LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w87 8/15 ts. 30
  • Go Lemoga Dikgang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Lemoga Dikgang
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Baruti le AIDS
  • Mosele o o sa Siamang
  • Go Apaapa mo Lefifing
  • Go Thusa Ba Ba Nang Le AIDS
    Tsogang!—1994
  • Kafa Dingaka di Lepalepanang le AIDS Ka Gone
    Tsogang!—1991
  • AIDS—Seo Batsadi le Bana Ba Tshwanetseng go Se Itse
    Tsogang!—1991
  • AIDS—Bothata Jo Bogolo jwa Basha
    Tsogang!—1991
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
w87 8/15 ts. 30

Go Lemoga Dikgang

Baruti le AIDS

“Dikgetsi tsa AIDS di a Gola mo Gare ga Baruti ba Katoliki” setlhogo sa kgang nngwe eo e tlhagang go International Herald Tribune se ne se balega jalo. Pego eo e ne ya bolela jaana: “Lemororo go sa kgonagale gore go neelwe dintlha ka botlalo malebana le gore bothata jono bo aname go le kana kang, dingaka, baruti le badiredi-loago mo ditoropong di le mmalwa go dikologa naga eno ba boletse gore palo ya baruti ba Katoliki bao ba tsenweng ke AIDS e a tlhatloga, . . . kitso eo e oketsegang ya gore ba ba tshwerweng ke [AIDS] ba kopanyeletsa baruti ba Katoliki e ile ya bakela kereke eo bothata ereka seo se kaya gore baruti le bo-brother bangwe ga baa roba fela maikano e bone a go dula ba sa nyale mme gape ba kopanetse mo ditirong tse bosodoma ba roba melao ya kereke eo.”

Lefa go ntse jalo, go roba maikano a go dula ba sa nyale, ga go kake ga tshwaiwa phoso go le gosi, ka gonne le eleng dikereke tseo baruti ba tsone ba letlelelwang go nyala di ile tsa bega dikgetsi tsa AIDS mo baruting ba tsone. Yone pego eo e ne ya senola gore “AIDS e ile ya ama Ma-Amerika a a farologaneng, go akareletsa le borabi, baruti ba Episcopal, baruti ba Baptist le baruti ba bangwe.”

Tota gone, ga se gore baruti botlhe bao ba nang le AIDS ke basodoma. AIDS gape e ka nna ya tshelegela motho ka bokopano jo bo tlwaelegileng jwa kafa dikobong le ka ditshelo tsa madi. Lefa go ntse jalo, dikgetsi tse di ntseng jalo mo gare ga baruti di bontsha seo se ka diragalang fa batho ba palelwa ke go latela taolo e e phepafetseng eo e tlhomilweng ke lekgotla la lekgolo la ntlha la dingwaga kwa Jerusalema, eleng, “lo ithibe . . . mo mading, le mo nameng ya diphologolo tse di betilweng, le mo boakeng.”​—Ditihō 15:29, The New American Bible (ya Katoliki).

Mosele o o sa Siamang

“O ithate; o Modimo.” Molaetsa o o sa tlwaelegang o bolela jalo? Eleruri, mme mo gare ga palo e e golang ya batho bao ba batlanang le sengwe seo se farologaneng le bodumedi jo bo tlwaelegileng, molaetsa oo o fetoga o o tlwaelegileng. Mafoko ao, ao a neng a buiwa ke mmalelapa mongwe yo o nang le dingwaga di le 27 wa kwa California ebong Penny Torres, go bolelwa gore tota a buiwa ke Mafu, “eleng setshedi sengwe sa legodimo la bosupa’ se se botlhale-tlhale seo mo nakong e e fetileng se neng sa tsalwa e le moleperwa kwa Pompeii wa Lekgolo la Ntlha la Dingwaga,” yoo Torres a mo direlang jaaka “mosele,” go bega Los Angeles Times jalo. Torres ke mongwe wa batho ba bantsi ba kwa United States bao eleng “mesele” ya “mewa e e suleng” bao ba rutang gore motho mongwe le mongwe ke Modlmo wa gagwe ka namana.

“Mesele,” go ya Times eno, ke “batho ba ba buang le badimo bao ba lkidibatsang ka boomo gore ba golagane le ‘sebaka sa meya’ e e sa bonaleng” kana “dibopiwa tsa sebaka seo se seyong mo lefatsheng.” Fa ba le mo boemong jono, ba ka nna ba kopiwa gore ba neele kgakololo kana gore ba arabe dipotso tse di malebana le dikgang tsa botho. Go phopholediwa gore kwa Los Angeles fela go na le batho ba ba ka nnang 1 000 bao ba bolelang gore ke mesele. Ke ka ntlhayang fa go na le kgatlhego ka bonako jaana mo meseleng? Go The Miami Herald, Ronald F. Thiemann, ebong mogokgo wa Sekolo sengwe sa Bomodimo sa kwa Harvard, o bolela gore “thuta-bomodimo e tswela pele go fetoga e e seng mosola go le kalo mo botshelong jwa Amerika jwa boramatlhale.”

Mo makgolong a dingwaga a pulenyana ga moo, Moshe o ne a tlhagisa Baiseraele jaana: “Go se ka ga hitlhèlwa mo go wèna opè eo o . . . buañ le badimo, kgotsa ñaka ea bola, kgotsa eo o botsañ bashwi.” Ka ntlhayang? “Gonne leha e le mañ eo o dihañ dilō tse, o makgapha mo ggo Yehofa.”​—Duteronome 18:10-12.

Go Apaapa mo Lefifing

Maloko a ISSOL (eleng Mokgatlho wa Merafe-rafe wa go lthuta ka Moo Botshelo bo Simologileng ka Gone) a ne a kopana ngogola kwa Berkeley, kwa California, kwa kokoanong ya bone ya borobedi. Fa Moperofesara Klaus Dose eleng mongwe wa bao ba simolotseng ISSOL a sena go dumalana gore go tlhokafala gore “ba tlhatlhobe dilo tseo ba setseng ba di fitlheletse go fitlha jaanong mme ba sa tlodise diphoso tsa bone matlho,” o ne a bolela go Naturwissenschaftliche Rundschau, eleng makasine wa boitseanape wa Jeremane, gore dingwaga tsa go dira dipatlisiso ga di a atametsa borathula-tlhagelelo gaufi le go utlwisisa ka moo botshelo bo simologileng ka gone ka gope.

Moperofesara Dose o kwala jaana: “Gongwe ga go na thuto epe ya boitseanape jwa tlholego eo e ikgethololang ka dikgopolo, diphopholetso, le diteori tse di farologaneng jaana ebile di ganetsana jaaka go ntse jalo ka thuto ya gore botshelo bo itlhageletse. Ka 1986, dingwaga di le 30 morago ga go simologa ga motlha wa ditekeletso tsa go etsa dilo tse dingwe goo go neng ekete go tla atlega, ga re kake ra supa dintlha dipe tse di oketsegileng go tlhalosa gore tota botshelo bo simologile jang go feta ka moo Ernst Haeckel a neng a dira ka gone mo dingwageng di le 120 tse di fetileng. Ka maswabi, go tshwanetswe ga lemogiwa gore dilo tse di nnang gone ka ntlha ya ditekeletso tsa go etsa dilo tse dingwe, fa re bua ka kakaretso, ga di gaufi ka gope le botshelo fela jaaka go ntse ka dikarolwana tseo di bopang bokgakga jwa magala.” Ka mo go tshwanang, moperofesara wa Yunibesithi ya New York ebong Irving Kristol o ne a kwala gore “go fetoga ka bonya ga ditshedi tse di rileng tsa mofuta o le mongwe di fetoga go nna tsa mofuta o mongwe ke phopholetso ya thutatshelo, eseng ntlha ya boammaaruri ya thuta-tshelo.”

Lemororo borathuta-tlhagelelo ba tswela pele go apaapa ba batlana le dikarabo, tlhaloso ya Bibela e dumalana le dintlha tsotlhe tsa boammaaruri tse di itsegeng. Jaaka mokwadi mongwe wa Bibela ebong Dafida a begile jaana ka go tlhatswega pelo: “Gonne mocwedi oa botshelō o nntse nau [Modimo].”​—Pesalema 36:9.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela