LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w88 1/1 ts. 19
  • Sana ba Sekolo ba Basupi ba Akgotswe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Sana ba Sekolo ba Basupi ba Akgotswe
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Neela Bosupi kwa Sekolong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • “Tshimo e e Kgethegileng”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Morutabana Mongwe o Fetola Boikutlo Jwa Gagwe
    Tsogang!—2009
  • Ba Baka Jehofa Kwa Sekolong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
w88 1/1 ts. 19

Pego ya Baboledi ba Bogosi

Sana ba Sekolo ba Basupi ba Akgotswe

A WENA, jaaka morutwana wa sekolo, o boi malebana le go buelela tumelo ya gago phatlalatsa? Maitemogelo a a fa tlase a senola gore Basupi bano ba bannye ba neng ba seka ba boifa go tshegetsa tumelo ya bone ya Bokeresete mme ba ne ba akgolelwa go dira jalo.

◻ Kwa sekolong sengwe mo Australia, barutwana ba ne ba abelwa go kwala polelo ka Keresemose, mme morutabana o ne a raya Mosupi mongwe yo o dingwaga di 11 are: “Ke itse gore o mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, jalo o ka seke o kwale ka mekete ya Keresemose. O ka kwala polelo e e farologaneng kaga ‘Hisitori ya Keresemose.’” Kgaitsadi yo mmotlana yoo o ne a kwala polelo eo, a dirisa tshedimosetso e e tshwanetseng go tswa mo dikgatisong tsa Mokgatlho le dibuka tse dingwe tse di kaelang. Morutabana o ne a akgela ka go re tshedimosetso e ne e le molemo thata ebile e le boammaaruri go ya ka hisitori, seo se neng sa gakgamatsa barutwana ba bangwe. “Mo dipolelong tsotlhe tse ke di amogetseng, ya gago ke yone e e molemo bogolo go tsa barutwana ba bangwe,” go ne ga tlhalosa jalo morutabana. Ka baka leo, Mosupi yo mmotlana o ne a tsamaisetsa morutabana wa gagwe le barutwana-ka-ene bukana e le nngwe ya Sekolo, dimakasine di le 15, buka ya Bosha, e le nngwe fela le dibuka di le pedi tsa Tshelela Ruri.

◻ Mo sekolong se sengwe sa kwa Australia, bana ba Basupi ba robabobedi ba ne ba tlhokomelwa ke morutabana yo o tshwareletseng yo mongwe maitseboa mangwe le mangwe mo dibekeng tse tharo tsa bofelo tsa sekolo, ereka ba ne ba sa tseye karolo mo ditirong tsa Keresemose. Moragonyana o ne a akgela jaana go motsadi mongwe wa bangwe ba bana bao: “Karolo e ke neng ke e dira e ne e le potlana fela. Barutabana ba le mmalwa ba ne ba tla go mpotsa gore dilo di ne di tsamaya jang. Ke ne ka ba raya ka re: ‘Ga go kgathalesege gore le akanyang ka bodumedi jwa bone le tsela eo ba intshang mo ditirong dingwe, seno ke setlhopha se se botoka thata sa bana se nkileng ka dirisana le sone.’” Dibeke di sekae moragonyana fa a ne a etetswe mo bodiheding jwa ntlo le ntlo, o ne a re: “A mme, lo ne lwa fetisa se ke neng ka se bua kaga bana kwa sekolong? Ke batla gore mongwe le mongwe a itse.”

◻ Go tswa United States go tla maitemogelo ano a morutwana mongwe wa mophato o o kwa godimo yo o dingwaga di le 17 mo sekolong sengwe se se kwa godimo yo o fitlhelang gore barutwana-ka-ene ba ba neng ba ithuta molao ba neng ba tshwere phage ka mangana mo mot lot long kaga ditshwanelo tse di amanang le kgololesego ya bodumedi le kgaogano ya Dikereke le Mmuso. Di le pedi tsa dikgang tseo di ne di kopanyeletsa Basupi ba ga Jehofa le kgang ya madi. Kgaitsadi yo mmotlana o ne a fitlhela gore pego eo go neng go tlotliwa ka yone eo e ne e sekametse letlhakoreng le le lengwe fela ebile e sa siama malebana le boammaaruri jwa Bibela kaga madi mme o ne a bolelela morutabana wa gagwe jalo. O ne a arabela ka go mo neela sebaka sa go bua le barutwana. Pele ga puo ya gagwe, barutwana ba ne ba akanya gore dikgotla-tshekelo di ne di dirile phetso e e siameng ka go pateletsa Basupi go tshelwa madi kgatlhanong le dikeletso tsa bone. Mme morago ga go utlwa motlotlo o o theilweng mo Bibeleng, barutwana ba ne ba nna kgatlhanong le diphetso tsa Kgotla-tshekelo ka bongwe jwa pelo. Kgaitsadi wa rona o ne a itumetse fa ba le bantsi ba barutwana ba ne ba mo atamela mme ba kopa tshedimosetso e e oketsegileng mabapi le ditumelo tsa Basupi ba ga Jehofa. Jaanong a re o lemoga ka botlalo gore sekolo ke tshimo ya gagwe e e kgethegileng.

Ee, lona bana ba sekolo lo na le tshimo e e kgethegileng. Jaaka lo na le sebaka, tswelelang pele go thusa barutwana ka iona ka bonolo go ithuta maikaelelo a Modimo a mantle, mme lo tla boñ a kakgolo eseng fela go tswa go ba bangwe mme go tswa go Jehofa ka boene!—Yobe 40:14.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela