Botshelo le Bodihedi tsa ga Jesu
Kgang kaga go nna Rre
MO MODIRONG wa moletlo wa Metlaagana wa 32 C.E., puisano ya ga Jesu le baeteledipele ba Bajuda e gotelela pele. “Kea itse ha lo le losika loa ga Aberahame,” Jesu o itsise jalo, ‘‘leha go nntse yalo lo senka go mpolaea, ka go bo lehoko ya me le sa bone kgōrō mo go lona. Ke bua dilō tse ke di bonyeñ mo go Rrè: le lona lo diha dilō tse lo di utlwileñ mo go rra eno.”
Lemororo a sa bolele gore rraabone ke mang, Jesu o phepafatsa gore rraabone ga se rraagwe. Ka go bo ba sa lemoge yoo Jesu a mo akantseng, baeteledipele ba Bajuda ba arabela ka go re: “Rra echo ke Aberahame.” Ba ikutlwa gore ba na le tumelo e e tshwanang le ya ga Aberahame, yoo e neng e le tsala ya Modimo.
Lefa go ntse jalo, Jesu o ba gakgamatsa ka go ba fetola a re: “Ha lo no lo le bana ba ga Aberahame, lo ka bo lo diha ditihō tsa ga Aberahame.” Tota, morwa wa mmatota o etsa rraagwe. “Me yanoñ lo senka go mpolaea,” Jesu a rialo, “ke le motho eo ke lo boleletseñ boamarure, yo ke bo utlwileñ mo Modimoñ: go mo Aberahame ga a ka a go diha.” Jalo Jesu gape a re: “Lo diha ditihō tsa rra eno.”
Ba santse ba sa tlhaloganye gore Jesu o bua kaga mang. Ba gatelela gore ke barwa ba ga Aberahame ba kafa molaong, ka go re: “Ga rea tsalèlwa mo dikgoreñ.” Jalo he, ka go bo ba iphaka e le baobamedi ba boammaaruri jaaka Aberahame ba gatelela ka go re: “Rra echo moñwe hela, eboñ Modimo.”
A mme tota Modimo ke Rraabone? Jesu o arabela ka gore, “Ha Modimo e ka bo e le Rra eno, lo ka bo lo nthata; gonne ke tsile ke cwa kwa Modimoñ; gonne le gōna ga kea tla kaga me, me ōna o nthomile. Ana ga lo tlhaloganyetseñ puō ea me?”
Jesu o lekile go bontsha baeteledipele bano seo se tla nnang matswela a go mo gana ga bone. Mme jaanong o ba tlhamalaletsa ka go re: “Lo ba rra eno Diabolo, le dithatō tsa ga rra eno ke cōna tse lo ratañ go di diha.” Diabolo ke rre wa mofuta ofe? Jesu o ne a mo tlhalosa jaaka mmolai mme a ba a re: “Ke moaki, le rra aōna maaka.” Jalo Jesu o digela ka go re: “Eo e leñ oa Modimo o utlwa mahoko a Modimo: ke gōna kaha lo sa a utlweñ ka gōna, ka go bo lo se ba Modimo.”
Ka go bo ba tennwe ke go latofadiwa ke Jesu, Bajuda ba fetola jaana: “A ga re bue sentlè, ha re re, U Mosamaria, me u na le diabolo?” Lereo “Mosamaria” le dirisiwa go supa lenyatso le kgalo, ka gonne Basamaria e le batho ba ba ilwang ke Bajuda.
Jesu o arabela jaana, a tlhokomologa go tlhapadiwa ka lonyatso gore ke Mosamaria: “Ga ke na diabolo; me ke tlotla Rrè, me lona loa ntlotlolola.” Fa a tswela pele, Jesu o dira tsholofetso e e gakgamatsang: “Ha motho a tshegetsa lehoko ya me, ga a ketla a utlwa losho gopè.” Legale, Jesu ga a reye gore botlhe ba ba mo salang morago ba tla seke ba swe ka mmatota. Go na moo, o ne a raya gore ga ba kitla ba bona tshenyego ya bosakhutleng, kana “losho lwa bobedi,” leo go senang tsogo mo go lone.
Lefa go ntse jalo, Bajuda ba tsaya mafoko a ga Jesu jaaka a ntse. Jalo he, ba re: “Yana rea itse ha u na le diabolo. Aberahame o shule, le baperofeti; me wèna ua re, Ha motho a tshegetsa lehoko ya me ga a ketla a utlwa losho gopè. A u mogolo go heta rra echo Aberahame eo o shuleñ? le baperofeti ba shule: u itiha mañ?”
Mo puisanong eno yotlhe, go phepafetse gore Jesu o lemotsha banna bano ntlha ya gore ke Mesia yo o solofeditsweng. Mme go na le go araba potso ya bone ka tlhamalalo ya gore ke mang, Jesu a re: “Ha ke ikgalaletsa, kgalalèlō ea me e be e se sèpe: Rrè ke èna eo o nkgalaletsañ; eo lona lo reñ, ke Modimo oa lona; Me lona ga loa mo itse: me nna kea mo itse; me ha nka bo ke re, ga ke mo itse, nka bo ke chwana le lona, ka nna moaki.”
Fa a tswelela pele, Jesu o lebisa gape go Aberahame yo o neng a ikanyega, a re: “Rra eno Aberahame o na a itumèla go bōna letsatsi ya me; me a le bōna, a leboga.” Ee, ka matlho a tumelo, Aberahame o ne a lebelela go goroga ga Mesia yo o solofeditsweng. Ba sa dumele, Bajuda ba arabela jaana: “Ga u e se u nne dinyaga di mashomè matlhano, me a u bonye Aberahame?”
“Amarure, amarure, kea lo raea,” Jesu o a araba, “Pele Aberahame a ese a nne, nna ka bo ke nntse ke leeō.” Jesu, legale, o lebisitse go go nna gone ga gagwe ga pele ga a nna motho a le motho yo o maatla wa semoya kwa legodimong.
Ba galefisitswe ke go bolela ga ga Jesu gore o nnile teng pele ga ga Aberahame, Bajuda ba tsaya matlapa ba mo konopa ka ona. Mme o iphitlha a ba a tswa mo tempeleng a sa gobala. Yohane 8:37-59; Tshenolō 3:14; 21:8.
◆ Jesu o bontsha jang gore ene le baba ba gagwe ba na le borre ba ba farologaneng?
◆ Ke eng se se kaiwang ke go bitsa Jesu Mosamaria ga Bajuda?
◆ Ke ka kutlwisiso efe Jesu a rayang gore balatedi ba gagwe ga ba kitla ba bona loso?