LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w99 4/15 ts. 9-14
  • Tsela e e Nosi Fela ya Botshelo Jo bo Sa Khutleng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tsela e e Nosi Fela ya Botshelo Jo bo Sa Khutleng
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Seabe sa ga Jesu Keresete
  • Losika lo lo Solofeditsweng
  • Se Thekololo e se Dirang
  • Tsholofelo e e Molemolemo
  • Go Dira Dilo Tse Modimo a di Batlang
  • Jesu o a Boloka—jang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Yo Baporofeti Botlhe ba Neileng Bosupi ka Ene
    Obamela Modimo yo o Esi wa Boammaaruri
  • Botshelo Morago ga Loso—Bo ka Kgonega Tota!
    Tsogang!—2008
  • Se Modimo O Se Dirileng Go Boloka Batho
    Kitso e e Isang botshelong Jo bo Sa Khutleng
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
w99 4/15 ts. 9-14

Tsela e e Nosi Fela ya Botshelo Jo bo Sa Khutleng

“Ke nna tsela le boammaaruri le botshelo.”—JOHANE 14:6.

1, 2. Jesu o ne a bapisa tsela e e isang botshelong le eng, mme setshwantsho sa gagwe se ne se kaya eng?

JESU mo Therong ya gagwe ya kwa Thabeng, o ile a bapisa tsela e e isang botshelong jo bo sa khutleng le tsela e motho a tsenang mo go yone ka kgoro. Ela tlhoko gore Jesu o ne a gatelela gore tsela eno e e isang botshelong ga se e go leng motlhofo go tsamaya mo go yone, a re: “Tsenang ka kgoro e tshesane; ka gonne tsela e e isang tshenyegong e atlhame e bile e bulegile, mme ba ba tsenang ka yone ba bantsi; fa kgoro yone e le tshesane le tsela e pitlagane e e isang botshelong [jo bo sa khutleng], mme ba ba e bonang e le ba ba mmalwa.”—Mathaio 7:13, 14.

2 A o lemoga se se kaiwang ke setshwantsho seno? A ga se bontshe gore go na le tsela e le nngwe fela, e e isang kwa botshelong le gore e tla re tlhoka matsapa gore re se ka ra tswa mo tseleng eo e e isang botshelong? Mme he, tsela eo e e nosi fela e e isang botshelong jo bo sa khutleng ke eng?

Seabe sa ga Jesu Keresete

3, 4. (a) Baebele e bontsha jang seabe se se botlhokwa se Jesu a nang le sone mo go re bolokeng? (b) Modimo o ne a senola leng la ntlha gore batho ba ka bona botshelo jo bo sa khutleng?

3 Ga go na pelaelo gore Jesu o na le seabe se se botlhokwa thata mo tseleng eo, fela jaaka fa moaposetoloi wa gagwe e bong Petere a ile a re: “Ga go na poloko mo go ope o sele, gonne ga go na leina le lengwe kafa tlase ga legodimo [kwantle ga la ga Jesu] le le neilweng mo bathong le re tshwanetseng go bolokwa ka lone.” (Ditiro 4:12) Moaposetoloi Paulo le ene o ile a re: “Mpho e Modimo o e nayang ke botshelo jo bo sa khutleng ka Keresete Jesu Morena wa rona.” (Baroma 6:23) Jesu ka boene o ile a bolela gore tsela e e nosi fela ya go bona botshelo jo bo sa khutleng ke ka ene, ka gonne o ile a re: “Ke nna tsela le boammaaruri le botshelo.”—Johane 14:6.

4 Ka jalo, go botlhokwa gore re lemoge seabe se Jesu a nang le sone mo go direng gore re bone botshelo jo bo sa khutleng. Ka gone, a re sekaseke seabe seno sa gagwe ka kelotlhoko. A o itse gore ke leng Jehofa Modimo a ileng a itsise gore batho ba ka boa ba bona botshelo jo bo sa khutleng fa Adame a sena go leofa? Ke morago fela ga gore Adame a palelwe. A re sekaseke gore go ntshiwa ga ga Jesu Keresete go nna Mmoloki wa batho go ile ga bolelelwa pele leng la ntlha.

Losika lo lo Solofeditsweng

5. Re ka itse jang yo e leng noga e e neng ya raela Efa?

5 Jehofa Modimo o ne a dirisa puo ya tshwantshetso, go bolela gore ke mang yo o tla nnang Mmoloki yo o solofeditsweng. O ne a dira seno fa a ne a bolela katlholo ya “noga” e e neng ya bua le Efa mme ya mo raela gore a tlole molao wa Modimo ka go ja loungo lo lo ileditsweng. (Genesise 3:1-5) Ke boammaaruri gore noga eo e ne e se noga ya mmatota. E ne e le sebopiwa se se maatla se Baebele e se bolelang e le “noga ya kwa tshimologong, e e bidiwang Diabolo le Satane.” (Tshenolo 12:9) Satane o ile a dirisa phologotswana eno gore e nne molomo wa gagwe mo go raeleng Efa. Ka gone, fa Modimo a atlhola Satane o ile a re: “Ke tlaa tsenya bobaba fa gare ga gago le mosadi, le fa gare ga losika lwa gago le losika lwa gagwe. Lone [losika lwa mosadi] lo tlaa tapeta tlhogo ya gago, mme wena o tlaa loma serethe sa gagwe.”—Genesise 3:15.

6, 7. (a) Mosadi yo “losika” lo tswang mo go ene ke mang? (b) Losika lo lo solofeditsweng ke mang, mme o tla kgona go dira eng?

6 “Mosadi” yono, yo Satane a mo ilang, kana a mo tlhoileng, ke mang? Fela jaaka fa “noga ya kwa tshimologong” go bolelwa gore ke mang mo go Tshenolo kgaolo 12, mosadi yono yo Satane a mo tlhoileng le ene go a buiwa ka ene mo go yone kgaolo eno. Ela tlhoko gore mo temaneng ya 1 go bolelwa gore o “apere letsatsi, a eme mo godimo ga ngwedi e bile a rwele dinaledi di le lesome le bobedi mo tlhogong.” Mosadi yono o tshwantshetsa phuthego ya Modimo ya selegodimo ya baengele ba ba ikanyegang, mme “ngwana wa mosimane” yo a mo tsholang o tshwantshetsa Bogosi jwa Modimo ka Jesu Keresete a busa e le Kgosi.—Tshenolo 12:1-5, The Jerusalem Bible.

7 Mme he, “losika” lono, kana lotsalo, lwa mosadi, lo go buiwang ka lone mo go Genesise 3:15, lo lo tla tapetang Satane “tlhogo,” ka go rialo lo mmolaya, ke mang? Ke ene yo Modimo o neng wa mo romela go tswa kwa legodimong gore a tle go tsholwa ka kgakgamatso ke lekgarebana, ee, monna Jesu. (Mathaio 1:18-23; Johane 6:38) Kgaolo ya 12 ya Tshenolo e senola gore e re ka Losika lono, e leng Jesu Keresete, e tla bo e le Mmusi yo o tsositsweng wa selegodimo, lo tla di goga kwa pele mo go fenyeng Satane le go tlhoma, “bogosi [jwa] Modimo wa rona le taolo ya ga Keresete wa one,” jaaka fa Tshenolo 12:10 e bolela.

8. (a) Modimo o ile a re tlamela ka eng se sesha malebana le maikaelelo a gagwe a kwa tshimologong? (b) Ke bomang ba ba tla nnang karolo ya puso e ntšha ya Modimo?

8 Ka gone, Bogosi jono jo bo okametsweng ke Jesu Keresete ke jone selo se sesha se Modimo o neng wa re tlamela ka sone go diragatsa maikaelelo a gagwe a kwa tshimologong a gore batho ba tshele ka bosakhutleng mo lefatsheng. Fa Satane a sena go tsuologa, gone fela foo Jehofa o ne a rulaganya go dirolola ditlamorago tsotlhe tse di sa siamang tsa boikepo a dirisa mmuso ono o mosha wa Bogosi. Fa Jesu a le mo lefatsheng, o ne a senola gore o ne a se kitla a busa a le nosi mo pusong eno. (Luke 22:28-30) Go ne go tla tlhophiwa batho bangwe, mme batho bano ba ne ba tla ya go nna le ene kwa legodimong go mo thusa go busa, mme ka go dira jalo ba nna karolo ya bobedi ya losika lwa mosadi. (Bagalatia 3:16, 29) Mo Baebeleng, palo ya batho bano ba ba tla busang le Jesu—botlhe ba tserwe mo bathong ba ba boleo mono lefatsheng—go bolelwa e le 144 000.—Tshenolo 14:1-3.

9. (a) Ke eng fa go ile ga tlhokega gore Jesu a tle go nna motho mo lefatsheng? (b) Jesu o ile a dirolola jang ditiro tsa ga Diabolo?

9 Le fa go ntse jalo, pele ga Bogosi joo bo ka simolola go busa, go ne go le botlhokwa gore karolo e kgolo ya losika lono, e bong Jesu Keresete, e tle mo lefatsheng. Ka ntlha yang? Ka gonne Jehofa Modimo o mo tlhomile gore e nne Ene yo o tla ‘senyang [kana, go dirolola] ditiro tsa ga Diabolo.’ (1 Johane 3:8) Ditiro tseno tsa ga Satane di akaretsa go raela Adame gore a leofe, e leng selo se se ileng sa dira gore bana botlhe ba ga Adame ba atlholelwe boleo le loso. (Baroma 5:12) Jesu o ne a dirolola tiro eno ya ga Diabolo ka go ntsha botshelo jwa Gagwe go nna thekololo. Ka go dira jalo o ne a tlhoma motheo wa go golola batho mo katlholong ya boleo le loso mme a bula tsela ya go bona botshelo jo bo sa khutleng.—Mathaio 20:28; Baroma 3:24; Baefeso 1:7.

Se Thekololo e se Dirang

10. Jesu le Adame ba ne ba tshwana jang?

10 E re ka botshelo jwa ga Jesu bo ile jwa fetisediwa go tswa legodimong go ya mo popelong ya mosadi, o ile a tsholwa e le motho yo o itekanetseng, a sa tshwaediwa ke boleo jwa ga Adame. O ne a ka kgona go tshelela ruri mo lefatsheng. Adame le ene o ile a bopiwa e le motho yo o itekanetseng a solofetse go tshela ka bosakhutleng mo lefatsheng. Moaposetoloi Paulo o ne a akantse ka go tshwana gono ga banna bano ba babedi fa a ne a kwala jaana: “‘Motho wa ntlha Adame o ne a nna moya o o tshelang.’ Adame wa bofelo [Jesu Keresete] o ne a nna motho wa semoya yo o nayang botshelo. Motho wa ntlha o tswa mo lefatsheng e bile o dirilwe ka lorole; motho wa bobedi o tswa kwa legodimong.”—1 Bakorintha 15:45, 47.

11. (a) Adame le Jesu ba ile ba ama batho ka ditsela dife? (b) Re tshwanetse go leba setlhabelo sa ga Jesu jang?

11 Go tshwana ga bobedi jono—banna ba babedi ba e leng bone fela ba ba itekanetseng ba ba kileng ba tshela mo lefatsheng—go gatelelwa ke se Baebele e se bolelang fa e re Jesu o ne a ‘intsha thekololo e e lekanang a e ntshetsa botlhe.’ (1 Timotheo 2:6) Jesu o ne a lekana le mang? Ebu, o ne a lekana le Adame fa a sa ntse a itekanetse! Boleo jwa ga Adame wa ntlha bo ne jwa dira gore batho botlhe ba atlholelwe loso. Setlhabelo sa ga “Adame wa bofelo” se re tlhomela motheo wa go gololwa mo boleong le mo losong, e le gore re tle re kgone go tshelela ruri. A bo setlhabelo sa ga Jesu se le botlhokwa jang ne! Moaposetoloi Petere o ile a re: “Lo ne lwa gololwa . . . e se[ng] ka dilo tse di senyegang, ka selefera kgotsa gouta.” Go na le moo, Petere o ne a tlhalosa jaana: “E ne e le ka madi a a botlhokwatlhokwa, a a tshwanang le a kwanyana e e se nang setshubaba e bile e se na selabe, one a ga Keresete.”—1 Petere 1:18, 19.

12. Baebele e tlhalosa jang tsela e go atlholelwa loso ga rona go dirolotsweng ka yone?

12 Baebele e tlhalosa sentle kafa tsela e go atlholelwa ga batho loso go tla dirololwang ka yone, e re: “Ka tlolo e le nngwe [ya ga Adame] phelelo mo bathong ba mefuta yotlhe e ne ya nna go bonwa molato, gape ka tsela e e tshwanang ka tiro e le nngwe ya tshiamiso [tsela yotlhe ya ga Jesu ya bothokgami e e neng ya felela ka gore a swe] phelelo mo bathong ba mefuta yotlhe ke go ba bolela e le ba ba siametseng botshelo. Gonne fela jaaka ka botlhokakutlo jwa motho a le mongwe [Adame] ba le bantsi ba ne ba dirwa baleofi, gape ka tsela e e tshwanang ka go utlwa ga motho a le mongwe [Jesu] ba le bantsi ba tla dirwa ba ba siameng.”—Baroma 5:18, 19.

Tsholofelo e e Molemolemo

13. Ke eng fa batho ba bantsi ba ikutlwa ka tsela e ba ikutlwang ka yone kaga go tshelela ruri?

13 Thulaganyo eno e Modimo a e dirileng e tshwanetse ya re itumedisa thata! A ga o itumelele gore re filwe Mmoloki? Fa batho bangwe ba ba neng ba botsolodiwa mo patlisisong nngwe e e neng ya dirwa ke lokwalodikgang lwa motse mongwe o mogolo wa Amerika ba ne ba bodiwa gore, “A o eletsa go tshelela ruri?” go a gakgamatsa gore diperesente di le 67,4 tsa bone di ile tsa araba ka gore, “Nnyaa.” Ke ka ntlha yang fa ba ile ba re ga ba batle go tshelela ruri? Go bonala e le ka gonne gone jaanong botshelo mo lefatsheng bo golaganngwa le mathata a mantsintsi. Motho mongwe o ile a re: “Ga ke eletse go bona gore ke tla bo ke ntse jang fa ke na le dingwaga di le 200.”

14. Ke eng fa go tshelela ruri go tla bo go le monate?

14 Le fa go ntse jalo, Baebele ga e bue ka go tshelela ruri mo lefatsheng le mo go lone batho ba bogisiwang ke malwetse, botsofe, le matlhotlhapelo a mangwe. Nnyaa, ka gonne Jesu Mmusi wa Bogosi jwa Modimo, o tla dirolola mathata ano otlhe a a bakilweng ke Satane. Go ya ka Baebele, Bogosi jwa Modimo “bo tlaa thubaganya bo nyeletsa” mebuso yotlhe e e gatelelang ya lefatshe leno. (Daniele 2:44) Ka nako eo, go tla arabiwa thapelo e Jesu a e rutileng barutwa ba gagwe, “thato” ya Modimo e tla bo e “dirwa mo lefatsheng fela jaaka e dirwa kwa legodimong.” (Mathaio 6:9, 10, Today’s English Version) Mo lefatsheng le lesha la Modimo, fa lefatshe le sena go tlosiwa bosula jotlhe, melemo ya thekololo ya ga Jesu e tla diragadiwa ka botlalo. Ee, batho botlhe ba ba tshwanelegang ba tla boa gape ba nna le botsogo jo bo itekanetseng!

15, 16. Go tla bo go ntse jang mo lefatsheng le lesha la Modimo?

15 Mafoko ano a Baebele a tla diragala mo bathong ba ba tla bong ba tshela mo lefatsheng le lesha la Modimo: “Nama ya gagwe e tlaa šafala bogolo go ya ngwanyana, o tlaa boela mo malatsing a bokau jwa gagwe.” (Jobe 33:25) Gape go tla bo go diragaditswe tsholofetso e nngwe ya Baebele: ‘Matlho a difofu a tla foufololwa, le ditsebe tsa bosusu di tla thibololwa. Setlhotsa se tlaa tlola jaaka kwalata, le loleme lwa semumu lo tla opela.’—Isaia 35:5, 6.

16 Akanya fela: Le fa re ka tswa re le dingwaga di le kae ka nako eo—di le 80, 800, kana le e leng go feta—mebele ya rona e tla nna e ntse e itekanetse sentle. Go tla nna fela jaaka Baebele e solofetsa jaana: “Monni wa gona ga a ketla a re: ‘Ke a bobola.’” Ka nako eo go tla diragadiwa le tsholofetso eno: “[Modimo] o tla phimola keledi nngwe le nngwe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, lefa e le khutsafalo lefa e le selelo lefa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone. Dilo tsa pele di fetile.”—Isaia 33:24; Tshenolo 21:3, 4.

17. Ke dilo dife tse re ka lebelelang gore batho ba tla kgona go di dira mo lefatsheng le lesha la Modimo?

17 Mo lefatsheng leo le lesha, re tla kgona go dirisa boboko jwa rona jo bo gakgamatsang ka tsela e Mmopi wa rona a neng a ikaeletse gore bo dirisiwe ka yone fa a ne a bo dira bo na le bokgoni jwa go ithuta jo bo seng kana ka sepe. Ebu, a ko o akanye fela ka dilo tse dintlentle tse re tla kgonang go di dira! Tota le batho ba ba sa itekanelang, ba kgonne go dira sengwe le sengwe se se re dikologileng—di-cell phone, dimaekerofouno, diwatšhe, di-pager, dikhomputara, difofane, ee, sengwe le sengwe fela se o ka akanyang ka sone—ba dirisa dilo tse di tswang mo lefatsheng. Ga go sepe sa dilo tseno se se dirilweng ka dilo tse di tserweng golo gongwe kgakala mo lobopong. E re ka re tlile go tshela ka bosakhutleng mo Paradaiseng ya mono lefatsheng, re tla bo re na le bokgoni jo bo seng kana ka sepe jwa go dira dilo tse di gakgamatsang!—Isaia 65:21-25.

18. Ke eng fa botshelo bo se kitla bo lapisa pelo mo lefatsheng le lesha la Modimo?

18 Botshelo le jone bo tla bo bo sa lapise pelo. Le e leng gone jaanong re tlhoafalela dijo tse re tlileng go di ja le mororo re na le makgetlo a le diketekete re ntse re ja. Fa re setse re le batho ba ba itekanetseng, re tla kgona go itumelela le e leng ka selekanyo se segolwane dilo tse di monate tse lefatshe la Paradaise le tla di tlhagisang. (Isaia 25:6) E bile re tla itumelela go tlhokomela diphologolo tse dintsintsi tsa lefatshe le go leba phirimo e ntle ya letsatsi, dithaba, dinoka le mekgatsha. Ee ruri, botshelo ga bo na bo lapisa pelo mo lefatsheng le lesha la Modimo!—Pesalema 145:16.

Go Dira Dilo Tse Modimo a di Batlang

19. Ke eng fa go utlwala go dumela gore go na le dilo tse Modimo a batlang re di dira gore re bone mpho ya botshelo?

19 A o ne o ka lebelela gore Modimo a go abele mpho e e molemolemo ya botshelo jo bo sa khutleng mo Paradaiseng kwantle ga gore o dire sengwe go e bona? A ga go utlwale gore Modimo a bo a ka batla sengwe mo go rona? Ee, go a utlwala. Nnyaa, Modimo ga a re latlhelele mpho eno fela. O re abela yone, mme re tshwanetse ra dira sengwe go e bona. Ee, go tlhokega gore re dire maiteko. O ka nna wa botsa yone potso e mmusi mongwe yo mmotlana yo o humileng a ileng a e botsa Jesu: “Ke molemo ofe o ke tshwanetseng go o dira e le gore ke bone botshelo jo bo sa khutleng?” Kgotsa o ka baya potso eno ka tsela e mogolegwa mongwe wa kwa Filipi a ileng a e botsa moaposetoloi Paulo ka yone: “Ke tshwanetse go dirang gore ke bolokwe?”—Mathaio 19:16; Ditiro 16:30.

20. Ke selo sefe sa botlhokwa se se batlegang gore re bone botshelo jo bo sa khutleng?

20 Mo bosigong jwa pele ga Jesu a swa, o ne a bolela selo sa konokono se se tlhokegang fa a ne a rapela Rraagwe wa selegodimo jaana: “Seno se raya botshelo jo bo sa khutleng, go anya ga bone kitso kaga gago, Modimo o o osi wa boammaaruri, le kaga yo o mo rometseng, Jesu Keresete.” (Johane 17:3) A ga se selo se se utlwalang, go anya kitso ka ga Jehofa, yo o dirileng gore re kgone go bona botshelo jo bo sa khutleng le ka ga yo o re swetseng, e bong Jesu Keresete? Le fa go ntse jalo, go tlhokega se se fetang fela go nna le kitso eo.

21. Re bontsha ka eng gore re supa tumelo ka tsela e e batlegang?

21 Gape Baebele ya re: “Yo o supang tumelo mo go Morwa o na le botshelo jo bo sa khutleng.” Go tswa foo e oketsa jaana: “Yo o sa utlweng Morwa ga a kitla a bona botshelo, mme tšhakgalo ya Modimo e ntse mo go ene.” (Johane 3:36) O ka bontsha tumelo mo go Morwa ka go fetola botshelo jwa gago gore bo dumalane le thato ya Modimo. O tshwanetse go tlogela tsela epe fela e e phoso e o ka tswang o ne o tsamaya ka yone mme o tseye kgato ya go dira dilo tse di itumedisang Modimo. O tshwanetse go dira se moaposetoloi Petere a ileng a se laela: “Ikotlhayeng, lo bo lo sokologe e le gore maleo a lona a tle a phimolwe, gore dipaka tse di lapolosang di tle di tswa mo go Jehofa.”—Ditiro 3:19.

22. Go latela dikgato tsa ga Jesu go akaretsa ditiro dife?

22 A le ka motlha re se lebale gore ke fela ka go supa tumelo mo go Jesu re ka bonang botshelo jo bo sa khutleng. (Johane 6:40; 14:6) Re bontsha go dumela mo go Jesu ka go ‘latela dikgato tsa gagwe sentlentle.’ (1 Petere 2:21) Go dira jalo go akaretsa eng? Ebu, Jesu o ne a tlhaeletsa jaana fa a ne a rapela Modimo: “Bona! Ke tlile . . . go dira thato ya gago, Oo Modimo.” (Bahebera 10:7) Go botlhokwa thata gore o etse Jesu ka go dumela go dira thato ya Modimo mme o neele Jehofa botshelo jwa gago. Morago ga moo, o tshwanetse go bontsha gore o ineetse jalo ka go kolobediwa mo metsing; Jesu le ene o ile a ikisa gore a kolobediwe. (Luke 3:21, 22) Ruri go a utlwala gore o tseye dikgato tse di ntseng jalo. Moaposetoloi Paulo o ile a bolela gore “lorato lo Keresete a nang le lone lo a re patelela.” (2 Bakorintha 5:14, 15) Ka tsela efe? Ebu, lorato lo ile lwa dira gore Jesu a re intshetse botshelo jwa gagwe. A seo ga se a tshwanela go re patelela gore re tsibogele seo ka go supa tumelo mo go ene? Ee, se tshwanetse go re patelela go etsa sekao sa gagwe sa lorato sa go ithaopela go thusa batho ba bangwe. Keresete o ne a tshelela go dira thato ya Modimo; le rona re tshwanetse go dira jalo, re sa tlhole re itshelela.

23. (a) Batho ba ba tla bonang botshelo ba tshwanetse go okediwa mo go eng? (b) Go lebeletswe gore batho ba ba mo phuthegong ya Bokeresete ba dire eng?

23 Mme ga go felele foo. Baebele e bolela gore fa go ne go kolobediwa batho ba le 3 000 ka Pentekosete ya 33 C.E., ba ne ba “okediwa.” Ba okediwa mo go eng? Luke o tlhalosa jaana: “Ba ne ba tswelela ba ineela mo thutong ya baaposetoloi le mo go abalaneng.” (Ditiro 2:41, 42) Ee, ba ne ba kopana mmogo go ithuta Baebele le go itumelela go nna mmogo mme ka go dira jalo ba okediwa, kana ba nna karolo ya phuthego ya Bokeresete. Bakeresete ba bogologolo ba ne ba nna gone ka metlha mo dipokanong gore ba tle go rutiwa dilo tsa semoya. (Bahebera 10:25) Basupi ba ga Jehofa le bone ba dira jalo gompieno, mme ba rata go go kgothaletsa gore le wena o nne gone mo dipokanong tseno.

24. “Botshelo jwa mmatota” ke eng, mme bo tla nna gone jang mme leng?

24 Dimilionemilione tsa batho jaanong di tsamaya mo tseleng eno e e pitlaganeng e e isang kwa botshelong. Go tlhoka motho maiteko a magolo gore a tswelele pele a le mo tseleng eno e e pitlaganeng! (Mathaio 7:13, 14) Paulo o ne a bontsha seno fa a ne a ikuela jaana ka lorato: “Tlhabana tlhabano e e molemomogolo ya tumelo, tshwara botshelo jo bo sa khutleng ka thata jo o neng wa bo bilediwa.” Go botlhokwa gore re tlhabane ntwa eno gore re ke re “tshware botshelo jwa mmatota ka thata.” (1 Timotheo 6:12, 19) Botshelo joo jwa mmatota ga se botshelo jwa gone jaanong jwa ditlhabi le matlhoko le pogo, tse re di tliseditsweng ke boleo jwa ga Adame. Go na le moo, ke botshelo mo lefatsheng le lesha la Modimo, jo re tla tlogang re bo bona fa setlhabelo sa thekololo sa ga Keresete se dirisiwa mo go botlhe ba ba ratang Jehofa Modimo le Morwawe fa tsamaiso eno ya dilo e sena go tlosiwa. E kete rotlhe re ka tlhopha botshelo—“botshelo jwa mmatota”—botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng le lentle le lesha la Modimo.

O ka Araba Jang?

◻ Noga, mosadi le losika ba go buiwang ka bone mo go Genesise 3:15 ke bomang?

◻ Jesu o ne a lekana jang le Adame, mme thekololo e ile ya dira gore go kgonege eng?

◻ O ka tlhologelelwa eng se se tla dirang gore botshelo bo go natefelele mo lefatsheng le lesha la Modimo?

◻ Ke dilo dife tse di batlegang tse re tshwanetseng go di dira gore re tshele mo lefatsheng le lesha la Modimo?

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Mo basheng le mo bagolong Jesu ke ene tsela e e nosi fela ya go bona botshelo jo bo sa feleng

[Setshwantsho mo go tsebe 11]

Mo nakong e Modimo o e beileng, batsofe ba tla boelwa ke matlhagatlhaga a bosha jwa bone

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela