LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w86 9/1 ts. 23-27
  • Go Bontsha Tlotlo mo Modimong ka Madi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Bontsha Tlotlo mo Modimong ka Madi
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Madi a ga Keresete
  • Madi—Kgang e e Amang Boitsholo
  • Mo Phuthegong ya Bokeresete
  • ‘Go Senang Molato mo Mading a Batho Botlhe’
  • Anaanela Mpho ya Botshelo E o E Abetsweng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • Botshelo bo ka Bolokwa Jang ka Madi?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Madi—A Botlhokwa Thata Gore O Tshele
    Madi A Ka Boloka Botshelo jwa Gago Jang?
  • Tsela e Modimo a Lebang Botshelo ka Yone
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
w86 9/1 ts. 23-27

Go Bontsha Tlotlo mo Modimong ka Madi

“Ke shupa mo go lona gompiyeno kaga batho botlhe, ha ke sena molato mo madiñ a bōnè.”​—DITIHŌ 20:26.

1. Mafoko a ga Paulo go Ditihō 20:26 a bontsha pono ya ga Jehofa jang ka madi?

MAFOKO ao a ga moaposetoloi Paulo jaaka Mokeresete a bontsha kafa a neng a na le tlotlo e e phepa ka gone mo mading, ebong seedi sa botshelo. Kwa pelenyana mo kgannyeng eno, re tla tlhatlhoba seo Paulo a neng a se bolela ka polelo eo. Mme santlha mma re bue ka se Mmopi wa diphologolo le batho a se buang kaga madi. Re setse re utlwile gore Jehofa Modimo o tsaya madi, jaaka selo se se emelang botshelo, gore a boitshepo. Bao ka bopelompe kana ka bofafalele ba tshololang madi, mme segolo bogolo madi a motho, ba nna molato wa madi fapele ga Modimo. Lefa go ntse jalo, a ga go na ditsela tse dingwe tse madi a ka dirisiwang ka tsone go solegela batho molemo?

2 (a) Ke ka ntlhayang fa e ne e le molato o o masisi fa Baiseraele bao ba ne ba ka ja madi? (b) Baiseraele ba ne ba solegelwa molemo jang ke go boloka molao oo?

2 Molao wa Modimo mo Iseraele mabapi le madi o ne o tlhalosa jaana ka tsepamo: “Lo se ka loa ya madi a nama epè: gonne botshelō yoa nama eotlhe ke madi a eōna: leha e le mañ eo o a yañ o tla kgaolwa.” E ne e le molato o mogolo gore Baiseraele kana baeng ba ba agileng mo go bone baje madi, le eleng go ikotla ka one. Pele ga fa ba ne ba ka ja nama, ba ne ba tshwanetse go tsholola madi le go a bipa ka lorole, mme ka tsela ya tshwantshetso ba busetsa botshelo kwa Modimong. (Lefitiko 17:13, 14) Oo e ne e le molao o o tswang mo Modimong. Ka go o boloka, Baiseraele bao ba ne ba boloka kamano ya semoya e e itekanetseng le Jehofa, ebong Motswedi wa botshelo. Mme gape ba ne ba ipelela melemo e mengwe, ebong go boloka botsogo jwa mmele.

Madi a ga Keresete

3. (a) Ke ka ntlhayang fa madi a ga Jesu e le a a “tlhōkègañ thata” segolo bogolo? (b) Dikwalo tsa Sehebera di supa jang setlhabelong sa ga Jesu?

3 Lefa go ntse jalo, Jehofa o ne a gopotse ka tiriso nngwe e e tlhomologileng ya madi. Seno e ne e le ka go rekolola setho mo boleong le mo losong ka “madi a a tlhōkègañ” a ga Keresete Jesu. Le eleng pele ga “mothèo oa lehatshe” (ka Adame le Efa ba ba leofileng ba tlhagisa lotsalo lo lo ka rekololwang), Jehofa o ne a itsetsepele kafa a neng a tla golola setho ka gone. (1 Petere 1:18-20; Baroma 6:22, 23) Ke “madi a ga Yesu Morwa ōna [a a re tlhapisang] mo boleuñ yotlhe.” (1 Yohane 1:7) Tiriso eno ya madi e botlhokwatlhokwa mo e leng gore Modimo o ne a dira gore go kwalwe mo Dikwalong tsa Sehebera ditshwani di le dintsi le ditshwantshetso tseo di neng di supa kaga setlhabelo se se itekanetseng sa ga Jesu.​—Bahebera 8:1, 4, 5; Baroma 15:4.

4. Ke dilo dife tse di neng di kaiwa go le gale ke tiragalo e e kwadilweng go Genesise kgaolo 22?

4 Makgolokgolo a dingwaga pele ga Jehofa a neela Iseraele Molao, o ne a laela Aberahame go ntsha Isake setlhabelo mo Thabeng ya Moria. Ka gone Modimo o ne a supa kafa a neng a tla ntsha Morwawe yo o esi setlhabelo ka gone, ebong Jesu. Go ineela ga ga Isake gore o ka ntshiwa setlhabelo mo tshwantshetsong eno go ne go kaya kutlo ya ga Jesu ya go dira thato ya ga Rraagwe ka go tsholola madi a gagwe a botshelo go nna setlhabelo.​—Genesise 22:1-3, 9-14; Bahebera 11:17-19; Bafilipi 2:8.

5. Ke jang ditlhabelo tsa Molao wa ga Moshe di neng di na le mo gontsi mo di go kayang kafa semoyeng?

5 Molao wa ga Moshe gape o ne o le “moruti hèla oa dilō tse di molemō tse di ne di tla,” o supa kaga setlhabelo se Jesu a neng a tla se ntshetsa setho. Molao o ne o dumelela tiriso e le yosi fela ya madi​—mo ditlhabelong tsa diphologolo go Jehofa. Ditlhabelo tseo e ne e se selo fela sa ngwao. Di ne di na le tlhaloso e e boteng ya semoya. Mo karolong nngwe le nngwe, di ne di supa kaga setlhabelo sa ga Jesu le seo se neng se tla fitlhelelwa ka sone.​—Bahebera 10:1; Bakolosa 2:16, 17.

6. Ditlhabelo tsa Letsatsi la Tetlanyo di tshwantshetsa kgololo ya ditlhopha dife tse pedi? Ka tsela efe?

6 Ka sekai, fa Arone a ne a ntsha ditlhabelo tsa Letsatsi la Tetlanyo o ne a tshwantshetsa kafa Moperisiti yo Mogolo, ebong Jesu, a dirisang molemo wa madi a gagwe a a tlhokegang go lere poloko, santlha mo ‘ntlong’ ya baperisiti ya Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba 144 000 gore ba tle ba siamisiwe mme ba bone boswa jwa go nna dikgosi le baperisiti le ene kwa magodimong. Se se latelang, setlhabelo sa “batho” se ne se tshwantshetsa thekololo e Jesu a e ntshetsang batho ba ba tla ruang botshelo jo bo sa khutleng mono lefatsheng. Le eleng gone jaanong, “boidiidi yo bogolo,” jwa bano ba kaiwa ba le tshiamo mo ba ka falolang mo sepitleng se segolo se se tlang. Seno ke ka go bo ba “tlhacwitse dikobō tsa bōnè, ba di shweuhaditse mo madiñ a ga Kwana,” mme ba supa tumelo ya bone ka go direla Modimo tirelo e e boitshepo.​—Lefitiko 16:6, 15, 18-22; Bahebera 9:11, 12; Tshenolō 14:1, 4; 7:4, 9, 14, 15.

7. Ke ka ntlhayang fa re ka ipelela tiragatso ya ditshwani tseo tsa bogologolo?

7 ‘Botshelo bo mo mading.’ Madi a ga Jesu a ne a itekanetse, jalo setlhabelo sa gagwe se ne sa felela ka gore a fetisetse botshelo jo bo itekanetseng mo go botlhe ba ba bontshang tumelo. Abo re ka itumela jang ne go bo ditshwani tseo tsa bogologolo di diragaditse setlhabelo se se lorato sa ga Jesu!​—Lefitiko 17:14; Ditihō 20:28.

Madi—Kgang e e Amang Boitsholo

8, 9. (a) Dingwe tsa ditiro tse di gakgamatsang tsa madi ke dife? (b) Jaaka Dafide, re ka bontsha tlotlo mo Modimong jang ka madi ka tsela eo re dirilweng ka yone?

8 Go na le tshupo e e gakgamatsang ya botlhale mo tseleng eo madi a dirilweng ka yone. Borathuto-tlhagelelo, ba ba santseng ba paletswe ke go tlhalosa tshimologo ya botshelo, ba santse ba leka go re bolelela gore madi a rona a botshelo a tlhageletse ka tsela nngwe. Abo seo se sa utlwale jang ne!

9 Madi a rona a a raraanyeng ruri a dira ditiro tse di gakgamatsang. A tsamaisa okosejene e e tshegetsang botshelo le dikotla go ya dikarolong tsotlhe tsa mmele wa rona. A kgopha leswe. A fetisa disele tse di tshweu go ya go tlhabantsha malwetsi le tse di sephaphathi tseo di fodisang dintho tse dinnye le tse ditona. A thusa go laola themperetšha ya mmele. Madi a rona a farologanye gotlhelele le a ba bangwe; baithuta-dibopapopego mo Ennyelane ba bua le eleng ka go dirisa “matshwao a DNA” ao a tsewang mo marothoding a madi go lemoga dikebekwa. Madi ke tokololo e e leng nngwe ya dikarolo tse dintsi tsa mmele tseo di neng tsa dira gore Kgosi Dafide a tlhaeletse a re: “Yehofa, u mphukuditse, me u nkitsile. Ke tla gu ntshetsa malebogō; gonne ke dihilwe ka mo go boitshègañ le ka mo go gakgamatsañ”!​—Pesalema 139:1, 14.

10. (a) Ke mang yo o tshwanetseng go tlhomamisa gore madi a dirisiwa jang? (b) Ke kaelo efe e e phepafetseng e Modimo a neng a e neela Noa le Iseraele? (c) Ke sekai sefe se se bontshang gore madi a boitshepo le eleng fa go tlhagile kotsi?

10 A Modiri yo o tshiamo wa setho, Motlhami wa madi a rona, ga aa tshwanela go nna Ene yo o tlhomamisang kafa seedi seo sa botshelo se tshwanetseng go dirisiwa ka gone kafa tshwanelong? (Yobe 36:3) Mme seo kwantle ga pelaelo o se dirile. O ne a bolelela rraarona-mogolo ebong Noa a re: “Nama e e tlhakanyeñ le botshelō yoa eōna, bo e leñ madi a eōna, lo se ka loa e ya ”(Genesise 9:4) Mme fa a ne a boeletsa Molao wa gagwe go Iseraele, o ne a tlhalosa jaana ka phepafalo: “Ha e se go re, u itisè, u se ka ua ya madi: gonne madi ke botshelō; u se ka ua ya botshelō bo pataganye le nama. U se ka ua a ya; u a chololèlè ha hatshe yaka metse.” (Duteronome 12:23, 24) Kwantle ga pelaelo Dafide o ne a gopotse ka taolo eno fa ba le bararo ba batlhabani ba gagwe ba baya matshelo a bone mo kotsing gore ba mo tlele metsi a a tla a nwang mo sedibaneng sengwe mo Bethelehema. O ne “a a chololèla ha pele ga Yehofa” gore a emela madi a bone a botshelo. (2 Samuele 23:15-17) Le e leng fa go tlhagile kotsi nngwe boitshepo jwa madi ga bo tlhokomologiwe.​—Bona gape 1 Samuele 14:31-34.

Mo Phuthegong ya Bokeresete

11, 12. (a) Ke setlhopha sefe se se neng se kaelwa ke moya seo se neng sa ntsha diphetso mo dipotsong tse di amang tumelo ya motheo mo lekgolong la ntlha la dingwaga? (b) Setlhopha seno se ne sa baya go ja madi mo lefelong lefe kafa bodumeding? (c) Ke ka ntlhayang fa ditshelo tsa madi di ka lekalekanngwa fela le go a ja ka molomo?

11 A o ka gopola ka ntlwana nngwe e kgolo mo Jerusalema awa lekgolo la ntlha la dingwaga? Moo go phuthegile baaposetoloi ba ga Jesu le bagolwane ba bangwe ba phuthego ya Bokeresete. Setlhogo sa bone sa puisano ke sefe? Paulo le Barenabase ba gorogile ba tswa kwa Antioka go tla go baya bothata fapele ga bone jo bo neng bo tsogile koo mabapi le bogwera. Lekgotla leo le ntsha phetso ya gore Bakeresete ba ba sa tswang go sokologa ga go tlhokafale gore ba rupe kafa nameng.​—Ditihō 15:1, 2, 6, 13, 14, 19, 20.

12 Fa ba tlhalosa phetso ya bone, setlhopha se se laolang sa nako eo se ne sa iteela kobo le moroko mo dipatlafalong tseo di santseng di tlama Bakeresete. Se a re: “Go le Mōea o o Boitshèpō, go le rona, re hitlhetse go le molemō, go re, re se ka ra lo baea morwalō opè go hetisa dilō tse di chwanetseñ tse; Eboñ go re, lo ithibè mo diloñ tse di isediwañ medimo ea disètwa ditlhabèlō, le mo madiñ a dilō tse di tlhabilweñ, le mo diloñ tse di betilweñ, le mo boakeñ; tse e tla reñ ha lo ithibile mo go cōna, go bo go tla nna molemō mo go lona [Amogelang botsogo jo bo molemo, NW]”! (Ditihō 15:28, 29) Jalo go obamela medimo ya disetwa, go ja madi, le boaka di bewa mo selekanyong se se tshwanang kafa bodumeding. Bakeresete ba tshwanetse go ithiba mo go tseno tsotlhe gore ba boloke botsogo jo bo itekanetseng jwa semoya le go tlhakanela mo ditsholofetsong tsa Modimo. Mabapi le madi, ga go kgathalesege gore a ano a jewa ka molomo kana a thelwa mo ditshikeng. Boikaelelo ke jo bo tshwanang-go tshegetsa le go otla mmele. Jaaka setlhopha se se laolang se ne sa supa ka phepafalo, go palelwa ke go ithiba mo mading ke go tlola molao wa Modimo.

13. (a) Go ithiba mo mading go feletse ka tshireletso efe e nngwe gape mo Basuping ba ga Jehofa? (b) Melao e mengwe ya Modimo e ile ya thusa jang go sireletsa batho ba Modimo?

13 Go ntsifala ga jaanong ga bolwetsi jwa AIDS, thurugo ya sebete, le malwetsi a mangwe ka ditshelo tsa madi go supa gore botsogo jo bo itekanetseng jwa mmele gantsi le jone bo a kopanyelediwa mo go bolokeng melao ya Modimo. Mo metlheng ya Bibela, Modimo o ne a neela Iseraele melao e e tlhomameng kaga dijo tse di jewang, tswalelo ya balwetsi, mokgwa wa go tshela sentle, le go olela leswe mo e neng e le dilo tse di neng di tshwanela mosepele wa bone wa mo nageng. (Lefitiko 11:2-8; 13:2-5; Duteronome 23:10-13) Ka go utlwa ditaolo tseo, Iseraele ga a ka a boloka fela kamano e e molemo ya semoya le Modimo wa bone mme gape ba ne ba sirelediwa mo mebeleng ya bone go tswa malwetsing ao a neng a tlhasela baagelani ba bone. E ile ya nna fela mo lekgolong la dingwaga le le fetileng fa banna ba ba ithutang melemo ba ileng ba simolola go lemoga tsela e e botlhale ya mengwe ya melao eo. Ba le bantsi gape, ke gone ba lemogang gore molao wa Modimo kaga madi o a utlwala.

14. Fa Iseraele a ne a supa kutlo, ke diphodiso dife le masego tseo ba neng ba ka di bona?

14 Fa Baiseraele ba supa kutlo, Modimo o ne a diragatsa tsholofetso eno mo go bone: “Ha u reetsa lencwe ya ga Yehofa Modimo oa gago, ka tlhōahalō, u ba u diha se se siameñ mo matlhoñ a gagwè, u sekègèla ditaolō tsa gagwè tsèbè, ga nketla ke gu baea bolwetse bopè yoa malwetse a ke a beetseñ Baegepeto: gonne ke nna Yehofa eo ke gu hodisañ.” Mme se se botlhokwatlhokwa, go utlwa go ne go baya Baiseraele mo letlhakoreng la gore ba ka bona masego a Bogosi a a neng a sa le kwa pele.​—Ekesodo 15:26; 19:5, 6.

15. Ke sekai sefe sa bosheng jaana se se supang ka moo re ka segofadiwang ka gone fa re utlwa ditaolo tsa Modimo?

15 Basupi ba ga Jehofa ba lemoga melemo e mentsi e e tlisiwang ke kalafi ya segompieno. Ka sekai, e ne ya re fa Holo ya Bogosi gaufi le Sydney, mo Australia, e senngwa ke bomo ya dirukutlhi ngwaga o o fetileng, mme Basupi ba ka feta 50 ba ba gobetseng ba potlakisediwa kwa sepateleng se se gaufi, bano ba ne ba lebogela go bo dingaka di ne di na le seedi se segolo sa dioketsa-madi se se sa tsholang madi seo ba neng ba se ba tshela. Bagobadi botlhe ba ne ba tshela. Ba ne ba lebogela ditshelo tseno tse di neng di le tumalanong le ditaolo tsa ga Jehofa. Mme lesego le lengwe gape ke gore, go ne ga seka ga nna ope mo go bone yo o neng a nna mo kotsing ya go ka tshelegelwa ke malwetsi ao a fetisiwang ke madi.

‘Go Senang Molato mo Mading a Batho Botlhe’

16. Jaaka Paulo, ke boikutlo bofe jo re tshwanetseng go bo bontsha tebang le tirelo e e boitshepo?

16 Lefa go ntse jalo, a re gopoleng gape ka lekgolo la ntlha la dingwaga. Go setse jaanong go fetile dingwaga di supa fa e sale Paulo le Barenabase ba utlwa Jakobe a itsise kaga kiletso ya kobamelo ya medimo ya disetwa, madi, le boaka. Ka nako eo Paulo o setse a feditse maeto a le mabedi a borongwa go ralala Asia Minor le go ya Botlhaba jwa Yuropa. Jaanong, fa a boa a tla a raletse Mileto, o kgona go buisanya le bagolwane ba Efeso, ba ba neng ba tlile go mo kgatlhantsha koo. O ba gakolola gore o ne a dira bojotlhe jwa gagwe go “dihèla Morèna ka boikokobeco yotlhe yoa pelo, le ka dikeledi, le ka ditekō.” A mme le rona gompieno re intsha setlhabelo gore re neele tirelo ya ga Jehofa bojotlhe jwa rona? Re tshwanetse.​—Ditihō 20:17-19.

17. Jaaka Paulo, re tshwanetse go dira tirelo ya rona jang?

17 Paulo o ne a dirile tiro eo jang? O ne a neela bosupi gongwe le gongwe kwa o neng a fitlhela batho teng, segolo bogolo kwa magaeng a bone, mme ebile a sa leba gore ke ba bodumedi bofe. O ne a seka a ikgogona mo go laeng bagolwane bao, mme kwantle ga pelaelo ba ne ba ile ba tsamaya le ene fa a ntse a “ruta mo ponoñ, le ka go nna [a] tsamaea le matlo.” E ne ya seka ya nna bone fela ba ba neng ba solegelwa molemo ke bodihedi jwa ga Paulo jo bo tlhagafetseng, ka go bo a ne a ile a ‘supetsa Bajuda le Bagerika ka [tlhagafalo, NW] tlhabologelo Modimong le tumelo mo go Morena Jesu.’ Elatlhoko lefoko leo “tlhagafalo.” A le rona gompieno re tlhagafaletse go bona gore batho ba mefuta yotlhe, ditso tsa mefuta yotlhe, ba amogela bosupi?​—Ditihō 20:20, 21; Tshenolō 14:6, 7.

18. (a) Jaaka Paulo, re tshwanetse go tsenya moya wa rona jang mo tirelong ya Modimo? (b) Jaaka Paulo, re tshwanetse go itshwara jang fa re lebaganye le dikgatelelo tse di ntseng di oketsega?

18 Lefoko “tlhagafalo” le bonala gape mo tlhalosong e e latelang ya ga Paulo: “Botshelō yoa me ga ke bo kaee sepè, go re, ekete ke bo rata thata, e le gore ke tlè ke wetsè sebaka sa me sa tshianèlō, le tihèlō e ke e amogetseñ mo go Morèna Yesu, ea go shupa [ka tlhagafalo, NW] Mahoko a a Molemō a tshegōhaco ea Modimo.” (Ditihō 20:24) Moya wa gagwe o ne o tla bo o se sepe, kana botshelo, fa a ne a seka a diragatsa bodihedi jwa gagwe. A le rona re ikutlwa jalo kaga bodihedi jwa rona? Jaaka fa metlha eno ya bofelo e ntse e tsamaela go ya go wela, mme mahutsana, dipogiso, malwetsi, kana dingwaga tsa botsofe di ntse di tla mo go rona, a re santse re ntse re supa moya o o tshwanang le wa ga Paulo mo go batleng matlo a a “chwanetseñ” ka tlhagafalo?​—Mathaio 10:12, 13; 2 Timotheo 2:3, 4; 4:5, 7.

19. Ke ka ntlhayang fa Paulo a ile a re, ‘Ga ke na molato mo mading a batho’?

19 Paulo o ne a sa solofela go bona bagolwane bao ba Efeso gape. Lefa go ntse jalo, ka tsholofelo e e tletseng o ne a kgona go ba raya a re: “Ke shupa mo go lona gompiyeno kaga batho botlhe, ha ke sena molato mo madiñ a bōnè.” Jang? Paulo o ne a ise a ko a tsholole madi mo ntweng. O ne a ise a ko a je madi. Mme o ne a na le kgatlhego e ntsi mo matshelong a ba bangwe, jaaka fa a ne a emelwa ke madi. O ne a sa batle go ba bona ba latlhegelwa ke matshelo a bone mo Letsatsing la Katlholo la Modimo ka ntlha ya go bo a ne a paletswe ke go ba neela bosupi ka tlhagafalo. O ne a seka a ikgogona go bolelela bagolwane bao le ba bangwe “kgakololō eotlhe ea Modimo.”​—Ditihō 20:26, 27.

20. (a) Tumalanong le tlhagiso e Jehofa a e beeleditseng go Esekiele, ke boikarabelo bofe jo re tshwanetseng go bo diragatsa gompieno? (b) Re tla diragalelwa ke eng mmogo le ba ba re reetsang?

20 Jaaka “sepitla se segolo” se ntse se atamela, go bolela kgakololo yotlhe ya Modimo go ntse go nna mo go potlakileng thata. Boemo ke jo bo tshwanang le jole jwa dingwaga tse 2 600 fa phediso ya Jerusalema e ne e atametse. Lefoko la ga Jehofa le ne la tlela moperofeti wa gagwe Esekiele, le re: “Morwa motho, ke gu beile molebedi oa ba ntlo ea Iseraela: me ke gōna utlwa lehoko ka molomo oa me, me u ba neè tlhagishō e e cwañ mo go nna. Ea re ha ke raea moikepi, ke re, Rure u tla shwa; me u sa mo tlhagise, u sa bue go tlhagisa moikepi go mo haposa tseleñ ea gagwè ea boikèpō, go tla u boloka botshelō yoa gagwè; moikepi eouō o tla shwèla mo boikepoñ yoa gagwè; me madi a gagwè ke tla a lōpa mo seatleñ sa gago.” (Esekiele 3:17-21; 33:7-9) Batlhanka ba ba tloditsweng ba ga Jehofa le “boidiidi yo bogolo” jwa ditsala tsa bone ba na le boikarabelo jo bo tshwanang gompieno. Bosupi jwa rona e tshwanetse go nna jo bo tlhagafetseng. Ka gone, ka letsatsi la pusoloso la Modimo, re ke re bolokiwe mmogo le bao ba re reetsang.​—Isaia 26:20, 21; 1 Timotheo 4:16; Tshenolō 7:9, 14, 15.

21. Re ka bontsha ka ditsela dife gore re tlotla Modimo ka madi, mme ka diphelelo dife?

21 Mo dikganyeng tsa boitlhaodi jwa Bokeresete, tsa go ithiba mo mading, tsa go neela bosupi ka botlalo, le tsa go bontsha tumelo mo mading a a tlhokegang thata a ga Jesu, a mongwe le mongwe wa rona a ititeye sehuba gore o tla utlwa kgakololo yotlhe ya Modimo. Ka gone re ka nna le seabe mo tiragatsong e e ipedisang ya Pesalema 33:10-12: “Yehofa o diha kgakololō ea merahe go nna lehèla: o diha megopolō ea dichaba go nna e sena tihō. Kgakololō ea ga Yehofa e eme ka tlhōmamō ka bosena bokhutlō, . . . Go segō morahe o Yehofa eleñ Modimo oa ōna.”

O ka Araba Jang?

◻ Ke tiriso efe e le yosi ya madi e e tlisang masego a bosakhutleng?

◻ Re solegelwa molemo jang ke go ithiba mo mading?

◻ Re ka ipoloka jang re ‘sena molato mo mading a batho botlhe’?

◻ Ke sekao sefe sa tlhagafalo se re tshwanetseng go se latela?

[Mafoko a a mo go tsebe 26]

The Wall Street Journal ya March 20, 1986, e ne ya tlhagisa mokwalo o o neng o na le setlhogo se se reng: “Mabolokelo a Madi ga aa Sireletsega mo go AlDS.” Serapa se se simololang se ne se balega jaana: “Madi a a bolokilweng mo U.S ga a na tshireletsego epe eo e kaiwang ke mekgatlho ya poloko-madi eo e batlang re dumela jalo. Ditshelo tsa madi ke tsone tse segolo bogolo e leng mesele ya go anamisa Acquired Immune Deficiency Syndrome go pota ke kwa ditlhopha tsa jaanong tse di ka bakang kotsi mo bathong ka kakaretso. Ditekeletso tse di tlhatlhobang ba ba nang le AIDS tse di neng di dirisiwa go tlhatlhoba batho ba ba thusang ka madi di ka se re tlhomamisetse gore didirisiwa tsotlhe tse di kgotletsweng di tla lemogiwa. Mme ebile se se maswe go feta, baboloki ba madi ba ikgogona go tsaya dikgato tseo di tla tokafatsang ditshelo tsa madi tse di sireletsegileng.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela