LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w86 9/1 ts. 14-16
  • Seabe se se Tlotlegang sa Mosadi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Seabe se se Tlotlegang sa Mosadi
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Boikaelelo jwa Modimo ka Mosadi
  • Thulaganyo ya Pelepele ya Modimo e Ile ya Sokamisiwa
  • Basadi mo Molaong wa ga Moshe
  • Basadi mo Phuthegong ya Bokeresete
  • Kamego ya ga Jehofa ka Basadi
  • Seabe sa Mosadi mo Dikwalong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Monna le Mosadi—Seabe se se Tlotlegang sa Mongwe le Mongwe wa Bone
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Seabe se se Nang le Seriti sa Basadi mo Batlhankeng ba Modimo ba Bogologolo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • A Tota Modimo o Amega ka Basadi?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
w86 9/1 ts. 14-16

Seabe se se Tlotlegang sa Mosadi

“GORENG mosadi a tshwanetse go nna yo o tshwanang le monna?” Potso eno e e lebegang e sa tlhaloganyesege e ne e le setlhogo sa mokwalo wa moithuta-tlhaloganyo ebong Carol Gilligan oo a neng a tlhalosa jaana mo go one: “Mosadi mo botshelong jwa monna o ile a nna jaaka mootli, motlamedi, le mothusi, mosimolodi wa matshelo ao e reng morago, a ikaegang ka one. Mme lemororo basadi ba ile ba tlamela banna, go bile go boammaaruri gore banna . . . ba ile ba sekamela mo go nyatsiseng tlamelo eo.”​—Psychology Today.

Ke lebaka je le tlwaelegileng gompieno gore basadi ka bontsi ba ikutlwa ba tshwanela go ngongoregela go sa lekalekanngweng le go kgethololwa ga mofuta wa bone. Gone ruri, banna ba ba digagapa ba ile ba tsietsa basadi mo dikarolong di le dintsi tsa lefatshe​—dinaga tse dingwe le merafe di gaisa tse dingwe mo go seno. Bangwe baa re seno se dirwa ke ditsamaiso tsa leago tse di dirang gore basadi ba fiwe seabe se se kwa tlase. Ba bangwe ba supa Bibela gore le yone e ka kaiwa e na le molato mo go seno, ba bolela gore mo Dikwalong tsoo-pedi tsa Sehebera le tsa Segerika (tseo gantsi di bidiwang Testamente e Kgologolo le e Ntšha) Bibela e tshwere basadi ka tsogo je le thata. A seno se ntse jalo?

Boikaelelo jwa Modimo ka Mosadi

Bibela e tlhalosa jaana: “Modimo oa tlhōla motho mo chwanoñ ea ōna tōta, oa mo tlhōla mo chwanoñ ea Modimo; oa ba tlhōla nona le tshadi.” Boikaelelo jwa pharologanyo eno ya bong e ne e le bofe? Karabo e phepafetse. Seo se ne se tla kgonisa gore banyalani bano ba diragatse taolo ya bomodimo e e bolelwang mo temaneng e e latelang: “Modimo oa ba raea, oa re, Atañ, lo ntsihalè lo tlalè ka lehatshe, lo le henyè; me lo laolè . . . señwe le señwe se se tshedileñ se se tsamaeañ mo lehatshiñ.”​—Genesise 1:27, 28.

Elatlhoko gore ba ne “ba” fiwa taolo eno, monna le mosadi boobabedi. Ka bobedi jwa bone ba ne ba tla seke ba tlhakanele fela mo go tlatseng lefatshe ka batho ba bangwe mme gape ba ne ba tla le rua le go laola ditshedi tsotlhe tse di kwa tlase go ya kafa thatong ya Modimo. Go dira seno, ba ne ba tla tlhoka dinonofo tsa botlhale le tsa semoya, mme ba ne ba na le kgono ya go ka dira seno.

Lefa go ntse jalo, Modimo o ne a abela monna le mosadi ditiro tse di farologaneng le maikarabelo. Fa Adame a ntse a ithuta mefuta ya diphologolo le go di raya maina, o ne a dira jalo jaaka monna yo o itekanetseng le yo o feletseng. Mo tirong eo e a neng a e abetswe o ne a sa tlhaele sepe. (Genesise 2:19, 20) Mme erile fa nako e goroga ya gore monna a tlatse lefatshe ka bana, ka phepafalo o ne a tlhoka mosadi. Ke sone seo ‘Jehofa Modimo a ileng a re, ga go molemo fa monna a ka nna a le esi; ke tla mo direla thuso e e mo lebanyeng.’​—Genesise 2:18.

Bibela e re Modimo o ne a mo dira jaaka “thushō e e mo lebanyeñ, [jaaka motlatsi wa gagwe, NW].” Lefoko la Sehebera le le ranoletsweng ka gore “motlatsi” le ka kwalwa gape jaaka “setlatsi,” seo se ileng sa tlhalosiwa jaaka “sengwe se se tsamaelanang le sengwe se sele tota tota.” Boikaelelo jwa Modimo ka mosadi e ne e le gore a nne setlatsi se se nyalanang sentle le monna go diragatsa thomo e ba neng ba tshwanetse go e kopanela, ebong gore ba ‘tlatse lefatshe ba le fenye.’

Thulaganyo ya Pelepele ya Modimo e Ile ya Sokamisiwa

Bibela e tlhalosa gore “Adame o bopilwe pele, me Efe kwa moragō.” (1 Timotheo 2:13) E tlhalosa gore mosadi ke “seyana se se señ thata,” mme ya re, fela jaaka monna a na le tlhogo (Keresete), “tlhōgō ea mosadi ke monna.”​—1 Petere 3:7; 1 Bakorintha 11:3.

Go ya ka thulaganyo ya pele pele ya ga Jehofa, tekanyetso ya lenyalo e ne e le gore motho a nyale mosadi a le mongwe fela. (Genesise 2:24) Monna o ne a bopiwa pele mme o ne a tshwanetse go etelelapele mo dikgannyeng tsotlhe tse di amanang le kobamelo le ditiro tsa bomodimo tse di neng di tla direla go tlatsa lefatshe le go le fenya. Seno se ne se tla akareletsa dikgang tsa lelapa. Rre o ne a tshwanetse go nna tlhogo ya ntlo, mme seno se sa direlwe go gobatsa mosadi. Go na le moo, o ne a tla solegelwa molemo ka go bo a ne a tla bo a na le mongwe yo a neng a tla mo tshegetsa fa a ntse a dirisa thata e a e filweng ke Modimo mo baneng ba gagwe.​—Baefesia 6:1-4.

Jaaka go ntse le mo dikarolong tse dingwe tsa botshelo jwa motho, boleo le bosaitekanelang di ile tsa sulafatsa kamano e e tshwanetseng ya monna le mosadi. (Baroma 7:14-20) Banna ba ba digagapa ba ile ba seka ba dirisa botlhogo jwa bone kafa tshwanelong, mme ka go dira jalo ba bogisa basadi go ralala dingwaga tsotlhe. Ka go bonela pele phelelo eno ya boleo, Jehofa o ne a raya Efa morago ga botsuolodi jwa gagwe a re: “Kelecō ea gago e tla nna kwa monneñ oa gago, me o tla gu laola.” (Genesise 3:16) Taolo eno e e sa tshwanelang e ne e tla bo e le go sa dirise botlhogo kafa tshwanelong. E ne e tla bo e supa boemo jwa teofo ya monna, le jwa mosadi, ka go bo ka dinako tse dingwe e ne e tla felela ka gore a leke go gapa taolo ya monna wa gagwe.

Basadi mo Molaong wa ga Moshe

Molao o Jehofa a neng a o neela Iseraele o ne o sireletsa ditshwanelo tsa makgarebane (Ekesodo 22:16) O ne o sireletsa “tshwanelo ya bomorwadia motho.” (Ekesodo 21:9, NW) Basadi ba ne ba tshwanetse go “ngomaelwa,” e seng go ‘direlwa ka bonokwane.’ (Duteronome 13:6, NW; Malaki 2:14, 15) Basadi ba ne ba tshwanetse go tlotlwa mo dikgannyeng tsa kafa dikobong. (Lefitiko 18:19) Basadi ba ne ba sa tshwanelwa go dirisiwa ka tsela e e sa tshwanelang kafa dikobong.​—Lefitiko 18:8-17.

Fa a ne a kwala mo bukeng ya Religion and Sexism, moitseanape wa thuto-bomodimo ebong Phyllis Bird o ne a tlhalosa a re: “Melao ya Iseraele e farologana thata thata le melao e mengwe e e itsegeng ka ntlha ya go gagamala ga yone mo dikarolong tsa tlolomolao ya kafa dikobong . . . Pono ya Iseraele ya lefelo le le tshwanetseng mo go tsa dikobo le dikotlhao tse di setlhogo mo go ba ba dirang ditlolo tsa kafa dikobong di bonala tota fa di supa pharologano e e feletseng gotlhelele le ditlwaelo tsa merafe e e neng e le mo tikologong (segolo bogolo Bakanana) . . . Ditlolo tsa kafa dikobong ke ditlolo tsa sedumedi mo Iseraele. Ga se dikgang fela tsa sephiri mme ke dikgang tse di botlhokwa thata tse di amang setšhaba ka kakaretso.” Melao e e ntseng jalo e e gagametseng ruri e ne e sireletsa ditshwanelo tsa basadi.

Mo Iseraele, Molao o ne o lekalekanya banna le basadi fa ba ne ba bonywe molato wa kgokafalo, tlhakanelo-dikobo le ba losika, go lala le dibatana, kana ditlolo-molao tse dingwe. (Lefitiko 18:6, 23; 20:10-12) Melao e e neng e amana le melemo ya Sabata, mediro, maitlamo a Banasirita, le dipaakanyetso tse dingwe di ne di dira fela ka tsela e e tshwanang mo banneng le mo basading.​—Ekesodo 20:10; Dipalō 6:2; Duteronome 12:18; 16:11-14.

Mo bukeng ya Diane, Bibela e baka “mosadi [yo o molemo],” “mosadi eo o mokgwa montlè o o iphaphileñ,” “mosadi eo o bonokopela,” ‘mosadi yo o tlhalefileng.’ (Diane 18:22; 12:4; 19:14; 14:1) Diane kgaolo 31 e tlhalosa “mosadi eo o mokgwa o o iphaphileñ” yoo le go bontsha kafa monna wa gagwe a neng a mo ikanya ka gone le ditiro tseo a ileng a mo dumelela go di dira mo dikgannyeng tsa lelapa tse di botlhokwa. Kwantle ga pelaelo, fa Molao o ne o latelwa mo Iseraele, basadi ba ne ba sa tshwarwe makgwakgwa.

Basadi mo Phuthegong ya Bokeresete

Mo Molaong wa ditlhogo tsa lotso le wa ga Moshe, go nyala lefufa le go nna le bagadingwana go ne go dumeletswe fela; mme dilo tseo di ne di laolwa, le ditshwanelo tsa basadi boobabedi le bagadingwana di ne di sireleditswe. (Genesise 16:3; 29:23-29; Ekesodo 21:7, 8; Duteronome 21:14-17) Lefa go ntse jalo, Keresete o ne a tla go tsosolosa tekanyetso ya pele pele ya Modimo kaga lenyalo, ebong gore, monna a le mongwe fela a nne le mosadi a le mongwe fela. (Mathaio 19:4-6) Mme gape o ne a fedisa selo sa gore motho o ka tlhala mo mabakeng mangwe le mangwe, mme a dumelela lebaka le le lengwe fela le le tshwanetseng​—boaka.​—Mathaio 19:7-9.

Legale, go gagamatsa ga ga Keresete thulaganyo ya lenyalo go ne go solegela molemo banna le basadi boobabedi moteng ga phuthego ya Bokeresete. Mme go phepafetse sentle gore basadi ke bone ba ba neng ba solegelwa molemo thata thata.

Go ya ka ditekanyetso tsa Bokeresete, basadi ba ne ba tshwanetse go ratwa le go ngomaelwa. (Baefesia 5:28, 29, 33) Maloko a senna a phuthego a ne a tshwanetse go tshwara basadi ba meroba jaaka ‘bokgaitsadiabone, ka boitsheko jotlhe.’ (1 Timotheo 5:1, 2) Basadi ba Bakeresete ba ne ba amogela moya o o boitshepo mme ba “perofesa,” kana ka bopelokgale ba bua “ditihō tse dikgolo tsa Modimo.” (Ditihō 2:11-18) Basadi ba ba godileng ba Bakeresete ba ne ba tshwanetse go ‘ruta se se molemo’ mo go bokgaitsadi ba babotlana ba semoya. (Tito 2:3, 4) Botlhe ka go tshwana, bannye le bagolo, ba ne ba tshwanetse go nna le seabe se se tlhagafetseng mo go diragatseng thomo ya go ‘dira merafe yotlhe barutwa.’​—Mathaio 28:19, 20.

Thulaganyo ya pele pele ya lenyalo ya Modimo e ne ya tsosolosiwa mo phuthegong ya Bokeresete. Fano, molao-motheo wa botlhogo jwa monna le one o ne o tshwanetse go tlotlwa. (1 Bakorintha 11:3) Basadi ba Bakeresete ba ne ba tshwanetse go ineela mo banneng ba bone. (Baefesia 5:22-24) Ba ne ba tshwanetse gore gape ba tlotle bagolwane ba ba tlhophilweng moteng ga phuthego, bao botlhe e neng e le banna, e ka ne bano ba ne ba sa nyala kana e le ‘banna ba ba mosadi a le mongwe fela.’ (1 Timotheo 3:2) Basadi ba Bakeresete ba ne ba tshwanetse go tlogelela “bagolwane” ba ba tlhophilweng bao gore e nne bone ba ba rutang phatlalatsa mo phuthegong le gore ba ithibe mo go ganetseng barutisi ba ba ntseng jalo phatlalatsa. (Tito 1:5-9; 1 Timotheo 2:11-15; 1 Bakorintha 14:34, 35) Seno se ne se tla baka gore go nne kagiso moteng ga phuthego nngwe le nngwe. (1 Bakorintha 14:33, 40) Tlhotlheletso nngwe le nngwe e e sa tshwanelang ya sesadi moteng ga phuthego e ne e tla lere katlholo e e sa siamang.​—Tshenolō 2:20-23.

Kamego ya ga Jehofa ka Basadi

A Bibela e tshwere basadi ka tsogo je le thata? Nnya. Moteng ga yone yotlhe, e senola kafa Jehofa a amegileng thata ka gone ka gore “seyana se se señ thata” seno se a leng Mmopi wa sone se itumele le go tshela sentle. Ba newa tlotlo. (1 Petere 3:7) O itse sentle gore ke seabe sefe se se tshwanelang tota motho wa bong bongwe le bongwe, gore ba solegelwe molemo boobabedi. O neetse banna botlhogo mme gape o file batlhanka ba gagwe ba sesadi ditshiamelo di le dintsi, go akareletsa le tlotla e kgolwane ya go nna basupi ba gagwe. “Yehofa o tla a ntshe lehoko: basadi ba ba itsiseñ batho mahoko ba nne bontsi yo bogolo.”​—Pesalema 68:11.

Moithuta-tlhaloganyo Carol Gilligan o ne a botsa potso eno, “Goreng mosadi a tshwanetse go tshwana fela le monna?” Bibela e araba jaana: Ga go na lebaka lepe le le utlwalang. O ka itumela fela jaaka a ntse mme a itumedise ba bangwe fa a diragatsa seabe sa gagwe se a se filweng ke Modimo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela