Go Utlwatsa Boammaaruri mo Dithabeng tsa Austria
AUSTRIA e tshwanelwa ke go tumisiwa ka ntlha ya mekgatšha ya yone e e mo dithabeng, Vienna Woods, le Danube e pududu e ntle. Dipono tseno le tse dingwe tse di itsegeng thata ke tseo di okelang baeti go tswa dikarolong tsotlhe tsa lefatshe mo nageng eno e e mo bogareng jwa Yuropa.
Mo pakeng e baja-nala ba neng ba le bantsintsi thata ka yone mo kgweding ya August e e fetileng, setlhopha sengwe sa baeti ba ba ka tshwarang lekgolo go tswa dinageng tsa seeng di le 17 ba ne ba tla go bona sengwe se se farologaneng gotlhelele. Ba ne ba tla mo Vienna go nna gone mo kgakolong ya ofisi e ntšha ya lekala la Austria la Mokgatlho wa Watch Tower, eo e tsamaisang tiro ya Basupi ba ga Jehofa ya go rera kaga Bogosi mo Austria.
Go Tswa Tshimologong e Potlana
Ofisi ya lekala ya ntlha ya mokgatlho mo Austria e ne ya tlhongwa mo Vienna ka 1923. Seno e ne e le kwa tlase ga dingwaga tse di lesome morago ga keteko ya ntlha ya babeeletsi ba le bane ba Tora ya Tebelo mo motseng oo. Ka nako eo, palo ya baboledi ba Bogosi e ne e ka nna batho ba le lekgolo. Morago ga moo ga tlhagoga Ntwa ya Lefatshe II le puso ya Banazi, lobaka loo go neng ga nna le diteko tse di botlhoko le mathata mo bakaulengweng ba ba boikanngo. Mme ba ne ba itshoka, mme kgabagare kwa bokhutlong jwa ntwa eo, palo ya bone ya bo e fetile 700.
Go tlhokomela tiro eo e e golang, go ne ga rekwa kago nngwe mo Gallgasse 44 ka 1957. Fa dingwaga di ntse di feta, kago eno e ne ya nna ya baakanngwa gore e tle e kgone go tlhokomela kgolo e e tsweletseng pele mo tirong ya Bogosi mo lefatsheng leo. Ka 1973 palo ya baboledi ba bogosi e ne ya feta selekanyo sa 10 000. Ka jalo, mo masimologong a bo 1980, go ne ga dirwa dithulaganyo tsa gore go nne le katoloso. Kgabagare dikgoreletsi dipe tsa semolao di ne tsa tlosiwa, mme dikago tse di neng di le gaufi le lekala di ne tsa rekwa. Ka March 1983 feme nngwe ya ka kwa ntle e ne ya simolola go aga mafaratlhatlha a ditshipi. Morago ga moo, bakaulengwe ba ne ba tsweledisa kago go e digela.
“Go Ikagela Bethele ya Rona”
Basupi go tswa dikarolong tsotlhe tsa Austria ba ne ba ithaopela tiro. “Re ikagela Bethele ya rona” e ne ya nna puo e e tumileng. Ba ne ba tla ka dikara le dibese, mo eleng gore mo mafelo-bekeng mangwe go ne ga tla ba le 190. Go ne ga fopholediwa gore mo baboleding bangwe le bangwe ba le batlhano, a le mongwe mo nageng eo o ne a nna le seabe mo tirong. Bangwe e ne e le baitseanape ba tiro—batlhami ba dikago, balomaganya-diphaephe, jalo le jalo. Ba bangwe ba ne ba tlisa didirisiwa kana ba rebola madirelo a bone go dirisiwa. Bangwe ba ne ba bo ba tlogela ditiro tsa bone mme ba tla go dira mo lobakeng lotlhe lwa kago.
Mokaulengwe mongwe yo o neng a dirisa bontlhanngwe jwa malatsi a gagwe a boikhutso mo kagong o ne a kwala a re: “Ke batla go boelela gape go lo leboga ka ntlha ya beke e e molemolemo ya malatsi a boikhutso. Ke ne ke tshwana le motho yo o mo setlhaketlhakeng se se sisibetseng se se dikanyeditsweng ke lewatle la batho le le kgaphaselang. Go ne go kgatlhisa thata go ipelela tapologo e e ntseng jalo ya mmele le ya semoya kwantle ga tuelo epe.” Le eleng ba babotlana ba ne ba nna le seabe. Mmotlana mongwe wa dingwaga tse di ferang bobedi o ne a kwala a re: “Ke utlwaletse gore lo tlhoka madi a go aga Bethele. Ke rata go lo romelela mangwe a madi a ke a bolokileng. Mo lokwalong lono ke tsentse disheleng di le 200 [mo e ka nnang R32.00].” Ba bangwe ba ne ba baka borotho kana ba fula maungo mme ba direla baithaopi dino tse di tsididi. Baboledi ba diphuthego tse 36 mo Vienna ba ne ba tlisa dino tse di tsididi ka Matlhatso mangwe le mangwe mo lobakeng lotlhe lwa kago.
Go Baakanyediwa Koketsego e Nngwe
Morago ga go ntšhafadiwa ga kago ya pele le go okediwa ka dikago tse dingwe tse dintšha, lekala jaanong le feta la pele gararo, ka bophara jwa bodilo jwa 5 400 sq. m. Kago eno e akareletsa dikamore tse 38, holo ya bojelo ya batho ba le 80, boapeelo jo bosha, le matlhatswetso. Holo ya Bogosi e ntšha e kafa morago bolebana le kago ya pele. Diofisi tsa tsamaiso le maphata a mangwe a a farologaneng di mo karolong e e setseng ya kago.
August 22, 1987, e ne ya nna letsatsi la kgakolo ya lekala je lesha. Gareng ga baeng ba ba 282 go ne go na le baeti ba ka tshwara lekgolo go tswa makaleng a le 16 a Yuropa le a le mongwe go tswa Korea. Bao ba neng ba le teng gape e ne e le bagodi ba Austria ba ba neng ba falola diteko tsa Ntwa ya Lefatshe II. Yo o neng a ba feta botlhe ka bogolo e ne e le Maria Hack yo o neng a le dingwaga tse 102 yo o neng a tswa kwa Graz. Bareetsi ba ba ka tshwarang 6 810 mo mafelong a mangwe a supa le bone ba ne ba utlwa thulaganyo ya kgakolo ka go dirisiwa ga telefouno.
Dibui tse dikgolo mo thulaganyong eno ya kgakolo e ne e le T. Jaracz le M. G. Henschel ba Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa mo Brooklyn, New York. Fa a ntse a buelela setlhogo se se reng “Dikala Tseo di Ungwang Kgalaletsong ya ga Jehofa,” Mokaulengwe Jaracz o ne a dirisa Yohane 15:2, 8 go bontsha gore ‘dikala’ di galaletsa Jehofa fa di ungwa thata. Lekala le lesha le tla thusa mo go tlhagiseng maungo a a galaletsang Jehofa.
Mo puong ya kgakolo, Mokaulengwe Henschel o ne a gatelela gore Jehofa ke Modimo wa boikaelelo. Gaa a ka a itsise fela ka maikaelelo a gagwe go sa le gale mme gape o ile a supa seo ka kgono ya gagwe go a diragatsa. Go sa kgathalesege kganetso ya ga Satane, re ka tlhomamisega gore boikaelelo jwa Modimo bo tla diragadiwa.
Fa thulaganyo e tla go digelwa, botlhe ba ba neng ba le gone ba ne ba ikutlwa ba kgothatsegile go dira tiro ya go rera ba tlhagafetse segolo. Ka phepafalo, didirisiwa tse dintle tse disha di tla thusa Basupi mo Austria go utlwatsa mafoko a a molemo a Bogosi go ya le eleng bokgakaleng jo bogolwane mo nageng eno ya dithaba, kgalaletsong le pakong ya Mmopi yo Mogolo, Jehofa.
[Ditshwantsho mo go tsebe 23]
Kago e ntšha, fa e lebilwe go tswa fa tshingwaneng
Holo ya Bogosi
Botseno jo bogolo
Kago e ntšha, fa moagong o o ntšhafaditsweng kafa mojeng