Digole Tse Di Kgonang Go Rera
LEKAWANA le lentle leno le le tsentsweng ditshipi mo leotong le golafetse maoto otlhe. Mosadi yono yo o sefatlhego se se phatsimang ke semumu. Makau a mararo ano a a ruma-mmang ba na le bolwetse jwa go swa dinama. Ke eng se ba tshwanang ka sone? A ke bogole jwa bone? Gongwe. A ke dikgono tsa bone? Ee ruri! Botlhe ba kgona go rera—ke badihedi ba babulatsela ba nako e e tletseng.
Batho bano ba re ba ile ba atlega jaaka badihedi ba babulatsela ka ntlha ya dilo di le tharo: (1) kaelo e e molemo e e tswang go Jehofa Modimo ka phuthego ya gagwe e e lorato; (2) thuso e e sa reketleng e e tswang mo malapeng a bone le mo malokong a phuthego ya Bokeresete; le (3) keletso e e tswang mo pelong ya go oketsa ditshiamelo tsa bone tsa tirelo. A re bone gore batho bano ba ba digole ke eng ba kgona mme e bile ba kgona jang go rera.
Segole sa Maoto se se Matlhaga-tlhaga
Lefa a sa kgone go dirisa maoto a gagwe, Masashi Tokitsu wa dingwaga tse 35 o ile a fetsa dingwaga tse tlhano a ntse a le mmulatsela wa ka metlha. Go tswa fela kwa bonyaneng jwa gagwe o ne a eleditse go ka nna morutisi wa jeminasitiki. Mme keletso eo ya gagwe e ne ya felela mo nageng fa a sena go wa mo mophakalegong fa a sa ntse a le dingwaga fela tse 15. Fa a sena go bona tiragalo eo e e botlhoko, o ne a akanya gore go ntshofetse jaanong ka ga botshelo jwa gagwe. Mme lesedi le ne la tlhaga gape fa a ntse a ithuta Bibela. Mme jaanong, seno e ne e le lesedi la boammaaruri. (Bapisa Yohane 1:5.) Mo dikgweding fela tse di lesome, Masashi o ne a kolobediwa jaaka mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Mo reetse kafa a re bolelelang ka gone gore ke ka ntlha yang e bile ke jang a ileng a nna mmulatsela.
“Go tswa fela kwa tshimologong, ke ne ke akanya gore maikaelelo a me a go ithuta Bibela e ne e le go rerela ba bangwe. Jalo ke ne ka sola sebaka sengwe le sengwe molemo go bua le mongwe le mongwe yo o neng a tsile mo gae. Ke ne ke tlhola ke tswela babulatsela pelo. Abo ke ne ke eletsa jang ne go ipona ke ya kwa bathong malatsi otlhe go ya go ba rerela! Batho ba ba golafetseng mo maotong gantsi ba tlhagelwa ke bolwetsi jwa decubitus, kana dintho tsa mmele, le mo nokeng ya me, ke ne ke dulwe ke e nngwe e e maswe e bile e tswa boladu, e tswetswena metse, le madi. Go fetola matsela a a e bapileng ka nako le nako mo letsatsing le le lengwe go ne go ja nako e ntsi! Ka go gopola gore ga ke ne ke kgona go nna mmulatsela mo tsamaisong eno ya dilo, ke ne ka itsheka dikeledi fa ke sena go bala mo dikgatisong tsa Watch Tower mafoko a a pelonomi, le a a bothito a a neng a lebisitswe mo go ba ba neng ba sa kgone go ka bulatsela.
“Ka ntlha ya dintho tse di mo matlhakoreng oo-mabedi a lotheka lwa me, ke ne ka tsenwa ke letshoroma. Se se gakgamatsang ke gore, e ne e re fa ke ya kwa dipokanong tsa Bokeresete boemo jono bo bo bo ema. Go tswa foo ka kakantsho e e botlhale ya mokaulengwe yo e bileng e le ngaka ya melemo, ke ne ka ariwa dintho tseno. Loaro lwa bobedi lo ne lwa atlega thata, mo e leng gore morago ga dikgwedi tse tlhano ke se na go fola, ke ne ka simolola go direla jaaka mmulatsela yo o thusang. Lefa go ntse jalo, ka nako eo, ke ne ke gopola gore, e le gore ke tle ke tlhokomele maikarabelo a me kafa tshwanelong jaaka mogolwane wa phuthego, bobulatsela jwa ka metlha bo ka nketefalela. Phuthego e ne e sa tswa go tlhongwa, mme e ne e le nna mogolwane fela moo.
“Ka nako eo, ke ne ke kgatlhegela go nyala kgaitsedi mongwe, mme dilo di ne di sa tsamaye sentle. Ka go hutsafala thata, ke ne ka gopola gore dilo tseno di dirwa ke thato ya ga Jehofa, mme e bile go ne go sena sebaka sepe sa go tlhokofala maikutlo fa jaana go ne go na le dilo tse dintsi go di tlhokomela mo phuthegong. Ke ne ka akanya gore kalafi e e botoka thata mo go nna ke go tsenelela thata mo tirong ya bolegodimo. Dikgwedi tse pedi moragonyana, ke ne ka ikwadisa jaaka mmulatsela wa ka metlha. Gore motho a nne mmulatsela mme a golafetse mo maotong, go botlhokwa thata gore a fetole botho jwa gagwe go feta phetogo ya mmele. O tlhoka thuso e ntsi thata mo go ba bangwe go fitlhelela seo o batlang go se dira, jalo motho o tlamega go ithuta tsela e ntle ya gore a tle a bone tirisano mmogo eo. Ereka ke ka kgona go kgweetsa kara mo tirelong ya tshimo, fa go kgonega ke ema gautshwane le matseno a malapa. Ka metlha yotlhe ke dira le mmoledi yo mongwe wa Bogosi yo o pagamang kafa lebating le lengwe. Mothusi wa me o tsamaya a tshotse kgetsana ya me ya dibuka mme a nne a ikgakolole se ke se tlhokang mo go yone, le gore ka thulaganyo efe.
“Ereka re tsamaya mo ditseleng tse ditshesane, fa gongwe ke ema fela fa hekeng ke bo ke tlhaeletsa ba ba mo lapeng ka lentswe je legolo gore mong wa ntlo a utlwe. Fa go na le mapalamo, mothusi wa me o ya kwa kgorwaneng a bo a supegetsa mong wa ntlo Bibela fa ke ntse ke bua ke le kwa tlase. Fa go na le matlo a a tlhomaganeng ao a ka tsenwang motlhofo fela, kana go na le matlwana ape a a senang ope kwa bodilong jo bo kwa tlase, ditsala ka bopelonomi di a a ntlogelela. Fa ke tsamaisa dimakasine, ke tlhofofaletsa mothusi wa me tiro ka go tshola kgetsana e e tshotseng dimakasine fela le dibukana.
“Ereka ke le molebedi wa tirelo, ke rata go nna gone fa mongwe a tsamaisa thuto ya Bibela ya legae. Jalo dithuto tsa rona re di tshwarela mo legaeng la mmoledi wa Bogosi le le leng motlhofo go tsenwa, kana ba tla kwa go la me. Jalo he o ka bona gore ke tlhoka thuso ya bakaulengwe. Ga go tlhokafale fela gore ditsala e nne tsone fela di tlhaloganyang kafa di tshwanetseng go nthusa ka gone mme le nna go tlhokafala gore ke itse kafa ke ka amogelang thuso ya bone ka gone ka bopelontle.
“E rile fa ke simolola go bulatsela, ke ne ke neela bosupi thata ka go kwala dikwalo. Lemororo jaanong ke ka dirisa ditshipi tsa maoto letsatsi lotlhe kwa ntle ga mathata ape, gantsi ke a bo ke na le babulatsela ba bangwe le baboledi mo tirong ya go rera. Molemo o mongwe o o bonalang sentle ka ntlha ya go senya letsatsi lotlhe mo tirelong ke wa go robala boroko jo bo monate mo bosigong jotlhe. Go dirisa Bibela ka malatsi otlhe go oketsa tlhatswego pelo ya me ya gore ke mo boammaaruring. Go nna le seabe mo matshelong a malatsi otlhe le go bona kafa batho ba tlhokang boammaaruri ka gone go godisa lorato lwa me mo go bone. Ka go bo go na le yo ke dirang le ene ka metlha yotlhe seo gape se mpha sebaka sa go dira tiro ya bodisa mme se nthusa go itse letsomane thata-thata.
“Legale, ke solofetse tsamaiso e ntšha ya dilo koo ke tla direlang Jehofa ka mmele o o itekanetseng. Mme ga go tlhokafale gore motho a letele go fitlhelela nako eo. Go mo direla gone jaanong, ka makoa kana lefa a seyo, ke sebaka se se molemolemo sa bagolo le bannye ka go tshwana.”
O Tsoma Tsebe e e ka Reetsang
“Mo dingwageng tsa fa ke sa ntse ke gola ke ne ke tlhola mo selelong,” go bolela jalo Katsuko Yamamoto. Morago ga fa a sena go tlhaselwa ke letshoroma le mmokwane, Katsuko o ne a fetoga susu a sa ntse a le dingwaga tse pedi. O sa ntse a gakologelwa bohutsana jwa go ya kwa sekoleng mme e re a tsena koo a fete a itshokele go sa tshwarwe sentle ke bana ba bangwe. Katsuko o itumelela go bo e nnile mmulatsela fa esale go tloga ka 1981, o re bolelela kafa a bo dirang ka gone.
“Ereka ke sa kgone go buisanya le batho ka molomo, fa ke le mo bodiheding jwa tshimo ke kwala mokwalo ke be ke o bontsha mong wa ntlo. Gantsi ke kopa kgaitsadi yo o utlwang sentle gore a tsamaye le nna gore a ntlhomamisetse gore ke a tlhaloganngwa. Fa gongwe ke dira loeto lo lo boelang lantlha ke le nosi mme go tswa foo ke bo ke kopa kgaitsedi yo o kgonang go utlwa sentle go tsamaya le nna mo loetong lwa bobedi. Ke ile ka kgona go simolola dithuto tsa Bibela ka tsela eo. Go intumedisa thata-thata go bontsha kanaanelo ya me mo bopelonoming jwa ga Jehofa ka tsela eno.”
“Metlha ya selelo” ya ga Katsuko jaanong e fetile. Gompieno, mosadi yono yo o rategang wa Mokeresete o bona boipelo jwa mmatota fa a ntse a tshwaregile jaaka modihedi wa mmulatsela.
Bana ba Motho ba ba Tlhakanelang ka Boraro jwa Bone
Boora-Tanizono bao e leng bana ba motho ba ba mo dingwageng tsa bone tsa bo 40 ba na le bolwetse jwa go swa dinama mo ditokololong. Pele ga ba ithuta boammaaruri, ba ne ba beile matshelo a bone fela mo tirong ya boitshediso, ba solofetse gore ka go dira jalo ba tla itebatsa kgolafalo e e sa kgaotseng le go swa ka bonako mo gantsi go diragalelang batho ba bolwetse jono. Mongwe le mongwe wa bone o ne a simolola go ithutela Bibela kwa bothokong mme a nna le kitso ya boammaaruri. Gore ba supe kanaanelo ya bone mo go Jehofa, ke eng se ba neng ba tla se dira gore ba oketse tirelo ya bone? Yo mmotlana mo go bone, ebong Toshimi, o a re bolelela:
“Ke ne ke nna le nkgonne yo mogolwane, ebong Akimi, le mosadi wa gagwe go fitlhelela ka 1979. Ka go sa tlhole ke kgona go itlhokomela, ke ne ka ya go nna le morwarre Yoshito kwa lefelong la botlhe. Fa ke tsena koo ke ne ka feta ka dira jaaka mmulatsela yo o thusang mme mo dingwageng tse di latelang tse tlhano ke ne ka ithuta Bibela le bana ba ba ka nnang 12 mo ntlwaneng ya kokelo. Mongwe wa bana bao o ne a patelediwa go emisa go ithuta fa a ne a ganediwa ke batsadi ba gagwe, mme ba ne ba mo rebola fa a ba kopa gore ba mo lese a ithute gape. O ne a tlhokafala a le dingwaga di le 16 a na le tsholofelo e e tiileng mo tsogong. Mo e ka nnang ngwaga moragonyana, ke ne ka amogela molaetsa ka founo go tswa kwa batsading ba pele ba neng ba ganetsa. Morwadia bone yo mmotlana o ne a ba bakela mathata mme ba ikutlwa gore thuto e ka mo thusa.
“Nna le morwa-rre ebong Yoshito re ne re batla go nna babulatsela ba ka metlha. A mme tota re ne re ka fitlhelela mokgele wa dioura tse 1 000 ngwaga le ngwaga? Gone go ntse jalo, seo se ne se tla raya gore re senye nako e e oketsegileng mo bodiheding ka dioura tse dingwe gape tse 30 mo kgweding nngwe le nngwe. A mme mebele ya rona e ne e tla itshwarelela? Mme morago ga moo, re ne ra akanya ka gore, ‘Fa re ka seka ra go dira gone jaanong, re tla felela re sa kgona.’ Mafoko a ga Paulo go 1 Bakorintha 9:16 a ne a ntse a tlhagelela nako le nako fa re ntse re buisanya. “Go ka bo go latlhèga nna, ha ke sa rere Mahoko a a Molemō.” Tota ruri, re tlamega go rera mafoko a a molemo e ka ne re itekanetse mo botsogong kana nnyaa. Jalo re ne ra isa dikopo tsa rona mme ra simolola bobulatsela jwa ka metlha ka September 1, 1984.”
Yoshito o oketsa jaana: “Fa ke ne ke leka bobulatsela jwa ‘nakwana’ ka January 1976, ke ne ka koafatsa boitekanelo jwa me mme ka tshwanelwa ke go tlhola fela mo bolaong ka dikgwedi tse pedi. Ke ne ke tshogela thata gore fa ke ka nna mmulatsela wa ka metlha seo se tla ntwatsa mme se mpatelele go sa tle dipokanong. Ka boitumelo, ka August 1985 ke ne ka kgona go fitlhelela mokgele wa me wa dioura tsa ngwaga, mme fa e sa le ga ke ise ke ko ke tlhoke go nna gone mo dipokanong ka ntlha ya go bo ke bulatsela!”
Toshimi o akgela jaana: “Tsela e kgolo eo re dirang bodihedi jwa rona ka yone ke ka go kwala dikwalo. Re kwalela ba ba sa fitlhelwang mo gae, ditsala, ba-losika, maloko a a sa dumeleng a malapa a ba ba mo phuthegong, le banni ba kgaolo e e kwa dithabeng eo e fitlhelelwang fela ka bodihedi jwa ntlo le ntlo gabedi fela mo ngwageng. Re rerela dingaka lefa re sa go ipaakanyetsa, baoki, babereki ba ba ithutang, le balwetsi ba bangwe. Gone jaanong jaana, balwetsi ba le barataro ba ile ba ithuta boammaaruri. Ba le bararo mo go bone ba ne ba fetoga baboledi ba Bogosi mme e bile ba ne ba letetse go kolobediwa fa ba tlhokafala. Mebele ya rona e solegela molemo ka ntlha ya go tshwarega, re ritibetse maikutlo ka go bo re itse gore re dira tiro ya go rera, le go nna le dipelo tse di itumetseng thata ka ntlha ya go kgothatsa ba bangwe.”
Yoshito o oketsa ka go re: “Jaaka bagolwane ba phuthego, re kgona go bua re e tla re dirisa maitemogelo fa re na le bao ba eletsang go nna babulatsela. Fa re sena go isa dikopo tsa rona tsa go batla go nna babulatsela, bokgaitsedi ba le babedi ba ba godileng mo phuthegong le bone ba ne ba tlhotlheletsega go tlhakanela. Ke itumelela segolo-bogolo go bolela gore go ya ka Pesalema 119:71, tsela e pele ke neng ke akanya ka yone e e sa tlhamalalang e ile ya fetogela tseleng ya ga Jehofa. Ee, ‘go ntiretse molemo ha ke ntse ke patikwa; gore ke tle ke ithute ditao tsa Modimo.’”
Jaanong, go bua mogolo wa bone. Akimi a re: “Ke kgona go dira ditiro tsa bolegodimo ka ntlha ya bopelonomi jwa bakaulengwe le tshegetso ya mosadi wa me yo o lorato. Ga ke kgone go ka tsamaya lefa e le kgato e le nngwe. Jaanong morago ga dingwaga tse 14, bakaulengwe kwa ntle ga letsapa lepe ba ile ba nthusa go ya dipokanong tsotlhe le dikopanong. Go tloga fela nakong ya fa ke simolola go ithuta, nako le nako go ne go tlotliwa ka maitemogelo a bobulatsela fa babotlana ba kopanye mmogo. Jaaka go akantshitswe go Tirelo ya Rona ya Bogosi, ke ne ka bona gore ke lekeletse go bulatsela ka ngwaga o le mongwe. Ka go sa ikanye botsogo jwa me thata, ke ne ka solofetsa Jehofa mo thapelong, mme ke ile ka nna ka boeletsa tsholofetso eo ngwaga le ngwaga mo dingwageng tse tlhano. Mo tirelong ya tshimo, ke dirisa baesekele ya maotwana a mararo e e diretsweng digole. Ke kgona go fitlha ka yone gaufi thata le dikgorwana tsa matlo a le mantsi. Gantsi ke nna mo mafelong ao go nang le batsamaya-ka-dinao ba bantsi. Fa go ka feta fela ba sekae, gone fela foo ke rapelela gore ekete mongwe o ka tla gore ke mo rerele, mme he go bo go tlhaga motho yo o reetsang. Baithuti ba Bibela ba tla mo legaeng la me go tla go ithuta, mme ke ile ka kgona go thusa batho ba hera-bobedi gore ba tswelele ba bo ba kolobediwe.
“Jaaka molebedi yo o okametseng le molebedi wa Sekolo sa Bodihedi sa Bolegodimo, ke goroga kwa dipokanong go sa le nako gore ke bo ke le teng go kgatlhantsha bakaulengwe. Ereka go se motlhofo gore ke ba etele kwa magaeng a bone, go dirisa nako eno ka tsela e e molemo pele le morago ga dipokano ke dilo tse di botlhokwa-tlhokwa. Mme e bile gantsi ke dirisa founo mo tirong ya bodisa.
“Mo dingwageng tse nne kana tse tlhano tse di fetileng, mesifa ya me e ile ya koafala. Mo bosigong, ke palelwa tota go ka tshikinya mosifa, mme tlalelo e nna kgolo thata mo e leng gore ke ikutlwa ke gatelesegile thata mo bolaong. Mosadi wa me ka bonolo o tsholetsa maoto a me gore ke tle ke lapologelwe. Mo dinakong tse di tshwanang le tseno ke gone mafoko a a thobang le a lerato a bakaulengwe a nthusang go nna le sefatlhego se se phatsimang seo ke solofelang gore se supa boemo jwa me jwa pelo eseng jwa mmele.”
Ga go na se se ka kganelang go gola ga bolwetse jono. Mme banna boora-Tanizono ba ikutlwa gore go boloka mebele ya bone e tshwaregile mo tirelong ya tshimo, go tlhaloganya mong wa ntlo le ditlhokafalo tsa gagwe, go dira mmogo thata le badumedi ka bone, le go bona boipelo jwa go direla Modimo jaaka babulatsela go ba thusitse go fokotsa go gola ga bolwetse. A bo ba leboga Jehofa jang ne!
Ba Digole mme ba Ikemiseditse
Bogole jwa mmele, ga bo a sulafatsa lorato le tlhagafalo tseo bareri bano ba ba nonofileng ba nang le tsone mo bodiheding jwa nako e e tletseng. Boikemisetso jwa bone bo tshwana le jwa ga moaposetoloi Paulo, yo o neng a kwala a re: “Ga re ñodiege: me leha motho oa rona oa kaha ntlè a ōnala, leha go nntse yalo motho oa rona oa kaha teñ oa ba a nntse a shahadiwa ka letsatsi le letsatsi.”—2 Bakorintha 4:16.
Legale, ga se gore baboledi botlhe ba Bogosi ba ba digole ba ka nna bareri ba nako e e tletseng. Maemo a ka farologana mo mothong yo mongwe le yo mongwe. Mme sengwe le sengwe se se ka dirwang ke batho bao go baka Mogodimodimo le go thusa ba bangwe kafa semoyeng go tla ba tlisetsa boipelo jo bogolo, kgotsofalo ya sebele, le tshegofatso ya Modimo wa rona yo o lorato, ebong Jehofa.
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Masashi Tokitsu
Katsuko Yamamoto
Akimi Tanizono
Toshimi Tanizono
Yoshito Tanizono