Modimo ga O Tlhaole
“Modimo [ga] se motlhaodi oa batho: Me mo merahiñ eotlhe eo o boihañ ōna, a ba a diha tshiamō, oa lebosèga mo go ōna.”—DITIHŌ 10:34, 35.
1. Mo Athena wa bogologolo, Paulo o ne a bua mafoko afe a a botlhokwa malebana le lotso?
“MODIMO o o dihileñ lehatshe le dilō cotlhe tse di mo go yeona, ōna, ka o le Morèna oa legodimo le lehatshe, ga o nne mo ditempeleñ tse di agiwañ ke diatla . . . Me o dihile dichaba cotlhe tsa batho ba cwa mothuñ a le moñwe hèla, go tla ba aga mo lehatshiñ yeotlhe.” (Ditihō 17:24-26) Ke mang yo o neng a bua mafoko ao? Ke moaposetoloi wa Mokeresete Paulo, ka nako ya puo ya gagwe e e tumileng ya kwa Mars’ Hill, kana Areopago, mo Athena, kwa Greece.
2. Ke eng se se thusang gore botshelo bo nne jo bo kgabileng le jo bo kgatlhisang, mme moeti mongwe wa Mojapane yo o neng a etetse Afrika Borwa o ne a kgatlhwa ke eng?
2 Mafoko a ga Paulo a ka nna a re dira gore re akanye ka dilo tse di farologaneng tse dintle tsa popo. Jehofa Modimo o bopile batho, diphologolo, dinonyane, ditshenekegi, le ditlhare tsa mefuta e e farologaneng tse dintsi. Abo botshelo bo ka bo bo le motoma jang ne fa di ka bo di tshwana tsotlhe! Go farologana ga tsone go kgabisa botshelo go bile go bo dira jo bo kgatlhisang. Ka sekai, moeti mongwe yo o neng a tswa Japane yo o neng a nna teng mo kopanong ya Basupi ba ga Jehofa mo Afrika Borwa o ne a kgatlhiwa thata ke go sa tshwaneng ga ditso le mebala ya batho bao a neng a ba bona koo. O ne a akgela gore go ne go farologane le kwa Japane, koo bontsi jwa batho ba nang le dibopego tse di tshwanang tsa lotso.
3. Bangwe ba leba mmala o o farologaneng wa letlalo jang, ba tsosa eng?
3 Mme go sa tshwane ga mebala gareng ga ditso gantsi go tsosa mathata a a masisi. Ba le bantsi ba tseela ba mmala o sele kwa tlase. Seno se tsosa letlhoo, le eleng kilo, le selo se se utlwisang botlhoko sa kilo ya batho ka ntlha ya lotso lwa bone. A Mmopi wa rona o ne a ikaeletse seno? A ditso tse dingwe di kwa godimo ga tse dingwe mo matlhong a gagwe? A Jehofa o a tlhaola?
Mmopi wa Rona—A o a Tlhaola?
4-6. (a) Kgosi Jehoshafate o ne a reng ka tlhaolele? (b) Moshe le Paulo ba ne ba tiisetsa mafoko a ga Jehoshafate jang? (c) Bangwe ba ka tsosa dipotso dife?
4 Re ka tlhaloganya pono ya Mmopi wa rona kaga setho sotlhe ka go boela kwa morago mo ditiragalong. Kgosi Jehoshafate, yo o neng a busa Juda go simologa ka 936 go ya go 911 B.C.E., o ne a dira ditokafatso di le dintsi a bo a rulaganyetsa gore tsamaiso ya go atlhola e e theilweng mo molaong wa Modimo e dirwe ka tshwanelo. O ne a fa baatlhodi kgakololo eno e e molemo: “Lo gopolè se lo se dihañ: gonne ga lo atlhole kaga motho, ha e se kaga Yehofa hèla; . . . lo tlhōkōmèlè lo e dihè: gonne ga go na [tlhaolele epe] mo go Yehofa Modimo oa rona.”—2 Ditihalō 19:6, 7.
5 Makgolokgolo a dingwaga pelenyana, moperofeti Moshe o ne a boleletse ditso tsa Iseraele jaana: ‘Jehofa Modimo wa lona, . . . ga o tlhokomele bomangmang jwa batho.’ (Duteronome 10:17) Me mo lokwalong lwa gagwe go Baroma, Paulo o gakolola jaana: ‘Go tla nna bothata le tlalelo mo mothong mongwe le mongwe yo o leng modira-bosula, mo Mojudeng pele le mo Mogerikeng. . . . Gonne Modimo ga o na ba o ba ratang go feta ba bangwe.’—Baroma 2:9-11.
6 Mme bangwe ba ka botsa ba re: ‘Go tweng ka Baiseraela? A e ne e se batho ba ba itlhophetsweng ke Modimo? A o ne a sa ba tlhaole? A Moshe ga a ka a raya Baiseraele botlhe a re: “Yehofa Modimo oa gago o gu itshenketse gore u nnè chaba ea gagwè e e tlhaolegileñ, go heta dichaba cotlhe tse di mo lehatshiñ”?’—Duteronome 7:6.
7. (a) Phelelo e ne ya nna efe fa Bajuda ba ne ba gana Mesia? (b) Gompieno, ke bomang bao ba ka ipelelang masego a a gakgamatsang a a tswang kwa Modimong, mme jang?
7 Nnyaa, Modimo o ne o sa tlhaole ka go dirisetsa Baiseraele boikaelelo jo bo kgethegileng. Fa Jehofa a ne a kgetha batho bao ba neng ba tla tshola Mesia, o ne a tlhopha ditlogolwana tsa banna ba tumelo ba ba ikanyegang ba Bahebera. Mme fa Bajuda ba ne ba gana Mesia, ebong Jesu Keresete, ba bo ba dira gore a bolawe, ba ne ba latlhegelwa ke kamogelo ya Modimo. Lefa go ntse jalo, gompieno batho ba lotso lope fela kana morafe ba ba bontshang tumelo mo go Jesu ba ka iponela masego a a gakgamatsang mme ba nna le tebelelo ya botshelo jo bo sa khutleng. (Yohane 3:16; 17:3) Ruri, seno se supa gore ga go na tlhaolele mo letlhakoreng la Modimo. Mo godimo ga moo, Jehofa o ne a laolela Baiseraele ‘go rata moeng’ le gore ‘ba seka ba mo siamololela,’ go sa kgathalesege lotso lwa gagwe kana morafe. (Duteronome 10:19; Lefitiko 19:33, 34) Ka boammaaruri he, Rara wa rona yo o lorato yo o kwa legodimong ga a tlhaole.
8. (a) Ke eng se se supang gore Jehofa o ne a seka a mpapetsa Baiseraele? (b) Jehofa o ne a dirisa Baiseraele jang?
8 Go boammaaruri gore Baiseraele ba ne ba ipelela ditshiamelo dingwe tse di kgethegileng. Mme gape ba ne ba na le boikarabelo jo bo boima. Ba ne ba patelesega go boloka melao ya ga Jehofa, mme bao ba neng ba retelelwa ke go e utlwa ba ne ba hutsiwa. (Duteronome 27:26) Ebile tota, Baiseraele ba ne ba tshwanelwa ke go otlhaiwa gangwe le gape ka baka la go sa utlwe Molao wa Modimo. Jalo he, Jehofa gaa ka a ba mpampetsa. Go na le moo, o ne a ba dirisetsa go dira dikao tsa boperofeti le go neela dikai tsa tlhagiso. Ka boitumelo, e ne ya nna ka Baiseraele Modimo o neng a tlhagisa Mogolodi, ebong Jesu Keresete, go segofatsa setho sotlhe.—Bagalatia 3:14; bapisa Genesise 22:15-18.
A Jesu o ne a Tlhaola?
9. (a) Jehofa le Jesu ba tshwana jang? (b) Go tsoga dipotso dife malebana le Jesu?
