LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w87 7/1 ts. 15-20
  • Kgosana e Kgolo Mikaele e Ema ka Dinao

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kgosana e Kgolo Mikaele e Ema ka Dinao
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Mikaele Kgosana e Kgolo
  • ‘O Emela’ Batho ba ga Daniele
  • Mikaele o ‘Ema ka Dinao’
  • Bafalodi ba “Motlha oa Khuduègō”
  • ‘Mikaele Kgosana e Kgolo’—Ke Mang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Mikaele Moengele yo Mogolo ke Mang?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Go Tlhaola Baobamedi ba Boammaaruri mo Motlheng wa Bofelo
    Ela Tlhoko Boporofeti Jwa ga Daniele!
  • Go Nonotshiwa ke Morongwa wa Modimo
    Ela Tlhoko Boporofeti Jwa ga Daniele!
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
w87 7/1 ts. 15-20

Kgosana e Kgolo Mikaele e Ema ka Dinao

“Me e tia ce mo motlheñ ouō go tla èma Mikaele, kgosana e kgolo e e emelan bana ba batho ba ga eno.”​—DANIELE 12:1.

1. Ke tsela efe ya ditiragalo tsa isagwe tsa lefatshe e e bonelwang pele mo Bibeleng, mmeke potso efe e e tsogang kaga batho ba Modimo ka ntlha ya seno?

JEHOFA o ntshitse tlhagiso ka tshiamo jaana: Ga go kitla go nna kagiso mo lefatsheng fa fela kgaisano fa gare ga kgosi ya botsheka le ya borwa e santse e tsweletsepele. Dikgosi tse pedi; tseno di tla nna di ntse di farologana mo dikgatlhegong tsa tsone. Mo godimo ga moo, fa bobaba jwa tsone bo ile mageletsa, kgosi ya botsheka e tla tshosetsa bomoya jWa batho ba Modimo pele ga ‘e tla mo bokhutlone jwa yone.’ (Daniele 11:44, 45) A batho ba Modimo ba tla falola tlhaselo eno? Mme go diragalang eng ka kgosi ya borwa fa mogaisanyi yo mogolo wa gagwe a tla mo bokhutlong?

2, 3. (a) Ke boperofeti bofe jo re bo fitlhelang mo bukeng ya Esekiele jo bo re thusang go tlhaloganya boperofeti jwa kgosi ya botsheka le kgosi ya borwa? (b) Go ya ka Boperofeti jwa ga Esekiele, ke eng se e tla nnang matswela tlhaselo ya bofelo e kgolo mo bathong ba Modimo?

2 Boperofeti jwa ga Esekiele molekane wa ga Daniele bo re thusa go araba dipotso tseno. Esekiele, le ene, o ne a tlhotlheleditswe go bua ka ‘metlha ya bofelo,’ mme o ne a tlhagisa ka go tla ga tlhaselo ya ga ‘Goga wa Magogo’ kgatlhanong le lefatshe la batho ha Modimo. (Esekiele 38:2, 14-16; Daniele 10:14) Mo boperofeting joo, Goga o tshwantshetsa Satane, mme masomosomo otlhe a gagwe a tshwantshetsa baemedi botlhe ba ga Satane ba selefatshe ba ba neng ba tla dira maiteko a bofelo a magolo a go nyeletsa batho ba Modimo. Ereka tlhaselo eno, jaaka e le ya kgosi ya bokone, e nna gone mo motlheng wa bokhutlo, go a utlwala go konela ka gore go “tlhōma megope ea ntlo ea eōna ea bogosi ha gare ga lewatlè le thaba e e boitshèpō e e Galalèlañ” ga kgosi ya bokone ke go ema nokeng tlhaselo ya ga Goga. (Daniele 11:40, 45) A mme tlhaselo eo e tla atlega?

3 Esekiele o ne a bolelela-pele jaana: “Me go tla dihala mo motlheñ ouō, go re, mogañ Gōga o bololèlañ lehatshe ya ba Iseraela, go bua Morèna, cararègō ea me e tla gola mo dinkoñ tsa me. Me ke tla ganetsanya naè ka kgogodi le madi; me go le èna, le mashomōshomō a gagwè a sekamerwalō ea tsiè, le dichaba tse dintsi tse o nañ nacō, ke tla ba nesetsa leshogodi ye le penologañ, le sehakō se segolo, le molelō, le sulefura.” (Esekiele 38:18, 22) Nnyaa, tlhaselo ga e kitla e atlega. Bakeresete ba boammaaruri ba tla falodisiwa, mme boidiidi jwa ga Goga bo tla senngwa.​—Esekiele 39:11

4. A kgosi ya borwa e tla falola bokhutlo jwa kgosi ya botsheka? Ke dipolelelo-pele dife tse dingwe tse di tshegetsang karabo eno?

4 Go phepafatsa he, gore motlha wa bokhutlo jwa kgosi ya botsheka ke motlha wa bokhutlo jwa ga Goga le masomosomo otlhe a akareletsa kgosi ya borwa. Seno se dumalana le dipolelelo-pele tse dingwe mo bukeng ya ga Daniele. Ka sekai, re bala gore morago ga Bogosi jwa Modimo bo sena go tlhomiwa,’ bo ne bo tla “thubaganya bo nyèletsa magosi auō aotlhe, [go akaretsa kgosi ia botsheka le kgosi ya borwa] me bo tla èma ka bosakhutleñ.” (Daniele 2:44) Gape, mo ponatshegelong ya ga Daniele ya phelehu le phoko, mmuso wa sepolotiki wa Britani le amerika o emelwa ke lonaka lo lonnye. Lonaka lo lonnye lono, “mo motlheñ oa moragō oa bogosi yoa cōna,” le senngwa ke motswedi wa maatla a a fetang a motho, e seng ke kgosi ya botsheka: “Me [lo] tla thuywa e señ sa lecōgō [ja batho].”​—Daniele 7:24-27; 8:3-10, 20-25.

Mikaele Kgosana e Kgolo

5. Ke mang yo o tla nnang Moemedi yo Mogolo wa ga Jehofa wa phalolo ya batho ba Gagwe, mme ke eng fa seno se tshwanela?

5 Gape moengele o senola motswedi o Jehofa a tla o dirisang go tlisa bokhutlo jwa dikgosi tsotlhe tseno. A re: “Me e tla re mo motlheñ ouō go tla èma Mikaele, Kgōsana e kgolo e e èmèlañ bana ba batho ba ga eno: me go tla nna motlha-oa khuduègō, o e sa leñ ka go nna morahe le go tla mo go lōna lobaka louō go e se go ke go nne opè o o nntseñ yalo: me mo motlheñ ouō batho ba ga eno ba tla gololwa, moñwe le moñwe eo o tla hitlhèlwañ a kwadilwe mo lokwaloñ.” (Daniele 12:1) Kwa tshimologong ya boperofeti jwa moengele, Mikaele o ne a begwa a lwela lseraele kgatlhanong le dikgosana tsa Peresia le Gerika. (Daniele 10:20, 21) Jaanong, jaaka boperofeti bo le gaufi le go diragadiwa ka botlalo, ene Mikaele yono o ‘eme’ mo boemong jwa batho ba ga Daniele. Mogaka ono wa batho ba Modimo ke mang?

6, 7. (a) Go ya ka baithuti bangwe ba La-Bodumedi, Mikaele ke mang? (b) Ke bosupi bofe jwa Bibela jo bo re thusang go dira katlholo e e siameng kaga Mikaele?

6 Bogologolo ka dingwaga tsa bo-1800, moithuti wa Bibela Joseph Benson o ne a tlhalosa gore tlhaloso ya ga Mikaele jaaka e ñtlhelwa mo Bibeleng “ka mo go bonalang sentle e bua ka Mesia.” E. W. Hengstenberg wa mo-Lutere wa.lekgolo la bolesome le borobabongwe la dingwaga o ne a dumela gore “Mikaele ga se ope fela fa e se Keresete.” Ka mo go tshwanang, moithuta-bodumedi J. P. Lange, fa a ne a akgela ka Tshenolō 12:7 o ne a kwala jaana: “Re tsaya gore Mikaele . . . go tswa fela kwa tshimologong, ke Keresete a apere diaparo tsa tlhabano kgatlhanong le Satane.” A Bibela e ema nokeng bosupi jono? Ee, e bo ema nokeng.a

7 Ka sekai, go ya ka moengele, Mikaele o tshwanetse go “èma.” Mo boperofeting jwa moengele, “go èma” kana “go èma ka dinao” (‛a·madhʹ ka Sehebera) go ka nna ga raya go “ema-nokeng.” (Daniele 11:1) Gape ka ditsela di le dintsi go ka nna ga raya “go fenya,” “go tsuologa,” “go ganetsa,” kana “go emelelana.” (Daniele 11:6, 11, 14, 15, 16a, 17, 25) Mme gangwe le gape, e bua ka kgato ya kgosi, e ka tswa e tsaya bogosi kana e diragatsa maemo a yone jaaka kgosi ka botlalo. (Daniele 11:2-4, 7, 16b, 20, 21, 25) Eno ke tlhaloso e e dumalanang sentle le mafoko a moengele mo go Daniele 12:1. Ka boammaaruri e tshegetsa lebaka la gore Mikaele ke Jesu Keresete, ereka Jesu e ne e le Kgosi e e tlhophilweng ke Jehofa, e e laoletsweng go senya ditšhaba tsotlhe kwa Hara-Magedona. (Tshenolō 11:15; 16:14-16; 19:11-16) Gape e dumalana le dipolelelo-pele tse dingwe tse di buang ka ga Bogosi jwa Modimo, kafa tlase ga ga Jesu Keresete, bo lwantsha merafe ya lefatshe.​—Daniele 2:44; 7:13, 14, 26, 27.

8, 9. (a) ‘Batho ba ga Daniele’ lantlha e ne e le bomang, mme gompieno ke bomang? (b) Kgatlhego e kgolo ya ga Mikaele mo ‘bathong ba ga Daniele’ e ile ya bontshiwa jang go ralala dingwaga?

8 Mikaele ga a bolo go nna a amanngwa le ‘batho ba ga Daniele,’ ebong Baiseraele. O ne a na le bone mo nageng, mme o ne a ba ema nokeng kgatlhanong le “dikgōsana tsa mebuso-megolo” ya bogologolo. (Daniele 10:13, 21; Ekesodo 23:20, 21; Yude 9) Mme o ne a tsholwa mo lefatsheng jaaka monna Jesu go nna Mesia yo o sa bolong go emelwa bogologolo, “losika” lo lo solofeditsweng mogologolwane wa ga Daniele ebong Aberahame. (Genesise 22:16-18; Bagalatia 3:16; Ditihō 2:36) Ka maswabi, Baiseraele ba bogologolo ka kakaretso ba ne ba gana Jesu; ka ntlha ya gone moo, Jehofa o ne a ba gana gore ba se tlhole ba nna morafe wa gagwe o o kgethegileng. (Mathaio 21:43; Yohane 1:11) O ne a ikaelela go neela leina la gagwe morafe o mosha, “Iseraele oa Modimo” wa semoya, yo o bopilweng ka Bajuda ba tlholego le batho ba e seng Bajuda mme ba dumela mo go Jesu.​—Bagalatia 6:16; Ditihō 15:14; 1 Petere 2:9, 10.

9 Morafe ono o mosha, phuthego ya Bokeresete ya ba ba tloditsweng, e ne ya tsalwa ka 33 C.E., mme fa e sale ka nako eo e direla jaaka lseraele wa Modimo. Seno ka gone e ne e tla nna ‘batho ba ga Daniele.’ (Baroma 2:28, 29) Pele ga go tsosediwa ga gagwe kwa legodimong ka 33 C.E., Jesu o ne a solofetsa go tswelela-pele ka go ema nokeng ‘batho ba ga Daniele’ fa a ne a bolelela ba ba neng ba tla nna maloko a lseraele yoo yo mosha jaana: “Bōnañ, ke bo ke nntse ke na le lona ka metlha eotlhe, le go ea bokhutloñ yoa metlha.”​—Mathaio 28:20; Baefesia 5:23, 25-27.

‘O Emela’ Batho ba ga Daniele

10. Go ya ka mafoko a moengele go Daniele, Mikaele o ya go dira jang ka botlhale, mme seno se tsosa dipotso dife?

10 Mme jaanong moengele a re Mikaele o tlile go dira ka tsela e e kgethegileng. Ka go dirisa lefoko ‘go ema’ gabedi, a re: “Me e tla re mo motlheñ ouō go tla èma Mikaele, kgōsana e kgolo e e èmèlañ bana ba batho ba ga eno.” (Daniele 12:1) Go rayang gore Jesu o ‘eme ka dinao’? Gape o ka “èma” jang fa e le gore o setse a ‘eme mo boemong jwa batho [ba ga Daniele]’? Pele ga re araba dipotso tseno, elatlhoko boikitsiso jwa ntlha-ntlha.

11. Ke ka tsela efe go tla bong go tshwanetse gore Jesu o ile a “ème” fa e sale ka 1914?

11 Morago ga go tsosiwa ga gagwe mo baswing ka 33 C.E., Jesu o ne a bolelela balatedi ba gagwe jaana: “Taolō eotlhe ke e neilwe kwa legodimoñ le mo lehatshiñ.” (Mathaio 28:18) Jesu ga a bolo go diragatsa taolo eo mo batlhankeng ba gagwe ba ba tloditsweng mo lefatsheng (Bakolosa 1:13) Lefa go ntse jalo, nako e ne e ise e tle ya gore Jesu a diragatse taolo ya gagwe jaaka Kgosi ya Bogosi jwa Modimo. Go na le moo, morago ga go tlhatloga ga gagwe o ne a ‘nna mo letsogong je legolo la Modimo kwa legodimong’ go fitlhelela nako ya go tlhomiwa ga Bogosi joo. (Pesalema 110:1, 2; Ditihō 2:34, 35) Nako eo e ne ya tla ka 1914, “lobakeñ lo lo laocweñ.” (Daniele 11:29) Mo ngwageng eo, Jesu o ne a tlhomiwa jaaka Kgosi e e busang ya Bogosi jwa Modimo mme ka bofefo fela, jaaka Mikaele moengele yo mogolo, o ne a ntsha Satane mo legodimong. (Tshenolō 11:15; 12:5-9) Ka gone fa e sale ka 1914 Jesu o ntse a ‘eme’ jaaka Kgosi.​—Pesalema 2:6.

12, 13. Batho ba Modimo ba ntse ba ipelela masego afe mo dingwageng fa e sale ka 1914, se se bontshang gore Jesu o ntse a ‘eme mo boemong jwa batho ba ga Daniele’?

12 Go “èma” ga ga Jesu e ntse e le tshegofatso e kgolo mo go ‘bomorwa ba batho ba ga Daniele.’ Go tsena mo Bogosing ga gagwe le go latlhela Satane mo lefatsheng go ne ga phepafatsa legae la bone la isagwe la selegodimo (Yohane 14:2, 3) Fa e sale ka nako eo, bao ba neng ba setse ba sule ka boikanyegi ba ne ba ka tsosediwa kwa bosweng jwa selegodimo. (1 Bathesalonia 4:16, 17) Masalela a bone ba ba santseng ba le mo lefatsheng ba ne ba bogisiwa thata mo ntweng ya ntlha ya lefatshe, e e batlileng e emisa gotlhelele tiro ya bone ya go rera. Mme ka 1919 ba ne ba rudisiwa le go tlisiwa mo lefatsheng jaaka morafe o mosha.​—Isaia 66:7, 8; Tshenolō 9:14; 11:11, 12.

13 Morago ga moo, Jesu o ne a diragatsa tsholofetso ya gagwe ya go “tlhōpha mo bogosiñ yoa gagwè dilō cotlhe tse di kgopisañ, le ba ba ikèpañ.” (Mathaio 13:41) Ka tsela eno, o ile a boloka phuthego e e phepa ya Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba ‘itsileng Modimo wa bone, ba ba neng ba itshoka, le go dira ka tlhagafalo.’ Ba ile ba rera mafoko a a molemo a Bogosi go dikologa lefatshe, ka gone ‘ba fetisetsa tlhaloganyo mo go ba le bantsi.’ (Daniele 11:32, 33; Mathaio 24:14) Fa e sale ka 1935 Jehofa o ne a tlisa palo e e golang ya “dinku di sele” mo phuthegong eno, ba ba nang le tsholofelo ya selefatshe le ba ba tlhakanelang ka boikanyegi mo tirong ya go rera mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo.​—Yohane 10:16; Tshenolō 7:9, 14, 15.

14. Matswela e ile ya nna eng a go ‘emela batho ba ga Daniele’ ga ga Jesu mo malatsing a bofelo?

14 Go nna gone fela ga setlhopha seno sa Bakeresete gompieno go a gakgamatsa Mo lefatsheng le le kgaogantsweng ke bopolotiki, ba bolokile boitlhaodi jwa bone ka botlalo jaaka babusiwa ba Bogosi jwa Modimo. (Yohane 17:14) Ka ntlha ya gone moo, ba ile ba bogisiwa ke dikgosi tsoo-pedi. Bodumedi jwa maaka le jone, bo ile jwa ba direla maano le go ba logela dirai tsa gore ba fedisiwe gotlhelele. Mo boemong jwa gore seo se diragale, ba ile ba atlega mme gompieno ba fitlhelwa mo mafatsheng a feta 200 ebile ke batho ba ba ikanyegang ba ba fetang dimilione tse tharo. Ba inelela Paradaise ya semoya kafa tlase ga bobusi jwa ga Keresete jo bo nonofileng pharologanong le lefifi le go itlhoboga ga lefatshe leno. (Isaia 65:13, 14) Ka gone, Jesu o ntse a ‘eme mo boemong jwa bomorwa ba batho [ba ga Daniele]’ go ralala malatsi ano a bofelo.​—Daniele 12:1.

Mikaele o ‘Ema ka Dinao’

15. Jesu o “èma” jang, mme seno se diragala leng?

15 Ka gone Jesu yo o setseng a ‘eme’ o ‘eme ka dinao’ jang ka nako eo? (Daniele 12:1) Ka gore bobusi jwa gagwe bo tsena mo karolong e ntšha, jaaka go ka tualo. Ke nako ya gagwe ya go tsaya kgato ka tsela e e tlhomologileng go sireletsa ‘batho ba ga Daniele’ gore ba seka ba senngwa ke bogoromente ba batho. (Esekiele 38:18, 19) Go phepafetse gore “motlha” o go buiwang ka one fano ke ‘motlha wa bofelo’ wa kgosi ya botsheka le kgosi ya borwa, fa kgosi ya botsheka e tshosetsa seemo sa semoya sa batho ba Modimo. (Daniele 11:40-45) Pele ga nako eno, bobusi jwa ga Jesu bo ntse bo tsewa ka masisi ke babusiwa ba ba ikanyegang ba selefatshe fela. (Pesalema 2:2, 3) Lefa go le jalo, jaanong ke nako ya “tshenolō ea Morèna Yesu,” fa mongwe le mongwe a tla bo a patelesega go lemoga gore ke kgosi. (2 Bathesalonia 1:7, 8) Seno se tla kopanyeletsa tshenyego ya botlhe ba ba ganetsang, e latelwa ke Puso ya Dingwaga tse di Sekete ya ga Jesu le babusi-mmogo le ene, fa Bogosi e tla bo e le goromente o o esi o o busang setho.​—Tshenolō 19:19-21; 20:4.

16. Matswela e nna eng a ‘go ema’ ga ga Jesu kgatlhanong le merafe e e seng ya bomodimo?

16 Tumalanong le seno, moengele a re fa Mikaele a ema ka dinao, “go tla nna motlha oa khuduègō, o e sa leñ ka go nna morahe le go tla mo go lōna lobaka louō go e se go ke go nne opè eo o nntseñ yalo.” (Daniele 12:1; bapisa Mathaio 24:21.) E tla nna nako ya tshenyego ya baikepi le poloko ya ba ba ikanyegang. (Diane 2:21, 22) A ke o reetse karabelo ya kgamarego ya batho ba ba sa ikanyegeng ka nako eo: “Me ba raea dithaba le mahika, ba re, Re weleñ godimo, lo re bipèlè sehatlhōgō sa eo o dutseñ mo setuloñ sa boaosi. le bogale yoa Kwana: Gonne letsatsi ye legolo ya bogale yoa bōnè le hitlhile; me go nonohile mañ go èma?”​—Tshenolō 6:16, 17.

17. Maatla a selefatshe a ga Satane a tla dimgalelwa ke eng, morago ga moo, go akareletsa kgosi ya botsheka le kgosi ya borwa?

17 Diphelelo tsa “motlha [ono] oa khuduègō” mo maatleng a selefatshe a ga Satane di tlhalositswe mo boperofeting jwa ga Esekiele kgatlhanong le Goga wa Magogo jaana: “U tla wèla mo dithabeñ tsa Iseraela, wèna le mashomōshomō a gago aotlhe a sekamerwalō ea tsiè, le dichaba cotlhe tse u nañ nacō.” (Esekiele 39:4) Jeremia, fa a ne a bua ka nako yone eo ya khuduego, o ne a re: “Babolaiwa ba ga Yehofa ba tla hitlhèlwa mo motlheñ ouō mo sekhutloñ se señwe sa lehatshe go ea sekhutloñ se señwe sa lehatshe.” (Yeremia 25:33) Ruri e tla bo e le motlha wa khuduego. Jesu o tla khutlisa ntwa ya batho e e tsereng dingwaga di le dintsi fa a ‘ema ka dinao’ le go tlosa mebuso ya batho e e ikarabelelang mo ntweng eo.​—Pesalema 46:9; 1 Bakorintha 15:25.

Bafalodi ba “Motlha oa Khuduègō”

18. (a) Baobamedi ba boammaaruri ba tla itemogelela eng fa Mikaele a “èma”? (b) Go ‘kwalwa mo bukeng’ go raya eng?

18 Lefa batho ba Modimo ba tla ikutlwela diphelelo tsa bogale jwa mmaba, seno e tla bo e le “motlha oa khuduègō” o o lebagantsweng le baikepi. (Pesalema 37:20) Moengele o bolelela Daniele jaana: “Me mo motlheñ ouō batho ba ga eno ba tla gololwa, moñwe le moñwe eo o tla hitlhèlwañ a kwadilwe mo lokwaloñ.” (Daniele 12:1) Bontsi jwa ‘bomorwa batho ba ga Daniele’ ba tla bo ba sule ebile ba amogetse mpho ya selegodimo ka nako eno. Bano kwantle ga pelaelo ba tla tlhakanela le Mikaele mo phenyong e kgolo eno ya tlhabano. (Tshenolō 2:26, 27; Pesalema 2:8, 9) Ba ba setseng mo lefatsheng ga ba ne ba nna le karolo mo tlhabanong; mme ba tla nna baboloka bothokgami, ka gone ba tla nna bafalodi. (Tshenolō 17:14; 19:7, 8) Balekane ba bone ebong “boidiidi yo bogolo,” le bone, ba tla nna bafalodi. (Tshenolō 7:9, 14) Ka gone botlhe masalela a a tloditsweng gammogo le “dinku di sele” ba tla itshupa ba le ba ba “hitlhèlwañ [ba] kwadilwe mo lokwaloñ,” ke gore, maina a bone a tla bo a kwadilwe jaaka ba ba ka amogelang mpho ya botshelo jo bo sa khutleng, e le kwa legodimong kana mo lefatsheng.​—Yohane 10:16; Ekesodo 32:32, 33; Malaki 3:16; Tshenolō 3:5

19. (a) Go “èma” ga ga Mikaele go tla tlisetsa lefatshe kagiso jang? (b) Ke potso efe e e emetseng go arabiwa?

19 Bano ba tla nna le tshiamelo ya go bona go tlhomiwa ga kagiso ya boammaaruri mo lefatsheng lotlhe. Ba tla iponela ka matlho tiragatso ya tsholofetso ya ga Jehofa: “Gonne badiha boshula ba tla kgaolwa; me ba ba lebeletseñ mo go Yehofa, ba tla rua lehatshe.” (Pesalema 37:9) Ereka Bogosi jwa Modimo ka nako eo e tla bo e le goromente o o esi mo godimo ga lefatshe, motho mongwe le mongwe yo o tshelang e tla bo e le motlhanka wa ga Jehofa. (Isaia 11:9) Ka gone, kwa “motlheñ oa bohèlō” wa dikgosi tse pedi, Mikaele o tla ‘ema ka dinao’ go tlisetsa setho kagiso. Go sena ditlhabano dipe tse di kgobokanngwang ke mebuso e megolo kana maano ape a a ka emisang tiragalo eno. Lefa go le jalo, a seno se raya gore re tshwanetse go leta go ñtlhelela nako eo gore re ipelele kagiso? Nnyaa, go na le kagiso e Bakeresete ba ka e ipelelang le e leng jaanong jaana​—ruri, kagiso e e botoka go gaisa go sa nneng gone ga ntwa fela kagiso eno ke eng. Boperofeti jwa moengele go Daniele bo tswelela-pele go sedimosa seno.

[Dintlha tsa kwa tlase]

a Ereka Mikaele a bidiwa moengele yo mogolo, bangwe ba ikutlwa gore go mo lemoga jaaka e le Jean go fokotsa boemo kana go tlotlega ga ga Jesu. (Yude 9) Lefa go le jalo, bosupi jwa tshupo e e ntseng jalo bo ile jwa gogela baithuti ba ba umakilweng fa godimo ba La-Bodumedi go lemoga Mikaele jaaka Jesu go sa kgathalesege lebaka la gore ba ne ba itira ekete ba dumela Tharo-nngwe.

A O A Gakologelwa?

◻ Kgosana e Kgolo Mikaele ke mang?

◻ Batho ba ga Daniele ke bomang gompieno?

◻ Mikaele o emetse batho ba ga Daniele jang jaanong?

◻ Bogautshwaneng Mikaele o tloga a ema jang ka tsela e e tlhomologileng?

◻ Ke bomang ba ba tla falolang motlha wa go ema ga ga Mikaele?

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Maiteko a bofelo a magolo go fedisa batho ba Modimo ga a kitla a atlega​—mme jang?

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Batho ba Modimo ba tla bolokiwa fa Mikaele a “èma” go fedisa kgaisano ya dikgosi tse pedi

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela