LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w86 9/15 ts. 26
  • Go Lemoga Dikgang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Lemoga Dikgang
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ditshelo tsa Madi​—A Di Sireletsegile go AIDS?
  • Makatoliki a Tshegetsa Thuto-Tlhagelelo
  • Go Ineela Goo Eseng ga Dikwalo
  • A Ke Mpho ya Botshelo Kana Sengwe Se Se Bakang Loso?
    Tsogang!—1990
  • Botshelo bo ka Bolokwa Jang ka Madi?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Go Tshelwa Madi Ga go Diphatsa Ka Selekanyo Se Se Kana Kang?
    Madi A Ka Boloka Botshelo jwa Gago Jang?
  • Go Bontsha Tlotlo mo Modimong ka Madi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
w86 9/15 ts. 26

Go Lemoga Dikgang

Ditshelo tsa Madi​—A Di Sireletsegile go AIDS?

“Ga ke akanye gore go amega ka AIDS go tshwanetse ga tsenelela mo tshwetsong malebana le karo kana mo lebakeng lepe le lengwe la go amogela madi,” mmueledi mongwe wa Centers for Disease Control ya Atlanta o iphaka jalo. Lefa go ntse jalo, molwetsi mongwe yo o arilweng wa dingwaga di le 60 yo o neng a tshelegelwa megare ya AIDS morago ga a sena go amogela madi a a abilweng ao a neng a tlhatlhobilwe gore ga a na AIDS a ka nna a seka a dumela.

The New York Times e bega gore molwetsi yoo o ne a amogetse madi go tswa mo go yo o neng a abile madi ano “ka bonako thata morago ga a sena go dira bosodoma mo eleng gore o ne a ise a nne le ditwantsha-twatsi tse di tlhotlheletsang ditlhatlhobo tsa madi ao a nang le AIDS.” Lefa go ntse jalo, mo e ka nnang dikgwedi di le tharo moragonyana ga moo, moabi yoo wa madi gape o ne a aba madi. Mo lekgetlong leno a ne a “bontsha matshwao a ditwantsha-twatsi tsa AIDS mme a ne a ganwa,” go bega Times jalo.

Ereka go dirisiwa tlhatlhobo e e sa tswang go dirwa ya madi a a nang le AIDS, balaodi ba tsa kalafi ba ne ba na le tsholofelo ya gore motswedi wa madi a morafe o ne o golotswe ka katlego mo mading a a kgotletsweng. Lefa go ntse jalo, go palelwa ke go lemoga madi a a kgotletsweng ao a iseng a nne le ditwantsha-twatsi tseo di tlhotlheletsang ditlhatlhobo gore di nne le ditlamorago tse di tshwanetseng go bontsha gore kotsi mo bathong bao ba amogelang ditshelo tsa madi ke ya mmatota eleruri. Go begilwe dikgetsi tsa AIDS tse di fetang 21 000 mo United States fa e sale go tloga ka 1977, tseo mo e ka nnang 2 lekgolong ya tsone di tlhalosiwang fa di bakilwe ke ditshelo tsa madi ao a kgotletsweng.

Bao ba bolokang molao wa Modimo ba sala ba gololesegile mo ditlamoragong tse go ka kgonagalang gore di kgotlele tsa ditshelo tsa madi. Ka ntlhayang? Ka gonne ba ‘ithiba mo mading le mo dilong tse di betilweng,’ tseo di sa tshololwang madi. Lemororo batho ba ba ntseng jalo ba ithiba ka ntlha ya mabaka a bodumedi, ba ipelela melemo e e oketsegileng, ka gonne setlhopha se se laolang sa phuthego ya pele ya Bokeresete se ne sa tswelela ka gore: “Fa lo ithiba ka kelotlhoko mo dilong tseno, lo tla atlega. Ekete lo ka nna le botsogo jo bo molemo!”​—Ditihō 15:28, 29, NW.

Makatoliki a Tshegetsa Thuto-Tlhagelelo

Ka nako ya pokano kakaretso eo e neng e tshwaretswe kwa Vitican ka April 1986, Mopapa John Paul II o ne a bolela jaana: “Malebana le thuto ya tumelo, ga re bone bothata bope malebana le go tlhalosa ka moo mmele wa motho o simologileng ka gone ka go dirisa kgopolo ya thuto-tlhagelelo.” Ke ka ntlhayang fa go sa nna jalo? Ka gonne “thuto” e e ntseng jalo “ya tumelo” ya Katoliki e bolela gore, motho o na le mmele, mmogo le moya o o sa sweng. Kereke eo e bolela gore moya ono, mme eseng mmele, o ne wa bopiwa ka tlhamalalo ke Modimo.

Lefa go ntse jalo, go ya ka Genesise 2:7, fa Modimo a ne a bopa motho ka lerole le go budulela moya wa botshelo mo dinkong tsa gagwe, “motho a dihèga mōea o o tshedileñ.” Motho o ne a seka a fiwa moya mme o ne fetoga moya, motho yo o tshelang. (Bapisa 1 Bakorintha 15:45.) Mo go Esekiele 18:4 re bolelwa jaana: “Mōea o o leohañ, go tla shwa ōne.” Seno se supa gore moya ke motho, eseng karolo nngwe e e sa bonaleng ya gagwe e e tswelang pele go tshele morago ga mmele wa gagwe o sena go swa.

Kafa ntle, go ka lebega ekete go dumela gore mmele wa motho o simologile ka go itlhagelela ga go na bothata bope. Mme ka go dira seno, Kereke ya Katoliki e ile ya gana tiragalo ya popo ya Genesise, pego eo Jesu Keresete ka namana a neng a e amogela jaaka e e boammaaruri (Mathaio 19:4-6) Mokeresete o tshwanetse go amogela pono ya ga mang?

Go Ineela Goo Eseng ga Dikwalo

Go etela ga ga Mopapa John Paul II kwa senagogeng ya Roma ka April 13, 1986, go ile ga tlhalosiwa jaaka “tiragalo ya histori” eo e rulaganyeditsweng go ‘simolola tiragalo e ntšha ya botlhokwa-tlhokwa.’ Ka ntlhayang? Ka gonne e ne e le lekgetlho la ntlha mopapa a jela nala semmuso kwa lefelong la Bajuda la kobamelo. Go ya ka La Repubblica, eleng lekwalo-dikgang la Roma, Kereke ya Katoliki e leka go “siamisa diphoso tsa histori” ka sesupo seno, ereka kereke eo ka metlha e ile ya seka ya “tshelela dipatlafalo tsa yone tsa go rata bakaulengwe ba yone ba Bajuda ka lorato lwa ga Keresete.”

Maikaelelo a loeto lono lwa ga mopapa e ne e le go otlelela “boswa jwa semoya” joo Makatoliki mmogo le Bajuda ba nang le jone. Lefa go ntse jalo, seo John Paul a ileng a se tlhalosa jaaka “go sa dumalane ga konokono” magareng a ditumelo tse pedi tseno go santse go saletse kwa morago, eleng, ntlha ya gore Bajuda ga ba amogele Jesu jaaka Mesia. Mopapa o rarabolola bothata jono jang? Mo puong ya gagwe, o ne a umaka go bontsha “tlotlo mo dilong tsa konokono tseo motho yo mongwe a di dumelang” le ka moo go tlhokafalang ka gone gore go tilwe kgatelelo epe e e tswelang pele yago rwesa yo mongwe tumelo ya motho yo mongwe. La Repubblica e bolela gore dipolelo tse di ntseng jalo di tshegetsa “go gana ga mopapa mofuta mongwe le mongwe wa go sokololwa” malebana le Bajuda.

Lefa go ntse jalo, moaposetoloi Petere o ne a bolelela baperesiti ba Bajuda le bagolwane kwa Jerusalema gore “ga go na poloka mo go ōpè o sele” mme mo go Jesu Keresete. Go feta moo, fa Petere le Johane ba ne ba laelwa gore ba tlogele go rera ka leina la ga Jesu, ba ne ba araba jaana: “Ga re na sepe ha e se go bua hèla dilō tse di bonyeñ, le tse re di utlwileñ.” (Ditihō 4:8, 12, 18-20) A baletedi ba ga Keresete ga ba a tshwanela go dira se se tshwanang gompieno?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela