A Go na le Mongwe yo o Kileng a Bona Modimo?
MONNA wa tumelo yo o itsegeng thata ebong Aberahame, yo o neng a tshela dingwaga tse di fetang 1 900 pele ga go tsalwa ga ga Jesu Keresete, o ne a ratiwa thata ke Mmopi wa rona mo a neng a bidiwa “tsala ea Modimo.” (Yakobe 2:23) Fa go ne go na le mongwe yo o neng a ka newa tshiamelo ya go bona Modimo, eleruri motho yoo e ne e tla nna Aberahame. Ebu, ka nako nngwe, baeti bangwe ba le bararo ba ne ba mo etela ka molaetsa wa bomodimo. Aberahame o ne a bitsa mongwe wa bone Jehofa. A seno se raya gore Aberahame o ne a bona Modimo tota?
Polelo eno e fitlhelwa mo go Genesise 18:1-3. Moo re bala jaana: “Me Yehofa a bōnala kwa go èna ha maokèñ a ga Mamere, a dutse mo moyakoñ oa mogope, go le mogote oa motshegare: Me a choletsa matlhō a gagwè, a leba, me bōnañ, ga bo go eme banna ba le bararo ba lebaganye naè; me o rile a ba bōna a tloga mo moyakoñ oa mogope, a siana a ea go ba kgatlhantsha, me a ikōbèla ha hatshe, me a re, [Jehofa, NW], a e re ha ke bonye tsalanō mo matlhoñ a gago, kea gu rapèla go re, motlhanka oa gago u se ka oa mo heta hèla.”
Moragonyana, fa Aberahame le baeti ba gagwe ba bararo ba lebile Sodoma go tswa lefelong lengwe le le kwa godimo, ba le babedi ba ne ba tsamaya ba etela motse oo. Go tswa foo temana 22 e a re: “Aberahame a nama a sa eme ha pele ga Yehofa.” Go ka nna ga lebega go tswa go seno gore Modimo o ne a na le Aberahame a apere mmele wa senama. Seno ke sone se batho bangwe ba se tatalalelang bao ba dumelang gore Modimo le Jesu Keresete ke motho a le mongwe fela.
Mabapi le Genesise 18:3, mokanoki wa Bibela ebong Melancthon W. Jacobus o ne a kwala jaana: “Mono Modimo o bonala lantlha mo go kwadilweng gore ke motho a na le batho, go bontsha Bogone jwa Gagwe jwa mmatota, le go tshwana ga gagwe le batho, mme segolo-bogolo ka tiragalo eno a tlhomamisetsa monna wa tumelo gore Modimo o buisanya le batho ebile o botsalano.” Bao ba nang le pono eno ba ka digela ka gore Aberahame o ne a bona Jehofa tota ka matlho a gagwe a senama le gore batho bao ba boneng Jesu Keresete ba bone le Modimo. Mme a tshwetso eno e dumalana le Bibela?
Seo Jesu a se Boletseng
Go na le gore Jesu Keresete a itsise gore ke Modimo a le mo nameng, o ne a re: “Ke Morwa Modimo.” (Yohane 10:36) Jaaka Moemedi wa ga Jehofa Modimo yo o itekanetseng, gape Jesu o ne a re: “Ga ke na go diha sepè ke le nosi: ke atlhola jaaka ke utlwa: me katlholō ea me e siame; ka go bo ke sa batle go rata ga me, ha e se go rata ga eo o nthomileñ.” (Yohane 5:30) Fa Jesu a ne a le mo koteng ya tlhokofatso o ne a rapela Mmopi yo mogolo kwa magodimong a mmitsa “Modimo oa me, Modimo oa me.” (Mathaio 27:46) Morago ga tsogo ya gagwe, Jesu o ne a raya Marie Magadalene a re: “Ke tlhatlogèla kwa go Rrè, le Rra eno, le kwa go Modimo oa me, le Modimo oa lona.” (Yohane 20:1, 17) Ereka Jesu Keresete e ne e se Modimo a le mo nameng, ga go ope yo o boneng Jesu yo o neng a ka re go raya gore o ne a bone Modimo.
Johane, moaposetoloi yoo Jesu a neng a mo rata thata-thata, o ne a tlhomamisa ntlha ya gore, baaposetoloi ba ne ba sa bone Modimo fa ba ne ba lebile Jesu. Johane o ne a tlhotlhelediwa go bua jaana: “Ga go motho opè eo o kileñ a bōna Modimo ka motlha opè.” (Yohane 1:18) Ke mang he, yo Aberahame a neng a mmona? Boitemogelo jwa ga Moshe bo re thusa go bona karabo.
Kafa Moshe a Boneng Modimo Ka Teng
Nako nngwe Moshe o ne a umaka keletso ya go bona Modimo. Mo go Ekesodo 33:18-20, re bala jaana: “Kea gu rapèla, a u ko u [Moshe] mpontshè kgalalèlō ea gago. Me a [Modimo] re, Molemō oa me otlhe ke tla o hetisa ha pele ga gago, ke tla bolèla leina ya ga Yehofa ha pele ga gago: ke tla nna tsalanō le eo ke tla nnañ tsalanō naè, me ke tla bontsha èna boutlwèlō botlhoko eo ke tla mmontshañ boutlwèlō botlhoko. Me a re, Ga ua nonoha go bōna sehatlhōgō sa me: gonne motho ga a ketla a mpōna a ba a tshela.”
Se Modimo o neng o letlelela Moshe go se bona e ne e le kgalalelo ya Gagwe a feta fela. Ditemana 21-23 di tlhalosa jaana: “Me Yehofa a re, Bōna, go na le helō goñwe ha go nna, me u tla èma mo godimo ga lehika: Me go tla dihala go re, e tla re kgalalèlō ea me e heta ke gu tsenye mo loharoñ loa lehika, ke go bipe ka seatla sa me, go tsamaee ke hete: Me ke tla tlosa seatla sa me, me u tla mpōna motlhana: me sehatlhōgō sa me shōna, ga se ketla se bōnwa.”
Tumalanong le seo Jehofa a neng a se bolelela Moshe le seo Moaposetoloi Johane a neng a se bua, Moshe ga a ka a bona Modimo o apere mmele wa senama kana a bonala. Seo Moshe a se boneng fela e ne e le motlhala wa kgalalelo ya Modimo o sena go feta. Le gone ka nako eo o ne a tshwanelwa ke go sirelediwa ka tsela ya bomodimo. Kwantle ga pelaelo, Aberahame ga a ka a bona Modimo ka namana.
Fa Moshe a ne a bua le Modimo “go lebanywe ka dihatlhōgō,” jaaka go tlhalositswe go Ekesodo 33:11, o ne a sa bone Jehofa ka matlho. Tlhaloso eno e supa tsela eo Moshe a neng a buisana le Modimo ka yone, e seng seo a neng a se bona. Go bua le Modimo “go lebanywe ka dihatlhōgō” go kaya puisano ya batho ba le babedi. Ka mo go tshwanang, motho a ka buisana le yo mongwe ka mogala kwa ntle ga go mmona.
Fa Moshe a ne a bua le Modimo a ba a amogela ditaelo tse di tswang kwa go ene, ba ne ba sa buisane ka diponatshegelo, jaaka gantsi go ne go diragala ka baperofeti ba bangwe. Seno se lemotshega mo go Dipalō 5:6-8, koo re balang jaana: “A re, Utlwañ yana mahoko a me: ha go na le moperofeti mo go lona, Nna Yehofa ke tla mo ikitsise ka pōnatshègèlō, ke tla bua naè ka tōrō. Me motlhanka oa me Moshe, èna ga a nna yalo; o boikañō mo tluñ ea me eotlhe hèla: Éna ke tla buisanya naè molomo le molomo, eboñ ka mo go bonalañ, eseñ mo dipuōñ tse di lotobo; me popègō ea ga Yehofa o tla e bōna.” Moshe o ne a bona “popègō ea ga Yehofa” ka tsela efe?
Moshe o ne a bona “popègō ea ga Yehofa” fa ene, Arone, le banna ba bangwe ba ne ba le mo Thabeng ya Sinai. Go Ekesodo 24:10, go kwadilwe jaana: “Ba bōna Modimo oa Iseraela; ga bo go ntse ekete sephara sa lencwè ya safira ha tlhatse ga dinaō tsa ōna, me ea ne ekete ke legodimo ka yeosi ka bophèpa.” Mme Moshe le banna ba bangwe ba ne ba bona “Modimo oa Iseraela” jang, ntswa Modimo o ne o mo reile wa re “Motho ga a kitla a mpōna a ba a tshela”? Temana ya 11 e a tlhalosa, ka gonne ya re: “Mo dikgōsaneñ tsa bana ba Iseraela ga a ka a baea seatla: ba bōna Modimo [ka ponatshegelo, NW], me ba ya ba nwa hèla.” Jalo popego ya Modimo eo Moshe le ba bangwe ba neng ba e bona e ne e le ka ponatshegelo.
Baemedi ba Baengele
Ga go ise go ko go tlhokafale gore Mmopi yo mogolo wa lobopo a fologe go tswa felong la gagwe le le kwa godimo kwa legodimong e le gore a tle a neele batho ba ba rileng melaetsa. Kwantle ga ditiragalo tse di kwadilweng tseo go neng ga utlwiwa lentswe la Modimo mo go tsone fa Morwawe a ne a le mo lefatsheng, Jehofa ka metlha o dirisitse baengele go bolela melaetsa ya Gagwe. (Mathaio 3:17; 17:5; Yohane 12:28) Le one Molao oo Modimo a neng a o naya morafe wa Iseraele kwa Thabeng ya Sinai o ne wa bolelwa ke baengele, lefa Moshe a bolelwa fa a ne a buisana le Modimo tota ka tlhamalalo. Mabapi le seno moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Me hoñ molaō e be e le eñ? Ga okediwa ka ōna ka ntlha ea ditlolō, go tlo go tsamaeè go tlè losika lo lo neecweñ polelō ea choloheco; me oa tlhōñwa ke baengele ka seatla sa motseriganyi.”—Bagalatia 3:19.
Gore Moshe o ne a buisana tota le moengele yoo a neng a emetse Modimo ka namana go supega gape mo go Ditihō 7:38, e e tlhalosang ka go re: “Eo ke èna eo o na a le mo phuthegoñ mo nageñ, a na le moengele eo o buileñ naè mo thabeñ ea Sinai, a ba a bua le borra echo.” Moengele yoo e ne e le mmueledi wa ga Jehofa Modimo ka namana, ebong Mmopi, jalo o ne a bua le Moshe jaaka ekete go ne go bua Modimo ka boone.
Moengele yo o neng a bolelela Moshe molaetsa wa Modimo fa setlhareng se se neng se sha le ene e ne e le mmueledi. O tlhalosiwa jaaka moengele wa ga Jehofa mo go Ekesodo 3:2 koo re bolelelwang jaana: “Moengele oa ga Yehofa a bōnala kwa go èna a le mo kgabuñ ea molelō o o tukañ mo gare ga setlhare.” Temana ya 4 ya re: “Me e rile Yehofa a bōna ha a hapoga a ea go bōna, Modimo oa mo tlhaeletsa, o le mo gare ga setlhare.” Mo temaneng ya 6, mmueledi yono wa Modimo wa moengele o ne a re: “Ke nna Modimo oa ga rrago, Modimo oa ga Aberahame, Modimo oa ga Isake, le Modimo oa ga Yakobe.” Jalo fa Moshe a ne a buisana le moemedi wa Modimo ka sebele, o ne a bua jaaka ekete o ne a bua le Yehofa ka namana.—Ekesodo 4:10.
Mo kgaolong ya 6 ya Baatlhodi, re bona sekai se sengwe sa monna yo o neng a bua le Modimo ka moemedi wa moengele. Temana ya 11 e tlhalosa motshola-molaetsa yoo jaaka “moengele oa ga Yehofa.” Moo re bala jaana: “Me moengele oa ga Yehofa a tla, me a dula ha tlhatse ga mooka o o noñ o le mo Ofera, o e ne e le oa ga Yoashe oa Moabiesera: me Gideone morwawè a bo a phothèla mabèlè mo kgatisecoñ ea boyalwa, go a shubèla Bamidiana.” Morago ga moo morongwa yoo, ebong “moengele oa ga Yehofa,” o tlhalosiwa jaaka ekete e ne e le Jehofa Modimo ka boene. Mo ditemaneng 14 le 15, re bala jaana: “Me Yehofa a mo leba, me a re, Ea mo thateñ e ea gago, me u gololè Iseraela mo seatleñ sa ba Midiana: a ga kea gu roma? Me a mo raea, a re, Ao Morèna, ke tla golola Iseraela ka eñ?” Jalo moengele yo o apereng mmele wa senama yo a neng a bonwa ke Gidione le yo o neng a bua nae o tlhalosiwa mo polelong ya Bibela jaaka ekete e ne e le Modimo ka namana. Mo temaneng ya 22, Gideone a re: “Ke bonye moengele oa ga Yehofa re lebanye ka dihatlhōgō.” Moengele yoo o ne a bua se tota Modimo o neng o mo reile a re a se bue. Jalo he, Gideone o ne a bua le Modimo ka mmueledi yono wa moengele.
Elatlhoko, gape, kgang ya ga Manoa le mosadi wa gagwe, batsadi ba ga Samesone. Polelo eno le yone e bua ka morongwa wa moengele jaaka “moengele oa ga Yehofa” le “moengele wa Modimo [wa boammaaruri].” (Baatlhodi 13:2-18) Mo temaneng ya 22, Manoa o raya mosadi wa gagwe a re: “Rure re tla shwa, ka gonne re bonye Modimo.” Lemororo a se kile a bona Jehofa Modimo tota, Manoa o ne a ikutlwa ka tsela eo ka gonne a ne a bone mmueledi wa Modimo ka sebele yo o neng a apere mmele wa senama.
“Ga go Motho Opè eo o Kileñ a Bōna Modimo”
Jaanong go ka kgonega gore go tlhaloganngwe lebaka la go bo Aberahame a ne a bua le mmueledi wa Modimo wa moengele yo o neng a apere mmele wa senama jaaka ekete o ne a bua le Jehofa Modimo ka namana. Ereka moengele yono a ne a bua se tota Modimo a neng a batlile go se bolelela Aberahame a bile a ne a le foo ka boene mo boemong jwa Gagwe, rekoto ya Bibela e ne e ka re “Yehofa a bōnala kwa go èna.”—Genesise 18:1.
Gakologelwa gore mmueledi wa Modimo wa moengele o ne a bolela melaetsa ya Gagwe ka botlalo fela jaaka mogala kana seromamowa se ka fetisetsa mafoko a rona mothong yo mongwe. Jalo he, go ka tlhaloganngwa gore ke ka ntlhayang fa Aberahame, Moshe, Manoa, le ba bangwe ba ne ba ka bua le moengele yo o neng a apere mmele wa senama jaaka ekete ba ne ba bua le Modimo. Lefa batho bano ba ne ba kgona go bona baengele bano le kgalalelo ya ga Jehofa eo e neng e phatsima mo go bone, ba ne ba seka ba kgona go bona Modimo. Jalo he, seno ga se ganetsane le mafoko a ga moaposetoloi Johane ka gope a a reng: “Ga go motho opè eo o kileñ a bōna Modimo ka motlha opè.” (Yohane 1:18) Seo banna bano ba neng ba se bona e ne e le baemedi ba baengele mme eseng Modimo ka namana.