Direlang Jehofa Ka Bongwefela Jwa Pelo
“Hoñ ke tla hetolèla dichaba puō e e itshekileñ, gore ba bitsè leina ya ga Yehofa, go tla ba mo dihèla ka tumalanō e le ñwe hèla.”—SEFANIA 3:9.
1, 2. (a) Jaanong Jehofa o diragatsa polelelopele efe? (b) Polelelopele eno e tsosa dipotso dife?
JEHOFA MODIMO o dira sengwe gompieno seo batho ka bobone ba neng ba se kake ba se fitlhelela ka motlha ope. Mo lefatsheng leno le le kgaoganeng go buiwa dipuo di ka nna 3 000, mme jaanong Modimo o diragatsa polelelopele eno: “Ke tla hetolèla dichaba puō e e itshekileñ, gore ba bitsè leina ya ga Yehofa, go tla ba mo dihèla [Modimo] ka tumalanō e le ñwe hèla.”—Sefania 3:9.
2 “Puō e e itshekileñ” eno ke eng? E buiwa ke bomang? Mme go “dihèla ka tumalanō e le ñwe hèla” go raya eng?
Ba bua “Puō e e Itshekileñ”
3. “Puō e e itshekileñ” ke eng, mme ke ka ntlhayang fa ba ba e buang ba sa kgaogana?
3 Ka letsatsi la Pentekosete ya 33 C.E., moya wa Modimo o o boitshepo o ne wa tshololelwa mo barutweng ba ga Jesu Keresete, go ba nonotshetsa go bua dipuo tse ba neng ba ise ba ko ba di ithute. Seno se ne sa ba kgonisa gore ba bolelele batho ba diteme tse dintsi “ditihō tse dikgolo tsa Modimo.” Ka gone Jehofa a simolola go dira gore batho ba ditso tsotlhe tse di farologaneng ba utlwane. (Ditihō 2:1-21, 37-42) Fa moragonyana Baditšhaba ba ba dumelang ba ne ba nna balatedi ba ga Jesu, batlhanka ba Modimo ba ne ba nna batho ba dipuo tsotlhe, le ba ditso tsotlhe eleruri. Lefa go ntse jalo, ga ba ise ba ko ba kgaoganngwe ke melelwane ya lefatshe, ka gonne botlhe ba bua “puō e e itshekileñ.” Seno ke puo e e buiwang ke botlhe ya boammaaruri jwa Dikwalo e e boleletsweng pele mo go Sefania 3:9. (Baefesia 4:25) Bao ba buang “puō e e itshekileñ” ga baa kgaogana mme ‘ba bua ka go dumalana’ ba ‘itekanedisiwa mmogo, mo mogopolong o le mongwe fela, le mo tshekatshekong e le nngwe fela.’—1 Bakorintha 1:10.
4. Sefania 3:9 e ne ya bolelela tirisano-mmogo ya batho ba dipuo tsotlhe le ba ditso tsotlhe pele jang, mme gompieno e fitlhelwa kae?
4 “Puō e e itshekileñ” e ne e tshwanetse go kgonisa batho ba merafe yotlhe le ba ditso go direla Jehofa “ka tumalanō e le ñwe hèla,” mo tota go rayang, ka ‘go tshwaragana.’ Ba ne ba tla direla Modimo “ka tumalano” (The New English Bible); “ka bongwefela” (The New American Bible); kana “ka pelo e le nngwe fela le ka kutlwano.” (The Amplified Bible) Phetolelo e nngwe e balega jaana: “Jalo ke tla ntlafatsa dipounama tsa batho botlhe, e le gore ba tle ba bitse leina ja ga Jehofa ba bo ba dirisane mmogo mo tirelong ya gagwe.” (Byington) Go dirisana mmogo mo ga dipuo tsotlhe le ga ditso tsotlhe mo tirelong ya Modimo go fitlhelwa fela gareng ga Basupi ba ga Jehofa.
5. Basupi ba ga Jehofa ba kgona go dirisa puo epe fela ya batho mo go eng?
5 Ereka Basupi ba ga Jehofa botlhe ba bua “puō e e itshekileñ” ya boammaaruri jwa Dikwalo, ba kgona go dirisa dipuo tsotlhe tsa batho ka botlalo jo ba ka bo kgonang—ba baka Modimo ba bile ba bolela mafoko a a molemo a Bogosi. (Mareko 13:10; Tito 2:7, 8; Bahebera 13:15) Ka gone a bo go le gontle jang ne go bo “puō e e itshekileñ” e kgonisa batho ba ditlhopha tsotlhe tsa ditso gore ba direle Jehofa ka bongwe fela jwa pelo!
6. Jehofa o leba batho jang, mme ke eng se se ka thusang fa selekanyo se se rileng sa tlhaolele se saletse mo pelong ya Mokeresete mongwe?
6 Fa Petere a ne a rerela Korenelio le Baditšhaba ba bangwe, o ne a re: “Amarure kea lemoga ha Modimo e se motlhaodi oa batho: Me mo merahiñ eotlhe eo o boihañ ōna, a ba a diha tshiamō, oa lebosèga mo go ōna.” (Ditihō 10:34, 35) Go ya ka diphetolelo tse dingwe, Jehofa “ga se Motlotli wa batho,” “ga a tlhaole batho,” gape “ga a bontshe go rata ka go tlhaola.” (The Emphatic Diaglott; Phillips; New International Version) Jaaka batlhanka ba ga Jehofa, re tshwanetse go leba batho ba ditlhopha tsotlhe tsa ditso jaaka ene. Mme go tweng fa selekanyo se se rileng sa tlhaolele se se santse se saletse mo pelong ya Mokeresete yo mongwe? He e ka nna thuso go ela tlhoko kafa Modimo wa rona yo o sa tlhaoleng a dirisanang le batlhanka ba gagwe ba morafe mongwe le mongwe, lotso, batho, le puo ka teng.—Bona le Awake! November 8, 1984, dits. 3-11.
Di a Eletsega
7. Mabapi le botsalano le Modimo, ke jang Mokeresete yo mongwe a sa farologaneng le yo mongwe wa morafe ope fela kana lotso?
7 Fa o le mosupi yo o kolobeditsweng wa ga Jehofa, o ka nna wa bo o kile wa ‘fegelwa wa ba wa sonelela dilo tse di makgapha’ tseo di diragalang mo tsamaisong eno e e boikepo ka nako nngwe. (Esekiele 9:4) O ne o ‘sule ka baka la dibe tsa gago,’ mme Modimo ka kutlwelobotlhoko o ne wa go atametsa kwa go ene ka Jesu Keresete. (Baefesia 2:1-5; Yohane 6:44) Ka ditsela tseno, o ne o sa farologane le ba bangwe bao jaanong ba leng badumedi mmogo le wena. Le bone ba ne ba hutsafadiwa ke boikepo, ba ne ba ‘sule ka baka la dibe tsa bone,’ mme ba amogela boutlwelobotlhoko jwa Modimo ka Jesu Keresete. Mme go sa kgathalesege lotso lwa rona kana morafe, ke ka tumelo fela go bo ope wa rona jaanong a na le boemo jwa mosupi wa ga Jehofa Modimo.—Baroma 11:20.
8. Hagai 2:7 e diragadiwa jang jaanong?
8 Mafoko a polelelopele a Hagai 2:7 a re thusa go bona kafa re tshwanetseng go leba baobamedi mmogo le rona ba merafe e e farologaneng ka teng. Mo go yone Jehofa o ne a bolela jaana: “Ke tla reketlisa merahe eotlhe, me dilō tse di elètsegañ tsa merahe eotlhe di tla tla, me ke tla tlatsa ntlo e ka kgalalèlō.” Go tlotlomadiwa mono ga bodumedi jo bo itshekileng mo go neng ga bolelelwa pele go diragadiwa mo tempeleng ya boammaaruri ya Modimo, sebaka sa kobamelo ya gagwe. (Yohane 4:23, 24) Mme “dilō tse di elètsègañ tsa merahe eotlhe” ke eng? Ke barati ba tshiamo ba ba diketekete bao ba arabelang sentle go tiro ya go rerwa ga Bogosi. Go tswa merafeng yotlhe le ditso, ba fologela kwa ‘thabeng ya ntlo ya ga Jehofa’ ba nna Basupi ba gagwe ba ba kolobeditsweng le karolo ya “boidiidi yo bogolo” jwa merafe yotlhe. (Isaia 2:2-4; Tshenolō 7:9) Bao ba bakang Jehofa jaaka karolo ya phuthego ya gagwe ya selefatshe ba phepa, ba na le boitsholo jo bo siameng, ke batho ba bomodimo—ba eletsega eleruri. Ka boammaaruri, he, Mokeresete mongwe le mongwe wa boammaaruri o tshwanetse go batla go bontsha lorato lwa bokaulengwe go batho bano botlhe ba ba eletsegang bao ba amogelwang ke Rraarona yo o ratang batho botlhe yo o kwa legodimong.
Botho Jwa Bone bo Bosha
9. Lefa mo nakong e e fetileng re ne re sa akanyetse batswakwa sentle, ke ka ntlhayang fa dilo di tshwanetse go farologana jaanong ka re le Bakeresete?
9 Bakaulengwe ba rona le bokgaitsadi ba ba mo lefatsheng lotlhe le bone baa eletsega ka gonne ba utlwile kgakololo ya ‘go apola botho jo bogologolo le ditlwaelo tsa jone le go apara botho jo bosha.’ “Eo o ntseñ a shahalediwa mo kicoñ kaha setshwanoñ sa eo o mo tlhodileñ: Mo go sa kakeñ ga diha le Bogerika le Boyuda gōna, bogwèra le bokgola, botho seeñ, le Bosethia, botlhanka le boñwana yoa motse: me Keresete ke èna boyotlhe, o bile o mo go botlhe hèla.” (Bakolose 3:9-11) Fa motho e rile pele a bo a sa akanyetse Mojuda, Mogerika, kana batswakwa ba bangwe sentle, dilo di tshwanetse go farologana jaanong ka jaana a le Mokeresete. Go sa kgathalesege lotso, morafe, kana setso, bao ba nang le ‘botho jo bosha’ ba tlhagolela le go bontsha maungo a moya wa Modimo o o boitshepo—ebong lorato, boitumelo, kagiso, boitshoko, bopelonomi, molemo, tumelo, bonolo, le boikgapo. (Bagalatia 5:22, 23) Seno se dira gore baobamedi mmogo le bone ba ga Jehofa le bone ba ba rate.
10. Fa re raelesega go bua ka kakaretso ka mo go sa siamang kaga badumedi ka rona ba lotso lope fela kana morafe, Tito 1:5-12 e ka re thusa jang?
10 Go sa tshwane le batlhanka ba ga Jehofa, batho bangwe ba lefatshe ba bua batho ba bangwe ba ba tswang ditsong tse di farologaneng le tsa bone ka go ba nyatsa. Ebu, moperofeti mongwe wa Mokereta o kile a bua jaana, mabapi le batho ba gagabo: “Bakereta ke baaki ka galè ka galè, ba sehōlōhōlō se se mashwè, ke diyabele tse di bobodu hèla”! Moaposetoloi Paulo o ne a gakologelwa mafoko ao fa go ne go tlhokafala gore a didimatse barutisi bangwe ba maaka gareng ga Bakeresete ba setlhaketlhake sa Kereta. Mme tota Paulo o ne a sa re: ‘Bakeresete botlhe ba Bakereta ke baaki le gore ke disenyi, ba ditshwakga, gape ba ja bobe.’ (Tito 1:5-12) Nnyaa, ka gonne Bakeresete ga ba bue ba bangwe ka go ba nyatsa. Mo godimo ga moo, bontsi jwa Bakeresete bao ba Bakereta ba ne ba apere ‘botho jo bosha,’ mme ba bangwe ba ne ba tshwanelega semoyeng go kgethiwa jaaka bagolwane. Seno se tlhoka go akanyediwa ka masisi fa e le gore ka motlha mongwe re a tle re raelesege go bua bakaulengwe ba rona ba semoya le bokgaitsadi ba lotso lo lo rileng kana morafe ka kakaretso ka mo go sa siamang.
Tseela ba Bangwe kwa Godimo
11. Fa Mokeresete a na le tlhaolele ya mofuta ope fela mo pelong, o ka dira eng?
11 Mo letlhakoreng je lengwe, fa Mokeresete a ne a tlhaola lotso longwe kana morafe, gongwe o ka supa seno ka mafoko kana ka ditiro. Ka baka la seo, seno se ka utlwisa botlhoko, segolo-bogolo mo phuthegong ya batho ba ba tswang ditsong tse di farologaneng. Ka boammaaruri, ga go na Mokeresete ope yo o ka batlang go senya kutlwano eno ya batho ba Modimo. (Pesalema 133:1-3) Jalo fa go na le tlhaolele nngwe mo pelong ya Mokeresete mongwe, a ka tshwanelwa ke go rapela a re: “Modimo, a u ko u mphukutsè, u bo u itse pelo ea me: nteka, me u itse megopolō ea me: Me u bōnè ha go na le mokgwa moñwe oa boikèpō mo go nna; me u nkgōgè mo tseleñ e e sa khutleñ.”—Pesalema 139:23, 24.
12. Ke ka ntlhayang fa re sa tshwanela go ikgantsha kana go ikgantshetsa ba bangwe ka ntlha ya lotso loo re tswang mo go lone?
12 Go molemo go nna le pono ya mannete ya gore rotlhe re batho ba ba sa itekanelang bao ba ka bong ba ne ba sena boemo bope le Modimo gotlhelele fa e ne e se ka setlhabelo sa ga Jesu Keresete. (1 Yohane 1:8–2:2) Ke eng, he, seo se re farologanyang le ba bangwe? Ereka go sena sepe se re nang naso se re sa se fiwang, ke ka ntlhayang fa re tshwanetse go ikgantsha kana go ikgantshetsa ba bangwe kaga lotso lwa rona?—Bapisa 1 Bakorintha 4:6, 7.
13. Re ka dira jang gore go nne le kutlwano mo phuthegong, mme re ka ithuta eng go tswa go Bafilipi 2:1-11?
13 Re ka dira gore go nne le kutlwano mo phuthegong fa re lemoga dinonofo tse di molemo tsa ba bangwe le go di anaanela. Moaposetoloi wa Mojuda ebong Paulo o ne a bua selo se rotlhe re tshwanetseng go akanya ka sone fa a ne a raya Bafilipi ba Baditšhaba a re: “Dihahatsañ boitumèlō yoa me, yoa gore lo nnè kgopolō e le ñwe hèla, lo chwanè mo loratoñ, lo le mo tumalanoñ e le ñwe hèla, lo le pelo e le ñwe hèla; Lo sa dihe sepè ka gore lo itiha lekōkō, leha e le ka go ipelahatsa hèla, ha e se go re, ka boikokobeco yoa pelo, moñwe le moñwe a kaeè eo moñwe ha a mo gaisa ka molemō.” Boikutlo jo bo tshwanetseng jo re tshwanetseng go bo bontsha batho ka rona ba lotso lope fela kana morafe bo ne jwa bontshiwa ke Jesu Keresete. Lefa a ne a le sebopiwa se se maatla sa moya, o ne “a dihwa mo chwanoñ ea batho” mme a ikokobetsa go fitlha a swela batho ba ba leofileng ba lotso longwe le longwe le morafe mo koteng ya tlhokofatso. (Bafilipi 2:1-11) Jaaka balatedi ba ga Jesu, he, a ga re a tshwanela go ka bo re le lorato, re le boikokobetso, re le kutlwelobotlhoko, re bolela fa ba bangwe ba le kwa godimo ga rona?
Reetsa o bo o Eletlhoko
14. Re ka thusiwa jang go tseela ba bangwe kwa godimo?
14 Re ka thusega go tseela ba bangwe kwa godimo fa tota re reetsa fa ba bua re bo re tlhokomela boitshwaro jwa bone ka kelotlhoko. Ka sekai, ka boikanyegi re ka nna ra tshwanelwa ke go dumela gore mogolwane ka rona—gongwe wa lotso lo sele—o re gaisa ka go kgona go neela kgakololo e e nang le matswela mo Sekolong sa Bodihedi sa Bolegodimo. Re ka nna ra lemoga gore ke bomoya jwa gagwe, eseng fela go itse go rulaganya mafoko ga gagwe kana tsela ya go bua, seo se mo kgonisang go nna le matswela a a molemo mo go thuseng baboledi ka ene go nna baboledi ba ba ditswerere ba Bogosi. Le gore go phepafetse gore Jehofa o segofatsa maiteko a gagwe.
15. Re ka tlhokomela eng fa re reetsa mafoko a baobamedi ka rona?
15 Fa re tlotla le bakaulengwe ba rona le bokgaitsadi kana re reetsa dikakgelo tsa bone kwa dipokanong, re ka nna ra lemoga gore bangwe ba bone ba tlhaloganya dinnete tse di rileng tsa Dikwalo botoka go re gaisa. Re ka nna ra lemoga gore lorato lwa bone lwa bokaulengwe lo lebega lo nonofile thata, ba lebega ba na le tumelo e e oketsegileng, kana gore ba supa fa ba ikanya Jehofa ka mo go golwane. Jalo e ka tswa e le ba lotso lwa rona kana nnyaa, ba re tlhotlheletsa mo loratong le mo ditirong tse di molemo, ba re thusa go nonotsha tumelo ya rona, ba bile ba re tlhotlheletsa gore re ikanye Rraarona wa selegodimo ka botlalo. (Diane 3:5, 6; Bahebera 10:24, 25, 39) Kwantle ga pelaelo Jehofa o atamalane le bone, mme jalo le rona re tshwanetse go dira jalo.”—Bapisa Yakobe 4:8.
Ba a Segofadiwa Ebile ba a Tlamelwa
16, 17. Tshwantsha ntlha ya gore Jehofa ga a tlhaole mo go segofatseng batlhanka ba gagwe ba morafe ope fela kana lotso?
16 Jehofa ga a tlhaole mo go segofatseng batlhanka ba gagwe ba morafe ope fela kana lotso. Ka motlhala, elatlhoko naga ya Brazil. Batho ba Brazil ba utlwile molaetsa wa Bogosi la ntlha mo e ka nnang ka ngwaga wa 1920 eseng ka barongwa ba ba tswang dinageng di sele mme eleng ka go bolelelwa ke batsamaisi ba dikepe ba robabobedi ba Brazil. Go nnile ga bonala fa Modimo o ba segofatsa, ka gonne ka ngwaga wa tirelo wa 1987, go ne go na le tlhora ya baboledi ba Bogosi ba le 216 216 mo lefatsheng leo la baagi ba ba 141 302 000—palogare ya mmoledi a le mongwe go batho ba le 654.
17 Elatlhoko sekai se sengwe sa tshegofatso ya bomodimo. Ka April 1923 Basupi ba ga Jehofa ba le babedi ba bantsho ba ba neng ba tswa kwa setlhaketlhakeng sa Caribbean sa Trinidad ba ne ba romelwa go ya go bolela molaetsa wa Bogosi kwa Afrika Bophirima. Jalo go ne ga diragala gore mokaulengwe le kgaitsadi W. R. Brown ba direle koo dingwaga di le dintsi, mokaulengwe ene a bo a itsiwe jaaka “Bible Brown.” Ba ne ba “yala” mme “Modimo oa uñwisa” fa ba bangwe le bone ba ne ba bereka mo lefelong leo le legolo. (1 Bakorintha 3:5-9) Gompieno, baboledi ba Bogosi ba fitlha palong ya 32 600 mo Ghana mme ba feta 133 800 mo Nigeria e le yosi.
18, 19. O ka supa jang gore Modimo wa rona yo o sa tlhaoleng o tlamela batlhanka ba gagwe ba ditso tsotlhe le merafe?
18 Jehofa ga a segofatse batlhanka ba gagwe ba merafe yotlhe le ditso fela mme gape o a ba tlamela. Ka motlhala, elatlhoko kgang ya Basupi ba ga Jehofa ba babedi ba Majapane. Ka June 21, 1939, Katsuo Miura le mosadi wa gagwe ba ne ba tshwarwa ba sa dira molato ope, ba latlhelwa mo kgolegelong, ba bo ba kgaoganngwa le morwa wa bone yo o neng a na le dingwaga di le tlhano, yo o neng a tshwanelwa ke gore a tlhokomelwe ke mmaagwemogolo. Kgaitsadi Miura o ne a gololwa morago ga dikgwedi di robabobedi, mme mokaulengwe Miura ene o ne a nna mo kgolegelong go feta dingwaga di le pedi pele ga fa a ka isiwa tshekong. O ne a tshwarwa makgwakgwa, a bonwa molato, a ba a atlholelwa dingwaga di le tlhano mo kgolegelong. Mo kgolegelong ya Hiroshima, Modimo o ne wa mo tlamela ka Dikwalo, tseo di neng tsa mo gomotsa ka botlalo tsa bo tsa mo tiisa. Mokaulengwe Miura o ne a gololwa ka August 6, 1945, ka seo se neng se lebega e le kgakgamatso, fa go thunya ga bomo ya atomo go ne go senya kgolegelo eo a neng a le mo go yone. Morago ga dikgwedi tse pedi, o ne a kgona go boa a kopana le mosadi wa gagwe le morwa kwa bokone jwa Japane.
19 Ka Ntwa ya Lefatshe II, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba diragalelwa ke pogiso e e botlhoko mo mafatsheng a le mantsi. Ka motlhala, Robert A. Winkler ke mongwe wa bakaulengwe ba Jeremane yo o neng a bogisiwa mo dikampeng tsa Manazi tsa kgolegelo mo Jeremane le mo Netherlands. Ka a ne a gana go upolola Basupi-ka-ene, o ne a itewa mo go botlhoko mo o neng o sa kake wa mo itse. Mme o ne a kwala jaana: “Go akanya ka ditsholofetso tsa ga Jehofa tsa go thusa motho mo mathateng a mefuta yotlhe go ne ga nkgomotsa ga bo ga ntiisetsa go itshokela seo sotlhe. . . . Ke ne ke iteilwe ke Ma-Gestapo ka Matlhatso, mme mo Mosupologong o o latelang ke ne ke tshwanetse go botsolotsiwa ke bone gape. Jaanong go ne go tlile go diragala eng mme nna ke ne ke tshwanetse go dira eng? Ke ne ka ya go Jehofa ka thapelo, ke tshepa ditsholofetso tsa gagwe. Ke ne ke itse gore seno se ne se raya gore go dirisiwe maano a ntwa ya bolegodimo ka baka la tiro ya Bogosi le go sireletsa bakaulengwe ba me ba Bakeresete. E ne e le teko e kgolo eo ke neng ke tshwanetse go e itshokela mme mo letsatsing la bosome le bosupa ke ne ke feletswe gotlhelele, mme ke ne ka lebogela Jehofa go bo ke ne ka kgona go itshokela teko eno le go boloka bothokgami jwa me ka nonofo ya gagwe.”—Pesalema 18:35; 55:22; 94:18.
Go Lebogela Bokaulengwe Jwa Rona
20. Go tlotla ga rona baobamedi mmogo ba lotso longwe le longwe le morafe go ka okediwa jang?
20 Kwantle ga pelaelo, Jehofa o segofatsa basupi ba gagwe ba morafe mongwe le mongwe le lotso le go ba tlamela. Ga a tlhaole, mme jaaka batlhanka ba gagwe ba ba ineetseng, ga re na seipato lefa e le lebaka lepe la go bontsha tlhaolele. Mo godimo ga moo, go tlotla ga rona bakaulengwe ba rona le bokgaitsadi ba lotso longwe le longwe le morafe mongwe le mongwe go tla oketsega fa re ela ditsela tseo ba re gaisang mo go tsone tlhoko. Bone le bone ba dirisa botlhale jwa selegodimo, joo bo sa kgaoganyeng batho ka go ba tlhaola mme bo ungwa maungo a a molemo. (Yakobe 3:13-18) Ee, mme bopelonomi jwa bone, bopelotshweu, lorato, le dinonofo tse dingwe tsa bomodimo ke dikao tse di molemo mo go rona.
21. Re tshwanetse go ikemisetsa go dira eng?
21 Abo re tshwanetse go lebogela bokaulengwe jwa rona jwa ditso tsotlhe, le jwa merafe yotlhe, jang he! Ka thuso le tshegofatso ya ga Rraarona wa selegodimo a re ‘mo direleng ka tumalano e le nngwe fela’ re ratana jaaka bakaulengwe e bile re tlotlana. Tota, e tshwanetse go nna keletso ya rona e e tlhoafetseng le boikaelelo jwa rona jo bo tiileng go direla Jehofa ka bongwe fela jwa pelo.
O Akgela jang?
◻ “Puō e e itshekileñ” e kgonisa batlhanka ba ga Jehofa ba ditso tsotlhe gore ba dire eng?
◻ Hagai 2:7 e diragadiwa jang gompieno, mme seno se tshwanetse go ama ka moo re lebang batlhanka ba bangwe ba Modimo ka teng jang?
◻ Bafilipi 2:3 e ka ama jang botsalano jwa rona le batho ba lotso longwe le longwe le morafe mongwe le mongwe?
◻ Fa re reetsa re bo re ela tlhoko, re tla lemoga eng kaga badumedi mmogo le rona ba ba tswang mo merafeng e mengwe?
[Ditshwantsho mo go tsebe 17]
Batho ba lotso longwe le longwe le morafe ba baka Jehofa ka bongwe fela jwa pelo
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Reetsa ka tlhoafalo o bo o nne kelotlhoko. O tla kgotha- diwa ke lorato le tumelo tse di bonalang mo mafokong le mo ditirong tsa basupi ba bangwe ba ga Jehofa