Kafa ke Ileng ka Fenya Keletso e e Nonofileng ya go Tuma
Jaaka go boletse Waikato Gray
BOTSALO jwa me ka December 2, 1928, e ne e se jo bo tlwaelegileng. Fa ke tsholwa, ke ne ka tlhagisa maoto pele mme seo sa batla go tsaya botshelo jwa me gammogo le jwa ga mmè. Ka ntata ya gone moo, ke ne ka tsholwa ka maoto a a hunaganeng. Ka lesego, mmèmogolo o ne a nthusa mme a kgona go a tlhamalatsa. Thuso ya gagwe e ne ya itshupa e le ya botlhokwa-tlhokwa, ka ntata ya botshelo jo ke neng ke tla bo tshela jaaka Mo-Maori mo New Zealand.
Rre ebong Clark Gray, e ne e le wa morafe wa Maori wa Ngati-Tuwharetoa mme mmè, ebong Hore Teree, o ne a tswa mo morafeng wa Ngati-Kahungunu. Go ya ka ditso tsa bogologolo tsa Se-Maori, ke ne ke na le boswa jo bontle, ka ke tlholegile go tswa mo dikgosing tse pedi mo morafeng tseo di neng di na le keletso ya go tuma. Keletso ya go tuma le yone e ne ya nna sengwe se se laolang botshelo jwa me.
Go Tswa mo Lehumeng
Ke ne ke le wa boraro mo lelapeng leo morago le neng la nna lelapa la bana ba ba robedi. E ne e le mo lobakeng lwa Khumanego e Kgolo, mme batsadi ba me ba ne ba humanegile thata. Rotlhe ka bolesome jwa rona re ne re nna mo ntlung ya dikamore tse pedi mo Bay View, gaufi le Napier, North Island, New Zealand. Go ya kgonnye mo thoko ga lewatle le go ya nokeng ka kgamelo ya parafine ya dikalone tse nne [15 L] kwa sedibeng sa moagelani mongwe e ne e le ditiro tsa letsatsi le letsatsi tseo ke di gakologelwang sentle. Re ne re ya sekolong re sa rwala ditlhako sekgala sa dimmaele tse tlhano (8 km), mo selemong le mo marigeng.
Lehuma le le ne la gakatsa keletso ya me ya go tlhagolela isagwe e e botoka—e leng go bona thuto e e kafa godimo mme ke bo ke itsege. Sekolo e ne e le lefelo la go simolola. Fa ke ntse ke tsweletse sentle ka dithuto tsa kwa sekoleng, ke ne gape ke dira sentle mo go tsa mabelo le mo kgweleng ya rugby. Ke ne ka nna mothuba-lobelo wa popota kwa sekoleng se segolwane sa rona mme bogautshwaneng ka dirwa leloko la setlhopha sa rugby. Tumo ya me jaaka motshameki yo o sethakga wa rugby wa wing-three-quarter e ne ya anama mo North Island.
Fa ke fetsa mo sekolong ke ne ka ya kwa kholetšheng ya boruta-bana mo Wellington mme gape ka fetsa ngwaga mo Victoria Unisrersity pele ga ke nna motuta-bana mo Manutahi District High School. Fa ke le koo, ke ne ka tlhophiwa go nna motshameki wa tekeletso wa setlhopha sa rugby sa Maori All Blacks. Go tshamekela setlhopha sa setšhaba sa rugby mo New Zealand e ne e le sengwe se se elediwang thata ke bontsi jwa batho ba Ba-Maori. E ne e le tlotla e kgolo mo go nna go nna le karolo mo ditekeletsong tse.
Dikeletso tsa me tsa go tuma di ne di fitlhelelwa. Ereka ke ne ke le motuta-bana wa Mo-Maori ke ne ka nna le tlotla mo go tsa thuto gammogo le mo go tsa metshameko. Lehuma le ne le ile jaanong—a bo seno se ne se farologane thata-thata le fa ke sa ntse ke le mosimane wa mohumanegi wa Mo-Maori wa dingwaga tsa bo 1930!
A O Itse Leina la Modimo?
Fa ke ne ke santse ke le kwa kholetšheng, ke ne ke na le lebaka la go tlhatlhoba bodumedi thata-thata. Ke godisitswe ke le Mo-Anglican. Tota, ditirelo tsa kereke di ne di tshwarelwa kwa gae ka nako nngwe. Teko e kgolo e ne ya tsoga fa rre a tlhokafala. Ke ne ka ipotsa kgapetsa gore ke eng fa Modimo o tsere rre fa mmè a ne a mo tlhoka go le kana-kana le bana ba gagwe ba ba robang bobedi. Go ne go sa lebege go siame.
Ka nako e mmè o ne a simolola go tsena dithuto tsa Bibela tseo Basupi ba ga Jehofa ba neng ba di tshwara le bangwe ba baagelani. Go ne go ntena. Re ne re na le tumelo e eleng ya rona, jalo ke eng a ne a na le go tshwenyega ka Basupi bao?
Mme ka letsatsi lengwe Rudolph Rawiri, Mosupi wa lefelo leo, a nketela. Ke ne ka ikaelela gore ke tlile go mmontsha gore nna ke mang. Mme monyenyo wa gagwe le maitseo a gagwe a mantle di ne tsa nkgoba marapo. O ne a botsa potso fela e e motlhofo, “A o itse leina la Modimo?” Ka araba ka re, ke “Jesu.” O ne a ntaletsa go bula Bibela ya me ya King James mo go Pesalema 83:18. A kgakgamatso! Go ne go na le leina la Modimo mo Bibeleng e eleng ya me: “Go re batho ba tle ba itse ha wena wesi yo leina ja gago e leng JEHOFA, o le Mogodimodimo, o okame lehatshe jotlhe.”
Ke ne ka kgatlhega thata. Ke eng fa kereke ya ga etsho e sa tlotlomatsa leina leo le le boitshepo? Moragonyana, Mosupi yo mongwe wa Mo-Maori, ebong Charles Tareha, o ne a tla mo legaeng la rona mme a re tshwarela thuto ya Bibela ya ka metlha. Re ne ra lemoga boammaaruri jwa Bibela mme ra kgaola dikgolagano tsotlhe le Kereke ya Ennyelane. Ke ne ka nna Mosupi yo o kolobeditsweng ka 1955.
Lebaka Leo Boammaaruri bo Ileng jwa Ikuela mo go Nna
Ereka ke godisitswe jaaka Mo-Anglican, ke eng fa dithuto tsa Basupi ba ga Jehofa di ne tsa ikuela mo go nna? Jaaka ba tlhalosa Lefoko la Modimo, ke ne ka kgatlhwa ke motlhofo le tlhaloganyo. Ke boammaaruri, bomotlhofo joo mo go ba bantsi ke sone se se ba thibelang. Mme ke ne ka bona gore Bibela e na le dithuto tsa motheo tsa botlhokwa, melao, le dikaelo kaga mathata ape ao a ka tsogang mo botshelong.—Bapisa Dipesalema 119.
Seno se ne se ntse jalo segolojang mo botshelong jwa lenyalo. Mo Bibeleng, ke ne ka fitlhela dikaelo tsa lenyalo le le atlegileng. E ne ya nthusa go bona fa ke ka baakanyang teng jaaka monna le rre ka go amogela boikarabelo jwa me. Ke boammaaruri, ke ne ke le lesego thata go bona mosadi yo o tshwanang le Hinewaka, wa Morafe wa Ngati-Porou mo East Coast. Re ne ra nyalana ka 1954. O ne a amogela boammaaruri jwa Bibela ga motlhofo, mme re ne ra thusana mo go diriseng melao metheo ya Lefoko la Modimo.—Bona Diane 31:10-31.
Ke ne ka kgatlhwa gape thata ke ditekanyetso tse di kwa godimo tsa boitsholo tseo Basupi ba di latelang. Gore motho a tle a kgone go amogelwa ke Jehofa, dilo tsotlhe tsa boitshwaro jo bo maswe di tshwanelwa ke go fela—ebong boaka, kgokafalo, kako, bogodu, thubakanyo, go bolaya, letlhoo, le kgethololo ya lotso le mmala ke tsotlhe tseo di kgalwang ke Lefoko la Modimo. Ke ne ke bona mosola wa boitshwaro jo bo siameng mo go nna le mo go ba bangwe. Go ne go sena maungo a a sa siamang a a swabisang.—1 Bakorintha 6:9, 10.
Go Gololesega mo Tumela-Botlhoding
Ditumela-botlhodi tsa Se-Maori di tsamaya mmogo le boswa jwa Se-Maori. Re ne re boifa mewa ya baswi thata thata, mme dithuto tsa Anglican mabapi le go sa sweng ga moya di ne di thusa fela go tiisa dipoifo tsa me tsa Se-Maori. Mme, fa ke ne ke simolola go ithuta Bibela le Basupi, ke ne ka itse gore Jesu o rile: “Lo tla itse boamarure, me boamarure bo tla lo golola.” (Yohane 8:32) Ee, kitso e e tlhomameng ya Lefoko la Modimo e nkgolotse mo dikgoleng tsa tumela-botlhodi tsa Se-Maori.
Ke gakologelwa tiragalo nngwe e e tlhomologileng. Rremogolo o ne a tlhokafala, mme mo dioureng tse 48 mmèmogolo le ene a tlhokafala—a bolawa ke pelo. O ne a rapamisiwa mo bodilong jwa kamore ya maitiso, gaufi le rremogolo yo o neng a le mo lekesing. Ba le bantsi ba bagolo Ba-Maori ba ne ba eme go dikologa moswi, mme fa mofitlhi a kopa thuso go mo tsenya mo lekesing, botlhe ba ne ba nyelela mo kamoreng! Mme fa e ne e se ka kitso ya me ya boammaaruri, le nna ke ka bo ke tshabile. Ga ke a ka ka oka-oka go thusa go tsholetsa mmele wa ga mmemogolo yo ke mo ratang le go o tsenya mo lekesing, ereka ke ne ke itse gore baswi ba robetse fela mo lesong.
Go tloga foo, jaaka modihedi wa Basupi ba ga Jehofa, ke tsamaisitse diphitlho di le dintsi ka ba ka kgona le o gomotsa ba le bantsi ka dithuto tse di motlhofo tsa Bibela ka ga baswi. Ke akanya gore bomotlhofo jwa polelo e e mo go Yohane 11:11-44 bo phepafatsa ntlha sentle. Jesu o ne a tshwantsha loso jaaka boroko. Ga go na pogo, ke go emela tsogo fela, jaaka ekete mo borokong.
Teko ya Boikanyego
Kitso e e boteng ya Bibela le ya sekao sa ga Keresete di ne tsa simolola go ntsenya mo tekong. Keletso ya go tuma e ne e ntse e le sengwe se se nkgogang mo botshelong jwa me. Tiro ya me ya borata-bana le tsa metshameko di ne di ile tsa naya motho sotlhe se a neng a ka se batla. Mme jaanong tlhopho e tshwanetse ya dirwa—magareng ga go tshela botshelo jo bo kwa tlase le jo bo motlhofo jwa Mokeresete wa Mosupi wa ga Jehofa le go leka go lekalekanya keletso ya me ya go tuma le bodumedi jwa me jo bosha jo ke bo bonyeng.
Ka 1957 ke ne ka lebagana le phetso e e boima, e le teko tota mo boikanyegong jwa me go Modimo. Ke ne ka neelwa kabelo go ya go neela puo ya Bibela kwa kopanong ya kgaolo ya Basupi ba ga Jehofa eo e neng e tla tshwarelwa mo Lower Hutt. Mme jaaka morutabana, ke ne ke kopa e malatsi a a kgethegileng go ya kopanong eo. Lefapha la Thuto la kwa Hawke’s Bay le ne la nkgana.
Ke ne ke le mo marareng—a ke ne ke ka nna kwa sekolong mme ka latlha kabelo ya kopano? Kana a ke ne ke ka ipaya mo kotsing ya go latlhegelwa ke tiro ya me mme ke ye kopanong kwa ntle ga tetla? Go ne go se motlhofo go dira phetso. Ke ne ke rata go ruta, ebile bana le batsadi ba ne ba ikaegile ka nna. Mogokgo o ne a nkopa gore ke seka ka tlogela sekole. Mme ke ne ka gakologelwa mantswe a ga Jesu: “eo o sa tseeñ mokgōrō oa gagwè, me a ntshala moragō, ga aa nchwanèla.” (Mathaio 10:38) A ke ne ke ikemiseditse go ithontsha dilo tse di bonalang e le gore ke tle ke kgone go bona tshegofatso ya semoya? Kana keletso ya me ya go tuma e e nonofileng e ne e tla nkgoreletsa?
Ke ne ka latlhegelwa ke keletso ya me ya go tuma ya botshelo jotlhe le tiro eo ke neng ke e rata, e leng ya go ruta bana. Ke ne ka ya kwa kopanong ya Bokeresete mme ka latlhegelwa ke tiro ya me ya boruta-bana. Lefa go le jalo, fa ke leba kwa morago ke itse sentle gore e ne e le phetso e e siameng. Ke ne ka tlogela go ruta bana, mme kwa bofelong ka ya go ruta bagolo mo selekanyong se se atologileng thata. Ke ne ka dira jaaka mophepafatsi le go dira mo tshingwaneng ya merogo, gore ke fepe ba lelapa la me. Kwa bofelong ke ne ka dira tiro ya nakwana ya Ofisi le ya lebenkele, eo e neng ya nkgonisa go senya nako e ntsi mo bodiheding.
Teko e e Botlhoko ya Botsogo
Ka nako nngwe, ke ne ka ya kwa tlase ruri. Jaaka mosiani, ka nako tsotlhe ke ne ke kgona go boloka mmele wa me o itekanetse. Mme, ka tshoganetso, ke ne ka tlhaselwa ke sebetso se sesweu—bolwetse jwa kgotlholo e kgolo. Ke ne ka tsenngwa mo kokelong ya Waipukurau ka maiteko a go alafa bolwetse jwa me. Lekgwafo la me le ne la gana go alafesega. Phetso ya ngaka e ne e le gore ke tla tshwanelwa ke go ariwa go ntshiwa bontlha bongwe jo bo kwa godimo mo lekgwafong la molema. Moari o ne a tla a seke a dira jalo kwa ntle ga tshelo ya madi. Melao-metheo ya Bibela e ne e ka seke e ntetlelele go amogela madi a motho yo mongwe mo mmeleng wa me. (Ditihō 15:28, 29) Ke ne ka akantsha ngaka gore a ntshele diemela-madi tseo ke neng ke ikemiseditse go di amogela. O ile a di gana. Mme ke ne ka lebisa kgang go Jehofa ka thapelo.
Dingaka di ne tsa fetsa ka gore di seka tsa tlhola di nkalafa. Mo boemong jwa moo, ke ne ka fiwa kalafi ya go itshidila ka go tsamaya ka maoto ka lobaka la dibeke tse pedi. Morago ga moo ke ne ka isiwa kwa seiponing mme ka biletswa mo ofising ya mogolwane wa tsa kalafi go utlwa phetso. A bo e ne ya nna motlholo! “Lekgwafo lwa gago le fodile. O ka nna wa ya gae,” a rialo. Thapelo ya me e ne e arabilwe, mme ka boela gae kwa mosading wa me le bana ba me.
Kgotsofalo mo Tirelong, Eseng mo Keletsong ya go Tuma
Fa ke ntse ke tsweletse jaaka Mosupi, ke ne ke kgotsofadiwa ke dilo tse di tlhokafalang tsa botshelo go na le go nna le keletso ya gore katlego ya me e bonwe ke lefatshe. Ke ne ka direla jaaka mogolwane ka dingwaga tse 28 mo Phuthegong ya Wairoa ya Basupi ba ga Jehofa. Wairoa ke toropo ya batho ba le 5 000 fela, le ba ba oketsegileng ba ba tswang kwa magaeng e ka nna bo 7 000. Bontsi ke Ba-Maori, mme jaaka batho botlhe ba Polynesia, ba botsalano, go motlhofo go dirisana le bone, ebile ke batho ba ba fang. Moya o o ne wa bonala mo phuthegong ya rona, eo e neng ya gola go nna baboledi ba ba fetang 90 ba ba tlhagafetseng ba mafoko a a molemo.
Karolo e e kgethegileng ya bodihedi jwa me e ne e le go thusa banna ba ba sa dumeleng. Mongwe wa bone e ne e le John McAndrew, mogogi yo o tseneletseng wa motsoko le letagwa, yo o neng a itsege jaaka motho yo o lesukasuka le yo o seganka mo toropong. Lefa go le jalo boammaaruri jwa Bibela bo ne jwa mo fetola, mme jaanong o direla jaaka molebedi yo o okametseng mo Phuthegong ya Wairoa.
Monna yo mongwe yo o sa dumeleng e ne e le John Salmon, rakgwebo, yo o neng a fudugela mo Wairoa go ntsha mosadi wa gagwe mo Basuping. Fa ke kopana le ene, o ne a dumela go bua fa fela ke dirisa thanolo ya Bibela ya King James. Seo tota e ne e se bothata. Ereka gone, e ne e le thanolo ya popota eo Basupi ba ga Jehofa ba neng ba e dirisa pele ga 1950, pele ga New World Translation e gatisiwa lantlha. Ka gone, ka Bibela e eleng ya gagwe, o ne a thusiwa go lemoga le go amogela boammaaruri.
Tutura Waihape e ne e le motho yo mongwe yo o tlhomologileng, Mo-Maori yo mmotlana yo o nyetseng yo o neng a na le tiro ya botshelo e e kgatlhisang ya rugby fa pele ga gagwe. Fa ke ne ke simolola go ithuta le ene Bibela, o ne a na le moriri o moleele o ke iseng ke o bone mo monneng. Fa a ntse a tsweletse mo kitsong ya ga Jehofa le Keresete Jesu, boikutlo jwa gagwe jwa fetoga. Lorato lwa gagwe lwa boammaaruri le ne la nna botlhokwa thata go feta go tlhomologa ga gagwe ka ntata ya moriri wa gagwe o moleele, mme o ne a o kgaola. Gompieno, o direla jaaka motlhanka wa bodihedi mo phuthegong
Tiro ya Nako e e Tletseng ya go Ruta
Ka dingwaga tse di lesome tse di fetileng, ke diretse jaaka modihedi wa mmulatsela wa ka metlha, ke senya bobotlana jwa dioura di le 90 ka kgwedi mo bodiheding. Mosadi wa me o na le dingwaga di le 15 a le mmulatsela, mme bo ngwanake ba bararo le bone ba arotse mo bobulatseleng fa ba fetsa dikole.
Jaaka setlhoa sa tirelo ya rona go Jehofa, mosadi wa me le nna jaanong re direla kwa tlhokafalo e leng ntsi teng e leng kwa ditlhaketlhakeng tsa Niue. Seno se kgakala kwa bokone jwa New Zealand, mo Pacific. Re fitlhetse gore palo e e nnyennyane ya batho ba ba ka nnang 2 800 ba rata bodumedi, mme ba le bantsi ba rata go tlotla ka Bibela. Fa re le mono, re ile gape ra thusa phuthego e e nnyennyane ka go e rulaganya botoka.
Keletso ya me e e nonofileng ya go tuma le ya go ipatlela botswelelopele le ya kgalalelo e nyeletse. Jaanong ke lemoga gore kgalaletso eo batho ba tshwanelwang ke go e isa go Jehofa Modimo ke sone se se botlhokwatlhokwa. Jaaka Kgosi Dafide a rile: “Ntshetsañ Yehofa lona ditshika tsa dichaba, ntshetsañ Yehofa kgalalèlō le thata. Ntshetsañ Yehofa kgalalèlō e e chwanetseñ leina ya gagwè.” Seo ke sone se re lekang go se dira, fano mo setlhake-tlhakeng sa rona se se nnyennyane sa Niue.—1 Ditihalō 16:28, 29.
[Setshwantsho mo go tsebe 12]
A apere kafa mokgweng wa Se-Maori