A Dipolelelo-pele Tsotlhe di Tswa kwa Modimong?
“MODIMO . . . o tshwanetse go tlhaloganngwa jaaka yo mogolo thata ebile a le gongwe le gongwe mo, ka baka leo, a ka sekang a nna fela mo bodumeding bo le bongwefela, tsela e le nngwe fela kana, mo bathong ba le bangwefela.” Go ne ga kwala jalo ramatlhale mongwe mo pampiring ya dikgang ya Nigeria, e e bidiwang The Guardian. O dumela gore bodumedi jwa ngwao ya Se-Afrika bo ne jwa senolelwa seemo sa Afrika ke Modimo ebile o akantsha gore bodumedi jo bongwe jo bogolo bo ne jwa tlholelwa go tshwanela maemo a lefelo leo.
Bora-ngwao ba leba Bokeresete jaaka bodumedi jwa Makgowa mme baitseanape ba ngwao e le bone barongwa ba boperofeti ba mmatota. Lekwalo leo le neng le kwaletswe Daily Times ya Nigeria le ne la re: “Modimo Mothatayotlhe o itshenola ka dipaka tse di farologaneng mo bathong ba ba farologaneng . . . Banna ba ba botlhale ba lefatshe ba ngongoregela gore Mogodimodimo jaanong o Iponatsa mo Afrika.” Bangwe ba bile ba solofela moperofeti wa MoAfrika, yo o tshwanang le Jesu gape, bangwe ba re, ke Muhammad.
Dipono tseno di tsosa dipotso tse di tshwanang le tseno: A dipolelelo-pele tsotlhe di tswa kwa Modimong? A o ne wa senola dipono tse di farologaneng tsa bodumedi tse di kgaoganyang lefatshe? A o na le dipatlafalo tse di farologaneng tsa bodumedi mo ditsong tse di farologaneng? A kana go na le baperofeti ba boammaaruri le ba maaka, le bodumedi jwa boammaaruri le jwa maaka? Tota boperofeti jwa boammaaruri ke eng, mme boikaelelo jwa jone ke eng?
Boperofeti ke Eng?
Webster’s Ninth New Collegiate Dictionary e tlhalosa boperofeti jaaka “polelo e e tlhotlheleditsweng ya thato ya bomodimo le boikaelelo 2: polelo e e tlhotlheleditsweng ya moperofeti 3: polelelo-pele ya sengwe se se tlang.” Se se akantsha gore go ka nna le metswedi e e farologaneng ya boperofeti
Moperofesa mongwe wa unibesithi wa dithuto tsa bodumedi, E. Bolaji Idowu, fa a buelela bodumedi jwa ngwao, o bua ka “pono e e farologaneng kaga Modimo mo Afrika.” Buka ya gagwe e go tweng African Traditional Religion e tlhalosa gore jo “gantsi bo tlhomamisiwa le go bopiwa ke popego ya loago le maemo a lefelo.” Ka sekai, o bolela gore “lefa mo bontsing jwa Afrika, Modimo o tlhaloganngwa e le motho wa senna, go na le mafelo mangwe [bogolo jang mo metseng e e busiwang ke mosadi] koo o lebiwang jaaka motho wa sesadi.” A megopolo eno e e ikaegileng ka lefelo le e e ganetsanang e ka bo e tlhotlheleditswe ke Modimo? Moperofesa Idowu o bolela gore “ga go na sepe se se ka thibelang . . . lotso . . . lepe mo Afrika go nna le pono ya lone kaga Modimo ” Seno se akantsha gore dipono tse di ntseng jaana tsa bodumedi di tswa mo megopolong ya batho le kelotlhoko go na le go senolwa ke Modimo.—Bapisa Baroma 1:19-23.
Baitseanape ba ngwao le ba ba buang le badimo ga ba senole botho jwa boammaaruri jwa Modimo kana thato ya gagwe le boikaelelo. Ba dirisana le meila le meletlo e e batlwang ke “badimo” ba ba farologaneng ba lefelo la bone. Dipolelelo-pele tsa bone di thailwe mo kitsong ya ditlhamane le bola. Ka gone, boperofeti jo bo ntseng jalo ga se dipolelo tse di tlhotlheleditsweng tsa thato ya bomodimo. Modimo Mothatayotlhe, yo o tlhotlheletsang boperofeti jwa boammaaruri, ga se motswedi wa jone.—2 Petere 1:20, 21; Duteronome 13:1-5; 18:20-22.
Motswedi wa dipolelelo-pele tse di ntseng jalo ke eng he? Tswee-tswee bala setlhogo se se latelang go bona karabo ya potso eno le tse dingwe tse di tsositsweng pele mo puisanong eno.