9 Ereka go sena tlhaolele mo go Jehofa, a Jesu o ne a ka tlhaola? Ebu, elatlhoko seno: Nako nngwe Jesu o ne a re: “[Ga ke] batle go rata ga me, ha e se go rata ga eo o nthomileñ.” (Yohane 5:30) Jehofa le Morwawe yo o rategang ba utlwana fela thata, mme Jesu o dira go rata ga ga rraagwe ka ditsela tsotlhe. Ebile tota, dipono tsa bone le maikaelelo di tshwana mo e leng gore Jesu o ne a ka re: “Eo o mponyeñ, o bonye Rara.” (Yohane 14:9) Jesu o ne a nnile le boitemogelo jwa mmatota jwa go tshela jaaka motho mo lefatsheng mo dingwageng tse di fetang 33 mme Bibela e lemotsha kafa a neng a tshwara batho-ka-ene ka gone. Boikutlo jwa gagwe e ne e le bofe malebana le ditso tse dingwe? A o ne a ba ila jaaka lotso kana a ba tlhaola? A Jesu o ne a tlhaola batho ka lotso?
10. (a) Jesu o ne a fetola go kopa thuso ga mosadi wa Mofenekia jang? (b) Fa Jesu a ne a lebisa go Baditšhaba jaaka “dintšanyana,” [NW] a o ne a supa kilo? (c) Mosadi yoo o ne a fenya go gana moo jang, mme ka phelelo efe?
10 Jesu o ne a fetsa bogolo jwa botshelo jwa gagwe jwa selefatshe a na le Bajuda. Mme letsatsi lengwe o ne a atamelwa ke mosadi mongwe wa Mofenekia, Moditšhaba, yo o neng a mo lopa gore a fodise morwadie. Fa a arabela seo Jesu o ne a re: “Ga kea roñwa ha e se kwa dinkuñ tse di timetseñ tsa ntlo ya Iseraela.” Lefa go le jalo, mosadi yoo o ne a ikuela ka go re: “Morèna, a u ko u nthusè.” Fa a rialo Jesu a oketsa ka go re: “Ga goa chwanèla ha go ka tsèwa diyō tsa bana, me tsa latlhèlwa [dintšanyana, NW].” Mo Bajudeng, dintša e ne e le diphologolo tse di seng phepa. Jalo fa Jesu a ne a lebisa go Baditšhaba jaaka “dintšanyana,” a o ne a bontsha kilo? Nnyaa, gonne o ne a sa tswa go umaka thomo ya gagwe e e kgethegileng e e tswang kwa Modimong ya go tlhokomela ‘dinku tse di latlhegileng tsa Iseraele.’ Mo godimo ga moo, fa Jesu a ne a tshwantsha batho ba e seng Bajuda le “dintšanyana” e seng dintša tsa naga, o ne a dira gore papiso e seka ya utlwisa botlhoko go le kalo. Legale, seo a neng a se bua se ne sa leka mosadi yoo. Ka boikokobetso, lefa go le jalo a ikemiseditse go fenya go gana mono, o ne a fetola jaana ka botswerere: “E, Morèna; gonne le e leñ dinca di tle di ye matlhotlhora a a wañ mo lomatiñ loa boyèlō loa beñ ba cōna.” Ka go bo Jesu a ne a kgatlhilwe ke tumelo ya mosadi yono, o ne a fodisa morwadie gone fela ka nako eo.—Mathaio 15:22-28.
11. Jaaka go tshwantshediwa ke tiragalo nngwe eo e neng e kopanyeletsa Jesu, Bajuda le Basamaria ba ne ba lebana jang?
11 Elatlhoko gape, se se neng sa diragala fa Jesu a ne a kopana le Basamaria bangwe. Go ne go na le kilo e kgolo gareng ga Bajuda le Basamaria. Mo lobakeng lo longwe, Jesu o ne a romela barongwa bangwe go ya go mmaakanyetsa kwa motsaneng mongwe wa Samaria. Mme Basamaria bao “ba seka ba mo chola, ka sehatlhōgō sa gagwè se nntse yaka ekete o ea Yerusalema.” Seno se ne sa kgopisa Jakobe le Johane go ya ntlheng ya gore ba bo ba batle go laola gore molelo o fologe kwa legodimong mme o ba laile. Mme Jesu o ne a kgalemela barutwa ba babedi bao, mme botlhe ba ne ba ya kwa motsaneng o sele.—Luke 9:51-56.
12. Ke ka ntlhayang fa mosadi mongwe wa Mosamaria a ne a gakgamadiwa ke kopo ya ga Jesu?
12 A Jesu le ene o ne a na le kilo e e neng e le gareng ga Bajuda le Basamaria? Ebu, elatlhoko seo se neng sa diragala mo lobakeng lo longwe. Jesu le barutwa ba gagwe ba ne ba le mo tseleng ba tswa Judea ba ya kwa Galilea mme ba tshwanelwa ke go feta ka Samaria. Ka go bo a ne a lapisitswe ke mosepele, Jesu o ne a nna go bapa le sediba sa ga Jakobe go itapolosa fa barutwa ba gagwe ba ne ba ya kwa motseng wa Sikara go ya go reka dijo. Fa ba santse ba ile, mosadi wa Mosamaria o ne a tla go ga metsi. Jaanong, Jesu ka boene e ne e kile ya re nako nngwe a bitsa Basamaria ba “lotso lo sele.” (Luke 17:16-18, The Kingdom Interlinear Translation of the Greek Scriptures) Lefa go le jalo o ne a mo raya a re: “A u ko u nnosè metse.” Ereka Bajuda ba ne ba sa dirisane ka gope le Basamaria, mosadi yo o neng a gakgametse o ne a fetola ka go re: “Go nntse yañ, wèna u re u le Moyuda, u lōpa go nwa mo go nna ke le mosadi oa Samaria?”—Yohane 4:1-9.
13. (a) Jesu o ne a arabela go gana ga mosadi wa Mosamaria jang, mme mosadi yoo o ne a araba jang? (b) Phelelo e ne ya nna eng?
13 Mme Jesu o ne a tlhokomologa go gana ga mosadi yono. Mo boemong jwa seo, o ne a dirisa sebaka seno go mo rerela, a bile a mo itsise fa e le Mesia! (Yohane 4:10-26) Mosadi yo o neng a gakgametse o ne a tlogela nkgwana ya gagwe fa sedibeng, a sianela kwa motseng, mme a simolola go bolelela ba bangwe se se diragetseng. Lemororo a ne a ntse a tshela botshelo jwa boitsholo jo bo sa siamang, o ne a supa fa a na le kgatlhego mo dilong tsa semoya ka go re: “A e ka nna èna Keresete?” Phelelo e ne ya nna eng? Batho ba le bantsi ba lefelo leo ba ne ba dumela mo go Jesu ka baka la bosupi jo bontle joo mosadi yoo a neng a bo neetse. (Yohane 4:27-42) Ka mo go kgatlhisang, mo bukeng ya gagwe A Biblical Perspective on the Race Problem, moithuta-bomodimo Thomas O. Figart o ne a akgela jaana: “Fa Morena wa rona a ne a bona go tlhokafala go emisetsa tlwaelo e e phoso ya go kgetholola batho ka lotso ka go bontsha bopelotshweu, he re tshwanetse go elatlhoko gore re seka ra nwela mo nokeng ya go tlhaola batho ka lotso gompieno.”
14. Ke bosupi bofe jwa go sa tlhaoleng ga ga Jehofa joo bo neng jwa bonatshega mo bodiheding jwa ga Filipo wa moefangele?
14 Go sa tlhaole ga ga Jehofa Modimo go ne ga letlelela batho ba ditso tse di farologaneng go nna batho ba ba sokologetseng mo Sejudeng. Gape elatlhoko se se neng sa diragala makgolo a dingwaga a le 19 a a fetileng mo tseleng ya sekaka gareng ga Jerusalema le Gasa. Monna mongwe wa montsho yo o neng a bereka mohumagadi wa Ithiopia o ne a palame kara ya gagwe a ntse a bala boperofeti jwa ga Isaia. Mosimegi yono e ne e le mosokologela Bojudeng yo o rupileng, gonne “a ne a ile Yerusalema go ōbamèla Modimo gōna.” Moengele wa ga Jehofa o ne a bonala kwa moefangeleng wa Mojuda ebong Filipo mme a mo raya a re: “Atamèla, u eè u kōpanè le kara ele.” A Filipo o ne a re: “Nnyaa! Ke motho wa lotso lo sele”? Legoka! Ebu, Filipo o ne a itumelela taletso ya Moithiopia ya gore a palame kara, a nne fa fatshe nae, a ba a mo tlhalosetse boperofeti jwa Isaia kaga Jesu Keresete! Fa ba atamela fa bodibeng jwa metsi, Moithopia o ne a botsa ka go re: “Ke kgorelediwa eñ gore ke se kolobediwe?” Ereka go ne go sena sepe se se neng se thibela seno, Filipo ka boitumelo o ne a kolobetsa Moithiopia, mme Jehofa o ne a amogela monna yo o itumetseng yo o jaaka molatedi yo o tloditsweng wa Morwa wa Gagwe yo o sa tlhaoleng, ebong Jesu Keresete. (Ditihō 8:26-39) Mme bosupi jo bongwe jwa go sa tlhaoleng ga Modimo bo ne jwa tloga jwa bonatshega.
Phetogo e Kgolo
15. Go ne ga diragala phetogo efe morago ga loso lwa ga Jesu, mme Paulo o tlhalosa seno jang?
15 Go swa ga ga Keresete go ne ga seka ga fedisa go tlhaolana ga ditso ga lefatshe lotlhe. Mme ka loso loo lwa go intsha setlhabelo, Modimo o ne a fetola tsela eo barutwa ba ga Jesu ba Bajuda ba neng ba leba balatedi ba gagwe ba Baditšhaba ka yone. Moaposetoloi Paulo o ne a supa seno fa a ne a kwalela Bakeresete ba Baditšhaba ba kwa Efeso mme a re: “Lo gakologèlweñ ha e rile galè, lona ba lo leñ Badichaba kaha boshabeñ, . . . ha e rile ka baka louō loa bo lo le kwa ntlè ga Keresete, lo ikgogonne mo lekgotleñ ya Iseraela, lo le baeñ kaga dikgōlaganō tsa polèlō tsa choloheco, lo sena cholohèlō, lo sena Mōdimo mo lehatshiñ. Me yanoñ, mo go Keresete Yesu, lona ba e rileñ galè loa bo lo le kgakala lo atamedicwe ka madi a ga Keresete. Gonne ke èna kagishō ea rona eo o dihileñ bobedi boñwe hèla, me a thubakanya lomōta loa tomologanyo.” “Lomōta” loo, kana tshwantshetso ya tomologano, e ne e le thulaganyo ya kgolagano ya Molao eo e neng e ntse jaaka selo se se kgaoganyang Bajuda le Baditšhaba. E ne ya fedisiwa ka loso lwa ga Keresete gore Bajuda gammogo le Baditšhaba ba tle ba ‘nne le katamelo ya bone kwa go Rara ka ene, ka moya o le mongwe fela.’—Baefesia 2:11-18.
16. (a) Ke ka ntlhayang fa Petere a ne a newa dikopololo tsa Bogosi? (b) Dikopololo tseo di ne di le kae, mme phelelo ya go dirisiwa ga tsone e ne ya nna eng?
16 Gape, moaposetoloi Petere o ne a newa “dikopololō tsa bogosi yoa legodimo” e le gore batho ba lotso lope fela ba tle ba kgone go ithuta kaga maikaelelo a Modimo, ba “tsalwe sesha” ka moya o o boitshepo, mme ba nne baruaboswa ba semoya le Keresete. (Mathaio 16:19; Yohane 3:1-8) Petere o ne a dirisa dikopololo tse tharo tsa tshwantshetso. Sa ntlha e ne e le sa Bajuda, sa bobedi e le sa Basamaria, mme sa boraro e ne e le sa Baditšhaba. (Ditihō 2:14-42; 8:14-17; 10:24-28, 42-48) Ka gone Modimo yo o sa tlhaoleng, ebong Jehofa, o ne a bulela bakgethiwa ba ditso tsotlhe tshiamelo ya go ka nna bomorwarra Jesu ba semoya le go nna baruaboswa mmogo le ene ba Bogosi.—Baroma 8:16, 17; 1 Petere 2:9, 10.
17. (a) Petere o ne a bontshiwa ponatshegelo efe e e sa tlwaelesegang, mme ka ntlhayang? (b) Banna bangwe ba ne ba isa Petere kwa legaeng la ga mang, mme ke bomang bao ba neng ba mo letetse koo? (c) Petere o ne a gakolola Baditšhaba bao eng, mme lefa go le jalo Modimo o ne o mo rutile eng ka phepafalo?
17 Petere o ne a baakanyediwa go dirisa sekopololo sa boraro—eleng sa Baditšhaba—o ne a bontshiwa ponatshegelo e e sa tlwaelesegang ya diphologolo tse di seng phepa mme a tewa gatwe: “Coga, Petero; tlhaba u yè.” Thuto e ne e le gore: “Se Modimo o se ntlahaditseñ, u se ka ua se kaea selō hèla.” (Ditihō 10:9-16) Petere o ne a gakgamaditswe fela thata ke seo se neng se kaiwa ke ponatshegelo eo. Mme go ise go ye kae banna ba bararo ba ne ba goroga ba tlile go mo tsaya go mo isa kwa legaeng la ga Korenelio molaodi wa masole a Roma yo a neng a direla kwa Kaesarea. Ereka motse oo e le gone kwa go neng go le ntlokgolo ya sesole sa Roma mo Judea, go ne go tshwanela gore legae la ga Korenelio le bo le le kwa lefelong leo. Korenelio o ne a emetse Petere mo go one motse oo wa Baditšhaba, a na le balosika lwa gagwe le ditsala tsa gagwe tse dikgolo. Moaposetoloi o ne a ba gakolola ka go re: “Le lona ka losi loa itse yaka e le mo go sa letlèlèlwañ motho eo o leñ Moyuda ha a ikōpanya le moñwe oa morahe o sele, leha e le go tsèna kwa go èna; leha go nntse yalo Modimo o nkaetse, go re, ke se ka ka raea opè, ka re, motho hèla, kgotsa ka re, ga a itshèka. Ke gōna e rileñ ke ile go bidiwa, ka tla hèla ke sena kgañ.”—Ditihō 10:17-29.
18. (a) Ke kitsiso efe e kgolo eo Petere a neng a e itsise Korenelio le baeng ba gagwe? (b) Morago ga go neela bosupi ga ga Petere ka ga Jesu, ke tiragalo efe e e gakgamatsang e e neng ya diragala? (c) Go ne ga tsewa kgato efe he mabapi le Baditšhaba bao ba ba dumelang?
18 Morago ga fa Korenelio a sena go tlhalosa kafa Modimo o tsamaisitseng dilo ka teng, Petere o ne a re: “Amarure kea lemoga ha Modimo e se motlhaodi oa batho: Me mo merahiñ eotlhe eo o boihañ ōna, a ba a diha tshiamō, oa lebosèga mo go ōna.” (Ditihō 10:30-35) Go tswa foo, jaaka moaposetoloi a tswelela go neela bosupi kaga Jesu Keresete, go ne ga diragala sengwe se se gakgamatsang! “Ea re Petere a sa nntse a bua mahoko a, Mōea o o Boitshèpō oa wèla botlhe ba ba utlwañ lehoko.” Bajuda ba ba neng ba patile Petere “ba gakgamala thata, . . . ka go bo nèō ea Mōea o o Boitshèpō e goromedicwe le mo go Badichaba. Gonne ba ba utlwa ba bua ka dipuō di sele, ba baka Modimo.” Petere o ne a arabela ka go re: “A moñwe o ka itsa metse, gore batho ba, ba se kolobediwe, ba ba amogetseñ Mōea o o Boitshèpō yaka rona?” Ke mang yo o neng a ka gana, ereka moya o o boitshepo wa Modimo o o sa tlhaoleng wa legodimo o ne o tshololetswe mo Baditšhabeng bao ba ba dumelang? Jalo he, Petere a laolela gore “ba kolobediwè mo ineñ ya ga Yesu Keresete.”—Ditihō 10:36-48.
“Ba Morahe Moñwe le Moñwe”
19. Ke ka ntlhayang fa go ilana ga ditso go oketsega, mme go oketsega go ya bokgakaleng bofe?
19 Jaanong re mo “metlheñ ea bohèlō,” mme “dipaka tse di tlhokohatsañ” ke se re se bonang ka matlho. Gareng ga dilo tse dingwe, batho ke baithati, babelahadi, baipegi, ba ba senang lorato lwa tlholego, ba ba sa itshwareleng, ba ba senang boithibo, ba ba bogale, ba ba tlhogoethata, le ba ba ikgogomosang. (2 Timotheo 3:1-5) Mo loagong lo lo ntseng jalo, ga go gakgamatse go bo go ilana ga ditso le go sa utlwane go oketsega lefatshe ka bophara. Mo dinageng di le dintsi, batho ba ditso tse di farologaneng kana mebala ba a nyatsana kana le eleng go tlhoana. Seno se gogetse go go lwa ga mmatota le eleng bosetlhogo jo bo maswe mo mafatsheng mangwe. Le eleng mo bathong ba go tweng ba tlhabologile, batho ba le bantsi ba na le bothata jwa go fenya go tlhoana ga ditso. Mme “bolwetsi” jono bo lebega bo anamela le mo mafelong ao motho o neng o sa kake wa bo solofela teng lefa e le go le gonnye, a a tshwanang le ditlhaketlhake tsa lewatle tseo mo nakong e e fetileng di neng di batla di ritibetse ka kagiso.
20. (a) Johane o ne a bona ponatshegelo efe e e tlhotlheleditsweng? (b) Ponatshegelo eno ya boperofeti e diragadiwa go ya bokgakaleng bofe? (c) Ke bothata bofe joo bangwe ba santseng ba tshwanetse go bo fenya ka botlalo, mme ba tshwanetse go batla tharabololo kae?
20 Lefa go ntse jalo, go sa kgathalesege go sa utlwaneng ga ditso mo dikarolong tse di farologaneng tsa lefatshe, Modimo o o sa tlhaoleng, ebong Jehofa, o ne a bolelela pele ka go lerwe ga batho ba dipelo tse di ikanyegang ba ditso tsotlhe le merafe mo kutlwanong e e gakgamatsang ya boditšhabatšhaba. Ka tlhotlheletso ya bomodimo, moaposetoloi Johane o ne a bona “boidiidi yo bogolo yoa batho, yo go señ motho opè eo o ka bo balañ, e le ba morahe moñwe le moñwe, le ba dicō cotlhe, le batho, le dipuō, ba eme ha pele ga setulō sa bogosi, le ha pele ga Kwana,” ba baka Jehofa. (Tshenolō 7:9) Polelelopele eno e setse e ntse e diragadiwa. Gompieno, Basupi ba ga Jehofa ba ba fetang 3 300 000, ba merafe yotlhe le ba ditso tsotlhe mo mafatsheng a le 210 ba ipelela kutlwano le go utlwana ga ditso. Mme ba santse ba sa itekanela. Le eleng bangwe ba bano ba na le bothata jwa go fenya ka botlalo go tlhaola batho ka ntlha ya lotso, lefa gone ba ka tswa ba sa lemoge seno. Bothata jono bo ka fenngwa jang? Re tla tlotla ka kgang eno mo setlhogong se se latelang, e theilwe mo kgakololong e e thusang e e tswang mo Lefokong le le tlhotlheleditsweng la Modimo o o sa tlhaoleng, ebong Jehofa.
O ne O ka Araba Jang?
◻ Ke ka ntlhayang fa o ka bolela gore Jehofa o ne a sa tlhaole fa a ne a dirisa Baiseraele?
◻ Go na le bosupi bofe jwa gore Jesu Keresete o ne a sa ile batho ba ditso tse dingwe kana go ba tlhaola?
◻ Petere o ne a thusiwa jang go bona gore “Modimo [ga] se motlhaodi wa batho”?
◻ Go sa kgathalesege go sa utlwane ga ditso mo lefatsheng leno, ke polelelopele efe e e supang kutlwano e e diragadiwang jaanong?
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
Moaposetoloi Paulo o ne a bolelela Baathena gore Modimo ‘o dirile batho ba ditso tsotlhe go tla go aga mo godimo ga lefatshe lotlhe’
[Setshwantsho mo go tsebe 12]
Ka go bo Jesu a ne a sa tlhaole, o ne a rerela mosadi wa Mosamaria kwa sedibeng sa ga Jakobe gaufi le Sikara