Kanaanelo—Ke ka Ntlhayang fa go Na le Go Ikgogela Morago?
Mo kopanong ya bobishopo ba Italy eo e neng e tshwaretswe kwa Bologna mo Italy, ka Ngwanatsele ngwaga o o fetileng, Kereke ya Katoliki e ne ya tsosa tlhaselo kgatlhanong le Basupi ba ga Jehofa. Ka fa tlase ga setlhogo “Keresete Modimo wa Rona le Tsholofelo ya Rona: Bakeresete mo kotsing ya Basupi ba ga Jehofa,” moruti Giovanni Marinelli o ne a latofatsa Basupi gore ba “diphatsa mo bodumeding le mo setšhabeng.” O ne a bona Basupi molato wa go nna ‘megare e e bolayang e e tlhaselang bogolo jang bao ba sa sireletsegang,’ ka ntata ya go gola ga bone mo go bofefo mo Italy go tswa mo Makatoliking.
Diofisi tsa Katoliki tsa sedumedi le mafelo a kobamelo mo Italy yotlhe di ne tsa laelwa go dira ka natla kgatlhanong le Basupi. Jang? Ka go dira ditlhopha mo toropong nngwe le nngwe tseo di neng di tla “inaakanya” le ditiro tsa Basupi gore di “tlhabe baikanyegi ba rona podi-matseba.”
Go anama mo go ntseng jalo ga makoko kgatlhanong le Basupi ba ga Jehofa go ile ga tswela pele jang? Mo lekwalong le le gatisitsweng go Makasine wa Piario Parish, moruti mongwe o kwadile jaana: “Ka bo nna, ke rata Basupi ba ga Jehofa; se ke se dumela tota. Lotlhe lo gololesegile go akanya ka mo go farologanyeng kana, gongwe, le e leng go nkgaola. . . . Bao ke ba itseng ba siame ga ba na molato, ba bua ka bonolo . . . , [e bile ba] bua ka thelelo. Re tla a tlhaloganya leng gore boammaruri bo tlhoka tebego e e amogelesegang? Gore bao ba itsiseng boammaruri ga go tlhokafale gore ba bo ba le megopolo mebedi, ba nkga leswe, ba le boatla, ba sa itlhokomele?
“Gape, Basupi ba ga Jehofa ba go etela kwa lapeng. Kwa lapeng o mo lefelong le e leng la gago ke tsela e e ntseng jalo o mo seemong se se siameng. . . . O ka otlolola letsogo fela o bo o tsaya Bibela ya gago. . . . mo shelofong, mme o bo o leba go bona gore a temena eo o builweng ke yone, o bo o e utlwisisa sentle, jalo le jalo.
“Gape nte ke bolele gore seo se ikuelang go nna ke lebaka la gore Basupi ba ga Jehofa ba ikutlwa ka sebele ba ‘bileditswe’ . . . bodiheding jwa lefoko. E ke tiro eo re sa bolong go e lebala mme seo se bakile tshenyego e e senang bolekanngo go boefangedi jwa rona. ‘Ba tla ultwa jang ha mongwe a sa go itsise?’ Mo go nna Basupi ba ga Jehofa ba lebega ba ‘feletse’: eseng fela kwa malapeng, kwa tirong, le mo boitapolosong, mme gape ka lebaka la thuto ya bone ya botho ya ditumelo tsa bone tsa motheo le gore ba ka thusa ba bangwe jang go di tlhaloganya. Mme fa ke ‘go eletsang thata’ ke kwa diphitlhong tsa Basupi ba ga Jehofa. Fa ke di bapisa le diphitlho tsa rona tsa Bokatoliki, koo yo o didimetseng fela e leng yo o tlhokafetseng, koo go senang ope yo o nang le Bibela mo mabogong a gagwe go latela mmalo wa botlhe. . . . A lesedi! A dithapelo! A tumelo! A boikanyego! Ke mang yo o itseng gore a ke tla be ke kgone go nna kgatlhanong le thaelo ya go oketsa wili ya me ka go re: ‘Ke eletsa go fitlhwa ke Basupi ba ga Jehofa.’ Ke mang yo o itseng!
“Boikitsiso jwa bone ke jo bo tshwanetseng tota. Gongwe ke ka ntlha ya gore le nna ga ke a itumela, ga ke a kgotsofala, go bo ke tlhaloganya go bona molato ga bone ga phatlalatsa. Ba re, ‘Lefatshe le re tshelang mo go lone le tletse ka thubakanyo le boitsholo jo bo maswe.’ A o ikutlwa o batla go ba ganetsa? Nna ga ke ba ganetse. . . . ‘Kereke ya Katoliki, e e tsenwang mo lefatsheng ka bophara e bile e le bodumedi jo bogologolo mo go jo bongwe, e na le boikarabelo jo bogolo mo go welang tlase mo ga boitshwaro.’ A o tla bua kgatlhanong le se? Nna ga ke kake ka dira jalo. Batho ba ba siameng, ba ba maitseo, . . . ba ba ineetseng. Basupi ba ga Jehofa ba na le bopelokgale jo bo pataganyeng le botlhale. Ba wetsa ka gore, ‘Jaanong he, tlogelang dikereke tsa lona mme lo re sale morago.’
“Ke lemoga gore fa ke ka tlogela bodumedi jo ke saleng ke bo itse go tswa letseleng la ga mme, ke bo ke sala jo bongwe morago, seo se ne se tla hutsafatsa. Mme fa go dira jalo go utlwala ke eng fa ke ka seke ke tseye kgato e? Akanya ke gone, go fetola bodumedi ga se tlhabisa ditlhong go tlogela gotlhelele. . . . Go ne go tla tlhabisa ditlhong go tlogela bodumedi o bo o sa bone sepe se se botoka, o tswa mo boitsetsepelong jwa gago mme o bo o kgarakgatshega fela go se kwa o yang teng. Mme go tweng fa ke ne ke akanya gore diaparo tsa me di phepa fela ka gore ga ke ise ke bone tsa gago? Go lebega go le botlhale mo go nna go tlhopha molora o o botoka, o o tla di tlhatswang mme di nne phepa! Maikaelelo a barongwa a mangwe fela, a mangwe fela fela: go fetola bodumedi jwa batho. . . . Ke eng fa ke sa tshwanela go fetola bodumedi jwa me fa segakolodi sa me se mpolelela go dira jalo? Fa moreri a ka ntlhatswa pelo gore ke dire jalo? Fa go utlwala go dira jalo? Fa bodumedi jwa Basupi ba ga Jehofa bo siame thata . . . , he . . . ke tla a tsamaya le Basupi ba ga Jehofa. . . . Ke batla go itse gore a Basupi ba ga Jehofa ba boammaruri.”
Fa a wetsa lekwalo lwa gagwe, moruti o ne a gatelela gore go dirisa ga Basupi leina Jehofa mo boemong ja Jahweh fa ba bitsa leina la Modimo “ga se lebaka lepe la go ntatlhisa lerato le le nonofileng le ke nang le lone mo Basuping ba ga Jehofa.” Ka goreng? “Se segolo,” a oketsa, “ke basupi ba Modimo mme ke sone selo sa botlhokwa!”
Bontlhanngwe jwa Lekwalo: Go bonala lekwalo la moruti yono le ile la tsosa kgaruru mo ditlhopheng tse di kwa godimo tsa baruti tse di laolang. Mo tokololong ya moragonyana ga eo ya makasine wa kereke, o ne a gogela dikakgelo morago ka Basupi ba ga Jehofa.