela jang ne fa ba busiwa ke puso eo! E tla bo e le phetogo go tswa mo go gatelelweng ke batho go ya go tshiamiso ya bomodimo, go tswa go tsela e e sa itekanelang ya batho ya go dira dilo go ya go ditekanyetso tse di kwa godimo tsa Modimo. Seo Bibela e se bolelang kaga go busa ga Bogosi e tla bo e le kgang ya setlhogo se se latelang sa metseletsele eno.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Lonaka, eleng sebetsa se se tshosang, gantsi le dirisiwa mo Bibeleng go emela babusi le magosi a a busang.—Duteronome 33:17; Sekaria 1:18-21; Tshenolō 17:3, 12.
b Tshenolō 17:11 e umaka “sebatana” seo e leng “kgosi ñwe ya bohèra mebedi, [eo eleng] eoo ra cōna tse shupa.” Mmuso ono wa bofera bobedi oo o tla busang fa go santse go busa wa bosupa go tla buiwa ka one mo setlhogong se se latelang.
c Mafoko “morwa motho” a fitlhelwa mo e ka nnang ka makgetlo a le 80 mo dipolelong tsa Efangele, mme mo lekgetlong lengwe le lengwe a lebisitse go Jesu Keresete.—Mathaio 26:63, 64.
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Go tlhasela Yuropa ga ga Ennyelane le lekoko la gagwe ka June 6, 1944, e ne e le sekai se se tlhomologileng sa go dirisana mmogo ga Ennyelane le Amerika
[Motswedi wa Setshwantsho]
U.S. Coast Guard photo