Ke Eng se Modimo O se Go Diretseng?
‘LEFA E LE SEPE!’ bangwe ba ka nna ba araba jalo. ‘Ke tshwanetse go bereka ka natla le go itlhokomela.’ Fa e le gore ke ka mo o ikutlwang ka gone, a ko o akanye ka motsotso. O ile wa nna gone jang?
Dikgwedi di roba-bongwe pele ga o tsalwa, ditshidinyana tse di nnyennyane di ne tsa kopana mo teng ga ga mmaago. Ka bobedi di ne tsa simolola setshedi se sesha, se se farologaneng.
Setshedi se segolwane mo go tsone e ne e le lee la sesadi, le tswa mo go mmaago. Setshedi se se botlana e ne e le sepeme se se tswang mo go rraago—se le se nnyennyane mo e leng gore, go ya ka buka ya ga Sheila Kitainger, The Experience of Childbirth, fa dipeme tsotlhe tse di dirileng batho botlhe ba ba mo lefatsheng di ne di ka bapisiwa, di ne di ka “tsaya lefelo le le fetang 2.5 cm go le gonnye.” Mme fela fa sepeme sa ga rraago se tsena mo leeng la ga mmaago, molaetsa wa tsalo o ne wa dirwa mme o ne wa nna gone!
Go tloga foo go ne ga simologa ditiragalo tse di marara thata-thata. Di ne di le “marara mo e leng gore, kwa morago ga thuto e e tsereng lebaka le le fetileng lekgolo la dingwaga, baitseanape ga ba ise ba bo ba tle gaufi le go di tlhaloganya,” go ne ga kwala jalo Andrea Dorfman mo go Science Digest.
Jaaka sekai sa ditiragalo tsa kgolo tse di akabatsang bo-ramaranyane, ene mokwadi yoo o ne a akgela jaana: “Taolo ya kgolo le yone ke kgang e e thata ka mo go tshwanang. Ka sekai, letsogo la moja le la molema, a bopega gotlhelele ka boone mo ditogweng tse di golang tsa boleele jwa milimitara, mme lefa go le jalo kwa bofelong a lekana ka boleele. Disele di itse jang gore di tshwanetse go emisa go ntsifala leng? . . . Go lebega tokololo nngwe le nngwe e na le mokgwa mongwe o o mo teng wa go emisa kgolo.” A ga re itumele go bo go ntse jalo?
Ke eng se se dirang le go laola kgolo mo ditsheding tsotlhe? A ke maatla a a senang kakanyo a a bidiwang tlholego? Tiragalo ya phopholetso e e bidiwang thuto-tlhagelelo? A ga go a phepafala gore mefuta e e gakgamatsang e e raraaneng, e e farologaneng thata, le e mentlentle mo polaneteng eno e e kgatlhisang e ka nna tiro ya Mmopi mothatayotlhe fela? Fa go ntse jalo, a ga re a tshwanela go ikutlwa re lebogela se a se re diretseng go tswa botennyeng jwa pelo?
Bosupi jwa Dikgakgamatso tsa Popo jo bo sa Feleng
Letsatsi lengwe le lengwe—le e leng oura nngwe le nngwe—re solegelwa molemo ke dikgakgamatso tsa popo. Ka sekai, go diragalang fa re robetse? Ditiro tsa tlhaloganyo gammogo le dirwe di nna bonya ka botsone. Seno ga se diriwe ke rona ka borona, ereka re e tle re thulamele kwantle ga go lemoga. Mme abo boroko jo bo monate bo lapolosang jang ne! Bangwe ba ka fetsa dibeke ba sa je, mme ba ba nnang malatsi a a fetang a mararo kwantle ga go robala ba nna le bothata jwa go akanya, jwa go bona, le go ntlwa.
Morago ga o tsoga mo mosong, gongwe mongwe o go tlisetsa kofi e e tsentsweng sukiri. Sukiri, e e kileng ya bo e sa bonwe motlhofo ebile e le tlhwatlhwa-kgolo, jaanong e ntsi mo e leng gore gantsi ga re ke re akanya kaga gone. Mme e dirilwe jang? E diriwa mo dijalong ka tiragalo e e bidiwang Photosynthesis—tiragalo fa gare ga lesedi la letsatsi le metsi le carbon dioxide. Ka nako e e tshwanang oxygen, e e leng mosola thata mo ditsheding tsotlhe mo lefatsheng e a tswa. Photosynthesis ke tiragalo e e raraaneng thata-thata e e iseng e tlhaloganngwe ka botlalo ke baitseanape. “Photosynthesis ka boyone e dirwa . . . jang?” go botsa buka ya The Plants. (Motlobo wa Dibuka wa Tlholego ya Botshelo) “Seno se tshwana le go botsa ka moo botshelo bo simologileng ka gone—tota ga re itse.”
Gongwe jaaka o nwa koñ ya gago, o gakologelwa thulaganyo ya thelebishene ya bosigo jo bo fetileng. Mo tlhaloganyong ya gago o bona ditshwantsho tse di kgatlhisang tseo gape. Di fetiseditswe jang mo bobokong jwa gago, tsa bolokiwa koo jaaka rolo ya iilimi, mme tsa bo tsa tshamekiwa gape gore o tle o di tlhalosetse ba bangwe? Dikgakgamatso, a ga go jalo? Motho o tsere kae botlhale jwa go dira dilo tse di akabatsang tse a di dirang? Ruri gaa bo tsaya mo diphologolong. A boboko jwa motho ga bo boitshege?
Letsatsi ga le ise le simologe. Lefa go le jalo, abo go le gontsi jang ne mo re setseng re na le gone go go lebogela Mmopi! Mme go santse go na le mo gontsi-ntsi.