A O A Gakologelwa?
A o ile wa fitlhela ditokololo tse bosheng tsa Tora ya Tebelo di ne le boleng jo bo dirang? Fa go le jalo a o ke o bone gore a o ka gakologelwa tse di latelang:
◻ Go tshwaelwa poloko ke monna wa boperofeti yo o nang le pene ya mokwaledi mo ponatshegelong ya ga Esekiele go raya eng? (Esekiele 9:2-6)
Go raya gore motho o ineetse mo Modimong go dira thato ya one, o kolobeditswe jaaka morutwa wa ga Jesu Keresete, ebile o apere botho jo bo tshwanang le jwa ga Keresete.—4/15, ditsebe 11, 12.
◻ Mosola wa boperofeti jwa Bibela ke eng?
Dipolelelo-pele di itsise boammaaruri kaga Modimo, go rata ga gagwe, le ditekanyetso tsa gagwe tsa boitsholo. Di sedimosa kamano ya motho le Jehofa e le gore a tle a busetse setho tumalanong le boikaelelo jwa Gagwe, go gogela kwa tiragatsong e e tletseng ya jone. (Isaia 1:18-20; 2:1-5; 55:8-11)—5/1, tsebe 5.
◻ Ke leuba lefe le le bolayang le le apesitseng lefatshe lotlhe gompieno?
Leuba la semoya, “ya go utlwa lehoko ya ga Yehofa.” (Amose 8:11)—5/1, ditsebe 10, 11.
◻ “Go boiha Yehofa” ke eng? (Diane 1:7)
Ke poifo e e tshwanetseng ya go tshaba go itumolola Jehofa ka ntlha ya gore re anaanela bopelonomi jo bo lorato jwa gagwe le molemo. Gape go kaya go dumela fa Jehofa e le Moatlhodi yo Mogolo le Mothatayotlhe, re mo ikanya ka botlalo, le go ila se se bosula mo matlhong a gagwe. (Pesalema 2:11; 115:11; Diane 8:13)—5/15, tsebe 28.
◻ Ke dikaelo dife tse di akareditsweng mo go 1 Timotheo 5 mabapi le go tlhokomela batsofe?
Lemororo maloko a lelapa a tshwanetswe kea boikarabelo jwa ntlha, mathata a batsofe a ama phuthego yotlhe fela; tlhokomelo ya bone e tshwanetse go rulaganngwa sentle; tlhokomelo e e ntseng jalo e tshwanetse go lekanyetswa bao ba tlhokang ka boammaaruri.—6/1, ditsebe 9, 10.
◻ Ke ka ditsela dife tse nne tse di akaretsang tse Jehofa a ileng a itshepisa batho ba gagwe mo dingwageng tse 69 tse di fetileng?
(1) Phuthego; (2) go tlhakanela mo bodiheding jwa tshimo; (3) go oketsa lesedi la boammaaruri; (4) go latlha ditiro tse di seng phepa.—6/15, ditsebe 17-20:
◻Ke ka ditsela dife tse pedi lefoko “èma” le dirisitsweng ka teng mabapi le Mikaele mo go Daniele 12:1?
Mikaele o tlhalosiwa jaaka a ‘eme mo boemong jwa bomorwa batho ba gago.’ Keresete o ntse a dirisa bolaodi mabapi le seno mo boemong jwa batho ba gagwe mo lefatsheng fa e sale ka 1914 fa a ne a tlhomiwa mo Bogosing jaaka Kgosi e e busang ya Bogosi jwa Modimo. Gape Daniele a re: “Me e tla re mo motlheñ ouō go tla èma Mikaele.” Seno ke mabapi lefa bobusi jwa gagwe bo tsena mo karolong e ntšha moo a tla dirang gape ka tsela e e tlhomologileng go sireletsa batho ba ga Daniele. Ka gone, ga ba kake ba nyelediwa ke bogoromente ba batho kwa “motlheñ oa bokhutlō” wa kgosi ya botsheka le kgosi ya borwa. (Daniele 11:40-45)—7/1,ditsebe 18, 19.