LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w86 9/15 ts. 21-25
  • Go Tlhokomela “Dinku” tse di Gasameng mo Caprivi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Tlhokomela “Dinku” tse di Gasameng mo Caprivi
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • Ditlhogwana
  • Caprivi Strip
  • Go Boela Gape mo Katima Mulilo
  • Loeto lo Longwe Gape go ya Kasane
  • Go Tlhokomela “Dinku” tse di Gasameng
  • Phetοgo ya Bapati
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
w86 9/15 ts. 21-25

Go Tlhokomela “Dinku” tse di Gasameng mo Caprivi

KOLOI ya Land-Rover e e mmala o mosetlha e ne e laisitswe dithoto, ditshipi tsa koloi, le dibuka tsa Bibela. E ne e lebile kwa bokone e tswa Windhoek, motse-mogolo wa South-West Africa (Namibia). E ne e le leng? Ka May 1981. Jaaka ba ntse ba raletse lefatshe le le sephara le le omeletseng, bapalami ba bane ba ne ba nna le nako go tlhatlhanya ka mosepele o o itumedisang o o fa pele ga bone.

Mokgweetsi, Chris du Plessis le morwa-rraagwe ba ne ba le Basupi ba ga Jehofa ebile e le babulatsela ba ka metlha, ke gore baboledi ba nako e e tletseng ba molaetsa wa Bogosi. Ba ne ba sa tswa go itumelela dibeke di le mmalwa mo Katatura, lekeisane le legolo la bantsho gaufi le Windhoek. Ka bobedi jwa bone ba ne ba fitlhela go rera mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo ka ntlo le ntlo gareng ga batho ba bantsho bao ba nang le moya wa botsalano le karabelo e ntle mo molaetseng e le mo go ipedisang thata.

Makau a mabedi ano a ne a kopilwe go isa molebedi wa potologo Schalk Coetzee le mosadi wa gagwe ka senamelwa kwa ditlhopheng tse di kwa thoko tsa Basupi kwa bokone, kwa ditsela di sa letleng dikoloi tse di tlwaelegileng go ka feta. Ka Land-Rover ba ne ba ka thibelela gongwe le gongwe fela​—boora-Coetzee bone ba le kwa borobalong jo bo “kwa tlase” mo koloing mme makawana one mo borobalong jo bo “kwa godimo” mo tenteng e e mo godimo ga koloi!

Morago ga go tsamaya sekgala sa dikilometara di ka nna 370 setlhopha se ne sa goroga fa “Kgapha-madi”​—go bidiwa jalo ka go bo batho ba le bantsi ba latlhegetswe ke botshelo foo ka ntata ya ditlhaselo tsa borukutlhi tsa batlhasedi ba ba tswang kwa Angola. Kwa pele kwa bokone ba ne ba bona dikgoropa di le dintsinyana tsa dikoloi mme ba ne ba seka ba nna le bothata.

Ba ne ba fitlha pele kwa Ondangwa, kampa ya bosole e e gaufi le Angola. Babulatsela ba ba kgethegileng ba ne ba thusa phuthego e nnyenyane e e gone koo. Christo Els le mosadi wa gagwe Elizabeth ba ile ba ithuta puo ya lefelo leo, ebong Ndonga​—e ne e le kgwetlho e kgolo. Mme batho ba ne ba reetsa thata e bile ba na le tlotlo e kgolo mo Bibeleng. Ka dinako tse dingwe Christo o ne a e tle a thuse ka go lema ka ditonki kana mosadi wa gagwe o ne a tshwanetse go tlhagola ka mogoma mo masimong e le gore beng ba matlo ba tle ba kgone go reetsa molaetsa wa Bogosi!

Ereka ntwa e ne e lwelwa mo karolong eo, baeti ba ba neng ba tsamaya mo tseleng eo ya lekgarapana ba ne ba le mo kotsing ya go ka gata dithunyi. Jalo he Christo le Elizabeth gantsi ba ne ba tsamaya mo ditseleng tse di motlhaba tse di fetang mo sekgweng, mme batho bao ba neng ba kopana le bone ba ne ba gakgamadiwa thata ke go bo ba ne ba sa tshola ditlhabano.

E ne ya nna boipelo jwa mmatota mo go bone fa ba etela Ba-Ovahimba bao ba neng ba itshelela segologolo fela mo lefelong le le kgakala leo. Batho bano ba ne ba apara matlalo, mme ba itloditse ka letsoku mo mmeleng. Babulatsela ba ne ba dirisa kgatiso eo ba ileng ba thusa go e ranola. A bo go ne go kgatlhisa jang ne go bona batho bao ba bontsha kanaanelo mo molaetseng wa Bogosi!

Kopano ya letsatsi le le lengwe fela e ne ya tshwarwa mo bekeng ya loeto la ga Mokaulengwe Coetzee le bao o na a na le bone. Ereka e le lefelo la batho bao ba gasagasameng, palo e ne e le kwa tlase. Mme botlhe ba ne ba itumedisiwa thata ke thulaganyo le bokopano jo bo molemo mo motseng o o kwa thokothoko ono.

Caprivi Strip

Morago ga go ema ka lobakanyana mo Rundu go bona dipampitshana tsa tetla, setlhopha se ne sa tsena mo Caprivi Strip. Jaaka mmapa o bontsha, seno ke setsha se se sesane sa lefatshe seo se gabalalang go tswa kwa bokone-botlhaba jwa Namibia go ya go fitlha fela kwa bogareng jwa borwa jwa Afrika. Se boleele jwa sekgala sa dikilometara di le 480 le bophara jwa dikilometara di le 80 fa se leng sephara thata gone mme se tlhakanetse melelwane le Angola, Zambia, le Botswana. Lemororo le sone e le karolo e e laolwang ke masole, go na le kagiso mo go sone go gaisa naga e e kafa bophirima.

Caprivi e na le batho ba ka nna 40 000, bontsi e le bantsho, lemororo Basarwa gantsi ba bonwa kafa karolong ya bophirima. Bontsi jwa banni ba koo ba bua Seesemane gape ba kgona go bala le go kwala. Fa setlhopha jaanong se leba kwa botlhaba, ba ne ba etla ba bua le batho, mme gape ba etla ba ipelela go leba naga​—ditlhare le diphologolo, go akareletsa ditlou le diphala. Fa ba atamela Katima Mulilo, e eleng yone “toropo” fela koo, metsana ya matlo a a tafotsweng ka botswerere e ne ya ntsifala. Babulatsela bano ba ne ba kgatlhilwe thata ke lefelo leo mo eleng gore fa Schalk Coetzee a ne a ba botsa gore a ba ne ba ka dumela go direla mo motsing o o kwa thoko oo, ba ne ba amogela tshiamelo eo ka boitumelo.

Morago ga go nna ka lobakanyana mo Katima Mulilo, bone joo jwa tswa gape go etela setlhopha se sengwe se se kwa thoko kwa Kasane mo bokone jwa Botswana. Ba ne ba feta ba raletse Chobe Game Reserve, fa gongwe gareng ga matlhape a magolo a dinare le ditlou. Fa ba ntse ba thibeletse mo bosigong, ba ne ba e tle ba utlwe ditau di kgorotlha gautshwane

Kwa Kasane, ba na le babulatsela ba teng bao ba neng ba ba ranolela, ba ne ba rera ka ntlo le ntlwana, ka fa mokgweng wa se-Afrika. Katamelo ke e e bonya e e tlotlegang. Moeng o ema ka kwa ntle ga ntlo mme a bitse gore batho ba tle ba mmone. Mongwe o a araba mme a mo laletse go tsena le go nna fa fatshe. Gantsi lelapa lotlhe le a bidiwa go tla go reetsa. Jaanong go bo go latela tumedisanyo e telele le go botsana matsogo le gore motho a ipolele gore o tswa kae. Ke gone jaanong Mosupi o tla simololang kgang nngwe ya Bibela.

Basupi ba lefelo leo ba ne ba itumetse thata e bile ba leboga thata go bona fa setlhopha se tswa bokgakaleng jo bo kalo go ba etela. Dipokano di ne di tshwarelwa mo ntlong ya bojang. Jalo he Schalk Coetzee o ne a ba kgothatsa go ikagela Holo ya Bogosi.

Fa ba boela kwa Katima Mulilo, batsamai botlhe ba ne ba ipeletse beke e ba neng ba jetse nala Basupi ba lefelo leo mo go yone. Bosigo ba ne ba thibelela gaufi le Noka ya Zambezi mme ba ne ba anaanela tidimalo eo e neng e tsenwa gare fela ke moribo o o kgakala wa meropa​—“go itaya ga pelo” ya Afrika. Ba ne ba fitlhela setlhopha sa lefelo leo se tlhagafetse mme se tlhoka kaelo e ntsi thata mo go tsamaiseng dipokano, go rera ka ntlo le ntlo, ka moo ba ka kwadisang manyalo a bone kafa molaong ka tshwanelo ka gone, le jalo le jalo.

Baeti ba ile ba itumelela tiro ya go rera tota! Mongwe o ne a re: “Fa batho ba tla go itse gore re tshotse dibuka tsa Bibela tsa Serotsi, leleme le e leng la bone, ba ile ba batla go re fekeetsa, ba batla e seng fela dibuka mme le eleng mongwe go ba ruta. Go ne go akabatsa!”

Ka boitsemeletso setlhopha sa tlogela ditsala tsa bone tse disha mo Katima Mulilo mme ba simolola loeto lwa go boela morago. Ba ile ba nna beke le phuthego e e kwa Rundu mo bokone jwa Namibia. Bontsi jwa bakaulengwe koo e ne e le batshabi ba ba tswang Angola bao ba neng ba bua sepotokisi. Bothata jo bongwe jwa leleme! Morago ga loeto lwa sekgala se e ka nnang dikilometara di le 4 000 ba fitlha kwa Windhoek, ba lapile mme ba itumetse e bile ba leboga Jehofa ka ditshiamelo tse dintsi tseo ba ileng ba di ipelela.

Go Boela Gape mo Katima Mulilo

Babulatsela ba babedi ba ne ba boela kwa Katima Mulilo, jaanong e le go ya go nna le go thusa “dinku” tsa ga Jehofa. Gore ba nne, ba ne ba tla tlhoka borobalo le tiro ya nakwana. Ka boiteko iwa bone jwa ntlha ba ile ba bona tiro. Gape ba ile ba bona tetla ya go dirisa karabene, koloi ya Mokgatlho wa Watch Tower. Mme ba ne ba leboga Jehofa ka gona go bo a ile a tlhokomela ditlhokafalo tsa bona.

Go ise go ye kae, babulatsela bano ba bo ba setse ba itsentse mo go thuseng Basupi ba koo ka ditsela tse dintsi. Mo go ne go akareletsa go aga Holo ya Bogosi. Ba ne ba sega bojang jo boleele jo bo rulelang, ba tsaya mmu o o thata mo diolong, gape ba ithuta go rulela​—kafa mokgweng wa se-Afrika. E tshasitswe bosweu mo dipoteng, holo e ne e lebega e le ntle ebile e gogela. Ereka ba ne ba sa kgone go reka ditilo, go ne go nnwa mo dibankeng kana mo dikoteng. E ne e se ya marata-go-lejwa, mme e ne e le Holo ya Bogosi e e leng ya bone!

Go ne go ise go nne le dipokano tse di rulagantsweng sentle. Jalo he babulatsela ba baakanyetsa ka dipokano tse tlhano tsa beke le beke tseo di tshwarwang ke Basupi ba ga Jehofa lefatshe ka bophara. Mo go ne go raya tiro e kgolo, mme go bone le Basupi ba lefelo leo, e ne e le mo go agang semoyeng. Gape babulatsela ba ba ne ba tshwanetse go ithuta Serotsi, e leng puo ya lefelo leo.

Go ise go ye kae, phuthego e ne ya tlhomiwa. Fa go ntse go ya, ba le bane ba bakaulengwe ba lefelo leo ba ne ba setse ba kgona go neela dipuo tsa phatlalatsa le go tshegetsa dipokano tsotlhe, mme a le mongwe o ne a tlhophiwa go direla jaaka motlhanka wa bodihedi. Fa dilo di eme jalo, babulatsela ba ne ba itumelela thata tiro ya go rera ka ntlo le ntlo. Go ne go le batho ba le bantsi bao ba neng ba batla go ithuta Bibela mo e leng gore ba ne ba seka ba kgona go fitlhelela dikopo tsotlhe tseo. A o no o ka seke o rate go direla mo tshimong e e tshwanang le eo? A o ka dira jalo?

Loeto lo Longwe Gape go ya Kasane

Molebedi wa potologo o ne a kopile babulatsela go etela setlhopha se se kwa Kasane mo Botswana kgapetsa. Nako nngwe, ba ne ba tsena mo bothateng jo bo masisi. Masole a Botswana a ne a ba emisa gaufi le molelwane.

“Lo ditlhola!” ga rialo moeteledipele

“Nnyaa, re badihedi, re Basupi ba ga Jehofa, re ruta batho ka Bibela.”

“Ga ke dumele gore le Bakeresete. Lo masole a Afrika Borwa.”

E ne e le boemo jo bo sa itumediseng. Mme fa masole a bona mekoa ya dibuka tsa Bibela mme go sena ditlhobolo, ba lesa bakaulengwe ba tsamaya.

Seemo se se maswe sa sesole mo kgaolong eo le sone se ne sa dira gore kamano epe le Zambia e nne bokete thata. Ke noka ya Zambezi fela eo e kgaoganyang Katima Mulilo le Zambia, koo Basupi ba ga Jehofa ba leng bantsi gone e bile ba na le mekoa e le mentsi ya dibuka tsa Serotsi. Me ereka masole a ne a disitse, batho ba lefelo leo ba ne ba boifa go ka kgabaganya noka ka mekoro ya bone. Ka dinako tse dingwe masole a ne a thuntshana go kgabaganya noka.

Go Tlhokomela “Dinku” tse di Gasameng

Lefa go ntse jalo, dilo tseno tsotlhe di ne tsa seka tsa thibela babulatsela bano go tlhokomela “dinku” mo Caprivi Strip, go akareletsa le tse di gasameng. Ka sekai, ba ne ba utlwile gore Andrew, monna mongwe wa motsofe mo motseng mongwe o o neng o ka nna sekgala sa dikilometara di le 70 go tswa kwa Katima, o ne a na le kgatlhego e kgolo mo Bibeleng. Fa ba mo fitlhela, tota o ne a bala buka ya Boamarure jo bo Isang Botshelong jo Bosakhutleng mme abo boitumelo jwa gagwe bo ile jwa nna bogolo jang ne ka ntata ya loeto leo! O ne a feditse dingwaga di le dintsi a ntse a ithuta a le nosi, mme o ne a kgothadiwa thata ke thuso eo o na a e neetswe ke babulatsela.

Frank Mwemba le ene ke motho yo o nnang kwa thoko thata. O nna mo motseng mongwe wa sekgala sa dikilometara tse di ka nnang lekgolo go tswa kwa Katima. Legae la gagwe le ka fitlhelelwa fela ka koloi ya four-wheel, le gone mo dinakong tse di rileng tsa ngwaga, ereka bogolo jwa Caprivi bo le diretse mme nako e nngwe go nna le merwalela. Frank o ne a amogela boammaaruri mo Zambia, a kolobediwa gone koo, mme a itse go boela kwa motseng wa ga gabo mo Caprivi. O ne a ntse a tsweletse a le nosi ka dingwaga. A o ne a tsweletse go rera mo lefelong le le kwa thoko leo? A o ne a gananye le mekgwa ya koo ya boloi ga mmogo le go nyala lefufa? A lenyalo la gagwe le ne le kwadisitswe kafa molaong? Ee! Frank o tlamela mosadi wa gagwe​—yo o mongwe fela​—le bana ba gagwe ka go tshwara ditlhapi le go lema, mme o senya malatsi a mantsi a etela metse e mentsi e e gasagasameng ka mokoro kana ka dinao a anamisa mafoko a a molemo. O ithuta ka metlha le lelapa la gagwe, o tila dingaka tsa setswana, gape ka boipelo o ne a bontsha baeng setlankana sa gagwe sa lenyalo!

Nako nngwe gape, Chris o ne a tsaya loeto ka mokoro o o atlhameng mo Nokeng ya Zambezi a ya karolong e e sephara, e e diretse ya Nantungu. O ne a utlwile gore go na le ba ba kgatlhegang koo. ‘Ke tla fitlhelang?’ Chris a ipotsa, a belege kgetsi ya gagwe kwa morago, a tlolela mo lotshitshing la noka go tswa mo mokorong. Se se ileng sa mo itumedisa ke go fitlhela setlhopha se se nnyennyane se leka go tshela go ya ka Bibela jaaka ba ne ba rutilwe ke Basupi ba Zambia. Ba ne ba itumetse thata go bona dikgatiso tsa Serotsi tseo Chris o na a tlile le tsone, go akareletsa le tokololo ya bosheng ya Tora ya Tebelo. Mo malatsing a mararo a a latelang, Chris o ne a tshwaregile mo motlotlong wa Bibela le go etela metsana e e gautshwane go kopana le bao ba kgatlhegang. Pele ga fa a tsamaya, o na a dira dithulaganyo tsa dipokano tsa ka metlha le go rerwa ga Bogosi.

Phetοgo ya Bapati

Ka ntlha ya bothata jwa botsogo, mopati wa ga Chris o ne a tshwanelwa ke go fuduga mo Caprivi kwa tshimologong ya 1982. Moragonyana, Chris o na a patwa ke mopati wa bobedi, ebong Melt Marais, mokaulengwe yo o neng a dira ka matlhagatlhaga mo Caprivi mo e ka nnang lobaka lwa ngwaga. Mopati wa gagwe wa borara mo Caprivi e ne ya nna Magda, kgaitsedi yo mosha wa mmulatsela yo o na a mo nyala ka May 1983. Puo ya bone ya lenyalo e ne ya tshwarelwa mo Holong ya Bogosi e potlana eo Chris o na a thusa go e aga.

Go ile ga tsaya Magda nakonyana go tlwaelana le botshelo mo Caprivi. Karabene e ne e fuduseditswe kwa lefelong le le kwa ntle ga toropo koo go senang motlakase kana metsi a a giwang mo dipompong. Koo ba ne ba etle ba “tlhaselwe” ke ditlou bosigo. Go bonega ka totšhe ka fensetere ya karabene mme motho a bo a bona namane e tona ya selo se go tweng tlou dimetara di ka nna pedi kana go feta lantlha e ne e le selo se se boifisang thata mo go Magda! Mme ka bofefo o ne a tlwaela botshelo jo bosha joo le go bo rata. Sekao sa gagwe se ne sa kgothatsa phuthego e potlana e e mo Katima.

Selo se sengwe se se neng sa kgothatsa bakaulengwe ba Caprivi thata e ne e le go nna gone mo dikopanong tsa potologo mo Francistown, Botswana (bokgakala jwa sekgala sa dikilometara di le 650). Mme se se neng sa ba itumedisa segolo bogolo e ne ya nna go nna gone mo kopanong ya kgaolo gaufi le Gauteng (mo e neng e ka nna bokgakala jwa 1 400 kilometers). Ba ne ba gakgamadiwa ke go bona boidiidi jo bo kalo jwa Basupi le thulaganyo e e tsamayang ka thelelo e e ntseng jalo le go itemogelela bopelonomi jo bogolo go tswa bakaulengweng ba basweu le bokgaitsedi​—gotlhe e le bosupi jwa tiro ya moya wa ga Jehofa.

Mme se se neng se agelela “dinku” tseo di neng di tlhoka thuso e e potlakileng thata tse di mo Caprivi e ne e le bodihedi jwa boikanyego le jwa lorato jwa babulatsela ba basha. Mme morago ga moo, go ntsha thuso eo go ile ga tlisa boipelo jo bogolo mo babulatseleng bao ba neng ba ikaeletse go direla koo tlhokafalo e leng kgolo teng.

Lefa go ntse jalo, ka September 1983, Chris le Magda ba ne ba tshwanelwa ke go fuduga mo Caprivi. Ka ntlhayang? Oa tlhalosa: “Re ne re laleditswe go direla kwa lekaleng la Afrika Borwa la Mokgatlho wa Watch Tower. Re ne re le maswabi go re salang sentle go bagoeletsi ba ba 13 ba Caprivi le ba bangwe ba bantsi ba ba kgatlhegang mo phuthegong e potlana le ditlhopha tse tharo tse re di tlogetseng kwa morago. Dithapelo tsa rona ke gore ekete Jehofa a ka roma badiri ba bantsi go dira mo tshimong e, e e boduleng, e e siametseng thobo.”​—Mathaio 9:37, 38.

Go na le mafelo a mangwe a le mantsi koo go tlhokafalang thuso gone. A o kgona le go batla go direla ka tsela e e ntseng jaana, go ineela go tlhokomela dinku tsa ga Jehofa? Fa go le jalo, go na le dituelo tse dikgolo tse di go emetseng. Jaaka Jesu a rile: “Go aba, go lesegō bogolo go go amogela.”​—Ditihō 20:35.

[Mmapa/​Setswantso mo go tsebe 21]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

NAMIBIA

ANGOLA

OVAMBOLAND

Ondangwa

Rundu

Tsumeb

Otavi

Grootfontein

The “death triangle”

Windhoek

CAPRIVI STRIP

Zambezi River

Katima Mulilo

Kasane

BOTSWANA

ATLANTIC OCEAN

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Bothibelelo fa thoko ga Noka ya Zambezi kwa Katima Mulilo. Schalk Coetzee a kwala pego ya gagwe ya beke le beke jaaka molebedi wa potologo. Tlhokomela marobalo “a a kwa godimo” a Land-Rover

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Go rerwa ga Bogosi mo Kasane, mo bokone jwa Botswana

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela