Metlha ya Bofelo—Nako ya go Roba
“Me ka leba, me bōnañ, leru ye leshweu; me mo leruñ ka bōna moñwe a dutse, a chwana le Morwa Motho, me a rwele serwalō sa gouda mo tlhogoñ, me a chotse thipa e e bogale ea mabèlè ka seatla.”—TSHENOLŌ 14:14.
1. Ke dilo dingwe dife tse di dirileng lekgolo leno la dingwaga go nna la mofuta wa lone fela?
ABO NAKO eno ya lekgolo la bo-20 la dingwaga e le e e tletseng dikgoberego jang ne! Setho se ne sa tshwanelwa ke go itshokela dintwa tse pedi tsa lefatshe tse di setlhogo. Mme naga morago ga e nngwe di ne tsa nna mo seemong se se maswe ka baka la diphetogo. Leuba le ile la baka pogisego e kgolo go feta lefa e le leng pele mo ditiragalong tsa motho. Go sa tlhomamisege ga itsholelo, borukutlhi, kgotlelo, le malwetsi a a tshosang di tshosetsa go tshela sentle ga mongwe le mongwe. Ka nako e e tshwanang, batho ba ile ba dira ditlhabologo tse dikgolo thata tsa boitseanape. Ba ile ba dirisa maatla a atomo ba ba ba tsamaya mo ngweding. Ka boammaaruri, losika lwa rona ke la mofuta wa lone fela ka ditsela di le dintsi. Lefa go le jalo, go tlhomologa selo se le sengwefela se eleng sa botlhokwa-tlhokwa mo motlheng wa rona, mme kwantle ga sone dilo tsotlhe tse dingwe ga di na mosola.
2. Ke tiragalo efe e e neng ya bolelelwa pele ke Daniele e e neng e tshwanetse go diragala mo motlheng wa rona?
2 Ruri tiragalo eno e e simololang motlha o mosha e ne ya bolelelwa pele bogologolo mo lekgolong la borataro la dingwaga B.C.E. ke moperofeti Daniele. Reetsa pego ya gagwe e e tlhotlheleditsweng ka bomodimo: “Me ka leba mo dipōnatshegeloñ tsa bosigo, me, bōnañ, ga tla mo maruñ a legodimo moñwe eo o chwanañ le moñwe morwa motho, me a tla hèla kwa go eo mogologolo, me ba mo atametsa ha pele ga gagwè. Me a nèwa pushō, le kgalalèlō, le bogosi, gore batho botlhe ba dichaba, le ba merahe, le ba dipuō ba mo dihèlè.”—Daniele 7:13, 14.
3. (a) “Eo Mogologolo” ke mang, mme o ne a neela “moñwe eo o chwanañ le moñwe morwa motho” eng? (b) ‘Mongwe yo o tshwanang le morwa motho’ yono ke mang, mme baeteledipele ba bodumedi jwa Sejuda ba ne ba arabela jang fa Jesu a ne a tlhalosa yono?
3 “Eo mogologolo” ke Jehofa Modimo. Daniele o mmona a le mo “maruñ a legodimo,” ke gore, mo lefelong le le sa bonaleng la semoya, a neela “moñwe eo o chwanañ le moñwe morwa motho” bogosi. “Moñwe” yoo ke mang? Jesu o ne a araba potso eo bogologolo ka 33 C.E. Fa a ne a sekisiwa ke ba Lekgotla la Sejuda. Moperesiti yo mogolo wa Sejuda o ne a batla gore a ikane gore a e ne e le Keresete kana nnyaa. Fa Jesu a araba, o ne a dirisa boperofeti jwa ga Daniele mo go ene ka bopelokgale, ka go re: “Kwa pele lo tla bōna Morwa Motho a dutse kaha lecogoñ ye legolo ya nonohō, me a tla ka maru a legodimo.” Go na le go ikobela Kgosi e e tlhophilweng ya ga Jehofa, moperesiti yo mogolo o ne a mmona molato wa go tlhapatsa Modimo. Ka ntlha ya gone moo, baeteledipele ba bodumedi jwa Sejuda ba ne ba pateletsa Ponto Pilato go atlholela Jesu loso.—Mathaio 26:63-65; 27:1, 2, 11-26.
4. Jesu o ne a amogela serwalo sa Bogosi leng, mme go sa kgathalesege kganetso efe?
4 Boiteko jono jwa go senya mafoko a ga Jesu bo ne jwa retela fa a ne a tsosiwa mo baswing mme a tlhatlogela kwa legodimong go ya go letela lebaka la ga Jehofa le le tshwanetseng la go mo naya Bogosi. (Ditihō 2:24, 33, 34; Pesalema 110:1, 2) Nako eo e ne ya tla ka 1914. Go ya ka bOsupi jotlhe, Jesu o ne a amogela serwalo sa Bogosi mo go “eo mogologolo” mo karolong ya bofelo ya ngwaga oo, mme a simolola go busa. (Mathaio 24:3-42) Bogosi jo bo sa tswang go tsalwa bo ne jwa lebana le kganetso e e setlhogo. Mme baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda ba lekgolo la ntlha la dingwaga, maatla otlhe a a kopantsweng a merafe, le eleng Satane le badimona ba gagwe ba ne seka ba kgona go thibela go diragadiwa ga go rata ga Modimo. (Pesalema 2:2, 4-6; Tshenolō 12:1-12) Ka 1914 setlhopha sa baopedi ba selegodimo se ne sa opela ka nako e go neng go rulagantswe ka yone: “Bogosi yoa lehatshe bo dihegile Bogosi yoa Morèna oa rona, le yoa ga Keresete oa gagwe: me o tla busa ka bosakhutleñle ka bosaeènkae.” (Tshenolō 11:15) Fa e sale ka letsatsi leo, re ntse re tshela mo “metlheñ ea bohèlō” ya tsamaiso eno ya dilo e e bosula.—2 Timotheo 3:1.
Motlha wa go Roba
5. (a) Go ya ka boperofeti jwa ga Daniele, ke bomang ba ba neng ba tla direla Kgosi e e sa tswang go tlhongwa? (b) Johane o ne a bona ponatshegelo efe eo le yone e neng e kopanyeletsa Jesu jaaka Kgosi e e sa tswang go tlhongwa?
5 Go ya ka boperofeti jwa ga Daniele, fa Jesu a amogela serwalo sa gagwe, “batho botlhe ba dichaba, le ba morahe, le ba dipuō [ba tla mo direla].” Seo se ka diragala jang fa batho botlhe ba mo gana jaaka Kgosi? Ponatshegelo ya tshoganetso e e neng ya senolelwa moaposetoloi Johane e bontsha karabo. Mme Johane o re bolelela seo a neng a se bona: “Bōnañ, leru ye leshweu; me mo leruñ ka bona moñwe a dutse, a chwana le Morwa Motho, a rwele serwalō sa gouda mo tlhogoñ, me a chotse thipa e e bogale ea mabèlè ka seatla.” (Tshenolō 14:14) Se se tshwanang le ponatshegelo ya ga Daniele, Jesu fano o bonwa a le mo lerung mme o tlhalosiwa jaaka “moñwe . . . a chwana le Morwa Motho.” O rwele serwalo sa bogosi, mme mo letsogong la gagwe gaa a tshola tsamma mme o tshotse thipa ya mabele. Ka ntlhayang?
6. Jehofa o laela Jesu yo o sa tswang go tlhongwa mo bogosing go tshwarega mo tirong efe?
6 Johane o a tswelela: “Me moengele eo moñwe a cwa mo tempeleñ a tlhaeleletsa èna eo o dutseñ mo leruñ ka lencwe ye legolo, a re, Ntshetsa thipa ea gago kwa ntlè, u segè: gonne lobaka loa go sega lo tsile; gonne mabèlè a lehatshe a omeletse.” Lemororo Jesu e le Kgosi, o santse a ikobela ditaelo tse di tswang kwa go Jehofa mo “tempeleñ.” Jalo fa Jehofa a mo laela go tsenelela mo tirong ya go roba mo metlheng ya bofelo, o dira jalo. Jesu o “latlhèla thipa ea gagwè mo lehatshiñ; me lehatshe ya rōywa.”—Tshenolō 14:15, 16; Bahebera 9:24; 1 Bakorintha 11:3.
7. (a) “Mabèlè a lehatshe” ke eng? (b) Thobo eno ya mabele” e ne ya simololwa ka eng?
7 “Mabèlè a lehatshe” ke eng? Ke batho ba ba tswang mo tsamaisong eno ya dilo ya ga Satane go direla Jehofa le Kgosi ya Gagwe e e tlhomilweng. Thobo ya mabele e simololwa ka go phuthiwa ga ba ba setseng ba ba ba 144 000 ba ba tshwanetseng go busa le Jesu mo Bogosing jwa selegodimo. (Mathaio 13:37-43) Bano ke “Iseraela oa Modimo,” “mabucwèla pele a Modimo le a K wana.” Ba rekilwe mo ‘bathong ba ditso tsotlhe, le ba dipuo tsotlhe, le batho botlhe, le ba merafe yotlhe.’ (Bagalatia 6:16; Tshenolō 14:4; 5:9, 10) Ka tsela eno, batho ba ba tswang mo ‘bathong, morafe le dipuo’ ba simolola go direla Jesu yo o tlhomilweng mo bogosing.
8. (a) Go phuthiwa ga ba bofelo ba batlodiwa go bonala go digetswe ka ngwaga ofe? (b) Go ya ka ponatshegelo e nngwe ya ga Johane, tiro ya go roba e ne ya tswelela jang?
8 Lefa go nt se jalo, ga ba nosi. Johane, mo ponatshegelong e nngwe, o bona go tshwaiwa ga ba bofelo ba ba 144 000. (Tshenolō 7:1-8) Ka phepafalo, go phuthiwa ga bano go ne go batla go feditswe ka 1935. Mme ka gone, Johane o a bega, o bona “boidiidi yo bogolo yoa batho, yo go señ motho opè eo o ka bo balañ, e le ba morahe moñwe le moñwe, le ba dicō cotlhe, le batho, le dipuō, ba eme ha. pele ga setulō sa bogosi, le ha pele ga Kwana.” (Tshenolō 7:9-17) Jalo tiro ya go roba e tswelela pele jaaka ba le bantsi go tswa mo ‘bathong, morafe le dipuo’ ba simolola go direla Jesu jaaka Kgosi.
9. Batla-bosheng bano ke bomang, mme ke dipolelelo pele dife tse dingwe tse di umakang go bonala ga bone mo “metlheñ e e tla tlañ kwa pele pele”?
9 Batla-bosheng bano ba lebeletse pele go ipelela botshelo mo lefatsheng la paradaise ba busiwa ke Kgosi e e tlhomilweng ya ga Jehofa. (Pesalema 37:11, 29; 72:7-9) Go phuthiwa ga bone go ne ga bolelelwa pele mo dipolelelong pele tse dingwe di le mmalwa. Ka sekai, Isaia o ne a bolelela pele gore “mo metlheñ e e tlañ kwa pele pele” dit shaba di ne di tla sailela kwa ntlong ya ga Jehofa. (Isaia 2:2, 3) Hagai o ne a bolelela pele go tshikhinngwa ga merafe moo “dilō tse di eletsegañ tsa merahe eotlhe” di neng di tla tla ka nako ya gone. (Hagai 2:7) Sekaria o ne a bua ka “batho ba le shomè ba dipuō cotlhe tsa merahe” bao ba neng ba tla ikopanya le batlhanka ba Modimo. (Sekaria 8:23) Mo godimo ga moo, Jesu ka boene, o ne a bolelela pele kaga “boidiidi yo bogolo” jono. O ne are: “Me e tla re Morwa Motho a tla ka kgalalèlō ea gagwè, a na le baengele botlhe, hoñ o tla dula mo setuloñ sa gagwè sa bogosi sa kgalalèlō; Me merahe eotlhe e tla phuthèlwa ha pele ga gagwè. Me o tla ba kgaoganya bañwe mo go ba bañwe, yaka modisa a tle a kgaoganye dinku le dipodi; me dinku o tla di baea kaha lecogoñ ye legolo, me dipodi kaha go ya molèma.”—Mathaio 25:31-33.
10. (a) “Mabèlè a lehatshe” a robiwa ka tsela efe? (b) Ke bomang fela bao ba dirisanang mmogo le baengele mo tirong eno?
10 Ee, setho sotlhe se ntse se kheleisiwa go bona gore ke bomang bao eleng “dinku” le gore ke bomang ba eleng “dipodi.” Tiro eno ya go tlhatlhoba e fitlhelelwa jang? Mo ponatshegelong ya ga Johane, “mabèlè a lehatshe” a robiwa ka nako e le nngwefela le go bolelwa ga melaetsa e e maatla e e bolelwang ke baengele. Moengele mongwe o bolela molaetsa wa “Mahoko a a Molemō.” Yo mongwe o itsise go senngwa ga “Babelona o Mogolo.” Mme wa boraro o tlhagisa kgatlhanong le kobamelo ya “sebatana,” tsamaiso ya dilo ya sepolotiki ya ga Satane. (Tshenolō 14:6-10) Ka boammaaruri, ga go na ope yo o kileng a utlwa mantswe a baengele bano tota. Mme batho ba utlwile melaetsa e buiwa ke batho ba Modimo. (Mathaio 24:14; Isaia 48:20; Sekaria 2:7; Yakobe 1:27; 1 Yohane 2:15-17) Jalo, ka mo go phepafetseng, melaetsa eo e itsisiwe ke baemedi ba batho ba kaelwa ke baengele. Motho o tlhaolwa jaaka ‘nku’ kana jaaka ‘podi’ ka tsela eo a arabelang molaetsa wa baengele ka teng. Mo lekgolong leno la bo-20 la dingwaga, ke Basupi ba ga Jehofa fela bao ba ileng ba dirisana mmogo le baengele mo tirong eno ya botlhokwa.
11. Go anamisa melaetsa ga baengele bano go botlhokwa go le kana kang?
11 Go anamisiwa ga melaetsa eno ke tiro e e potlakileng thata go gaisa sepe fela se se dirwang gompieno. Ga go na katlego epe ya bopolotiki lefa e le phitlhelelo ya boitseanape e e ootlhokwa jaaka yone. Melaetsa eno e supa tsela ya tharabololo ya mathata otlhe a setho ebile e bolela ka poloko ya bosakhutleng ya batho ba ba ikanyegang. Mme, se se botlhokwa thata, e amana le go itshepisa leina la ga Jehofa.
Pego ya Ngwaga le Ngwaga
12, 13. Bolela dintlha dingwe go tswa mo pegong ya ngwaga le ngwaga tse di bontshang gore “mabèlè” a mantsi a setse a robilwe.
12 Ke gone ka moo Basupi ba ga Jehofa ba nyorelwang ngwaga le ngwaga go bala pego ya ngwaga le ngwaga ya tiro ya phuthego ya ga Jehofa. Ba tlala ka boitumelo fa ba bona bosupi jo bo oketsegang jwa tshegofatso ya gagwe mo tirong ya bone. Fa o tlhatlhoba pego ya 1987, e e tlhagisitsweng gape mo ditsebeng tsa 12 go ya go 15 tsa makasine ono, o tla bona gore baengele le badirimmogolebone ba batho ba ne ba tlhagafetse tota mo ngwageng e e fetileng.
13 Mafoko a a molemo a ne a utlwiwa mo mafatsheng a le 210—totatota ke ‘tš haba nngwe le nngwe le morafe le dipuo’ tse di ka kgonang go fitlhelelwa gompieno. (Mareko 13:10) Mo godimo ga moo, jaaka tlhora, ba le 3 395 612 ba ne ba dira mmogo go fitlhelela seo—go feta lefa e le leng pele mo hisitoring ya Bokeresete. Dipalō ke tse di kgatlhisang le e leng mo mafatsheng mangwe ka bongwe. Kwa United States, go ne ga fitlhelelwa tlhora e ntš ha ya 773 219. Dinaga dingwe di le pedi, e leng Brazille Mexico, di ne tsa nna le tlhora ya 216 216 le 222 168 nngwe le nngwe; mme a mangwe a marataro, ebong Britani, Jeremane, Italy, Japane, Nigeria, le Philippines, di ne tsa bega ditlhora tse di fetang 100 000. Mo letlhakoreng je lengwe, go na le mafatshe a a nang le batho ba le bantsi le baboledi ba le dikete di sekae fela kana kwa tlase. Tiro ya batho bano ba ba ikanyegang le yone e botlhokwa fela thata jaaka ba lekela go nna ba phatsimisa lesedi ja boammaaruri mo maemong a a bokete.—Mathaio 5:14-16.
14. Go phuthelwa batho ba mofuta ofe mo phuthegong ya ga Jehofa?
14 Legale, batho ba Modimo ga ba kgatlhegele koketsego fela go iitumedisa. Lefa go ntse jalo, ba itse gore botlhe bao ba thelesegelang mo phuthegong ya ga Jehofa ke “dilō tse di eletsegañ” mo matlhong a ga Jehofa. Ba le bantsi ba ne ba ‘hegelwa, le go sonelela dilo tsotlhe tse di makgapha’ tse ba neng ba di bona mo go La-Bodumedi. (Esekiele 9:4) Botlhe ba sailela kwa “thabeñ ea ga Yehofa” ka ntlha ya go bo ba batla go rutwa ditsela tsa Modimo. (Isaia 2:2, 3) Abo e le bosupi jo bo maatla jang ne jwa tshegofatso ya ga Jehofa—gore mo tsamaisong eno ya dilo e e bodileng le ya dilo tse di bonalang, dikete tse di makgolokgolo tsa ba basha ba itshupa e le “dilō tse di elètsègañ” ngwaga le ngwaga!
Metlha e e Potlakileng
15. (a) Tshimo e e tshwanetseng go akarediwa ka tiro ya go rera e bogolo bo kae? (b) “Go ya ka ponatshegelo ya ga Johane, boidiidi yo bogolo” bo tlhagafetse go le kana kang?
15 Tiro ya go rera ya Basupi ba ga Jehofa e potlakile. Ka ntlhayang? Boammaaruri ke gore, tshimo e atlhame. “Mahoko a a Molemō” a tshwanetse go itsisiwe “chaba ñwe le ñwe, le locō, le puō, le batho.” (Tshenolō 14:6) Mo setshwantshong sa ga Jesu, “morahe moñwe le moñwe” o kgaoganngwa ka “dinku” le “dipodi.” Go na le tiro e ntsi e e tshwanetsweng go dirwa. Abo he, go tshwanela jang ne, gore “boidiidi yo bogolo” jo bo bonweng ke Johane bo bo bo baka Modimo “motshegare le bosigo mo tempeleñ ea ōna.” (Tshenolō 7:15) Tiragatsong ya ponatshegelo eno, “boidiidi yo bogolo” jono, jo bo berekang mmogo le bakaulengwe ba bone ba ba tloditsweng, ba ne ba bega gore ba sentse palo yotlhe ya dioura tse 739 019 286 mo tirong ya go rera ngogola—palo eo e leng kgolo thata go tlhaloganngwa. Go dikologa lefatshe lotlhe, seno se ne se emela palo-gare ya dioura tse di fetang 18 go mmoledi mongwe le mongwe. Bapisa seno le palogare ya dioura di le 12 ka kgwedi mo dingwageng tse di lesome fela tse di fetileng, mme o ka bona gore selekanyo sa koketsego ya tiro ya go rera e a gola. Palogare ya gago ya botho e bapisega jang le palogare ya lefatshe lotlhe?
16. (a) Tsela e e molemo ya go ‘rera lefoko . . . ka potlako’ ke efe? (b) Ke ba le kae ba ba neng ba tsaya karolo mo tirong eno ngogola?
16 Gape, elatlhoko tlhora e ntšha ya babulatsela ba ba thusang le ba ka metlha: 650 095. Seno se raya gore go ne go na le babulatsela ba le bantsi mo tshimong mo ngwageng e e fetileng go feta baboledi ba ka 1955. A o ne o le mongwe wa babulatsela bao? Fa go le jalo, o ile wa fitlhela tsela e e molemo thata go dirisa ka bowena kgakololo ya ga Paulo e e reng: “Rèra lehoko; u tlhōahalè.” (2 Timotheo 4:2) Ke eng fa o sa rulaganyetse go nna le seabe mo tirelong ya bobulatsela bobotlana kgwedi e le nngwe mo ngwageng wa tirelo wa 1988?
Ditsholofelo tsa Kgolo e e Oketsegileng
17. Ke dipalo dife tse di bontshang gore koketsego ya nako e e tlang e a solofetsa?
17 Tsholofelo ya kgolo ya isagwe ruri ke e e molemo. Palo ya dithuto tsa Bibela tsa magae e ne e le 3 005 048—mme seithuti sengwe le sengwe sa Bibela e ka nna ya nna ‘selo se se kgatlhisang’! Mo godimo ga moo, ba le 8 965 221 ba ne ba nna gone mo go ketekiweng ga Selalelo sa Morena ngogola ka April. Bontsi jwa bao ba neng ba nna gone e ne e se Basupi ba ga Jehofa. Bangwe e ne e le ba ‘ba sa tswang go kgatlhega bosheng. Ba ne ba amogelwa fela thata mme ba kgothalediwa go nna ba dira botswelelopele jo bo molemo. Ba bangwe ba ka tswa ba ile ba nna gone mo ditiragalong tsa go nna jalo makgetlo a le mmalwa pele. Go bonala ba ipelela go nna le Basupi ba ga Jehofa mme ba ise ba bone tlhokafalo ya go dira se se fetang seo.
18. Go ya ka dipolelelo pele tsa ga Jesu le Sekaria, ke eng se motho o tshwanetseng go se dira gore a balelwe jaaka nngwe ya “dinku” tsa ga Jehofa?
18 Bao ba tshwanetse go akgolelwa go kgatlhegela ga bone boammaaruri jwa Bibela. Mme gakologelwa, mo setshwantshong sa ga Jesu “dinku” tse di neng di ya botshelong jo bo sa khutleng ke bao ba thusang bomorwarraa Jesu ba ba tloditsweng le go dirisana mmogo nabo. (Mathaio 25:34-40, 46) Mo polelelong pele ya ga Sekaria, palo e e tletseng ya “batho ba le shomè” ba bolela jaana ka pelo yotlhe: “Re tla ea le lona, gonne re utlwile ha Modimo o nntse le lona.” (Sekaria 8:23) Ga ba nne le boikutlo jwa botsalano fela. Ba “chwara” batho ba Modimo mme ba tsamaya le bone, ba ineela go direla Modimo wa bano. Mo motlheng wa rona, seno se akaretsa go kopanyelediwa ka botlalo mo phuthegong ya ga Jehofa.
Ga go na go Nna go Leele
19, 20. (a) Go ya ka ponatshegelo ya ga Johane, go tla diragalang fa go phuthiwa ga “mabèlè a lehatshe” go digelwa? (b) Seno se tla rayang mo go bao botlhe ba ba sa ikobeleng Jesu jaaka Kgosi?
19 Tiro ya go roba e potlakile ka ntlha ya lebaka la bobedi. Go ise go ye kae e tla emisiwa. (Mathaio 24:32-34) Mme go tla bo go diragala eng ka nako eo? Bala ka se se diragalang morago ga moo se se latelang mo ponatshegelong ya ga Johane: “Me moengele eo moñwe a cwa mo tempeleñ e e mo legodimoñ, le èna a chotse thipa e e bogale ea mabèlè. Me moengele eo moñwe a cwa ha sebeshoñ, eboñ eo o nañ le taolō mo moleloñ; me a tlhaeletsa eo o chotseñ thipa e e bogale ka lencwe ye legolo, are, Ntshetsa thipa ea gago e e bogale kwa ntlè, me o phuthè masitlha a mofine oa lehatshe; gonne difine tsa yeōna di budule thata. Me moengele a latlhè-la thipa ea gagwè mo lehatshiñ, me a kgaola mefine ea lehatshe, me a e latlhèla mo segatisecoñ sa mofine, eboñ mo segatisecoñ se segolo sa bogale yoa Modimo.”—Tshenolō 14:17-19.
20 Morago ga thobo ya “dilō tse di eletsegañ,” go tla bo go sa tlhole go na le lebaka lepe la gore lefatshe le no le legologolo le le bodileng le nne le nne gone. “Mefine ea lehatshe,” ebong tsamaiso eno yotlhe ya dilo ya lefatshe la ga Satane, e tla kgaolwa le go senngwa. Ka nako eo, le e leng baganetsi ba tla patelesega go itse Kgosi e e tlhophilweng ya ga Jehofa. Johane o ne a kwala ka go re: “Bōnañ, [Jesu] oè tla a le mo maruñ; me matlhō aotlhe a tla mmōna, le ba ba mo tlhabileñ; le dicō cotlhe tsa lehatshe di tla mo leba di lela.” (Tshenolō 1:7; Mathaio 24:30) Go tswa foo, mafoko a ga Jesu go baeteledipele ba bodumedi jwa Sejuda, bao ba neng ba di goga kwa pele gareng ga bao “ba ba mo tlhabileñ,” a tla diragadiwa. (Mathaio 26:64) Tota gone, baitimokanyi bao ba bodumedi ga ba kitla ba tsosiwa gore ba ‘bone’ Jesu ka namana. (Mathaio 23:33) Mme botlhe bao gompieno ba bontshang mokgwa o o ntseng jalo ba bile ba gana go amogela Kgosi e e tlhomilweng ya ga Jehofa ba tla patelesega go mo itse fa a tla go senya merafe ka Haramagedona.—Tshenolō 19:11-16, 19-21.
21. Ke ka ntlhayang fa batho ba Modimo ba tshwanetse go dira ka natla mo go dirisaneng mmogo le baengele ba legodimo?
21 Ruri, go bolokiwa ga batho ka bongwe go mo kotsing. Re na le boikarabelo jo bo boima jwa go nna badirimmogo le baengele. Mme abo e le tshiamelo e kgolo jang ne! Ekete re ka tswelela go dira ka natla mmogo le baengele ba legodimo jaaka re lekela go batla botlhe ba seka-dinku, ba eleng “dilō tse di eletsegañ” tsa ga Jehofa, pele ga tiro ya thobo e digelwa.
A O Ka Tlhalosa?
◻ Ke tiragalo efe e kgolo e e diragalang mo lekgolong leno la bo-20 la dingwaga?
◻ “Mabèlè a lehatshe” ke eng, mme a phuthiwa jang?
◻ Mekgwa mengwe ya “dinku” tsa ga Jehofa ke efe?
◻ Pego ya ngwaga le ngwaga e bontsha jang gore Jehofa o segofaditse tira ya go roba?
◻ Ke ka ntlhayang fa tiro ya go rera e potlakile jaana?
[Tšhate mo go tsebe 12-15]
PEGO YA BASUPI BA GA JEHOFA LEFATSHE KA BOPHARA YA NGWAGA WA TIRELO WA 1987
(See bound volume)