A Go A Kgathalesega Gore O Obamela Jang?
MO TOROPONYANENG nngwe ya Afrika go lela letsatsi la motshegare o mogolo. O ka kgona go utlwa meropa e e lelediwang kwa godimo thata, go opela, le go opa diatla ka boitumelo fa mokgatšheng o o fa gaufi. Mme lefa go ntse jalo seno ga se kokoano fela. Ke kobamelo ya setso sa Seafrika. Lefa go ntse jalo, medumo eno e utlwala mmogo le mantswe a a magwata a a tswang mo kerekeng e e gaufinyana ya mowa. Mo go yone baobamedi ba ba tshwerweng ke mowa ba “fodisa” ka dikgakgamatso e bile ba bua ka diteme. Ka kwa ntlheng e nngwe ya toropo eno go na le mofuta o mongwe wa kobamelo. Go tserema lentswe la mogoeledi mongwe a bitsa baobamedi ka ene ba Mamoselema gore ba tle thapelong.
Ee, mo ditoropong le mo ditoropokgolong tse dintsi mo Afrika, batho ba ineetse mo ditumelong tse dintsi tse di farologaneng. Ka dingwagangwaga Maafrika a ne a kgotsofalela dingwao tsa bone tsa bodumedi. Mme go tswa foo ke fa go tla barongwa ba Labokeresete, ba setse morago masole a ditšhaba tse di farologaneng tsa Yuropa, mme ba leka go patelela mongwe le mongwe go nna “Mokeresete”—ba ba patelela go fetola le one maina a bone tota.
Go ne ga felela ka eng? Go ne ga simologa bodumedi jo bo tlhakantseng ditumelo le ditiro tsa setso sa Seafrika le ditumelo tsa bodumedi tse di tswang kwa dinageng di sele. Le gompieno baobamedi ba bantsi ba “Bakeresete” ba dirisa dipheko le mereo ya setso. Lefa go ntse jalo, barongwa ba Labokeresete ba ne ba sokamisa Bokeresete jwa boammaaruri fela thata, mme ba tlogela batho ba kgopisegile. Ba nnile le seabe se segolo mo go direng gore Maafrika mangwe gompieno a bo a sa rate go sekaseka Bibela.
Lefa go ntse jalo, mefuta e mentsi ya “Bokeresete” e sa ntse e dirisiwa mo mafelong a le mantsi. Mo dingwageng tsa bosheng jaana ditlhopha tsa bodumedi jwa mowa di ile tsa ratega fela thata; dikereke tse di fodisang ka go rapelela di ntsifetse. Mokwadi mongwe wa lokwalodikgang o ne a tlhalosa lebaka la go bo dikereke tseno di gogela ka go tlhalosa gore ‘mo Seafrikeng bodumedi bo lejwa thata jaaka sengwe se se tshwanetseng sa tswa thuso. Moafrika o akanya gore bodumedi bo tshwanetse jwa kgona go kgotsofatsa motho ka tlhamalalo ka dilo tse di bonalang. Ka gone, mo Moafrikeng yo o dumelang gore meya e e sa bonaleng e botlhokwa mo e batlileng e le mo go sengwe le sengwe, thulaganyo ya dikereke tsa mowa [tse di fodisang ka go rapelela] e dumalana le dilo tse ene a di tlhokang mo botshelong jwa gagwe.’ Lefa go ntse jalo, ka maswabi dikereke tse dintsi tsa mowa di ne tsa tlhomiwa e le fela go dira madi.
Gompieno, go na le makoko a bodumedi a a fetang 6 000 mo Afrika. Gongwe o ntse o akanya gore ditumelo tseno tsotlhe le makoko di isa polokong. Mme potso e e tshwanetseng ke e, Modimo o ikutlwa jang?
A Bodumedi Bongwe le Bongwe Fela Bo Ka Itumedisa Modimo?
Eleruri, Mmopi wa lobopo a ka se re tlogele fela a sa re neela kaelo mabapi le kgang eno. (Amose 3:7; Ditihō 17:26, 27) Mme go na le bosupi jo bontsi jwa gore kaelo ya bomodimo e ka fitlhelwa mo Bibeleng. Nnyaa, Bibela ga se buka ya makgoa, jaaka ba bangwe ba e bitsa. E bile tota, ga go na motho ope—yo montsho kana yo mosweu—yo o ka tlotliwang ka ntlha ya yone. “Lokwalō loñwe le loñwe [lo kwadilwe] ka tlhotlheleco ea Modimo,” go bolela jalo 2 Timotheo 3:16. Dithuto tsa Bibela tse di boammaaruri, tse di dirang, lebaka la go bo e le buka ya bogologolo, e falotse ditlhaselo tse di setlhogo, boperofeti jwa yone jo bo boammaaruri le lebaka la go bo e anamisitswe ka selekanyo se segolo thata mo lefatsheng ka bophara—jono ke bosupi jo bo phepafetseng sentle jwa gore e kwadilwe ke Modimo.
Buka eo e re ruta eng? Selo sa ntlha, e re bolelela gore go na le ‘Modimo o o boammaaruri’ o le mongwe fela fela. (Yohane 17:3) Fa seo se le jalo, ditumelo di ka nna boammaaruri tsotlhe jang? A ditlhopha tsa bodumedi ga di farologane ka dikgang tsa gore one Modimo ke mang le gore o bopegile jang? Mokwadi wa Bibela e bong Jakobe o ne a bua ka “tumelo e e itshekileng le e e boammaaruri.” (Yakobe 1:27, Today’s English Version) Fa e le gore go a tlhokega go tlhaola bodumedi jwa boammaaruri, he go tshwanetse gape ga bo go na le bodumedi jwa maaka kana jo e seng jone. Seno se tla bo se sa dumelane le kgopolo e e reng ditumelo tsotlhe ke ditsela fela tse di farologaneng tse di yang kwa Modimong.
Ditekanyetso tsa Mmopi tsa go Obamela
Ke tsela efe e e siameng ya go obamela Modimo? Bibela e re ruta gore kobamelo ya boammaaruri e itsetsepela thata mo kitsong e e tlhomameng. Moperofeti yo mogolo e bong Jesu Keresete o kile a bolelela mosadi wa Mosamaria jaana: “Lona lo ōbamèla se lo sa se itseñ.” (Yohane 4:22) A gongwe seno se ka tswa se le boammaaruri le ka wena? A o rutilwe gore Modimo Mothatayotlhe o na le leina la gagwe ka namana e bong Jehofa? (Pesalema 83:18) A o itse gore maikaelelo a gagwe ke afe ka motho le lefatshe? (Mathaio 6:9, 10; Baefesia 1:9, 10; 3:11) A bodumedi jwa gago bo go solofetsa isagwe e e botoka ya mmatota? Mme fa o ipolela gore o Mokeresete, a o ka tlhalosa dilo tse o di dumelang o dirisa Dikwalo, kana a ke boswa jo o bo ruileng jo tota o sa bo tlhatlhobang?
Fa o ipona o sena kitso e e tlhomameng, o ka e bona ka go ithuta Lefoko la Modimo, Bibela. Jehofa Modimo o batla gore baobamedi ba gagwe ba boammaaruri ba itlwaelanye le se Buka E E Boitshepo eo e se rutang. Mo godimo ga moo, o batla ba se dirisa mo matshelong a bone. Boikutlo jwa rona bo tshwanetse jwa tshwana le jwa ga mopesalema yo o neng a bolela jaana: “Lehoko ya gago ke lobōnè loa dinaō tsa me, le lesedi ya tsela ea me.” (Pesalema 119:105) Bodumedi jwa gago bo go thusitse go le kana kang gore o itse Bibela le go e tlhaloganya?
Karolo e nngwe e e botlhokwa ya kobamelo ya boammaaruri ke go dumela mo go Jesu Keresete, e seng jaaka moperofeti yo mogolo fela mme le jaaka Morwa Modimo yo o tsetsweng a le esi. Dikwalo di bolela ka phepafalo gore Jesu ke “Kgōsana ea botshelō.” (Ditihō 3:15; 4:12) Batho ba bantsi ba bolela gore ba dumela mo go Jesu, mme tumelo ya bone e boammaaruri go le kana kang? Go dumela mo go Keresete ka tsela ya mmatota go raya go utlwa ditaelo tsa gagwe. Modimo ka boene o ne a kgothaletsa seno fa a ne a bolela jaana: “Eo, ke Morwaake, eo o ratègañ: utlwañ èna.” (Mareko 9:7) Ka gone baobamedi ba boammaaruri ba leka go tsamaya thata mo dikgatong tsa ga Jesu ka mo go ka kgonegang ka teng. (1 Petere 2:21) Tsela e nngwe e ba dirang jalo ka yone ke ka go nna le seabe mo tirong ya go rera phatlalatsa eo a e simolotseng. (Mathaio 4:17; 10:5-7) A bodumedi jwa gago bo go kgothaletsa gore o nne le seabe mo tirong eno ka namana?
Lorato le lone ke sengwe sa botlhokwa mo kobamelong ya boammaaruri. Jehofa Modimo o tlhalosiwa ka gore ke lorato, mme Jesu o ne a bolelela balatedi ba gagwe gore ba ne ba tla tlhaolwa ka go ratana ga bone. (Yohane 13:34, 35; 1 Yohane 4:8) Fa o akanya ka dimilione tse dintsi tsa batho ba ba ipolelang gore ke Bakeresete gompieno, a lefatshe le ka bo le sa tlala ka lorato? Lefa go le jalo, go bua boammaaruri, lefatshe la rona le itshupile e le lefelo le le senang lorato tota. Dintwa di bolaile dimilionemilione tsa batho mo lekgolong leno fela la dingwaga. Bokebekwa le bothubaki di ntse di oketsega. Ka jalo ipotse, ‘Fa mongwe le mongwe a ne a le mo bodumeding jwa me, a lefatshe le ne le ka nna lefelo le le nang le lorato go feta jaanong?’
Sa bofelo, Bibela e bontsha gore baobamedi ba boammaaruri ba tshwanetse ba ikgaoganya le lefatshe le le sa itseng Modimo. Fa Modimo o ne o tlhaola morafe wa bogologolo wa Baiseraele gore o boloke kobamelo e e itshekileng, o ne a tlhagisa batho ba gagwe gore ba tile go ikopanya thata le merafe e e bosula e e neng e ba dikologile. (Duteronome 7:1-6) Mo go Yohane 17:16, ka mo go tshwanang Keresete Jesu o ne a bua jaana kaga balatedi ba gagwe: “Bōnè ga se ba lehatshe, hèla yaka nna ke se oa lehatshe.” Baobamedi ba boammaaruri ba Modimo ga ba tseye karolo mo dipolotiking, mo boitsholong jo bo sa siamang, mo dikgwebong tse di dirwang ka bogagaru, kana mo matlhajaneng a a tlontlololang Modimo. (Yohane 18:36; 1 Yohane 2:15-17) Ba utlwa taelo e e kwadilweng mo go Baroma 12:2 e e reng: “Lo se ka loa bopèga yaka lehatshe yeno.” A ke sone se bodumedi jwa gago bo go kgothaletsang go se dira?
O Ka Bona Thuso
Ee, mo Modimong ruri go a kgathalesega gore o mo obamela jang. Ene o itse gore go na le bodumedi jwa boammaaruri bo le bongwe fela. (Baefesia 4:4-6) Tlhaloso ya rona e khutshwane e amile dintlha dingwe tsa konokono tsa thuto ya Bibela. Ke ka ntlha yang o sa leke go ithuta mo go oketsegileng?
Go sa kgathalesege gore o goletse mo bodumeding bofe, Basupi ba ga Jehofa ba ka go thusa mo kgannyeng eno. Ba itsege lefatshe ka bophara ka tiro ya bone ya go ruta Bibela ka tsela e e boteng. Ba ikutlwa ba tlamega go thusa batho ba ditso tsotlhe le ba bodumedi bongwe le bongwe gore ba tlhaloganye Bibela botoka. (Diane 2:1-6) Ba gatisa dibuka tsa Bibela tse go dirilweng dipatlisiso sentle mo go tsone.a E bile tota, ba ka tla le kwa legaeng la gago ka namana go tla go go ruta Bibela mahala. Gone jaanong dimilione tsa batho lefatshe ka bophara ba solegelwa molemo ke thulaganyo eno ya thuto ya Bibela. Ke ka ntlha yang o sa dire jalo le wena? Eleruri, go botlhokwa gore o dire jalo ka gonne tota go a kgathalesega gore o obamela jang.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Nngwe ya dikgatiso tseno ke ya Matsapa A A Tserweng ke Motho go Batla Modimo, e gatisitswe ka 1990 ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc. Batho ba le bantsi ba itumeletse kafa e tlhalosang ditumelo tse dikgolo tsa lefatshe ka tsela e e botlhale le e e rutang ka gone.
[Setshwantsho mo go tsebe 5]
Barongwa ba Labokeresete ba ne ba sokamisa Bokeresete jwa boammaaruri fela thata
[Setshwantsho mo go tsebe 5]
Dikereke tse dintsi tsa mowa di ne tsa tlhomiwa e le fela go dira madi
[Setshwantsho mo go tsebe 6]
Go dumela mo go Jesu ke karolo e e botlhokwa ya kobamelo ya boammaaruri
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Basupi ba ga Jehofa ba thusa dimilione tsa batho go bona kitso e e tlhomameng ba dirisa dithuto tsa Bibela tsa magae tsa mahala