Go Kgaratlhela Go Busa Lefatshe Lotlhe—Ke Mang Yo o Tla Fenyang?
“MAIKAELELO a magolo a Masoviete e ne e le go re pateletsa gore re latlhele S.D.I. [Strategic Defense Initiative (“Star Wars”)]. Ke akanya gore . . . Rre Gorbachev o tlhaloganya gore ga re na maikaelelo ape a go dira jalo.” Tautona ya U.S. ebong Reagan o boletse jalo morago ga konferense ya kwa Geneva ka November 1985.
Jaaka o itse, mo ngwageng wa fa esale go tloga ka nako eo kgaisano magareng ga mebuso eno e megolo e mebedi e ile ya tswela pele. Mme go na le merafe e mentsi eo e tseneng mo go yone kana eo e gogang le yone, eo e bopang Botlhaba (segolo-bogolo setlhopha sa bokomonisi) le Borwa (seo gantsi eleng setlhopha sa bokepetalisi). Seno se go dira gore e nne go kgaratlhela go busa lefatshe lotlhe. Jalo o a kopanyelediwa. Go feta moo, kgaisano ya dibetsa e dira gore matshosetsi a ntwa e kgolo a seka a fela, eo e tsenyang isagwe ya gago mo kotsing—lefa ebile o nna mo nageng e e sa ikabang.
Ka gone, o tshwanetse wa kgatlhegela gore diphelelo tsa go kgaratlhela bobusi e tla nna eng. A go tla nna le tharabololo ya kagiso? Fa go sa nna jalo, ke mang yo o tla fenyang? Fa o itse seo go ka ama isagwe ya gago.
Ka Moo go Simologileng ka Gone
Dibuka di le dintsi tse di malebana le histori ya bosheng di akantsha gore kgaisano e e leng gone jaanong magareng ga Botlhaba le Bophirima e simologile ka bonako morago ga fa Ntwa ya Lefatshe II e fela. Lefa go ntse jalo, histori ya Bibela e supa gore ke tswelopele ya go kgaratlhela go busa lefatshe lotlhe goo go simologileng mo e ka nnang dingwaga di le 2 300 tse di fetileng.
Fa e le gore o badile histori ya Gerika wa bogologolo, o itse gore Alexander yo Mogolo o ne a bopa morafe oo gore e nne mmuso. Seno se ne se boleletswe pele ke moperofeti wa Bibela ebong Daniele. Jaaka polelelopele eo e ne e boletswe, morago ga fa “kgosi ñwe e e nonohileñ” eo e sena go swa ka 323 B.C.E., mmuso oo e ne ya re kgabagare wa “kgaoganyediwa kwa diphehoñ coo nnè”—mo gare ga dikgosana tsa gagwe di le nne. (Daniele 11:2-4) Mo go bano, Seleucus I Nicator o ne a laola Siria le Mesopotamia—dikarolo tseo di neng di le kwa bokone le botlhaba jwa motse-selegae wa gaabo Daniele, eleng Juda. Ptolemy Lagus, kgosana e nngwe ya Mogerika o ne a laola Egepeto le Palesetina, goo go neng ga mmaya kwa borwa le bophirima jwa mmuso wa ga Seleucus Nicator. Maemo a bone a ne a ba dira “kgosi ea botsheka” le “kgosi ea borwa,” ka tlhomamo.—Daniele 11:5, 6.
“Botsheka” le “borwa” di ne tsa fetoga matshwao a merafe e e maatla eo e diragaditseng diabe dingwe tsa boperofeti.a Go ralala makgolo a dingwaga, merafe e e farologaneng e ile ya diragatsa diabe tsa “dikgosi” tse pedi; mme ka gale merafe eno e ile ya tshwanela maina ano a seperofeti. Ka gale di ile tsa lemogiwa ka go gaisana ga tsone, ka gale di ntse di laola mafelo a a leng kwa borwa mme a e nngwe a le kwa bokone.
Gompieno diabe tseo di dumalana le maina “Botlhaba” le “Bophirima.” Ano, le one, ke mafoko a tshwantshetso, ereka mafelo ano le lengwe le okame le lengwe. Maina a Bibela eleng “botsheka” le “borwa” ke matshwao a a tshwanelang le one go sa kgathalesege go okamalana go go ntseng jalo.
Modimo wa “Kgosi ea Botsheka”
Fa Daniele a ne a lebeletse pele “motlheñ wa bokhutlō,” o ne a bolela gore “kgosi ea botsheka” e ne e tla “itiha mogolo bogolo go medimo eotlhe,” e sa ‘tlhokomele’ “medimo ea borra eōna.” Mo boemong jwa seo, e ne e tla galaletsa “modimo oa dikagō tsa tlhabanèlō . . . ka gouda . . . selefera, . . . mayana a a tlhokègañ le . . . dilō tse di èlètsègañ” pele ga e tla “mo bokhutloñ yoa eōna.”—Daniele 11:35-39, 45.
Ereka segolo-bogolo e latola Modimo, “kgosi ea botsheka” ya segompieno e latola gore Modimo o gone mme gantsi e ile ya thibela bodumedi. E ikaegile thata ka dibetsa le bosole go gaisa ka ditsela tse dingwe tsa go baka tlhotlheletso ya boditšhaba. Jalo e dirisa bontsi jwa metswedi ya yone ya mahumo a madi go “tlotla” “modimo oa dikagō tsa tlhabanèlō.” Fa go bapisiwa, lemororo “kgosi ea borwa” ya segompieno le yone e galaletsa dibetsa le bosole, e amogela medimo e mengwe, mme batho ba le bantsi ba yone ba tshwaregile thata mo bodumeding.
Go Kgaratlhela Bobusi ga Segompieno
Fa polelelopele eo e ne e supa ditiragalo tsa motlheng wa rona e ne ya re: “Me e tla re mo motlheñ oa bokhutlō kgosi ea borwa e tla ganèla naeō [kgosi ya botsheka]: me kgosi ea botsheka e tla tla go tlhabana le eōna yaka secuacue, [didirisiwa tsa sesole], me e [kgosi ya botsheka] tla tsèna mo mahatshiñ, e tla harahara e ralala.”—Daniele 11:40.
Kwantle ga pelaelo o itse gore fa esale go tloga ka Ntwa ya Lefatshe II kgopolo le taolo ya “kgosi ea botsheka” e ile ya anama mo karolong e kgolo, go sa kgathalesege dintwa tse di lolweng go thibela seno. Gore e tla atlega go ya bokgakaleng bofe mo go ‘tseneng mo lefatsheng le go farafara e ralala’ go santse go tla bonwa; me “kgosi ea borwa” ya segompieno e ile ya leka go kgoreletsa go tsenelela ga yone mo lefatsheng le go tweng le gololesegile. Ka gone baganetsani bano ba kopanela mo go ‘ganeleng’ goo jaanong go fetogileng kgaisano e e okeditsweng lobelo ya dibetsa le ya mo lefaufaung. Ga jaanong, di latofaletsana go batla go busa lefatshe lotlhe.
Daniele o tswela pele ka go re: “Me e [kgosi ya botsheka] tla nna le taolō mo dikhumoñ . . . le mo diloñ cotlhe tse di tlhokègañ tsa Egepeto: le Balebia le Baethiopia ba tla nna ha dikgatoñ tsa eōna.” (Daniele 11:43) Seno se ka nna sa lebisa go metswedi ya tlholego ya mahumo; mme “kgosi ea botsheka” ya segompieno e laola dikarolo tseo di nang le metswedi e le mentsi ya dikuno, go akareletsa le oli. Gape e na le tlhotlheletso e e nonofileng mo dikarolong tseo di seng mo mmusong wa yone tse di nang le metswedi ya tlholego e e humileng ya mahumo. Rotlhe re na le lebaka la go bogela ka kgatlhego gore a e tla nna le taolo e kgolwane mo go tseno kana nnyaa le gore tlhotlheletso ya yone ya tsa itsholelo e tla fitlha bokgakaleng bofe.
Ke Mang Yo o ka Fenyang?
Lefa go ntse jalo, ke eng seo se thibelang ‘dikgosi’ tseno gore di seka tsa lwa ka mo go feletseng? Lengwe la mabaka a konokono ke gore di tshaba go senyetsana ga dibetsa tsa tsone tsa nuklea. Di rata go tshwara ditherisano tsa go dira ditumalano, lemororo di tlotliwa sewelo. Jaaka Daniele a boleletse pele: “Di tla bua maaka ha lomatiñ lo le loñwe hèla loa boyèlō: me ga go ketla go tlhōgōnōlōhala; gonne bokhutlō bo tla nama bo nna ka lobaka lo lo laocweñ.”—Daniele 11:27.
Jalo gongwe o batla go itse, ke eng seo se tla diragalang kgabagare? A e tlaa re kgabagare di tshware ditherisano tsa kagiso e e nnelang ruri? Kana a e nngwe e tla fenya e nngwe? Go ya ka polelelopele e e mo Lefokong la Modimo, karabo ya dipotso tseo ka bobedi ke Nnyaa! Ka ntlhayang? Ka gonne kgosi ya boraro e tla di fenya le go laola lefatshe lotlhe. Jalo go tla nna le phetogo ya bobusi—ka bonako!
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Ka sekai, polelo e e reng “go tla èma mo bonnoñ yoa gagwè” e bua malebana le go diragatsa seabe sa “kgosi ea botsheka”—Daniele 11:20, 21.
[Setshwantsho mo go tsebe 4]
MAATLA A BOSOLE A MERAFE LE DIKAROLO TSE DIKGOLO
Dibetsa tsa nuklea
50 000
Bathapiwa ba Sesole
11 913 000
Dikepe tsa ntwa
1 350
Difofane tsa go thunya le tsa go lwa
20 100
Dikoloi tsa masole tsa ditanka
95 800