LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w88 1/1 ts. 8-9
  • Ponelo-pele ya Kgalalelo ya Bogosi Jwa ga Keresete

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ponelo-pele ya Kgalalelo ya Bogosi Jwa ga Keresete
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ponelopele ya Kgalalelo ya Bogosi Jwa ga Keresete
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Ba Bona Keresete A le Mo Kgalalelong
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Kafa go Fetoga Ponalo Ga Ga Keresete Go Go Amang ka Teng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Fa Jesu a Tla ka Kgalalelo ya Bogosi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
w88 1/1 ts. 8-9

Botshelo le Bodihedi tsa ga Jesu

Ponelo-pele ya Kgalalelo ya Bogosi Jwa ga Keresete

JESU o eme mo tseleng a lebile kwa Kaesarea Filipi, mme o ruta boidiidi jwa batho gammogo le baaposetoloi ba gagwe. O ba itsise jaana ka mo go akabatsang: “Amarure kea lo raea, Go bañwe ba bōnè ba ba emeñ ha, ba ba se ketlañ ba utlwa losho gopè, go tsamaea ba bōna Morwa Motho a tla mo bogosiñ yoa gagwè pele.”

‘Jesu o ka tswa a raya eng?’ Barutwa ba tshwanetse ba bo ba ipotsa jalo. Mo e ka nnang beke moragonyana, Jesu o tsaya Petere, Jakobe, le Johane go tsamaya le ene mme ba palama thaba e e kwa godimo. Go ka nna ga tswa go le bosigo, ereka barutwa ba otsela. Fa Jesu a santse a rapela, o fetoga ponalo fa pele ga bone. Sefatlhego sa gagwe se simolola go ph atsima jaaka letsatsi, mme diaparo tsa gagwe di galalela jaaka lesedi.

Go tswa foo, go bonala batho ba le babedi, ba ba lebegang jaaka “Moshe le Eliya,” mme ba simolola go bua le Jesu kaga ‘go tsamaya ga gagwe mo go tshwanetseng go simologa kwa Jerusalema.’ Go tsamaya moo go lebega go raya loso lwa ga Jesu le go tsosiwa mo go tla latelang. Ka gone, puisano eno e su pa gore loso lwa gagwe lo lo tlhabisang ditlhong ga se selo se se ka tilwang, jaaka Petere a ne a eleditse.

Jaanong barutwa ba lebelela le go reetsa ka kgakgamalo, ba thantse sentle. Lemororo seno e le ponatshegelo, e lebega e le selo sa mmatota mo e leng gore Petere o simolola go tsaya karolo mo tiragalong eo, ka go bolela are: “Morèna, go molemō go rona go nna ha: ha u rata, ke tla diha metlaagana e le meraro hano; moñwe e nnè oa gago, moñwe e nnè oa ga Moshe, moñwe e nnè oa ga Eliya.”

Fa Petere a santse a bua, le ru le le galalelang le a ba khurumetsa, mme lentswe le le tswang mo lerung la re: “Eo ke morwaake eo o ratègañ, eo ke kgatlhègañ thata mo go èna; lo utlweñ èna.” Fa barutwa ba utlwa lentswe leno, ba wela fa fatshe ka difatlhego tsa bone. Mme Jesu a re: “Cogañ lo èmè, se boiheñ.” Fa ba dira jalo, ga ba bone ope fa e se Jesu fela.

Fa ba fologa mo thabeng letsatsi je le latelang, Jesu o laola ka go re: “Lo se ka loa bolèlèla opè pōnalō e lo e bonyeñ, Morwa Motho a ba a tle a coge mo loshuñ pele.” Go bonala ga ga Elija mo ponatshegelong eo go tsosa potso mo megopolong ya barutwa. “Me ke go reñ,” ba a botsa, “ha bakwadi ba re, Eliya o na le go tla pele?”

“Le yana Eliya o set se a tsile, me ga baa ka ba mo itse.” Lefa go ntse jalo, Jesu o bua kaga Johane Mokolobetsi, yo o neng a dira tira e e tshwanang le ya ga Elija. Yohane o ne a baakanyetsa Keresete yo o neng a tla tsela, jaaka Elija a ne a direla Elisha.

Abo ponatshegelo eno e itshupa e nonotsha jang ne, mo go Jesu gammogo le barutwa! Ponatshegelo eno ke, jaaka go ka tualo, ponelopele ya kgalalelo ya Bogosi jwa ga Keresete. Tota ebile, barutwa ba ne ba bona “Morwa Motho a tla mo bogosiñ yoa gagwè,” jaaka Jesu a ne a solofeditse beke pelenyana ga moo. Morago ga loso lwa ga Jesu, Petere o ne a kwala kaga gore ba ne ba le ‘basupi ba ba boneng ka matlho borena jwa ga Keresete fa re ne re na nae mo thabeng e e boitshepo.’

Bafarasai ba ne ba batlile gore Jesu a ba neele sesupo go supa gore e ne e le ene yo go solofeditsweng mo Dikwalong gore o tla nna Kgosi e e tlhophilweng ya Modimo. Ba ne ba se ka ba neelwa sesupo sepe sa go nna jalo. Mo letlhakoreng je lengwe, barutwa ba ga Jesu ba ba atamalaneng nae thata ba letlelelwa go bona go fetoga ga ponalo ga ga Jesu jaaka netefatso ya dipolelelopele tsa Bogosi. Ka gone, moragonyana Petere o ne a kwala ka go re: “Me re na le lehoko ya polèlèlō pele le rurehadicwe bogolo.” Mathaio 16:28–17:13; Mareko 9:1-13; Luke 9:27-37; 2 Petere 1:16-19.

◆ Bangwe ba ne ba bona Keresete a tla a le mo Bogosing jwa gagwe jang pele ga ba utlwa loso?

◆ Mo ponatshegelong, Moshe le Elija ba ne ba bua le Jesu kaga eng?

◆ Ke ka ntlhayang fa ponatshegelo eno e ne e le thuso e e nonotshang jaana go barutwa?

[Setshwantsho se se tletseng mo go tsebe 9]

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela