Tswelelang Pele, Lona Basupi!
“Ba ikaeletse mo motlheng wa bofelo, Batlhanka ba Jah, go bolela mofoko. Lefa a ikgantsha Satane, Ka tshegetso ya Modimo ga ba tshabe.”
Eno ke mela e e simololang ya pina 29 mo bukeng ya Sekgoa ya Basupi ba ga Jehofa, Sing Praises to Jehovah. Kanaanelo ya gago mo pineng eno e ka nna ya okediwa ke fa o tla go lemoga gore molodi wa yone o ne wa tlhangwa mo kampeng ya pogisetso ya Nazi mo Jeremane. Bosheng jaana, badiri ba ka tshwara 500 ba lelapa la Bethele la Jeremane mo Selters ba ne ba reetsa puisano e e gatisitsweng ka sekapa-mantswe le motlhami wa pina eno, ebong Erich Frost, yo o neng a bega jaana:
“‘Tswelelang Pele, Lona Basupi!’—seno e ne e le keletso ya dipelo tsa rona, le eleng ka nako eo, lemororo re ne re bereka mmereko o o boima mo kampeng ya kgolegelo. Tlhaloganyo ya motlhami wa dipina e nna e ntse e akantse ka melodi e e farologaneng, jalo mmino wa pina eno o ne wa tsaya nako e telele ke ntse ke o akantse. Setlhopha sa babereki bao ke neng ke le mongwe wa sone, e ne e le sa Basupi ba le 40, mme letsatsi le letsatsi re gwanta ka sephatlo sa oura go ya kwa matshololelong a mantle a a neng a le ka kwantle ga kampa. Fa re ntse re le mo tseleng go ya koo mo mosong mongwe, ke ne ka tlelwa ke mogopolo ono: ‘Ke nako jaanong ya gore ke tsenye mafoko mo moloding, gore e tle e opelwe.’ Mme gone fela foo ke ne ka simolola go tlhama mola wa ntlha ka tlhogo.
“Tiro ya me e ne e le go rora mmu ka kiribane mo sekgaleng sa dimitara di le 30. Go bua ka nako ya tiro go ne go ilediwa fela thata. Lefa go ntse jalo, fa ke sena go bona gore dilo di eme sentle, ka sephiri ke ne ka kopa mokaulengwe mongwe yo o neng a berekela gautshwane le nna gore a o ne a ka kgona go gakologelwa dilo motlhofo. O ne a nthaya a re ee, jalo ka mo fa mola wa ntlha. Morago ga oura, ke ne ka kopa mokaulengwe yo mongwe, moragonyana ka kopa wa boraro, mme go tswa foo wa bone. Ke ne ka kopa mongwe le mongwe wa bone go ithuta mola o le mongwe ka pelo.
“Fa re boela kwa kampeng mo maitseboeng ao, ka bone jwa bone ba ne ba boeletsa mela eno. Ka jalo, ke ne ka kgona go tsenya mafoko mo dinotong. Ba SS ba ka bo ba ile ba re direla kotsi fa ba ka bo ba tshwere dinoto tseo. Mme jaanong seemo e ne e le se se kotsi thatathata. Fa ba ka bo ba ntshwere ka mafoko, ba ka bo ba ile ba nkaletsa. Ke ne ke ka fitlha jang pina eo?
“Go ne go na le mokaulengwe mongwe wa mogodi yo o neng a tlhokometse matlwana a diphologolo koo ba SS ba neng ba baya mebutla ya bone teng. Mo ntlwaneng eno, o ne a bona lefelo leo a ka fitlhang majana a a tlhokegang ano a semoya gone—ditokololo tse di feletseng tsa Tora ya Tebelo le e le nngwe kana tse pedi tsa dibuka tsa Mokgatlho. Mokaulengwe yono o ne a beile botshelo jwa gagwe mo kotsing ka go sutlhisetsa dilo tseo mo kampeng, mme jalo a re fa dilo tsa go ithuta. Ke moo a neng a fitlha pina ya me teng. Letsatsi lengwe o ne a nthaya a re: ‘Erich, pina ya gago e bile e mo tseleng. Ke ne ka bona mongwe yo o neng a e romela kwa Switzerland.’ Ke ne ka ikutlwa ke wela dibete.
“Bakaulengwe ba Switzerland ba ne ba e romela kwa Brooklyn, koo e neng ya fitlha mo Setlhopheng se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa. Mafoko a me a a neng a sa tlhatswega thatathata a ne a fetolwa go nna mela e le meraro e e kgatlhisang. Ke ne ka itumela go feta fa ke bona pina eno e le mo pineng e ntšha ya dipina ya Basupi ba ga Jehofa.a Gompieno, ke pina 29, mme e santse e ntse e kgothaletsa Basupi botlhe go ema ba tiile kafa go Jehofa le kafa boammaaruring!”
[Ntlha e e kwa tlase]
a E ne ya opelwa lwantlha mo United States ke setlhopha sa baithuti ba tlelase ya bo 11 ba Sekolo sa kwa Gileade sa Bibela sa Watchtower e le bontlha nngwe jwa thulaganyo ya bone ya kaloso ka August 1, 1948.
[Lebokoso mo go tsebe 21]
Erich Frost o ne a digela botshelo jwa gagwe jwa selefatshe ka October 30, 1987, a le dingwaga tse 86. O ne a tsalwa ka December 22, 1900, mme a kolobediwa ka March 4, 1923, mme a tsena mo bodiheding jwa nako e e tletseng ka 1928. Ka 1936, o ne a fiwa boikarabelo jwa go tlhokomela tiro ya sephiri ya Basupi ba ga Jehofa ba ba neng ba bogisiwa mo Jeremane, mme a tlhokomela boikarabelo joo ka dikgwedi di fera bobedi go fitlhelela a tshwarwa a bo a latlhelwa mo kampeng ya pogisetso. Morago ga ntwa, go tloga ka 1945 go ya go 1955, o ne a direla jaaka molebedi wa ofisi ya lekala la Mokgatlho wa Watch Tower mo Jeremane. (Bona The Watchtower, April 15, 1961, ditsebe 244-9.) Morago ga moo, o ne a tswelela a direla Jehofa ka boikanngo. Modimo ga a kake a lebala tiro ya Bakeresete ba ba ntseng jalo ba ba tloditsweng kana lorato lo ba lo bontshang mo leineng la gagwe.—Bahebera 6:10.