LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w88 3/15 ts. 24-25
  • Mosepele wa Sephiri go ya kwa Jerusalema

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Mosepele wa Sephiri go ya kwa Jerusalema
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Mosepele wa Sephiri go ya kwa Jerusalema
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • O a Ruta fa a Ntse A le Mo Tseleng a ya Jerusalema
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • “Nako ya Gagwe E ne E Ise e Tle”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • Tsamaya O Utlwatse Bogosi jwa Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
w88 3/15 ts. 24-25

Botshelo le Bodihedi tsa ga Jesu

Mosepele wa Sephiri go ya kwa Jerusalema

KE LETLHABULA la 32 C.E., mme Modiro wa Metlaagana o atametse. Jesu o ile a dira tiro ya gagwe fela segolo mo Galilea fa esale ka Tlolaganyo ya 31 C.E. fa Bajuda ba ne ba leka go mmolaya. Go bonala gore, nako e fela Jesu a neng a etela Jerusalema ka yone fa esale ka nako eo e ne e le fa a ile medirong ya Bajuda e e nnang gone gararo mo ngwageng.

Bomonnaa Jesu jaanong ba mo gobagobetsa ka go mo raya ba re: “Tloga mono, u eè kwa Yudea.” Jerusalema ke motse-mogolo wa Judea le boremelelo jwa sedumedi jwa naga eo yotlhe. Bomonnawe ba tlhalosa ka go re: “Ga go motho opè eo o dihañ señwe mo sephiriñ, me èna ka esi a senka go itsiwe mo ponaloñ.”

Lemororo Jakobe, Simone, Josefa, le Judase ba sa dumele gore mogoloa-bone, Jesu, totatota ke Mesia, ba batla gore a supe dinonofo tsa gagwe tsa dikgakgamatso mo go botlhe ba ba phuthegileng kwa modirong. Lefa go ntse jalo, Jesu o lemoga kotsi e e gone. O ba raya a re, “Lehatshe ga le kake ya ila lona; me nna lea nkila, ka go bo ke shupa kaga yeōna, ha ditihō tsa yeōna di le boshula.” Jalo Jesu o raya bomonnawe a re: “A go eè lona kwa modihoñ: nna ke tla nama ke e se ke ee kwa modihoñ.”

Modiro wa Metlaagana ke keteko ya malatsi a supa, eo e digelwang ka ditiragalo tse di masisi mo letsatsing la bofera bobedi. Modiro oo ke o o tshwayang bokhutlo jwa ngwaga wa temo mme ebile ke nako ya boipelo jo bogolo le go ntsha malebogo. Malatsi a le mmalwa morago ga bomonaa Jesu ba sena go tsamaya le bontsintsi jwa batho go ya go nna gone kwa modirong, ene le barutwa ba gagwe ba tsamaya ka sephiri, gore ba tswe mo matlhong a batho. Ba ralala Samaria, go na le gore ba tsamaye ka eo batho ka bontsi ba tsamayang ka yone e e gaufi le Noka ya Joredane.

Ereka Jesu le ba a tsamayang nabo ba tla tlhoka marobalo mo motseng mongwe wa Samaria, o romela barongwa kwa pele go ba baakanyetsa. Lefa go ntse jalo, batho ba gana go direla Jesu lefa e le sepe fa ba sena go lemoga gore o ya kwa Jerusalema. Ka go galefa, Jakobe le Johane ba botsa ba re: “Morèna, a u rata ra laola molelō oa hologa kwa legodimoñ, oa ba laila?” Jesu o ba kgalemelela go akantsha selo se se ntseng jalo, mme ba fetela kwa motsaneng o mongwe.

Fa ba ntse ba tsamaya mo tseleng, mokwadi mongwe o raya Jesu a re: “Moruti, ke tla gu sala moragō goñwe le goñwe kwa u eañ gōna.”

“Diphokoyè di na le mesima, dinōnyane tsa loapi di na le ditlhaga,” Jesu o a arabela. “Me Morwa Motho èna, ga a na ha o ka baeañ tlhōgō ea gagwè gōna.” Jesu o bontsha gore mokwadi o tla bona mathata fa a nna molatedi wa Gagwe. Mme go bonala fa go lemotshega gore mokwadi yono o boikgodiso thata mo a ka sekeng a amogele mofuta oo wa botshelo.

Jesu o raya monna yo mongwe a re: “Ntshala moragō.”

Monna o araba ka go re, “Ntesa pele ke eè go hitlha rrè.”

Jesu o araba ka go re, “Lesa bashwi ba hitlhè bashwi ba bōnè; me wèna, tsamaea u utlwatsè bogosi yoa Modimo.” Ka phepafalo go bonala gore rraagwe monna yoo o ne a ise a swe, ka go bo fa ruri a ne a sule ga go bonale fa morwawe a ka bo a ne a le foo a reeditse Jesu. Kwantle ga pelaelo morwa o kopa gore a fiwe nako ya go letela loso lwa ga rraagwe. Ga aa ipaakanyetsa go eteletsa Bogosi kwa pele mo botshelong jwa gagwe.

Fa ba ntse ba le mo tseleng go ya kwa Jerusalema, monna yo mongwe o raya Jesu a re: “Ke tla gu sala moragō; me ntesa pele ke eè go dumedisa bōnè ba ba kwa gecho.”

Fa a mo araba Jesu a re: “Ga go motho opè eo o ka reñ a chwere mogoma ka seatla, me a sheba kwa moragō, eo o ka chwanèlañ bogosi yoa Modimo.” Bao ba ka nnang barutwa ba ga Jesu ba tshwanetse go tlhoma matlho a bone mo tirelong ya Bogosi. Fela jaaka boleme bo ka se tlhamalale fa yo o tshwereng mogoma a sa lebe fela kwa pele, go ntse fela jalo, yo o lebang kwa morago mo tsamaisong e kgologolo eno ya dilo o ka nna a kgotšwa a tswa mo tseleng e e isang botshelong. Yohane 7:2-10; Luke 9:51-62; Mathaio 8:19-22.

◆ Bomonnaa Jesu ke bomang, mme ba ikutlwa jang ka ene?

◆ Ke ka ntlhayang fa Basamaria ba sa supe botho jo bo siameng, mme ke eng se Jakobe le Johane ba batlang go se dira?

◆ Ke eng se Jesu a se buang mo makgetlong a le mararo fa a ntse a le mo tseleng, mme o gatelela jang kafa go tlhokafalang ka teng go intshetsa tirelo setlhabelo?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela