Phetogo ya Bolaodi—E Gaufi!
BATHO ba le bantsi ba ile ba tlodisa kgang e e botlhokwa-tlhokwa matlho. Ke eno: Mo go kgaratlheleng ga yone go laola lefatshe lotlhe, merafe e e gaisanang e ile ya palelwa ke go lemoga gore go na le taolo le maatla tse di fetang tsa bone. Ba tlhokomologa ntlha ya gore “Mogodimodimo [o] busa mo bogosiñ yoa batho, me o tla a bo nee moñwe hèla eo o mo ratañ.” (Daniele 4:25) Ke mang yono yo Modimo Mothatayotlhe a mo tlhophang jaaka Kgosi mo godimo ga lefatshe lotlhe? O tsaya leng marapo mo godimo ga lefatshe lotlhe?
Kgosi E Nngwe Gape
Pele ga Daniele a bolelela pele kaga ‘kgosi ya botsheka le kgosi ya borwa,’ o ne a nna le ponatshegelo eno ya boperofeti malebana le kgosi e e tlhophilweng ya Modimo: “Ga tla mo maruñ a legodimo moñwe eo o chwanañ le moñwe morwa motho, me a tla hèla kwa go eo mogologolo, [Jehofa Modimo] . . . Me a nèwa pushō, le kgalalèlō, le bogosi, gore batho botlhe ba dichaba, le ba merahe, le ba dipuō ba mo dihèlè: pushō ea gagwè . . . [ke] e e se ketlañ e heta, le bogosi yoa gagwè ke yo bo se ketlañ bo señwa.”—Daniele 7:13, 14.
Ponatshegelo eo e ne ya tswela pele go tshwantsha mebuso ya lefatshe e e tlhatlhamanang le dibatana. Mme, eleruri, ‘motho o na le thata mo go yo mongwe go mo utlwisa botlhoko’ ka bosetlhogo jo bo tshwanang le jwa dibatana. (Moreri 8:9) Batho gape ba ile ba busa ba le kafa tlase ga taolo ya bobatana ya dikgosana tsa moya tse di tsuololang, tseo kgosi ya tsone e leng Satane ka sebele. (Daniele 7:17; 10:13; bapisa Tshenolō 12:9; 13:2-4.) Go fapaana le seo, “moñwe eo o chwanañ le moñwe morwa motho” o amogela taolo ya go busa e e tswang go Jehofa Modimo. Molaodi yono yo o tlhophilweng ke Modimo o na le dinonofo tse di tshwanelang molaodi wa batho bao kwa tshimologong ba neng ba dirilwe “mo chwanoñ ea Modimo.” (Genesise 1:27) Mme ene ke mang?
Jesu o ne a dirisa lereo “Morwa motho” mo go ene fa a ne a le mo lefatsheng dingwaga di le 1 900 tse di fetileng. Ereka nako eo e ne e le motho, e ne e le “morwa motho” wa mmatota, mme o ne a bontsha dinonofo tse di molemo, tse di ntseng jaaka lorato, bopelotlhomogi, le tshiamo ka botlalo. Gape o ne a neela botshelo jwa gagwe gore a rekolole batho, ka gone a diragatsa seabe sa motho wa losika wa setho yo o gaufi-ufi.—“Morwa motho” eleruri.—Mathaio 20:28; Bahebera 2:11-17.
Fa Jesu a ne a dirisa boperofeti jwa ga Daniele go tswela pele, o ne a re: “Di tla bōna Morwa Motho a tla ka maru a legodimo, ka nonohō le ka kgalalèlō e kgolō.” Moragonyana ga moo o ne a itshwantsha a le mo sebopegong se se tshwanang, a re: “Me e tla re Morwa Motho a tla ka kgalalèlō ea gagwè, . . . o tla dula mo setuloñ sa gagwè sa bogosi sa kgalalèlō.” (Mathaio 24:30; 25:31) Gompieno Jesu ga se mothonyana fela mo lefatsheng. Fa esale go tloga ka loso le tsogo ya gagwe ka 33 C.E., ke moya wa selegodimo mo tshwanong ya Modimo. Go farologana le babusi ba batho, ke ene Kgosi e e “nañ le bosashweñ a le esi, a bile a agile mo lesediñ ye le sa kakeñ ya atamèlwa; eo go señ motho opè eo o kileñ a mmōna, le gōna opè a sa kake a mmōna.” (1 Timotheo 6:16) Puso ya gagwe ya Bogosi ga e kitla e nna le dinonofo tsa bobatana tsa mewa e e boikepo eo e ileng ya tlhotlheletsa mebuso ya batho.
Ka gone Jesu ke ene fela Kgosi e e tlhophilweng ke Modimo jaaka Mesia wa Gagwe, kana Keresete, ebile a laoletswe gore a buse lefatshe lotlhe. (Daniele 7:14) Seno se raya gore mebuso yotlhe ya batho, go akareletsa le “kgosi ea botsheka” le “kgosi ea borwa,” e tshwanetse go fela mme e tseelwe maemo ke Bogosi jwa Modimo kafa tlase ga bolaodi jwa ga Keresete.—Daniele 2:44; bapisa Pesalema 2:7, 8, 12.
“Kgōsana e Kgolo” e Tsaya Marapo a Mmuso
Lefa go ntse jalo, Jesu ga a simolola go busa setho ka 33 C.E. O ne a nama a sa letile. E ne e le fela morago ga seno fa Jehofa a ne a mo naya maatla a gore ‘a buse mo gare ga baba ba gagwe.’ (Pesalema 110:1, 2; Ditihō 2:32-36) Fa Daniele a ne a bolelela seno pele, o ne a re: “Me e tla re mo motlheñ ouō go tla èma Mikaele, kgōsana e kgolo . . . me go tla nna motlha oa khuduègō, o e sa leñ ka go nna morahe le go tla mo go lōna lobaka louō go e se go ke go nne opè o o nntseñ yalo.”—Daniele 12:1.
Boperofeti jono bo ne jwa latela morago ga fa Daniele a sena go supa gore go kgaratlha magareng ga “kgosi ea botsheka” le “kgosi ea borwa” go ne go tla fitlhelela setlhoa sa gone mo “motlheñ oa” ga jaanong “oa bokhutlō.” Mo nakong eno, nngwe ya ‘dikgosi’ tseno e ne e tla “bolola ka cararègō e kgolo” go fedisa batho ba le bantsi. (Danile 11:40, 44, 45) E tla bo e le ka nako eo fa Mikaele “[yo o] èmèlañ” batho ba Modimo ka sebele a neng a tla tsaya kgato ya makgaolakgang gore ba ke ba falole.—Bapisa Daniele 11:2, 3, 7, 20, 21; 12:1.
Lefa go ntse jalo, seno se nyalana jang le Jesu? Gopola gore o ne a akareletsa le boperofeti jwa ga Daniele malebana le go ipolela ga gagwe jaaka Kgosi ya mo isagweng. Mo ntlheng eno gape o ne a bua ka “sepitla se segolo” se se sa tshwaneng le sepe. (Mathaio 24:21, 29-31) O ne a lebisa ka phepafalo go “motlha oa khuduègō” oo Daniele a neng a o umaka malebana le Mikaele. (Bapisa Mathaio 24:15; Daniele 11:31.) Ka gone Jesu o ne a ikgetholola jaaka Mikaele yo o neng a tla ema gore a buse.
Jesu le Daniele ba ne ba neela dipolelelopele tseno fa ba ne ba tlhalosa ditiragalo tsa mo “motlheñ oa bokhutlō.” Ditiragalo tseno di ile tsa diragadiwa ka mo go tlhomologileng fa esale go tloga ka 1914. Ka nako eo Jesu o ne a tsaya marapo a mmuso kwa legodimong jaaka Kgosi, mme o ntse a busa mo gare ga baba ba gagwe.—Mathaio 24:3, 7-12.
Paradaise ya Lefatshe Lotlhe—E Atametse!
Kwantle ga pelaelo o lemoga gore merafe e paletswe ke go amogela Bogosi jwa ga Keresete. E gana molaetsa wa gore bo tlhomilwe mme e tswela pele go bolela bolaodi jo bo kwa godimo jwa yone. Molaetsa o o ntseng jalo ke boeleele mo go bone. Ka gone ga ‘go ope wa babusi ba tsamaiso eno ya dilo yo o itsileng botlhale jwa Modimo malebana le go tlhopha Keresete jaaka Kgosi. Ka go foufadiwa ke tsamaiso e e laolwang ke Satane le dikgosana tsa gagwe tsa moya tse di tsuololang, ba iphitlhela ba le kgatlhanong le Bogosi jwa Bo-Mesia.—1 Bakorintha 2:8; bapisa Luke 4:5, 6; 2 Bakorintha 4:4.
Jalo, jaaka Jesu a boleletse pele, bao ba rerang Bogosi jwa gagwe ka boikanyegi ba a bogisiwa. Ba santse ba tla nna kafa tlase ga tlhaselo e kgolwane. (Mathaio 24:9, 14; Daniele 11:44, 45; bapisa Esekiele 38:14-16.) Lefa go ntse jalo, Jesu o tla tla jaaka “KGOSI EA DIKGOSI, LE MORÈNA OA BARÈNA” go lwela batho ba gagwe. Ntwa eno e tla felela ka phenyo e e feletseng ya Kgosi e e tlhophilweng ya Modimo. Bao ba tlhaselang batho ba gagwe ba tla ‘tshwanelwa ke go fitlha mo bokhutlong jwa bone, mme go se ope yo o tla ba thusang.’ ‘Dikgosi’ tse dingwe tsotlhe di tla bo di nyeleditswe.—Tshenolō 11:15, 18; 19:11, 16, 19-21; Pesalema 2:1-3, 6-9.
Ereka “motlha oa bokhutlō” o simologile ka 1914, jaanong o na le nako e telele o le gone. Jesu o ne a bolela gore losika lo lo boneng motlha oo o simologa lo tla bona bokhutlo jwa one. (Mathaio 24:32-34) Ka jalo, re atamela motlha oo o o galalelang ka potlako oo Jesu Keresete a tla tsayang marapo mo mererong ya lefatshe ka botlalo ka one le go kopanya setho sotlhe se se boikobo kafa tlase ga goromente wa gagwe a le mongwe.
Ee, go tla tloga go nna le phetogo ya bolaodi. Lefa go ntse jalo seno se tla rayang mo go wena? Se ka raya gore isagwe ya gago e tla fela le mebuso ya ga jaanong ya batho le batshegetsi ba yone. Kana, go ikaegile ka kgato eo o tla e tsayang, go ka raya botshelo jo bo sa khutleng le polokesego mo lefatsheng la paradaise, tse di tla tshegediwang le go laolwa ke Bogosi jwa Modimo. Seno se ka itshupa e le boammaaruri fa e le gore o ema bolaodi jwa ga Keresete nokeng mmogo le dimilione-milione tsa Basupi ba ga Jehofa lefatshe ka bophara ka boikanyegi.