Baitlhaodi ba Bakeresete mo Lefatsheng le le Tladikilweng ka Madi
“Leha e le mañ eo o chololañ madi a motho, madi a gagwè le èna a tla chololwa ke motho; gonne modimo o dihile motho mo sechwanoñ sa ōna.”—GENESISE 9:6.
1. Ke ditiragalo dife tsa lefatshe fa e sale ka 1914 tse di tlhobaetsang?
BOGOLO jo bo boitshegang jwa madi, a batho ba ba ka fetang dimilione tse di lekgolo, a ile a tshololwa mo dintweng fa e sale ka 1914. Mme seemo e tla nna sefe mo isagweng? Go senngwa ga ditoropo tse pedi tsa Japane ka 1945 go ne ga gapa matshelo a batho ba le 200 000 mme ga gogela batho mo tumelong e ntšha ya motheo, eo merafe e e maatla thata kafa tshwanelong e ileng ya e bitsa “MAD” (Mutually Assured Destruction). Seno e ile ya nna motheo wa go lekalekanya ditlhabano tsa ntwa, oo o simolotsweng ke go kokoanngwa ga dibolao tsa nuklea tseo di ka nyeletsang lefatshe la rona go feta makgetlho a le mantsi. Disapmarine di ile tsa tsena ka dibolao tseno tse di setlhogo kafa tlase ga mawatle, mme bosheng jaana matshosetsi a ntwa ya kwa lefaufaung a ile a oketsa kotsi. Le eleng boitlhomo jwa go lekalekanya dibetsa tsa kgailo bo ile jwa reketlisiwa mo metheong ya jone. A go na le tsela nngwe ya go falola mo botsenweng jono?
2. Ke eng seo Jesu a neng a se bolelelapele malebana le metlha eno, mme ke eng seo a neng a se tlhomamisetsa Bakeresete?
2 Ee, e teng. Mme seno ga se se se tla ikgethelwang ke merafe. Jesu o ne a bolelelapele jaana kaga tsietsi eno e jaanong e tsenyeng mo go yone: “Go tla nna dichupō mo letsatsiñ, le mo kgwediñ, le mo dinalediñ; le mo lehatshiñ pitlaganō ea merahe, e rarañwa ke lewatlè le dintèlō go shuma ka kgwashō e kgolo; Le batho ba idibadiwa ke poihō le tebèlèlō ea dilō tse di tlañ mo lehatshiñ: gonne dinonohō tsa legodimo di tla reketlisiwa.” Jesu o ne a digela polelelopele eo ka tlhomamisetso ya gore Bakeresete ba ba ‘nnang ba lebeletse . . . ba ka nna ba falola mo dilong tse tsotlhe tse di tla diragalang.’—Luke 21:25, 26, 36.
Go Agisanya le Modimo
3. (a) Merafe e direla jang dikgatlhego tsa “modimo oa lehatshe yeno”? (b) Jehofa o tla fedisa kgang eno jang?
3 Merafe, segolo bogolo eo e itlamileng ka dibetsa tsa nuklea, e mo lesukasukeng la phadisanyo ya bommampudi jwa lefatshe, mme e le leo le ka felelang ka go nyeletsa lefatshe gotlhelele. Dilo tseno tsotlhe di dira kafa thatong ya “modimo oa lehatshe yeno.” Merafe e “logisanya maanō, kaga Yehofa, le kaga [Keresete] oa gagwè,” yo jaanong a tlhomilweng mo setilong sa bogosi kwa legodimong. Fa Jehofa a sena go ntsha taolo, Keresete o tla thubaganya merafe eo jaaka ekete ka tsamma ya tshipi. Morago ga moo go tla diragala tsholofetso eno: “Modimo oa kagishō o tla akoha o tapetèla Satane ha tlhatse ga dinaō tsa lona.”—2 Bakorintha 4:4, Pesalema 2:2, 6-9; Baroma 16:20.
4. Re ka agisanya jang le Modimo? (1 Petere 3:11)
4 Rona, ka borona, re tshwanetse go batla kagisano le Modimo. Re ka dira seo jang? Mme kana, re tshwanetse go batla go nna le pono e e tshwanang le ya Modimo malebana le boitshepo jwa botshelo jwa motho le madi a botshelo a a tlhokegang thata a a elelang mo methapong ya rona le mo ditshikeng.
5. Ke dikai dife tse di bontshang gore Jehofa o busolosetsa ba ba tshololang madi ka bofafalele?
5 Jehofa ke Mmopi wa motho le madi a a gakgamatsang ao a tsamaisang dikotla le mmele wa motho, mme jalo re tswelela re tshela. E ne e se maikaelelo a Modimo gore madi a motho a tshololwe ka tsela ya bofafalele. Morago ga fa Kaine a sena go nna mmolai wa ntlha, Jehofa o ne a bolela gore madi a ga Abele a ne a lelela gore a busolosediwe. Moragonyana, mongwe wa ditlogolwana tsa ga Kaine, ebong Lameke, o ne a nna mmolai mme ka tsela ya leboko o ne a bolela gore fa a ne a ka bolawa, molato ono wa madi o lefediwe. Morago, lefatshe je le bodileng le ne la tlala ka thubakanyo. Jehofa o ne a romela morwalela go senya lefatshe la pele la setho. Go ne ga falola fela lelapa la ga Noa yo o kagiso, yoo leina la gagwe le rayang “Boikhutso.”—Genesise 4:8-12, 23, 24; 6:13; 7:1.
6. Molao wa Modimo wa reng mabapi le madi, mme ono o tlama bomang?
6 Go tswa foo Jehofa o ne a itsise Noa kaga thato ya Gagwe e e tlhomameng kaga madi. O ne a digela seno ka gore: “Leha e le mañ eo o chololañ madi a motho, madi a gagwè le èna a tla chololwa ke motho.” (Genesise 9:3-6) Setho sotlhe gompieno ke ditlogolwana tsa ga Noa, mme ka gone taolo eno ya bomodimo e e gatelelang tlotlo mo mading e ama batho botlhe ba ba eletsang go amogelwa ke Modimo. Molao wa barataro mo Melaong e e Lesome le one o ne wa bolela wa re, “U se ka ua bolaea motho.” Molato wa madi o tlhoka go tseelwa kgato e e tshwanetseng le go lefediwa.—Ekesodo 20:13; 21:12; Duteronome 21:1-9; Bahebera 10:30.
7. (a) Ke ka ntlhayang fa go ne go tshwanela gore Jehofa a ntshe taolo ya gore Iseraele e ye kwa ntweng? (b) Bakeresete ba mo ntweng efe gompieno?
7 Ereka jaana go tsholola madi go ne go ilediwa ka tlhamalalo, ke eng fa Jehofa a ile a dumelela, le eleng go ntsha taolo ya gore, morafe wa Iseraele o tsenelele mo ntweng? Re tshwanetse go gakologelwa gore eno e ne e le ntwa e e boitshepo eo ka yone Jehofa, ebong Moatlhodi wa lefatshe lotlhe, a neng a nyeletsa merafe e e obamelang badimona ka gone. Ka sekai, Bakanana, ba ne ba sena tshwanelo ya go nna mo Lefatsheng la Tsholofetso mme ebile ba tshela botshelo jwa sedimona, le jwa boitsholo jo bo sa siamang joo bo neng bo tla baya batho ba ba boitshepo ba Modimo mo kotsing. Jehofa o ne a dira gore lefatshe le ‘tlhatse’ batho bao ba ba bodufetseng mo kgaolong ya bone, a dirisa ntwa ya bolegodimo gore seo se dirwe. (Lefitiko 18:1-30; Duteronome 7:1-6, 24) Seno se tshegetsa ntwa ya semoya eo Bakeresete ba e tlhabanang gompieno.—2 Bakorintha 10:3-5; Baefesia 6:11-18.
8. Ke eng se se bontshang gore Modimo ga a amogele go tshololwa ga madi a a senang molato?
8 Lefa go ntse jalo, Jehofa o ne a seka a dumelela tshololo-madi e e sa tlhaoleng. Ka gone, go kwadilwe jaana malebana le kgosi ya Juda: “Manase a cholola madi a batho a a senañ molato a le magolo thata, a ba a tla a tlatsa Yerusalema ka aōna, go cwa ntlheñ e ñwe le go ea e ñwe.” Lemororo Manase a ne a ikwatlhaya moragonyana a bo a ikokobetsa fapele ga ga Jehofa, molato oo wa madi o ne wa nnela ruri mo go ene le mo losikeng lwa gagwe lwa bogosi. Setlogolwana sa ga Manase yo o neng a boifa Modimo, ebong Kgosi Josia, o ne a tsaya kgato e e molemo ka go phepafatsa lefatshe le go tsosolosa kobamelo ya boammaaruri. Mme o ne a ka se tlose molato oo wa madi. Mo pusong ya morwa Josia ebong Jehoiakime, Jehofa o ne a tsaya kgato go lere Nebukadenesare kgatlhanong le Juda, go diragatsa katlholo ya gagwe kgatlhanong le morafe oo. “Rure selō se, se tsile mo go ba Yuda ka taolō ea ga Yehofa, go tla se ba tlosa mo ponoñ ea gagwè, ka ntlha ea maleo a ga Manase, kaha go cotlhe tse o na a di diha; Le gōna ka ntlha ea madi a batho a a senañ molato a o na a a cholola; gonne o na a tlatsa Yerusalema ka madi a a senañ molato: me Yehofa a gana go ichwarèla.”—2 Dikgosi 21:16; 24:1-4; 2 Ditihalō 33:10-13.
Tekanyetso mo Bakereseteng
9. Ke tekanyetso efe e Jesu a neng a e tlhomela Bakeresete mabapi le tshololo ya madi?
9 Re tshwanetse go lebelela fela gore Jesu, ebong Mosimolodi wa Bokeresete, a tlhome tekanyetso ya gore Bakeresete ba itshware jang malebana le go tsholola madi. A o ne a dira jalo? Mme kana, ka bokhutshwanyane fela morago ga a sena go simolodisa Segopotso sa loso lwa gagwe, Jesu o ne a tlhokomela gore barutwa ba gagwe ba tshole ditšhaka di le pedi fela. Ka ntlhayang? Go tlhomamisa molao-motheo o o botlhokwa-tlhokwa, oo Bakeresete botlhe ba neng ba tshwanetse go o tlhokomela. E ne ya re fa mophato wa masole o tlile go tshwara Jesu mo Gethesemane, Petere yo o majato a tsholetsa tšhaka, a kgaola tsebe ya moja ya ga Maleko, motlhanka wa moperisiti yo mogolo wa Bajuda. A e ne e se selo se se molemo-lemo go tlhabanela Morwa Modimo? Jesu o ne a seka a akanya jalo. O ne a fodisa tsebe ya motlhanka yoo mme a gakolola Petere gore Rraagwe wa selegodimo o ne a ka kgona go romela mephato e le 12 ya baengele go tla go thusa Jesu. Jesu o ne a tlhalosa molao-motheo wa kono-kono ebong: “Botlhe ba ba tsaeañ chaka ba tla nyèlèla ka chaka.”—Mathaio 26:51-53; Luke 22:36, 38, 49-51; Yohane 18:10, 11.
10. (a) Ke molao-motheo ofe o o botlhokwa o o tlhomilweng go Yohane 17:14, 16, le Yoh 18:36? (b) Ke tsela efe e e neng ya felela ka gore Bakeresete mo lekgolong la ntlha la dingwaga ba bone poloko?
10 Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga e ne e tla re moragonyana ba gakologelwe thapelo e e tlhoafetseng ya ga Jesu go Jehofa, eo mo go yone a neng a bua jaana ka barutwa ba gagwe: “Bōnè ga se ba lehatshe, hèla yaka nna ke se oa lehatshe.” Ba ne ba tla gakologelwa karabo e Jesu a neng a tlhalosetsa Ponto Pilato ka yone a re: “Bogosi yoa me ga se yoa lehatshe yeno: ha bogosi yoa me e ka bo e le yoa lehatshe yeno, batlhanka ba me ba ko ba tlhabana, gore ke se ka ka neèlwa Bayuda: me yana bogosi yoa me ga se yoa mono.” (Yohane 17:14, 16; 18:36) Mo metlheng eo, makoko a Bajuda a ne a tlhabantshanya, ka puo ya molomo gammogo le ka tshololo ya madi. Mme barutwa ba ga Jesu ba ne ba seka ba itlhakatlhakanya le mekubukubu eo ya ditlhaselano. Ba ne ba fetsa dingwaga tse 30 ba ntse ba letile mo Jerusalema. Go tswa foo ba utlwa sesupo sa boperofeti jwa ga Jesu ka go ‘tshabela kwa dithabeng.’ Boitlhaodi jwa bone le go tshaba ga bone go ne ga ba tlisetsa poloko.—Mathaio 24:15, 16.
11, 12. (a) Ke phetso efe eo Korenelio le Seregio Paulo ba neng ba tshwanetse go e dira fa ba sena go nna badumedi? (b) Ba ne ba tla bona thuso kae gore ba dire phetso e e siameng? (c) Seno se supang mo go rona gompieno?
11 Bangwe ba ka nna ba botsa ba re, ‘Go tweng ka Korenelio, molaodi wa masole, le Seregio Paulo, yo o neng a le molaodisiwa wa mephato ya masole mo Kupero? A banna bano ba ne ba se mo sesoleng?’ Ee, ka nako ya fa ba amogela molaetsa wa Bokeresete. Lefa go le jalo, Dikwalo ga di re bolelele se Korenelio le ba bangwe ba se dirileng fa ba sena go sokologa. Kwantle ga pelaelo Seregio Paulo, yo o neng a le motho wa tlhaloganyo a bile “a gakgamadicwe ke thutō ea Morèna,” o ne a tla akofa a sekaseka maemo a gagwe a boitshediso go ya kafa tumelo ya gagwe e ntšha e neng e ntse ka gone mme a dire phetso e e tshwanetseng. Korenelio le ene o ne a tla dira fela se se tshwanang. (Ditihō 10:1, 2, 44-48; 13:7, 12) Ga go na pego epe ya gore barutwa ba ne ba ba bolelela gore ba tseye kgato efe. Ba ne ba ka iponela seo go tswa go seo ba se ithutileng mo Lefokong la Modimo.—Isaia 2:2-4; Mika 4:3.
12 Ka tsela e e tshwanang, Bakeresete gompieno ga ba a tshwanela go ntshetsa ba bangwe ditaolo tsa gore ke boemo bofe jo ba tshwanetseng go bo tsaya mo dikgannyeng tse di amanang le boitlhaodi jwa Bokeresete. Mongwe le mongwe o tshwanetse go itirela diphetso tsa gagwe go ya kafa segakoloding sa gagwe tumalanong le kutlwisiso ya gagwe ya melao-metheo ya Bibela.—Bagalatia 6:4, 5.
Mo Metlheng ya Gompieno
13. Baithuti ba Bibela ba ne ba diragalelwa ke eng fa ba ntse ba leka go tila go nna molato wa madi mo Ntweng ya Lefatshe I?
13 E ne e le lantlha fela ka 1914 go nna ntwa e e akaretsang lefatshe lotlhe. Ditsompelo tsotlhe tsa merafe, go akaretsa le banna, ba ne ba tsena mo ntweng. Bontsi jwa Baithuti ba Bibela, jaaka Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bidiwa ka nako eo, ba ne ba dira maiteko a a akgolegang a go tila go nna molato wa madi. Ba ne ba bogisiwa mo go setlhogo, fela jaaka Jesu a ne a boletse.—Yohane 15:17-20.
14, 15. (a) Jehofa o ne a baakanyetsa ka kaelo jang mo Ntweng ya Lefatshe II? (b) Ke boemo bofe jo bo tlhamaletseng jo Basupi ba ga Jehofa ba neng ba bo tsaya? (c) Seno se ne sa fapaana jang le se se neng se dirwa ke baeteledipele ba bodumedi ba selefatshe?
14 Erile fa tlhaselano ya lefatshe lotlhe e phunyega gape ka 1939, Jehofa o ne a ntshetsa batlhanka ba gagwe kaelo e e phepafetseng. Morago fela ga dikgwedi tse pedi tsa go bolelwa ga ntwa, kaelo eno e ne ya tlhaga e le sebopegong sa thuto e e rutang Bibela ya setlhogo se se reng “Boitlhaodi” mo tokololong ya November 1, 1939 ya The Watchtower. E ne ya digela ka seele se se reng: “Botlhe ba ba leng kafa letlhakoreng la Morena ba tla itlhaola mo merafeng e e tlhabantshanyang, mme ka bojotlhe jwa bone ba tla bo ba le kafa Kgosing e kgolo ya BOLEGODIMO.”
15 Go ne ga felela ka eng? Jaaka bokaulengwe jwa lefatshe lotlhe, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba tswelela pele kwantle ga thetheekele epe ba ithiba mo go tshololeng madi a batho ba ba senang molato, go akareletsa le a bakaulengwe ba bone ba ba mo mafatsheng a mangwe. Lemororo Bakatoliki, Baporosetanta, Babuda, le ba bangwe ba ne ba kgemetha ba bangwe, barutwa ba boammaaruri ba ga Jesu ba ne ba utlwa taolo ya gagwe e ntšha e e reng: “Lo ratanè; hèla yaka ke lo ratile.”—Yohane 13:34.
16. (a) Basupi ba ga Jehofa ba ne ba itshupa jang fa e le baagi ba ba thokgameng? (b) Basupi ba ne ba ganelela jang mo go neeleng Modimo dilo tse e leng tsa Modimo, mme ka dinako tse dingwe ka phelelo efe?
16 Bakeresete bano ba ne ba tswelela ka go ntshetsa Kaesare dilo tse e leng tsa ga Kaesare. Ba ne ba utlwa melao ya lefatshe jaaka baagi ba ba thokgameng. (Mathaio 22:17-21; Baroma 13:1-7) Mme sa botlhokwatlhokwa, ba ne ba ntshetsa Modimo dilo tse e neng e le tsa gagwe, go akareletsa le go ineela matshelo a bone mo kobamelong ya Bokeresete. Ka jalo, fa Kaesare a ne a batla gore ba mo neye dilo tsa Modimo, ba ne ba itshwara tumalanong le melao-metheo e e tlhalositsweng go Ditihō 4:19 le Dit 5:29. E kane kgang e ne e le ya go tsholola madi, ya go tsenelela tiro ya sesole e e sa diriseng dibolao, tirelo e nngwe e e farologanyeng, kana go dumedisa setshwantsho jaaka folaga ya setšhaba, Bakeresete ba ba ikanyegang ba ne ba seka ba dumalana le sepe sa tseno. Mo mabakeng mangwe ba ne ba bo ba bolawa ka ntlha ya boemo jono.—Mathaio 24:9; Tshenolō 2:10.
Ba ne ba Seka ba Ineela
17. (a) Go ya ka buka nngwe, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba tshwarwa jang ke Ba-Nazi? (b) Mo go thulaneng le kgwetlho, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba fapaana jang le ba bangwe?
17 Buka ya bosheng jaana e e nang le setlhogo se se reng Of Gods and Men, e ne ya tlhalosa gore mo motlheng wa Third Reich wa ga Hitlara, Basupi ba ga Jehofa e ne ya nna setlhopha sa bodumedi se se neng sa “ganediwa thata thata.” Basupi ba ga Jehofa ba ne ba seka ba ineela. Ba ditumelo tse dingwe mo Jeremane ba ne ba latela bagogi ba bone ba sedumedi ba sesole, ka gone ba dirisanya ka tsela ya sedumedi le lefatshe la Jeremane mme ka gone ba amogela “lochwaō” lwa sebatana sa sepolotiki “mo seatleñ se segolo, kgotsa mo phatleñ.” (Tshenolō 13:16) Bano ba ne ba tshegetsa ka tlhoafalo le ka maatla tsamaiso ya sepolotiki ya Jeremane mme ba dira gore boemo jwa bone bo bonwe ka phepafalo gore ba lemogiwe jaaka ba ba galaletsang Hitlara le go dumedisa folaga ya “swastika.”
18. (a) Ke pego efe e e bontshang gore a ruri Basupi ba ga Jehofa ba ne ba ‘itlhaotse mo dipolotiking’? (b) Polelo eno ya ditiragalo e tshwanetse go re ama jang motho-ka-bongwe gompieno?
18 Bakeresete ba boammaaruri ba ne ba ema ka kae koo? Mokwalo o o fagodimo o tlhalosa jaana: “Ke Basupi ba ga Jehofa fela ba ba neng ba ganana le puso eo. Ba ne ba itoma sekgokgono mme ka ntlha ya gone, halofo ya bone e ne ya latlhelwa mo kgolegelong mme kwatara ya bone ya bolawa. . . . Bone, ka go sa tshwane le [ditumelo tse dingwe], ga se ba lefatshe ka tsela ya gore ga ba senke kgalaletso epe kana dituelo dipe mo lefatsheng leno le le bonalang mme ebile ga ba itseye ba le karolo ya lone. Ke ‘baitlhaodi ba sepolotiki ka go bo ba setse ba le ba lefatshe le lengwe—la Modimo. . . . Ga ba senke ditsela tsa go iphalotsa. . . . Fa ba ne ba ka tsenelela bosole, ba tlhopha, kana ba ntsha tumediso ya ga Hitlara go ne go tla raya gore ba dumela fa dilo tse di batlwang ke lefatshe leno di le kwa godimo ga tse di batlwang ke Modimo.” Go latelela kagiso le go sa tseneleleng mo thubakanyong ga Basupi ba ga Jehofa go ne ga bo ga lemogiwa mo dikampeng tsa pogiso. Jang? Ka gore “ke Basupi ba ga Jehofa fela ba ba neng ba dumelelwa go beola badisa ba S.S. ba dirisa dikgare tse di bogale thata, ka e ne e le bone fela ba ba neng ba ka ikanngwa gore ba ka se bolaye motho.”
19. Basupi ba ga Jehofa ba ile ba latela jang sekao sa bopelokgale sa ga Jesu, mme ka phelelo efe?
19 Mo ntweng ya bobedi ya lefatshe, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba nna sekao se se tlhomologileng sa boitlhaodi jwa Bokeresete. Ka go tsepama, go dikologa lefatshe lotlhe ba ile ba latela sekao sa ga Jesu ka bopelokgale mo go sa nneng “ba lehatshe”; ba ile ba fenya lefatshe leno le le molato wa madi fela jaaka Keresete le ene a dirile.—Yohane 17:16; 16:33; 1 Yohane 5:4.
Go Bona Botshabelo ka Ntlha ya Tshololo-madi
20. (a) Ke ka ntlhayang fa go potlakile gore batho ba tshabe mo bodumeding jwa maaka? (b) Ke kae fela koo botshabelo jwa boammaaruri bo ka bonwang teng gompieno?
20 Diphuthego tsa bodumedi di ile tsa tlatsa histori ka tshololo ya madi ka go tsholola madi a a senang molato mo dintweng tsa sedumedi, dintwa “tse di boitshepo,” le ditlhokofatso. Di ile tsa dira ditumalano le babusaesi ba ba lemaletseng tshololo ya madi. Ba ne ba dumalana fa babusaesi bao ba latlhela Basupi ba ga Jehofa mo dikgolegelong le mo dikampeng tsa pogiso, koo bontsi jwa bone ba neng ba swela gone. Ba ne ba tshegetsa baeteledipele bao ba neng ba bolaya Basupi ka go ba thuntsha kana ba ba kgaola ditlhogo. Ditsamaiso tseno tsa sedumedi di ka se falole katlholo ya ga Jehofa ya tshiamo. Ga e ne e diega. Le ene morati wa tshiamo ga aa tshwanela go tswa ka go goga dinao mo bodumeding jwa maaka—“Babelona o mogolo” o o tladikilweng ka madi—mme a ya go batla botshabelo mo phuthegong ya Modimo.—Tshenolō 18:2, 4, 21, 24.
21. Ke eng se se neng se tshwantshediwa ke thulaganyo ya Modimo ya gore go nne le metse ya botshabelo?
21 Bontsi jwa rona, pele ga re ka ithuta Lefoko la Modimo, re ka ne re ile ra tsholola madi a batho kana re ile ra nna maloko a ditsamaiso tsa bodumedi kana tsa sepolotiki tse di nnileng molato wa madi. Mo go seno re ka tshwantshiwa le mmolai wa motho yo o seng wa ka bomo mo Iseraele. O ne a ka tshabela go o le mongwe mo metseng e merataro e e neng e tlhophilwe kwa a neng a ka bona botshabelo gone mme, kgabagare, a gololwe fa moperisiti yo mogolo wa Iseraele a sena go swa. Gompieno, seo se raya go amogela le go nna kafa tlase ga melemo ya tirelo e e tlhagafetseng ya Moperisiti yo Mogolo wa Modimo, ebong Keresete Jesu. Ka go nnela ruri moo ba kopanetse le batho ba ba tloditsweng ba Modimo, re ka nna ra falola fa “mmusholosetsi oa madi” wa segompieno, ebong Jesu Keresete, a diragatsa katlholo ya Modimo mo go ba ba molato wa madi. “Boidiidi yo bogolo” jwa batho ba jaanong ba tshabelang mo phuthegong ya Modimo ba tshwanetse go nna mo botshabelong joo go fitlhelela Keresete, mo maemong a gagwe jaaka Moperisiti yo Mogolo, ‘a a swa’ mabapi le go digela tiro ya gagwe ya kgololo.—Dipalō 35:6-8, 15, 22-25; 1 Bakorintha 15:22-26; Tshenolō 7:9, 14.
22. Malebana le Isaia 2:4, merafe ya UN e farologana jang le morafe o o boitshepo wa Modimo?
22 Mo loboteng lwa patlelo ya UN mo New York, U.S.A. O ka bala mafoko a a latelang a a thailweng mo go Isaia 2:4: “Di tla thula dichaka tsa bōnè magale a megoma, le marumō a cōna dithipa tsa mabèlè: morahe ga o ketla o ekèla morahe chaka; le gōna ga ba ketla ba tlhōla ba ithuta tlhabanō gopè.” Mme ke bomang ba ba itshwarang tumalanong le mafoko ao gompieno? Ga go ope wa maloko a se gotweng ke Merafe e e Kopaneng. Ke “morahe” wa kgolokwe yotlhe o o ratang kagiso wa Basupi ba ga Jehofa ba ba dimilione tse tharo le go feta o o supileng ka phepafalo kafa boitlhaodi jwa Bokeresete bo ka tshegediwang ka gone mo lefatsheng je le tladikilweng ka madi.
Dipotso tsa Poeletso
◻ Re ka agisanya jang le Modimo?
◻ Jehofa o leba jang tshololo-madi e e bofafalele?
◻ Boitlhaodi jwa Bokeresete bo rayang?
◻ Ke dikao dife tse di molemo tsa bothokgami tse re nang natso?
◻ Re ka bona jang botshabelo jwa poloko?
[Lebokoso mo go tsebe 21]
Bosupi jwa Tumelo, Bopelokgale, le Bothokgami
Buka ya New Religious Movements: A perspective for Understanding Society e akgela jaana gape ka bothokgami jwa Basupi ba ga Jehofa fa ba ne ba lebaganye le pogiso ya ba-Nazi:
“Mo go ganeng ga bone go ineela, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba gwetlha mogopolo wa bokgokgontshi wa go bopa mokgatlho o mosha, mme kgwetlho eno, gammogo le go ganelela ga yone, go ne ga seka ga jesa barulaganyetsi ba thulaganyo e ntšha diwelang. Fa ba ntse ba bogisiwa, Basupi le bone ba ne ba tsweletse ka go gwetlha mogopolo oo. Mekgwa e e sa bolong go dirisiwa ya pogiso, tlhokofatso, kgolegelo le kgobo di ne di sa fetolele Basupi go ya kafa letlhakoreng la ba-Nazi mme ebile tota di ne di tlhorontsha batlhotlheletsi ba tsone. Ba-Nazi ba ne ba tsenngwa tsebe-tsebe ke karabelo eno e ba neng ba sa e solofela.”
“Mo mephatong eno e mebedi e e neng e lwela baikanyegi, ntwa ruri e ne e le e e matlhomahibidu, mme segolo bogolo, ka ba-Nazi ba ba neng ba nonofile go feta mo mmeleng e ne e le bone ka metlha yotlhe ba sa itlhomamiseng, ba sa nonofang mo boitlhomong jwa bone mo go se ba se dirang, ba sa tlhomamise tota-tota gore a Puso ya bone ya dingwaga tse 1 000 ruri e tla lala e atlegile. Basupi ba ne ba sa belaele maitshwarelelo a bone ka gope, ka go bo tumelo ya bone e ne e sale e itshupa fa e sale go tloga metlheng ya ga Abele. Lemororo ba-Nazi bone ba ne ba dirisa go gatelela baganetsi ba bone le go tlhatswa batshegetsi ba bone pelo, gantsi ba dirisa puo le maipato a makoko a Bokeresete, Basupi bone ba ne ba tlhomamisa gotlhelele, ka boikanyegi jwa maloko a bone jo bo sa reketleng, le e leng go ya losong.”
Ruri e tla nna letsatsi le le itumedisang fa phenyo eno ya boikanyegi jwa Bakeresete e digetswe. (Baroma 8:35-39) Mme he jaanong, fa Bogosi jwa “Kgōsana ea Kagishō,” ebong Jesu Keresete yo o galaleditsweng bo setse bo busa, “ga go tota ga pushō ea gagwè, le ga kagisho ga go ketla go nna le bokhutlō.”—Isaia 9:6, 7.
[Lebokoso mo go tsebe 22]
Basha ba Baboloka-Bothokgami
Mafoko a a latelang a tsopotswe mo bukatsatsing e e neng ya gatisiwa ke mokanoki mongwe mo nageng nngwe ya Yuropa. A bontsha kafa basha ba Basupi ba neng ba lebagana ka bopelokgale ka gone le kgang ya ‘go sa nne wa lefatshe.’—Yohane 17:14.
‘1945, March 12: Go ne go tsenye tsheko ya sesole. Ba-Jehofa ba babedi ba babotlana ba bonwa molato. Molato wa bone: ke go gana go tsenelela bosole (go ya kafa motheong wa bodumedi jwa bone). Yo mmotlana, yo o iseng a nne dingwaga tse 20, o ne a atlholelwa dingwaga tse 15 mo kgolegelong. Lefa go ntse jalo, yo mogolwane, o ne a atlholelwa loso, mme ka bonakonyana o ne a isiwa kwa toropong ya gagabo gore a bolaelwe koo mo ponong ya batho gore a ba tsenye letshogo. Ke mmolaiwa wa bo-14 fano. Ekete o ka robala ka kagiso. Tiragalo eno e ile ya nkama thata thata. Lo ka se dire jaana mo ba-Jehofeng. Ga ba a dira sekao sepe sa tlhagiso ka mosimane yono mme ba mo dirile moswela-tumelo. E ne e le mosimane yo o itekanetseng mo mmeleng. Ke mo hutsafaletse.
‘Mo thapameng, re ne ra utlwa ka botlalo kaga polao ya lekawana leno, e e neng ya diragalela fapele ga batho ba le bantsinyana fa marekelong. Mongwe wa masole a a neng a mo dikaganyeditse o ne a ithuntsha ka tlhobolo ka go tlhajwa ke ditlhong pele ga polao eo. Seno e ne e le ka go bo mokolonele a ne a batlile gore a thuse modiragatsa-polao. Mme o ne a sa ikaelela go dira jalo. O ne a bona gore bogolo a ipolaye. Lekawana ka bolone le ne la swa ka bopelokgale. O ne a seka a ba a ntsha lefoko lepe.’
Mo tsogong, abo go tla itumedisa basha ba ba ntseng jalo go bo ba ile ba ikgethela go itemogela lobolela lwa loso go na le go itlogedisa lefelo la bone mo tsamaisong e ntšha ya dilo ya ga Jehofa!—Bapisa Hosea 13:14.