LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w87 5/15 ts. 4-7
  • Ke Melemo Efe e Mengwe e e Tswang Kwa Modimong?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Melemo Efe e Mengwe e e Tswang Kwa Modimong?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Motswedi wa Lesedi le Tsholofelo
  • Ke Eng fa Losika lwa Motho le le mo Tlhakantshukeng?
  • Isagwe e e Galalelang
  • “Bōnañ, Dilō Cotlhe Ke Di Diha Sesha”
    “Bōnañ, Dilō Cotlhe Ke Di Diha Sesha”
  • Tsela e e Nosi Fela ya Botshelo Jo bo Sa Khutleng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Boikaelelo jwa Modimo mo go Direng Bangwe “Go Tsalwa Sesha”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1982
  • Botshelo Morago ga Loso—Bo ka Kgonega Tota!
    Tsogang!—2008
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
w87 5/15 ts. 4-7

Ke Melemo Efe e Mengwe e e Tswang Kwa Modimong?

A O ipedisiwa ke dithunya tse dintle, lonko lwa dirouse, melodi ya dinonyane? A o ile wa kgatlhwa ke monyenyo wa ntlha wa losea lwa gago? A ga o anaanele menko e e rokotsang mathe? Mme ke mang yo o sa kgatlhiweng ke motshe wa badimo, phirimo ya letsatsi e e galalelang, kana dinaledi mo loaping le le apogileng bosigo? Ditlamelo tsa Modimo tse di gakgamatsang ga di fele, a ga go a nna jalo?

Lefa go le jalo, go na le mahutsana a mantsi. Lefa gone lefatshe le na le bokgoni jwa go ntsha mo gontsi go lekana botlhe, dimilione di bolawa ke tlala. Dimilione tse dingwe di mo kotsing ya kgotlelo. Mme dimilione tse di diketekete gompieno di amiwa ke bokebekwa, bogagapa, boikgagapeledi, le poifo ya se isagwe e tla se tlisang.

Ereka Mmopi a ile a tlamela ka mo gontsi jalo, ke eng fa go na le go sa itumeleng mo go kana-kana? Polanete eno ke lefelo le le gakgamatsang, le le diretsweng gore re ipele mo go lone. Mme lefatshe​—losika lwa motho—​le mo seemong se se tlhomolang pelo. Mo bontsing jwa baagi ba lefatshe, tsholofelo ke e e letobo, e e tshosang. Ka ntlha yang? Go senyegile fa kae? A Modimo o dirile motho mme o bo o mo tlogela? A go na le lesedi lengwe mo seemong se se akabatsang seno? A re na le tsholofelo epe ya isagwe?

Motswedi wa Lesedi le Tsholofelo

Mo e ka nnang dingwaga di le 2 000 tse di fetileng go ne ga tsholwa ngwana wa mosimane yo o farologaneng​—a farologane ka ntlha ya gore mmaagwe, ebong Maria, e ne e le motho, mme rraagwe e ne e le Modimo ka boene! ‘Go ka seke go kgonagale!’ a bangwe ba rialo? Nnyaa, e seng ka Mosimolodi wa go tshola, Modiri wa mefuta yotlhe e e farologaneng ya botshelo. Mosimanyana yo o ne a gola a nna ‘monna, Keresete Jesu’ yo o itekanetseng.​—1 Timotheo 2:5; Mathaio 1:18-25.

E ne e le botsalo jo bo simolodisang motlha mongwe. Tota, bontsi jwa merafe bo lemoga seno ka go tshwaya ditiragalo tsa hisitori tsa pele ga letsatsi la gagwe jaaka B.C.​—pele ga ga Keresete. Lefa go le jalo o feditse dingwaga tsa gagwe tsa bosha ka tidimalo jaaka mothusi wa mmetli fela kwa legaeng la ga rraagwe yo a mo tsaletsweng mo Nasaretha. Go ne ga feta dingwaga di le masome a mararo. Go tswa foo, kwa Nokeng ya Joredane, Jesu o ne a iponatsa go dira go rata ga Modimo mme o ne a kolobediwa, mme moya o o boitshepo wa ga Jehofa Modimo o ne wa fologela mo go ene. (Mathaio 3:13-17) Go tswa foo Jesu o ne a simolola tlhabano e e maatla ya go rera le go ruta. Jaaka go boleletswe-pele ke Isaia, “Batho ba ba neñ ba dutse mo lehihiñ, ba bōna lesedi ye legolo.”​—Mathaio 4:14-17; Isaia 9:2.

Jesu o ne a nna Morutisi yo o itsegeng thata le yo o tlotliwang ke botlhe fa e sale ka nako eo. Ga go ise go nne morutisi wa motho yo o kileng a nna le maatla a a kalo a a tlhotlheletsang mo losikeng lwa motho kana a tlamela ka lesedi le le kalo le tsholofelo. Buka ya gagwe e ne e le eng? Bibela, jaaka e ne e ntse ka nako eo​—Dikwalo tsa Sehebera, kana “Testamente e Kgologolo.” Jesu o ne a dira gore di nne le bokao. Dipolelelo-pele tse dintsi tsa bogologolo di ne tsa diragadiwa mo go ene. (Bapisa Mika 5:2 le Mathaio 2:3-6.) O ne a netefatsa polelo ya Genesise mabapi le tshimologo ya motho. (Genesise 2:24; Mathaio 19:3-6) Jesu o ne a tsaya, a godisa, le go anamisetsa kgakala le ka bophara setlhogo se segolo sa Bibela​—go tlotlomatsa Jehofa ka Bogosi jwa Modimo. (Mathaio 4:23; 6:10) Mo godimo ga tsotlhe, dipolelo tsa botshelo le ditiro tsa ga Jesu Keresete ke dikarolo tse di bonalang sentle tsa Dikwalo tsa Segerika tsa Bokeresete, kana “kgōlaganō e ncha.” Ee, Bibela ke mpho e e gakgamatsang e e tswang kwa Modimong, lesedi le le phatsimang mo lefatsheng le le letobo, le le sa itumelang.​—Pesalema 119:105.

Ke Eng fa Losika lwa Motho le le mo Tlhakantshukeng?

A Bibela e araba potso eo? Ee. E bontsha gore ga se kgang ya gore Modimo o tlogetse motho mme, go na le moo, gore motho o tlogetse Modimo. Gape, molao-motheo wa tlholego wa kgololesego ya tlhopho o ne o kopanyelediwa. Batho ba ne ba sa bopiwa e le diroboto, ba rulaganyeditswe go nna le kutlo. Re ka nna ra itlhophela go utlwa kana go sa utlwe.

Fa Modimo a ne a bopa batho ba ntlha ba babedi mo Paradaiseng e ntle ya Edena, abo ba ne ba itumetse ebile ba sa tlhobaele jang ne! Go sena bolwetse, go sena letshogo, go sena matshwenyego Dinonyane tse di kgatlhisang le diphologolo di ne di le teng, gape go ne go na le dijo tse di monate tse dintsi. (Genesise 1:26; 2:7-9) Lefa go ntse jalo, fa go ntse go ya mmaba yo o sa bonaleng o ne a nna gone. Sebopiwa se se maatla sa semoya se ne sa nna boikgodiso, sa eletsa go laola lelapa la motho mo isagweng Ka go bolela maaka a ntlha, o ne a hepisa Efa, mme Adame o ne a susumeletswa go sa utlwe taolo ya Modimo ya go sa je loungo lo lo ileditsweng (Genesise 3:1-7) Jaaka ba bantsi gompieno, batho ba ntlha ba ne ba akanya gore ba ne ba ka ‘dira boithatelo.’ Mme ka go dira jalo tota ba ne ba itsenya mo taolong ya ga Satane, modimo wa tsamaiso ya gompieno e e bosula ya dilo.​—2 Bakorintha 4:4.

Seno se ne sa tsosa kgang e kgolo le e e botlhokwa thata-thata: A motho o ka kgona go ipusa ka katlego kwantle ga Modimo? Go ne go tla tlhokafala nako e ntsi go fedisa potso eno ka mo go kgotsofatsang Fa dikgang di eme jalo, Adame le Efa ba ne ba tshwanelwa ke go amogela petso e Modimo a neng a e solofeditse​—loso Mme ereka ba ne ba nna baleofi ba ba bodileng, bone lefa e le ditlogolwana tsa bone ba ne ba sena tsholofelo epe ya go tshelela ruri kwantle ga Modimo.​—Baroma 5:12; 1 Bakorintha 15:21, 22.

Isagwe e e Galalelang

Fa e sale ka motlha wa ga Adame go ne ga nna le masika a le mantsi a bo a feta. Mme mo seemong se se fetogelang ruri sa dikgang tsa batho, go ile ga lekwa mefuta e mentsi ya bogoromente​—bobusaesi, puso-ka-batho, bojammogo, bokomanisi, le tse dingwe. Mme tsotlhe di ne tsa palelwa. Mathata a sepolotiki, loago, le a lefatshe lotlhe a ntse a tsweletse pele; go ntse fela jalo le ka dibolao tse di boitshegang tsa tshenyo e ntsi tse di tshosetsang go fedisa lefatshe lotlhe. Ka Ntwa ya Lefatshe II, mapolotiki a Bophirima a ne a solofetsa gore phenyo e ne e tla tlisa kgololesego mo letlhokong le mo poifong, mme tsotlhe ka bobedi di a gola.

Tharabololo ke eng? Bothata jo bogolo bo tlhoka molemo o o nonofileng thata​—e seng sepe fela fa e se phepafatso ya lobopo lotlhe le go tlisiwa ga lefatshe je lesha. Ke mang yo o ka fitlhelelang seo? Ruri e seng Lekgotla la Merafe e e Kopaneng kana maatla ape a bopolotiki a a ikokoantseng ao gangwe le gape a robang ditumalano tsa kagiso le e leng fela go sa tswa go saenwa! Ke di dirisiwa fela tse di mo taolong ya maatla a ga Satane. (1 Yohane 5:19) Ke Jehofa fela, Mothatayotlhe, yo o ka tlosang Satane le badimona ba gagwe, a fedisa lefatshe la gompieno le le bodileng, mme a tlisa je lesha le le galalelang kafa tlase ga Bogosi jwa selegodimo ka Morwawe, Jesu Keresete, jaaka Kgosi ya dikgosi.​—Mathaio 6:9, 10; Daniele 2:44; Tshenolō 20:1-3.

Bogosi jono bo tla fitlhelela eng? Ke mang yo o tla falolang go phepafadiwa ga lebopo lotlhe ga tshenyo, kana Hara-magedona? Lebaka le le kgatlhisang thata le batho ba bantsi ba le lemogang ke gore goromente yono o setse a dira le go baakanyetsa batho go falola Haramagedona! (Tshenolō 16:14-16) E tshwanetse ya nna batho ba mofuta ofe? Jesu Keresete o ne a re: “Go segō ba ba pelonomi (bakgobaladij: gonne ba tla rua lehatshe.” (Mathaio 5:5) Ka gone o ne a netefatsa boperofeti jono jwa bogologolo: “(Pele gaj letsatsi ya bogale yoa ga Yehofa le e se le tle mo go lona. Batlañ Yehofa, lona bakgōbaladi botlhe ba lehatshe, ba lo dihileñ katlholō ea gagwè; batlañ tshiamō, batlañ kgōbalalō; e. ka tla ea re goñwe loa shuywa mo letsatsiñ ya bogale yoa ga Yehofa.”​—Sefania 2:2, 3.

Bakgobaladi ga se fela gore ba tla falola Hara-magedona mme, ka go nna ba ikanyega mo Modimong, gape ba tla rua botshelo jo bosakhutleng Jang? Jaaka go setse go umakilwe, lelapa le legolo la ga Adame la ditlogolwana le ne la latlhegelwa ke tsholofelo ya botshelo jo bosakhutleng ka sebe sa go sa utlwe. Loso lo ne lwa tlela losika lotlhe lwa setho ka Adame. Ereka e ne e le monna yo o itekanetseng, monna yo mongwe yo o itekanetseng o ne a tlhokega go romolola, kana go rekolola, se Adame a neng a se latlhile. Jesu Keresete o ne a tlatsa tlhokafalo eo mme a neela botshelo jwa gagwe “gore leha e le mañ eo o dumèlañ mo go èna a se ka a nyèlèla, me a bōnè botshelō yo bo sa khutleñ.”​—Yohane 3:16.

Tlamelo eno ya thekololo ke mpho e kgolo thata ya Modimo mo mothong. Ga e ne e dira fela mo go ba ba tla falolang le go tsena mo lefatsheng je lesha mme gape e tla dira le mo go ba ba tla tsosiwang mo baswing A seo se utlwala se gakgamatsa thata? Jesu o ne a re: “Se gakgamaleleñ mo: gonne lobaka loe tla, lo botlhe ba ba mo diphupuñ ba tla utlwañ lencwe ya gagwè ka lōna, Me ba tla cwa; ba ba dihileñ molemō ba cwèle cogeloñ ea botshelō; me ba ba dihileñ boshula ba cwèle cogeloñ ea tshekishō.” Abo go itumedisa jang ne! Abo e le boipelo jo bogolo jang mo bafaloding ba Haramagedona, bao ba tla nnang le gone go amogela baratiwa ba bone go tswa mo baswing!​—Yohane 5:28, 29.

Abo e le tebelelo e e galalelang jang ne le tsholofelo! Mme gotlhe mo ke tlamelo ya Mmopi yo o lorato, Jehofa, ka Morwawe yo o rategang, Jesu. Lemororo gompieno tebelelo e le e e leeto le le tshosang, isagwe e tletse ka lesedi le tsholofelo mo go ba ba ithutang Bibela le ba ba dirisang molaetsa wa yone o o nametsang. Re tshela mo dinakong tse di kgatlhisang thata. Bogosi jwa Modimo bo atametse. (Mathaio 24:33, 34) Galaletsang Jehofa, Monei wa “ñèō ñwe le ñwe e e molemō”!​—Yakobe 1:17.

Jaaka o ntse o tlhatlhanya ka ditsela tse dintsi tse re sologelwang molemo mo dipaakanyetsong tsa Modimo le maikaelelo ka tsone, o ka nna wa ikutlwa o na le boikutlo jwa go leboga le go eletsa go bo bontsha ka tsela nngwe. Mme fa e le gore o sa tswa go simolola go tlhaloganya le go amogela tsholofelo ya boammaaruri kaga isagwe, o ka nna wa bona go tlhokega thata go loelela kwa teng. Re go kgothaletsa go dira sone seo. Tswelela-pele go ithuta Lefoko la Modimo gammogo le dikgatiso tse di tshwanang le yone eno tse di ka go thusang go godisa kitso ya gago le kanaanelo ya maikaelelo a Modimo a a galalelang.

Bao ba setseng ba na le kgotsofalo e e phepafetseng gore bogosi jwa Modimo ke jone fela tharabololo ya tatlhego ya losika lwa motho ba ka nna ba ikutlwa jaaka mopesalema yo o tlhotlheleditsweng yo o neng a re: “Ke tla ntshetsa Yehofa eñ, ka ntlha ea masegō aotlhe a gagwè a o a ntihetseñ?” (Pesalema 116:12) Batho bao ba tla fitlhela gore ka go bolelela ba bangwe se Modimo o se re diretseng le isagwe e e galalelang e a e beetseng bao ba mo ratang le go mo direla go tlisa kgotsofalo e e boteng le boipelo jwa boammaaruri Ka ntlha yang? Ka gore, jaaka desu a ne a bolela: “Go aba, go lesegō bogolo go go amogèla.”​—Ditihō 20:35.

[Lebokoso mo go tsebe 5]

JESU KERESETE—

◆ O diragaditse dipolelelo-pele tsa bogo- logolo di le dintsi. ka motlhala, Mika 5:2; Mathaio 2:3-6

◆ O netefaditse polelo ya Genesise ya tshimologo ya motho​—Mathaio 19:3-6

◆ O ne a godisa le go anamisa setlhogo se segolo sa Bibela, tlotlomalo ya ga Jehofa ka Bogosi​—Mathaio 4:23; 6:9, 10; Luke 8:1

◆ O ne a emisetsa se Adame a neng a se Iatlhile, botshelo jwa motho yo o itekanetseng, ka gone a kgonisa bao ba bontshang tumelo mo go Ene go amogela botshelo jo bosakhutleng​—Yohane 3:16

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

‘O tla ntshetsa Jehofa eng ka ntlha ya masego otlhe a gagwe?’

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela