LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w86 11/1 ts. 10
  • Dikopano tsa Argentina tse di Tlhomologileng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikopano tsa Argentina tse di Tlhomologileng
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dikopano Tse Dikgolo Bosupi jwa Bokaulengwe jwa Rona
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Loa Amogelwa mo Kopanong ya “Baboloka Bothokgami” ya 1985!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Jehofa o Phutha Batho ba Gagwe ba ba Itumetseng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Dikopano Tsa Kgaolo—Dipaka Tse di Itumedisang Tse di Tlhomamisang Bokaulengwe Jwa Rona
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
w86 11/1 ts. 10

Pego ya Baboledi ba Bogosi

Dikopano tsa Argentina tse di Tlhomologileng

“BASUPI BA GA JEHOFA ba ile ba ithuta go kopana mmogo kwa ntle ga dithubakanyo kana boitsholo jo bo botlhaswa, kwa ntle ga motsoko kana tagi, kwa ntle ga pheteletso ya sengwe le sengwe fela. Kwa ntle ga pelaelo, seno ke thuto mo bathong ba sebopego sa rona, bao ka tlholego ba itsiweng jaaka Bakatoliki, mme ba na le bothata mo go tlhokomeleng bontsi jwa batho mo mabaleng a motshameko wa kgwele kwa ntle ga go felela ka mekubukubu, fa gongwe e le e e boitshegang,” go bega jalo makasine wa Flash mo Argentina. Kakgelo e e ne ya dirwa mabapi le nngwe mo go tse nne tsa Dikopano tsa Basupi ba ga Jehofa tseo di neng di tshwerwe mo Argentina ka January 1986 tsa “Baboloka Bothokgami”. Eleruri, bakaulengwe ba ile ba ipela thata fa ba bona batho ba le 97 736 ba kopanela dikopano tseo tse nne. E ne e le sebaka sa boipelo mo go bone go nna le bakaulengwe ba bone ba ba ka nnang 600 go tswa mafatsheng a le 19 le go tswa dikontinenteng tse 5 ba kopanela le bone. Ba ile ba ipela gape go itse gore, mo go ba ba 97 736 ba ba kopanetseng, ba le 40 000 e ne e le ba ba kgatlhegetseng bosheng.​—Pesalema 122:1.

Dikoranta tsa dikgang di ile tsa akgola thata ba ba neng ba le kwa kopanong ka thulaganyo ya bone e e molemolemo le boitshwaro. Koranta ya La Razon e ne ya totobatsa se se latelang mabapi le kopano ya Buenos Aires mo River Plate Stadium koo ba ba fetang 57 000 ba ileng ba nna gone: “Taolesego, bophepa, le tidimalo e e tshwaegang, boitshwaro . . . Baikanyegi ba ba neng ba le gone ba ile ba bontsha thulaganyo e e itekanetseng . . . taolesego e e sa bonwa-bonweng fela fa go na le boidiidi jo bo kalo.”

Koranta ya La Nacion e ile ya akgela ka kopano e e neng e tshwaretswe mo Rosario koo ba ba leng 15 000 ba ileng ba nna gone: “Go sa kgathalesege palo ya batho ba ba ileng ba lalediwa ke Basupi ba ga Jehofa, go ne go se lefa e le lepodisi le le neng le ka bonwa le tsamaya-tsamaya, mme taolesego e ne e siame sentle.”

Batla-kopanong ba ile ba dirisa ditsela tsotlhe tsa mesepele gore ba fitlhe kwa dikopanong tse: difofane, diterena, dibese, dikoloi, le dibaesekele. Dibese tse di ka fetang 870 le terena e le nngwe di ne tsa hirwa go tlisa batla-kopanong go tswa Rio Negro Valley kwa borwa jwa naga eo go tla kopanong ya River Plate. Mongwe motho yo o kgatlhegang o tsamaile malatsi a le mane ka baesekele, dikilomitara di le 800 (500 mi), go nna gone mo kopanong mo Córdoba.

Ke ka ntlha yang fa go ile ga tsewa matsapa a a kalo go nna gone? Ka go bo Basupi ba ga Jehofa ba amega thata ka ditlhokafalo tsa bone tsa semoya. (Mathaio 5:3) Koranta, ya Clarin e ne ya akgela jaana: “Kgakololo, le kgothatso ya ka tsela ya tlholego, ditlhaloso tsa Bibela, di ne di latelwa ka kelotlhoko ke diketekete tsa banna le basadi bao, ba neng ba kwala dintlha fa temana ya Bibela e ne e umakiwa, ba ne ba phutholola Dikwalo tse di Boitshepo mme ba leba tse di tsopotsweng.” La Voz del Interior mo Córdoba e ne ya akgela jaana: “Kopano e ne ya gatelela kafa go tlhokafalang ka gone go diragatsa molao wa Modimo ka kelotlhoko, le e leng ditlhaloso kaga bokopano, mmino, le mokgwa wa go apara.”

Ka go bontsha matswela a thuto e e neetsweng, monna mongwe o ne a tlhalosa jaana morago ga kopano: “Go simolola tsatsing leo [la go nna gone mo kopanong], botshelo jwa me bo fetogile gotlhelele. Ke dirisana sentle le maloko a lelapa la me. Ke bereka botoka. Ke ikutlwa ke itumetse go bo ke kopane le lona, go lemoga gore go sa ntse go na le batho ba ba siameng, batho bao ba thusang baagelani ba bone ka ntlha ya lorato lwa ga Jesu. Basadi ba apere ka moaparo o o lekalekaneng, go sena yo o gogang kana yo o nwang. Paradaise ya boammaaruri eleruri, batho ka bontsi e le ba ba utlwanang le go itshwara sentle ekete e ne e le lelapa le le lengwe fela le legolo.”

Dikakgelo tseno di re thusa go lemoga gore taolesego e e ntseng jalo le lorato di ka kgonega fela ka moya wa ga Jehofa.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela