Lebaka Leo ke Ileng ka Latlha Mogopolo Wa go ya Legodimong
—Jaaka go Tlhalositse Yuriko Eto
JAAKA mo-Methodist wa Mojapane, ke ne ke dumela thata thata gore go ka se ke go nne boitumelo bope go gaisa jwa go ya legodimong. E ne e tla bo e le tlotla e kgolo go bapa le Modimo le go ka tshelela ruri le Morena Jesu Keresete. Ke ka ntlhayang fa ke ile ka nna le tlhologelelo e e kana kana ya go ya legodimong? Mme ke eng ke ile ka latlha mogopolo oo? Mma ke lo bolelele kaga botshelo jwa me.
Go ne ga feta makgolo-kgolo a dingwaga go letleletswe fela bodumedi jwa Se-Shinto le Bobuda mo nageng ya ga etsho ya Japane. Ke ne ka tsalwa ka 1911, dingwaga tse 22 fela morago ga go sena go ntshiwa kgololesego ya bodumedi. Ba-lelapa la gaetsho ba ne ba fetogile Ba-Methodist. Rre o ne a le mo kgwebong ya papadi. Mmè o ne a le morwadia moruti. Lebaka la go bo mmè a ne a dumela Bibela ka mmannete e ne ya nna letlhogonolo mo go nna. Ke gakologelwa segolo bogolo gore tsala ya ga mmè, yo o neng a le mogokgo wa sekolo sa basetsana sa thuto-bomodimo, o ne a tle a re etele nako le nako. Ka metlha o ne a bua kaga Bibela, mme ke ne ke rata go mo reetsa. Mme e ne e re fa a digela puo a nnele gore, “A ga go hutsahatse go bo Bibela e ise e senolwe gore batho ba e tlhaloganye?” Ke ne ke tshwenngwa ka metlha yotlhe ke lebaka la gore ereka Modimo a ile a dira gore batho ba kwale Bibela, ke ka ntlhayang fa a ne a sa ba dira gore ba e tlhaloganye?
E ne e tle e re fa ke goroga mo gae ke tswa sekolong, ke rate thata go nna fa fatshe mo setilong se se siameng mme ke bale Bibela le go lora kaga legodimo. Se se neng sa tlhotlheletsa pelo ya me segolo bogolo e ne e le lebaka la gore gongwe Keresete o ka tla go re kgatlhantsha re santse re tshedile. Jesu Keresete o ne a itshwantsha le monyadi mme a re tlhagisa gore mo makgarebaneng a le some, a le matlhano a ne a thulamela mme a seka a kgatlhantsha monyadi mme ka gone a ka se ye kwa legodimong! Jalo letsatsi le letsatsi, ke ne ke rapelela nako eo Morena Jesu a neng a tla a re bitsa ka yone, mme ke ne ke rapelela gore go nna gone ga ga Keresete ga bobedi go seka ga lebalwa. Ka metlha ke ne ke bolokile mo pelong ya me temana e e reng, “Go segō ba ba pelo di itshekileñ: gonne ba tla bōna Modimo,” jalo ke ne ka letela le go nna ka tsholofelo. Tota, ke ne ke tshela fela jaaka moeti mo lefatsheng jeno.—Mathaio 25:1-12; 5:8.
Ka 1933 ke ne ka nyalwa, mme ka go bo nako le nako ke ne ke bua kaga go ya legodimong, monna wa me o ne a tle a ntshege mme a re, “Wena o wa legodimo, mme nna ke wa lefatshe leno.” Lefa go ntse jalo, rraagwe monna wa me o ne a ineetse thata mo Bibeleng mme gantsi o ne a tle a re: “Go setse jaanong go fetile dingwaga tse 2 000 fa e sale Morena Jesu Keresete a tla, jalo re ka akanya fela gore go nna gone ga bobedi ga ga Keresete go atametse.” Pelo ya me e ne ya tswelela ka tlhologelelo.
Morago ga moo Ntwa ya Lefatshe II e ne ya simologa, mme mo ngwageng ya bofelo ya ntwa eo monna wa me o ne a tlhokafala. Ka nako eo ke ne ka gopola gore fa go na le dihele dingwe tse di boifisang, e tshwanetse ya bo e le lefatshe leno. Morago ga ntwa, ke ne ka tsaya bongwanake ba bane (yo mmotlana o ne a le bogodi jwa dikgwedi tse supa) mme re ne ra fuduga kgafetsa kgafetsa, ka gore Tokyo o ne a santse a le mo dikgoberegong. Ke ne ke palelwa ke go digela Sontaga yotlhe ke ise ke ye kwa kerekeng, jalo e ne e re nako le nako fa re fuduga, ke ye kwa kerekeng e e gautshwane le legae ja rona. Ke ne ke sa kgathale gore e ne e le kereke efe, ka jaana ke ne ke ikutlwa gore Modimo o ne o le mongwe fela le Bibela e nngwe fela. Ke ne ke sa rate mogopolo wa go kgomarela kereke e le nngwe fela.
Go Senka Phuthego ya Modimo
Ka go bona dipharologano, ke ne ka nnela go ipotsa gore ene Modimo ka sebele o leba jang makoko ano otlhe. Ke ne ka digela ka gore Modimo ke ene a itseng go gaisa mongwe le mongwe gore go na le diphoso di le dintsi mo ditumelong ka bontsi. Fela jaaka morutabana a tshwaya dipampiri tsa tlhatlhobo le go fa moithuti dimmaraka, ke ne ke akanya ka gore Modimo o ne a tla fa phuthego eo e neng e tlhaloganya Bibela thata thata dimmaraka. Ke ne ka simolola go ikutlwa gore ke tshwanetse go senka phuthego eo e neng e tshwanetse mo matlhong a Modimo. Mme jalo ke ne ka gopola Mathaio 7:9. E e reng: “Go na le monna ohe mo go lona, eo e ka reñ ha morwawè a mo lōpa senkgwè, o ka mo naea lencwè?” Ereka jaana ke ne ke senka “senkgwe” sa boammaaruri, ke ne ka nna le tumelo mo temaneng eno mme ka simolola go rapela ka tlhoafalo letsatsi le letsatsi: “Tswee tswee nkopanya le phuthego eo e utlwisisang Bibela ka tshwanelo.” Ngwaga mongwe morago ga ke sena go rapela ka tsela eno, ke ne ka fudugela kwa Yokohama. Fano ke gone ke ileng ka tsibosiwa maikutlo ke motlotlo mongwe.
Nako le nako e ne e re fa ke kopana le batho ba ba reng ba tsena kereke, ke ba botse gone fela foo ke re, “Ke rata go itse gore a o ka ne o itse mongwe yo o tlhaloganyang Bibela ka botlalo?” Letsatsi lengwe ke ne ka kopana le leloko lengwe la kereke e e fa gaufi le toropo mme ka mmotsa potso e e tshwanang. Lemororo ka nako eo ke ne ke ise ke amogele karabo e e molemo, o ne a nkaraba ka lentswe je le tlhatswegileng: “Ee. Motho yoo o teng. Go letse go na le mosadi mongwe wa morongwa fano maabane. Ke ne ka mo kopa go tsena mo tlung, mme a akofa a mpulela Bibela a bo a tlhalosa dilo di le dintsinyana. O ne a mpolelela pele ga a tsamaya gore o nna fela fa thabaneng eo kwa le wena o nnang teng.” Fa ke utlwa seo, ke ne ka tswa mo tlung ya gagwe—ke itumetse thata. Erile fela mo letsatsing je le latelang ka etela legae la barongwa la Basupi ba ga Jehofa.
Nako ya Khuduego
Kgabagare ke ne ka bona thuto e e nonofileng ya Bibela. Go ne ga feta kgwedi—mme morago ga tla se ke neng ke sa se solofela! Morutisi wa me wa morongwa, ebong Jean Hyde (yo jaanong e leng Nisbet), o ne a rumaruma mme a re: “Mo isagweng gongwe o tla tshela e seng kwa legodimong mme e leng mono lefatsheng.” Ke ne ka kgaoga pelo ka go bo ke ile ka ikutlwa jaaka ekete ke pirigantswe kwa legodimong. Ke ne ke gaketse tota tota. “Ke lantlha ke utlwa morongwa yo o buang puo e e maswe jaaka wena,” ka mo omanya. “Go tlhabisa ditlhong gore lemororo ke ne ke solofetse gore o tla nthuta Bibela, boikutlo joo jaanong bo tsamaile. Lefa go ntse jalo, ereka ke batla phuthego ya boammaaruri gone jaanong jaana, le jaaka ebile ke beeleditse Tora ya Tebelo gape ke na le buka ‘Let God Be True,’ ke tla itlhatlhobela ka kelotlhoko nna ka sebele. Fa ke sena go tiisetsa gore seno ke boammaaruri, ke tla go ikobela mme ke boe gape go tla go kopa thuso mo go wena.”
Jean o ne a sa gakala le e seng. O ne a rumaruma mme a re, “Wena dira jalo, tlhatlhoba boammaaruri.” Morago ga moo, a tsamaya, mme o ne a nna a kgabola nako le nako ka bopelontle go mpotsa gore, “A o ntse o a tlhatlhoba?” Ke ne ke solofetse gore phuthego eno e ne e le karabelo ya Modimo mo dithapelong tsa me, mme jaanong maikutlo a me a ne a tobekanye. Le ka motlha ke ne ke ise ke utlwe ka pharologanyo epe fa gare ga ba ba tla yang legodimong le ba ba tla tshelelang ruri mo lefatsheng.
Morago ga moo, ke ne ka tlhoafalela thata thata go tlhatlhoba dikgatiso tsa Watch Tower malatsi otlhe. Morago ga lobakanyana molebedi yo o etang wa Basupi ba ga Jehofa, ebong Adrian Thompson, o ne a nketela. Ka botlhogoethatanyana, ke ne ka mmotsa gone fela foo ka re: “Le fa go ka diragala gore mo isagweng go nne le ditlhopha tse pedi, se sengwe e le se se yang legodimong se sengwe e le sa selefatshe, a ga se Modimo yo o tla tlhophang? E tla bo e le go ipagololela mogodu fa batho ba ka itlhophela, a ga go jalo?” O ne a araba a re: “Ee ruri! Yo o tlhophang ke Modimo.” Lemororo ke ne ke sa tlhaloganye dintlha ka botlalo, ke ne ka wela dibete go sekaenyana. ‘Jalo,’ ka akanya, ‘tsholofelo ya me ya go ya legodimong ga e a nyelela.’ Morago ga moo, ke ne ka rapela mme ka tswelela go ithuta ka bonna.
Ka 1954 ke ne ka nna gone mo Segopotsong sa loso lwa ga Keresete. Lloyd Barry e ne e le sebui. Mo puong ya gagwe o ne a re ba ba mo “tumalanong ya kgolagano” e ne e le bone ba ba tshwanetseng go ja senkgwe le beine. Morago ga Segopotso ke ne ke na le dipotso di le dintsi, jalo ke ne ka tlhamalalela kwa gae le Shizue Seki, Mosupi yo o tlhagafetseng. O ne a supa kamego e kgolo thata ka nna a ba a ipha nako ya go nkgothatsa gore ke seka ka itlhoboga fela ka go bo ke na le bothata mo ntlheng e le nngwe fela, fa e se fela gore ke tlhomamise gore a dithuto tse dingwe di theilwe mo Bibeleng kana nnyaa.
Letsatsi lengwe, fa bana ba sena go ya sekolong, ke ne ke ntse ke phepafatsa ntlo ke lebeletse baeng, mme ke ne ka rapelela kafa pelong, ‘Ke tla ithuta gape le Basupi ba ga Jehofa.’ Fa ke buduloga, ke ne ka gakgamadiwa ke go bona, go sa tla baeng ba ke ba lebeletseng, mme e leng Basupi ba ga Jehofa ba Majapane ba le bararo. Ka kgakgamalo, ke ne ka ba bolelela gore ke ne ke sa tswa go fetsa go rapela. Fumiko Seki o ne a kalapa ka boitumelo, a ntse a opa diatla tsa gagwe a re, “Ahee! Ahee!” Ka bonakonyana morongwa yo mongwe, ebong Sonny Dearn, a thusiwa ke Fumiko ka go mo ranolela, o ne a simolola thuto e e itumedisang. Mo lobakeng lono bongwanake ba le babedi ba ne ba ithuta le nna. Lefa go ntse jalo, Sonny o ne a romelwa kabelong e sele. Go tswa foo Leon Pettitt, moeng yo mongwe gape, o ne a tla. Re ne re mo tlhaba ka dipotso di le dintsi ka metlha yotlhe. Ka bonolo fela o ne a re supegetsa dikwalo gore re fitlhe mo phetsong e e siameng le go tswelela mo kitsong ya Dikwalo.
Go Ithuta Boikaelelo jwa go ya Legodimong
Phapaanong le megopolo eo ke neng ke na nayo, ke ne ka ithuta gore go na le sengwe se se elwang kwa legodimong go gaisa keletsonyana fela ya go batla go bapa le Modimo yo o galalelang le go nna le Morena Jesu ka bosakhutleng. Fa ke ntse ke tlhaloganya boammaaruri ka dilo dingwe, pelo ya me e ne ya kgona go di amogela kwantle ga tikatiko.
Selo sa ntlha, fa monna wa ntlha Adame a ka bo a sa leofa, go ne go se kitla go tlhokafala gore ope wa batho a ye legodimong. Seno ke ka go bo pele ga lefatshe le bopiwa, go ne go setse go na le diketekete tsa baengele kwa legodimong.—Yobe 38:4-7; Daniele 7:9, 10.
Fa thuto e ntse e tsweletse, ke ne ka ithuta mo go Luke 12:32 gore ke setlhophanyana fela se Bibela e se bitsang “lecomanyane” se se yang kwa legodimong. Jesu o ne a re: “Lecomanyane, se boiheñ; gonne Rra eno o natehèlwa ke go lo naea bogosi.” Malebana le boikaelelo jwa gone, a ga go a kwalwa go Tshenolō 20:6 gore “ba tla busa naè [Keresete] ka dinyaga di le makgolo a shomè”? Mme mo go Tshenolō 5:10 ga twe ba tla “busa mo lehatshiñ”?
Ke ne ka ithuta sengwe gape ka se se bolelwang ke Thapelo ya Morena. Jesu o ne a rapela ka gore: “Bogosi yoa gago a bo tlè. Go rata ga gago a go dihwè mo lehatshiñ yaka kwa legodimoñ.” (Mathaio 6:10) Fa ke tla go lemoga gore seno se ne se raya goromente wa Bogosi jwa selegodimo yo o dirilweng ka batho ba ba tserweng mono lefatsheng go ya go busa le Kgosi Jesu Keresete, ke ne ka gakgamalela botlhale jwa Modimo. Ke ne ka tlhatswega pelo gore seno ruri ke se re se tlhokang, goromente yo o sa tlwaelegang, yo mosha yo o tla gololang setho mo pogong, mo bohutsaneng, le mo dikgatelelong tse di tlisitsweng ke Satane. Ke ne ka patelesega go baka Jehofa.
Mme gape, fa ke tla go lemoga gore palo ya ba ba yang legodimong e lekanyeditswe fela go ba ba 144 000, ke ne ke bona gore tota ruri seno se a utlwala. (Tshenolō 14:1, 3) Ka tsela e e tshwanang, le e leng palo ya babusi ba goromente lefa e ka nna ofe mo lefatsheng e lekanyeditswe. Ke ne ka lemoga gore go na le ditiro dingwe tse di botlhokwa tsa ba ba yang kwa legodimong. Tiro ya bone moteng ga thulaganyo e e lorato ya Modimo e akareletsa go itumedisa ba ba mo lefatsheng le go tsosolosa lefatshe leno go nna paradaise.
Ke ne ka nna le kanaanelo e kgolo thata mo e leng gore ke ne ka latlha megopolo ya me ya go ya legodimong ka boitumelo. Jaanong ke tletse ka tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng la paradaise. Kwantle ga pelaelo, Modimo o senotse boammaaruri jwa Bibela ka phuthego ya gagwe. Ke ne ke ntse ke batla boammaaruri. Ke patelesega go leboga Modimo go bo a nthusitse go kopanela le phuthego eo a e amogelang.
Bodihedi jo bo Nang le Mosola le jo bo Itumedisang
Ke ne ka kolobediwa ka October 1954. Fa e sale ka 1955, bongwanake ba le babedi ba ile ba tlhakanela mo tirong ya nako e e tletseng ya go bolela ka Bogosi mmogo le nna. Morwaake ebong Keijiro o ne a fetsa dingwaga di supa a direla jaaka molebedi yo o etang. Jaanong o segofaditswe ka bana ba le babedi, mme ene le mosadi wa gagwe ba dira ka tlhagafalo jaaka bareri ba nako e e tletseng (babulatsela). Jaaka mmulatsela yo o kgethegileng, ke ile ka nna le seabe mo go tlhomeng diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa mo metseng e le merataro.a Bosheng jaana ke ne ka ipelela go rera ke na le morwadiake yo motona ka dingwaga di le mmalwanyana ebong Hiroko, mo Hachijō Island, koo go leng bokgakala jwa dimmaele di le 185 (300 km) mo Lewatleng la Pacific go tswa kwa Tokyo.
Ereka ke ne ke kgotsofaditswe ke tsholofelo ya isagwe e e molemo-lemo mo lefatsheng, pono ya me tebang le lefatshe e fetogile thata. Segolo bogolo fa re le mo Hachijō Island, re ne re dikaganyeditswe ke dithunya tse di sa tlwaelegang, mme fa re ntse re etela batho ka ntlo le ntlo, re ne re supa kgatlhego mo go tsone fa re ntse re bua le beng ba matlo mo ditshingwaneng tsa bone tse dintle. Letsatsi lengwe re ne ra bona mosadimogolo mongwe a ntse a tlhagola fa dithunyeng tsa gagwe. Re ne ra supa kgatlhego mo go tsone, mme ene a itelela a re: “Ga ke tshabe go swa, mme ke hutsafadiwa ke gore ke tla kgaogana le dithunya tseno fa ke ya kwa lefatsheng le lengwe.” Ke ne ka mo tlhalosetsa gore mo pusong ya Bogosi jwa Modimo o tla tsosiwa mo losong go tsena mo lefatsheng la paradaise koo batho ba tla ipelelang dithunya ka bosakhutleng. O ne a gakgamadiwa ke seno, mme ra rulaganyetsa thuto ya Bibela le ene.
Ke ne ka kgatlhiwa gape ke mokgwa o o motlhofo wa go tshela wa batho ba mo setlhaketlhakeng. Ba masisi thata mo go tlotleng bagologolwane ba bone. Fa mongwe a a swa, mongwe le mongwe mo motseng o leka bojotlhe gore a ye kwa phitlhong. Ke eletsa fela ekete batho bano ba ka itse Jehofa, Rara wa botshelo, mme ba tlhaloganye gore ke Modimo yo o tla tshidisang bagologolwane ba bone gape fa lefatshe le tsosolositswe go nna paradaise. Ke tla rata gore ba itse gore go na le pharologanyo e e botlhokwa fa gare ga go tlotla le go obamela bagologolwane ba rona. Re tshwanetse go obamela fela Rara wa botshelo, ebong Jehofa. Fela jaaka Jesu a boletse a re: “Lobaka loè tla, le gompiyeno lo hitlhile, lo baōbamedi ba amarure ba tla ōbamèlañ Rara ka lōna, ka Mōea le ka boamarure: gonne Rara o batla ba ba nntseñ yalo go nna baobamedi ba gagwè. Modimo ke Mōea; me ba ba o ōbamelañ ba na le go o ōbamela ka mōea le ka boamarure.”—Yohane 4:23, 24.
Jaanong ke le mo kabelong ya me ya tshimo ya bosupa, ke leboga Jehofa fa ke ntse ke tsweletse go bolelela batho kaga boikaelelo jwa goromente wa selegodimo wa Bogosi jwa ga Jehofa le masego a a molemo-lemo a bo tla a tlisetsang rona bao re nang le tshiamelo e e molemo-lemo ya go tshelela ruri mo lefatsheng.—2 Petere 3:13; Tshenolō 21:3, 4.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Yuriko Eto o thusitse gape batho ba le 75 ba a ithutileng Bibela le bone go nna baboledi ba Bogosi.
[Setshwantsho mo go tsebe 12]
Yuriko Eto a ithuta le ba bangwe kaga tsholofetso ya Bibela ya lefatshe la paradaise