LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w86 11/15 ts. 26-30
  • A O Batla Molekane wa Botshelo Jotlhe?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A O Batla Molekane wa Botshelo Jotlhe?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • ‘Nyala Fela mo Moreneng’
  • Ke ka Ntlhayang fa Ba le Bantsi ba Leba go Sele?
  • Pelo ya Bona e e Boferefere
  • ‘O Roba Se o Se Jalang’
  • Lebelela mo go Jehofa
  • Lenyalo—Mpho e e Tswang Kwa Modimong yo o Lorato
    “Ipolokeng mo Loratong Lwa Modimo”
  • Kaelo ya Modimo mo go Tlhopheng Molekane wa Lenyalo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Go Ipaakanyetsa go Atlega mo Lenyalong
    Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng
  • Nna le Maikutlo a a Siameng ka Lenyalo le le Nang le Mathata
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
w86 11/15 ts. 26-30

A O Batla Molekane wa Botshelo Jotlhe?

“GA GO sa tlhole go na le kamano epe e e rategang, e e botsalano le go natefa, bolekane kana bommogo tse di ka gaisang lenyalo le le molemo.” Ke kafa batho ba buileng ka gone. Ka jalo, ga go gakgamatse go bo dimilione tsa batho ba ba sa nyalang ba ratang go ka nna le molekane wa botshelo jotlhe.

Bangwe ba tlhatlhoba khomputara gore e ba senkele molekane, ba bangwe ba leba dinaledi. Mme a bo go ka nna botoka jang ne go leba kwa Mmoping, ene Mosimolodi wa lenyalo! (Genesise 2:18-24) Kgatlhego e e lorato le botlhale jwa Modimo di baakanyetsa ka motheo o o nonofileng wa go ikanya kgakololo ya gagwe le melao-metheo eo e re thusang go itse se re ka se senkang mo molekaneng wa lenyalo. (Pesalema 19:7) Lefoko la gagwe le re laela jaana:

‘Nyala Fela mo Moreneng’

Ka baka lang? Seno ke ka go bo Jehofa Modimo a amegile ka gore re siamelwe ke dilo ka bosakhutleng. Kgakololo ya ga moaposetoloi Paulo ya gore go ‘nyalwe fela mo Moreneng’ e dumalana le tlwaelo ya batlhanka ba pele ba ga Jehofa bao ba neng ba tlhopha balekane fela mo go bao le bone e neng e le baobamedi ba boammaaruri (1 Bakorintha 7:39; Duteronome 7:3, 4) Melemo ya go dira jalo e mentsi thata mme e bile e tshwanetse go gakologelwa.

Ka sekai, molekane yo o boifang Modimo o ka re thusa go tswelela re ntse re ikanyega go Rra-rona yo o lerato wa selegodimo ka bosakhutleng (Bapisa Moreri 4:9-12.) Balekane ba Bakeresete ba ka kgothatsana mme e bile boo-babedi ba ka thulana le diteko tse di farologanyeng ka katlego. Ka kutlwano, ba ka ganana le dikgatelelo tseo di ka koafatsang dibofo tsa lenyalo. Ereka jaana boo-babedi ba lebile go Jehofa mme e bile ba dirisa kgakololo ya gagwe e e molemolemo, ka motlhofo fela ba ka fedisa dikgotlhang mme ba dirisanye mmogo ka kutlwano kwa ntle ga go nna batho ba ba gaisanyang. Maiteko a bone a a pelo e phepa a go direla Jehofa le go bopa matshelo a bone gore a nne kafa ditseleng tsa gagwe go tla tlaleletsa mo lenyalong je le atlegileng leo le tlotlang Mmopi wa rona.

Mo dingwageng dingwe tse di fetileng, mosadi mongwe yo o neng a bidiwa Gloria o ne a itsalantse thata le lekawana lengwe leo le neng le tla mo dipokanong tsa Bokeresete mme e bile a arabela mo thutong ya Tora ya Tebelo. O ne a gakololwa gore a se tswelele ka go itsalanya le motho yono yo o sa kolobediwang, mme o ne a “ratana thata” le ene mo e leng gore o ne a seka a dirisa kgakololo. Lefa go le jalo, o ne a itse gore kgakololo e ne e le molemo. Jalo he ka letsatsi lengwe o ne a rapela Jehofa ka tlhoafalo, a mo kopa gore a mo thuse mo kgannyeng eno. Ka bokhutshwanyane morago ga moo, go ne ga lemogiwa gore lekawana leno le ne le tshela boitsholo jo bo sa siamang, mme Gloria ka gone a kgaola botsalano jwa gagwe le ene ka bofefo. Kgabagare o ne a nyalwa ke monna mongwe wa Mokeresete yo o molemo yo mmotlana. Gompieno, o tlhophilwe jaaka mogolwane, mme bana ba bone ba babedi ba tlhagafetse mo boammaaruring. Fa a gadimela kwa morago, o bolela ka gore: “Ke leboga Jehofa, ke ile ka falola mathata a le mantsi. Ka ntlha ya kaelo ya gagwe, ke ile ka amogela kgakololo e molemo thata, e ntumeletse gore ke tshele botshelo jo bo itumedisang ke na le monna yo o lorato.”

Ke ka Ntlhayang fa Ba le Bantsi ba Leba go Sele?

Ke eng fa, e re ntswa motho a ineetse go Jehofa a bo a ya go senka molekane wa lenyalo go sele? A Mokeresete yoo ga a a tlhatswega pelo gore Jehofa o a itse e bile o eletsa gore re siamelwe ke dilo thata? (Diane 3:1-7; Pesalema 145:16) Go tweng kaga wena? A o dumela gore Jehofa ke “Modimo oa boamarure”? (Pesalema 31:15) Fa ntse jalo, ruri he o lemoga gore ka metlha yotlhe o nna a ntse a ntsha kgakololo e e ka ikanngwang e e tshwanetseng e bile e na le mosola. (Isaia 48:17, 18) Tota ruri, Rraa-rona wa selegodimo yo o lorato o ntsha kgakololo a gopotse ka gore re siamelwe ke dilo go ya go ile, mme ka go fela pelo re ka rulaganyetsa botshelo jwa rona go ya fela isagweng e e gaufi. Lefa go le jalo, fa re senka molekane wa botshelo jotlhe, a ga go matshwanedi gore re rulaganyetse se se fetang fela isagwe e e gaufi?​—Pesalema 37:11, 29.

A tota ruri o dumela gore Bogosi bo atametse mme bo tla akofa bo tsaya kgato go phepafatsa lefatshe? A mme e bile o ipona o le mo Paradaesing eo ya kgolokwe e e boleletsweng pele? Kana o eletsa go ipelela tsamaiso ya jaanong ya dilo ka botlalo? A o senka molekane yo o ka kgonang go go baakanyetsa botshelo jo bo manobonobo? Kana o senka yo o eteletsang kobamelo ya boammaaruri kwa pele? (Mathaio 6:33) Tota ruri, ke eng se se kwa pele-pele mo botshelong jwa gago? Go tla bo go le molemo gore re tlhatlhobe maikutlo a rona a a kwa teng le maitlhomo. Mme he, fa go tlhokafala, re ka dira dipaakanyo mme ka gone re falole tiro eo e ka itumololang Jehofa.​—Bapisa Pesalema 78:40, 41.

Pelo ya Bona e e Boferefere

Yeremia 17:9 e tlhagisa gore “pelo e boherehere bogolo go dilō cotlhe.” Jalo re tshwanetse go e disa. E bile go molemo go gakologelwa gore ba ba tlhokomologang tlhagiso e e tlhotlheleditsweng ya Bibela le ditshupo tseo di neetsweng ka lorato ke bagolwane ba phuthego le ba bangwe gantsi di bakela batho ba le bantsi bohutsana le pelo e e botlhoko.

‘Tota lo raya jang?’ mongwe o ka nna a botsa. ‘Ke itse mokaulengwe mongwe yo o neng a nyala motho yo o seng moobamedi ka ene, mme jaanong ba direla Jehofa boo-babedi.’ Ee ke boammaaruri, mo mabakeng a sekae dilo di ile tsa tsamaya jalo, mme e bile re itumelela gore balekane boo-babedi jaanong ba “tsamaea mo boamarureñ.” (3 Yohane 4) Lefa go le jalo, mokaulengwe yo o ileng a nyala motho yo o sa kolobediwang o ne a sena kutlo. A moya oo wa boitaolo o tla boa o tlhagelela gape? A o ka nna a raelesega go akanya gore o itse go feta Modimo mme ka gone a tlhokomologa kgakololo ya Bibela mme a ikanya mo botlhaleng jo e leng jwa gagwe mo seemong se sengwe gape? Re kgothalediwa gore re ‘ikanye Jehofa ka pelo yotlhe ya rona.’ (Diane 3:5) Seo se kaya gore re tshwanetse go ikobela thato ya Modimo mo dilong tsotlhe. Jalo re tshwanetse go tlhagolela kutlo mo dipelong tsa rona, eo e tla dirang gore re fenye teko ya go bontsha kutlo le e leng go dilo tse dipotlana. (Luke 16:10) Fa re sa utlwe Modimo, ke motlhala wa mofuta ofe o re o tlhomang? Mokaulengwe yo o neng a seka a ‘nyala fela mo Moreneng’ o ka ne gongwe jaanong a lemoga phoso e a e dirileng ka go dira dilo ka tsela e e leng ya gagwe mme a ile a batla gore Jehofa a mo itshwarele. A mme ke kafa o batlang go simolola lenyalo la gago ka gone?

‘Me moratiwa wa me o setse a simolotse go ithuta Bibela mme jaanong o nna gone mo dipokanong tsa Bokeresete,’ yo mongwe o ka bolela jalo. Ee, mme ke eng fa a ithuta? A ke fela gore a gape molekane wa lenyalo kana ke gore a ithute kaga Jehofa Modimo le go mo direla? Mo nakong yotlhe ya lefereo maikutlo a monna a ka nna a seka a itshupa. Mme ke eng seo o tla se bonang morago ga lenyalo? Mme kana, o ka nna wa letela go fitlhelela moratiwa wa gago a kolobediwa mme ya re ka bofefo morago ga moo la tlhoma letsatsi la lenyalo. Gone go ntse jalo, o ‘nyala mo Moreneng.’ A mme o dira dilo kafa go se tota-tota se kaiwang ke kgakololo eo?

A o ile wa tlhokomela gore go nna jang fa mokaulengwe a hakelwa ditshiamelo dingwe tsa tirelo? A go lekanetse fela gore a bo a kolobeditswe? Nnyaa, go na le moo, mokaulengwe yoo o ‘lekwa pele.’ (1 Timotheo 3:10) A re ka ithuta sengwe mo go seo? Ee. Ema pele, leba, mme o reetse. Ema mme o akanye kaga bomasisi jwa lenyalo. Leba motho yoo, eseng ka matlho a a letobo a go gapega maikutlo, mme e leng ka tsela e e tlhamaletseng. Mme e bile o reetse. A o bua se se tswang mo pelong ya gagwe a na le ditlhaloso tse di lorato tsa pako mo Modimong? Morago ga lobaka lo lo lekanyeng sentle, a o itshupile fa a godile jaaka Mokeresete? Morago ga a sena go supa boikanyego jwa gagwe le ditshwanelego tsa semoya, ke gone he o ka mo akanyetsang jaaka motho yo o ka nnang molekane wa botshelo jotlhe. Mmoki mongwe yo o botlhale o ne a re:

“Mma! ke bua ke re

Thuto eno e bonala e re​—

Se itshenkele molekane yo o tshwanetseng o le nosi,

Mme nako e e tshwanetseng ya go nyala.”

Go ka diragalang fa pelo ya rona e re tlhotlheletsa go beela kwa thoko kgakololo e e molemo le mogopolo o o tlhamaletseng? Matswela e ka nna a a kotsi. Gakologelwa gore, Bibela e tlhalosa e gakolola gore:

‘O Roba Se o Se Jalang’

Akanya ka se se neng sa diragalela Jacqueline. Mogolwane mongwe o ne a mo gakolola kaga go itsalanya ga gagwe le lekawana lengwe le le neng le le ka kwa ntle ga phuthego ya Bokeresete. Mme ka a ne a gopola gore bakaulengwe ba ne ba mo gagamaleditse dilo thata, o ne a seka a sekegela tsebe ditlhaloso tse di neng di theilwe mo Bibeleng. Fa a akanya kaga boikutlo jwa gagwe, o ne a tlhalosa jaana moragonyana: “Motho o bona fela se a batlang go se bona eseng se Jehofa a se bonang le go se bolela.” Lekawana le ne la simolola go ithuta Bibela mme kgabagare la kolobediwa. Morago ga dikgwedi di le tharo fela ba ne ba nyalana.

Mathata a ne a akofa a iponatsa. Tota, a ne a simolola fela fa ba sa ntse ba le mo loetong lwa bone lwa ntlha lwa go ipelela go nyalana ga bone! Mekgwanyana e e sa eletsegeng e Jacqueline a neng a ile a seka a e lemoga kana a ileng a e itlhokomolosa jaanong e ne ya iponatsa. O ne a gopotse fela gore lenyalo la gagwe e tla nna le le itumetseng le le le nang le kutlwano, mme, ka maswabi, go ne ga seka ga nna jalo. Monna wa gagwe o ne a kgaolwa mme a mo latlha ka bana ba bone ba le babedi. Jaanong ga a a lebagana fela le dikgatelelo tsa itsholelo ya tsamaiso eno ya dilo e e ntseng e senyegela pele mme gape le kgwetlho ya go godisa bana ba babotlana ba le babedi, ka go ba tlamela mo mmeleng le mo boikutlong. Ke eng se Jacqueline a se ithutileng ka boitemogelo jono jo bo botlhoko? Ke “kutlo,” o a bolela. “Lemororo kgakololo e ka lebega e le makgwakgwa kana e ka nna ya se bonale e go siametse, o tshwanetse go e tsaya jaaka e e tswang mo go Jehofa mme o tshwanetse go e utlwa ka botlalo.”​—Bagalatia 6:7; Pesalema 86:11.

Akanyetsa sekai se sengwe. Maritza o ne a kopana le monna wa gagwe wa isagwe kwa tirong. O ne a mo supegetsa dilo tse di mo lefatsheng tseo a neng a ise a kopane natso gope​—mme di ne di sa bonale di na le molato ope mo go ene. O ne a rutegile sentle, a na le maitseo, mme e bile a ka kgona go bua ka tsela e e botlhale mo dikgannyeng di le dintsi. Lemororo a ne a neelwa ditlhagiso di le dintsi tsa Dikwalo, di ne tsa seka tsa tsenelela kwa teng. O ne a “ratana” le ene thata.

Ka bonakonyana fela dipokano tsa Bokeresete di ne tsa fetoga seo-modiro fela mo go Maritza, jaanong a sa tlhole a bona maitiso a a tsabakelang a a tlosang bodutu a tsala ya gagwe. Pele ga fa ba nyalana, o ne a mo solofetsa gore o ne a se kitla a mo kgoreletsa go ya dipokanong tsa Bokeresete, mme ga nna jalo. Lefa go ntse jalo, ka bonya ka bonya o ne a iphitlhela a tshwaregile ka dilo tse dingwe mo eleng gore ditshwarego tsa gagwe tsa semoya di ne tsa busediwa kwa morago, mme o ne a tsidifala.

Go tweng ka ga metlotlo e e kgatlhang e a neng a tle a e bone? E ne ya akofa ya fela ka bonya ka bonya, mme kgabagare monna wa gagwe a mo tlhala, a mo latlha ka bana ba le bane ba ba dingwaga tse di tlogang go tse nne go ya go tse di herang-bongwe. Kutlo-botlhoko e ne ya tlogela Maritza a gamaregile, mme e ne ya nna morago ga dingwaga tse tharo fela fa a tla ikutlwa a ritibetse sentle go ka akanya ka se se diragetseng le ka se a ka se dirang ka botshelo jwa gagwe. O ne a nnela go ithaya a re: “Re tshelela mo botlhokong.” Mme seo se ne sa seka sa mo kgotsofatsa ka o ne a sa ntse a kgona go gakologelwa dingwaga tsa fa a sa ntse a itumetse, mo a neng a bile a ipelela go tlhajwa ke phefo eè tsiditsana fa a ntse a le mo bodiheding jwa tshimo, a abalana mafoko a a molemo a Bogosi le ba bangwe.

“A bo ruri, ke ka bo ke ile ka tila botlhoko le bohutsana fa ke ka bo ke ile ka reetsa!” Maritza a itelela. Ka thuso ya balekane ba sekole ba bana ba gagwe, o ne a boa gape a amana le Basupi ba ga Jehofa. Go kgatlhegela boammaaruri ga gagwe le go rata Jehofa ga gagwe di ne tsa tsosolosiwa, mme jaanong ene le bana ba gagwe ba tlhagafetse mo tirelong ya gagwe. Jaanong Maritza o akantsha jaana ka pelo yotlhe: “Ithute go ineela mo kaelong e Jehofa a e fang mme o lemoge gore Jehofa o dirisa batho ba o ka se gopoleng ka bone gotlhelele go itsise thato ya gagwe.” Fela jaaka Jesu Keresete a ne a re: “Itiseñ kaha lo utlwañ ka gōna.” (Luke 8:18) Ee, ema pele, leba, mme o reetse!

E re mo pokanong e e latelang kwa Holong ya Bogosi o nne o leba-lebe. Kwa ntle ga pelaelo o tla fitlhela banyalani ba Bakeresete ba le bantsi ba ba itumetseng mme o tla lemoga kafa ba itumelelang ka gone go nna mmogo le go abalana maitemogelo. Mo letlhakoreng je lengwe, o ka nna wa bona bangwe koo ba ntse ba le bosi ka go bo ba nyetswe ke balekane ba ba sa dumelang. Ija, a bo ba eletsa jang gore ekete banna ba bone kana basadi ba bone ba ka bo ba na nabo! Gantsi ba itlhaganelela go ya kwa gae ka bofefo fela morago ga pokano mme ba fosiwe ke metlotlo e e agelelang le go kopanela le badumedi ka bone. A o batla gore le wena o ipeye mo kotsing ya go iphitlhela o le mo maemong a a tshwanang ka ntlha ya go tlhokomologa tlhagiso ya go ‘nyala fela mo Moreneng’? Go na le moo, a bo go le botlhale jang ne go latela ditao tsa ga Jehofa mme ka gone o tile matswela a a hutsafatsang!​—Pesalema 119:9; Diane 28:26.

Lebelela mo go Jehofa

‘Mme,’ o ka nna wa bolela, ‘tota ga ke bone ope mo phuthegong. Go na le batho ba sekae fela ba dingwaga tsa me.’ Seo se ka nna sa bo se ntse jalo. A mme o tlhatswegile pelo gore Jehofa o batla gore o itumele? ‘O a go babalela.’ (1 Petere 5:6, 7) A o gakologelwa seane se se reng: “mosadi eo o bonokopela o cwa kwa go Yehofa”? (Diane 19:14) Mme he, ke eng fa o sa tsenye kgang eno ya lenyalo fa o rapela?​—Bafilipi 4:6, 7.

A o gakologelwa Hana le kafa a neng a eletsa ka gone go bona ngwana? O ne a dirang? O ne a goromeletsa pelo ya gagwe mo go kokotleleng Jehofa, a ikantse mo go ene gotlhelele. Go tswa foo a bo a mo tlogelela dilo. Morago ga lobakanyana, o ne a amogela karabo e e molemolemo ya thapelo ya gagwe​—a tshola ngwana wa mosimane.​—1 Samuele 1:9-11, 18-20; Pesalema 62:8.

Lemororo go ka ne go na le batho ba sekae fela ba dingwaga tsa gago mo phuthegong ya lefelo la lona, go tweng ka dikopano tsa potologo le dikopano tsa kgaolo? Re nna gone mo dikokoanong tse di ntseng jalo ka ntlha ya dilo tsa semoya. Mme ba ba ithaopang ka dinako tse di ntseng jalo ba kgotsofaletse go direla ba bangwe le go kopana le bakaulengwe le bokgaitsedi ba ba direlang Jehofa ka moya otlhe. Mme mo dipakeng tseo, go ka nna ga kgonega gore o kopane le molekane wa gago wa botshelo jotlhe wa isagwe.

Mme le e leng fa o ka se bone molekane wa Mokeresete yo o tshwanetseng, ikanye mo go Jehofa ka thapelo gore a go thuse go tswelela o tshela ka boitsheko jaaka motho yo o sa nyalang. Mme e re ntswa o ise o nyale, tlhagolela dinonofo le dikgono tse di tla go thusang go nna monna yo o molemo le rre kana mosadi yo o molemo le mmè. (Bagalatia 5:22, 23) Ba le bantsi ba ile ba thusiwa go dira seo ka go tsenelela bodihedi jwa nako e e tletseng jaaka babulatsela. A bo seo e le tsela e e molemolemo ya go dirisa nako ya gago le maikatlapelo!

Fa e le gore o senka molekane wa botshelo jotlhe, he, o tla simolola kae? Ekete e ka nna gareng ga baobamedi ba bangwe ba ba tlhagafetseng ba ga Jehofa, ba mekgele ya bone e tshwanang le ya gago mo botshelong mme e bile ba na le keletso e e nonofileng ya go mo direla ka bosakhutleng (2 Timotheo 2:22) Mme fa Jehofa a ka go segofatsa ka molekane wa botshelo jotlhe yo o boifang Modimo, ekete lenyalo la gago e ka nna le le tlotlang Modimo wa rona yo o lorato.

[Mafoko a a mo go tsebe 29]

“A bo ruri, ke ka bo ke ile ka tila botlhoko le bohutsana fa ke ka bo ke ile ka reetsa!”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela