‘O ka Latela Jang Dikgato tsa Gagwe’—Tota-Tota?
“KE KA seke le ka motlha ka itekanela jaaka Jesu, go sa kgathalesege gore ke rapela go le kana kang kana ke leka ka tlhoafalo go le kana kang.” Mo go bao go tserweng dipalo tsa bone ke U.S. Catholic, 89 lekgolong ba ne ba dumalana le polelo eo. Tota ruri, kgopolo ya go ka tsamaya mo dikgatong tsa ga Keresete e ka lebega e fekeetsa—segolo-bogolo fa o akanyetsa tsela eo Keresete a tlhalosiwang ka yone ke dikereke. Monna mongwe wa Mokatoliki o ne a re: “Nna ka sebele, ke tsaya Jesu e le motho yo o pelonolo, yo o lorato, yo o pelontle, yo o pelotelele ebile e le motho yo o sa batleng mo gontsintsi mo go nna. Mme fa ke ya kerekeng, Jesu o tlotlomadiwa thata thata jaaka modimo mo ke salang ke le selonyana fela ka ntlha ya bosaitekanelang jwa me.”
Lefa go ntse jalo, dikwalo tsa Efangele ga di ‘tlotlomatse Keresete jaaka modimo.’ Ga di kae gore Jesu o ne a tsalwa ke batlotlegi, mme tsa re ke batho fela ba ba kobo-dikhutshwane. Josefa yo o neng a nna rraagwe e ne e le mmetli. Lemororo go sa itsiwe thata kaga nako ya fa Jesu e le ngwana, go na le paka nngwe e e kgatlhisang. Fa Jesu a ne a le dingwaga tse 12 batsadi ba gagwe ba ne ba ya le ene kwa Jerusalema kwa Tlolaganyong ya ngwaga le ngwaga. Mo pakeng eno o ne a tsenelela thata mo puisanong kaga Dikwalo, mme ba lelapa la gagwe ba ne ba mo siya. Josefa le Maria ba ba neng ba tshwenyegile ba ne ba mo fitlhela malatsi a le mararo moragonyana mo tempeleng, “a dutse ha gare ga baruti, a ba utlwa, a ba a ba botsa dipocō.” Mme ebile, “botlhe ba ba mo utlwañ ba gakgamadiwa ke tlhaloganyō ea gagwè, le diphetolō tsa gagwè.” Ako o akanye tlhe, a santse a le dingwaga tse 12 fela o ne a kgona go ka botsa dipotso tse di emisang tlhogo, tsa dilo tsa semoya mme gape a arabe ka dikarabo tse di botlhale. Kwantle ga pelaelo o ne a thusitswe ke thapiso ya batsadi ba gagwe!—Luke 2:41-50.
Fa o le motho yo o sa leng mmotlana, a o ka kgona go latela sekao sa ga Keresete? Ruri go ntse jalo! Ka gonne Keresete ka boene o lo tlogeletse “sekaō, gore lo tsamaeè mo dikgatoñ tsa gagwè.”—1 Petere 2:21.
Bosha ke nako e e molemo thata ya gore o ka bapala kitso ya motheo ya Modimo le Lefoko la gagwe. Gone go ntse jalo, bangwe ba o ba itseng ba ka ne ba senya nako e ntsi ba bala dibuka tsa dikomiki le go lebelela TV. Mme ke eng, bogolo go seo, o sa tsamaye mo dikgatong tsa ga Jesu, yo o rileng a sa le mosimane a itumelela go ithuta kaga Jehofa? Ka ntlha ya go rata dilo tsa semoya ga gagwe, “Yesu a cwèlèla mo botlhaleñ.” (Luke 2:52) Mme le wena o ka dira jalo.
Go tshwantshetsa seno: Mo sekolong sengwe mo Afrika Borwa, moruta-bana o ne a bodiwa gore a o ka ntsha bosupi jwa gore Bibela e boammaaruri. O ne a ipolela gore o ka seke. Mosimanyana mongwe, yo o neng a le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, o ne a re ka bopelokgale: “Nna ke ka supa tota tota gore Bibela e boammaaruri!” Jang? O ne a gakologelwa tshedimosetso nngwe eo a neng a sa tswa go e ithuta mo tokololong nngwe ya bosheng ya Tora ya Tebelo. Jalo morago ga fa a sena go fiwa tetla ya go bua, o ne a tswelelapele go tlhalosa se se bolelwang ke polelelopele e e kwadilweng go Daniele kgaolo 2. Tlelase e ne ya gakgamala thata fa a ntse a ba bontsha kafa polelelopele e neng e bolelelapele ka gone kaga go tlhatloga le go wa ga mebuso e e tlhomaganyeng ya lefatshe le gore kgabagare e tla senngwa ke Bogosi jwa Modimo. Go ne ga latela puisano e e molemo thata eo mo go yone a neng a nna le sebaka sa go araba dipotso tse dintsi.
Go Tlela go Dira Thato ya Modimo
Motheo wa kitso ya Bibela le kutlwisiso tseo Jesu a neng a di bapala a sa le mosha e ne ya re moragonyana tsa mo tlhotlheletsa go tsaya kgato e e masisi. “Yesu a cwa kwa Galilea, a tla kwa Yoredane kwa go Yohane, a tla go kolobediwa ke èna.” Jaanong e ne e le nako e e tshwanetseng ya gore a sikare maikarabelo a gagwe jaaka modihedi wa Modimo. Kolobetso e ne e raya gore o ineela go dira thato ya Modimo.—Mathaio 3:13-15.
Bakeresete le bone ba tlhokwa gore ba etse Keresete ka go kolobediwa. Kolobetso ke sesupo se se boitshepo, sesupo se se ka kwantle sa boineelo. Fa re dumalana gore re tla berekela motho mongwe kana feme, selo sa ntlha re tlhomamisa gore ke dilo dife tse di tlhokwang le gore maemo ke afe mme e re morago re bo re latedisa seo ka go saenela tumalano. Mme kwantle ga mosaeno, tumalano eo ga e tlame. Mme go ntse fela jalo ka kolobetso—e dira gore boineelo jwa rona go Modimo bo tshwanele. Ka tsela e nngwe, fela jaaka Jesu re a re: “Bōna, ke tsile go diha go rata ga gago, Modimo.” (Bahebera 10:7) Ka gone re nna batlhanka ba Modimo, badihedi ba gagwe!—2 Bakorintha 3:5, 6.
Legale, fela jaaka Jesu, o tla tshwanelwa ke gore santlha o bapale motheo wa kitso ya Modimo. Mme Basupi ba ga Jehofa ba ka go thusa—le bana gago—gore o dire seno ka thuto e e rulagantsweng sentle ya Bibela.
Go Baya Bodihedi kwa Pele
Morago ga fa a sena go kolobediwa, Jesu o ne a tsena mo lobakeng lwa go itima dijo, lwa go tlhatlhanya, le lwa go rapela. Kwantle ga pelaelo seno se ne sa mo siamisetsa gore o ka lebagana le thaelo e e neng e tla latela. Satane Diabolo o ne a mo solofetsa go busa “magosi aotlhe a lehatshe.” Abo Jesu a ka bo a ile a tlotlomala ka tsela eo ya botshelo fa a ka bo a ile a amogela mpho ya ga Diabolo! Lefa go ntse jalo, Keresete, o ne a lemoga gore tsela eo ya botshelo e ne e tla bo e le lobaka lokhutshwane. Ka bofefo fela a gana Diabolo mme go na le moo “a simolola go rèra, le go re, Ikwatlhaeañ; gonne bogosi yoa legodimo bo atametse.” (Mathaio 4:2, 8-10, 17) Mo botshelong jotlhe jwa gagwe jwa selefatshe, Keresete o ne a le modihedi wa nako e e tletseng wa Bogosi jwa Modimo.
Ka tsela e e tshwanang gompieno, Mokeresete ga a ne a dumelela gore lefatshe le le okametsweng ke Satane le mo gogele gore a dire mebereko e e duelang thata le ditelekiso go nna selo se segolo mo botshelong jwa gagwe. Aitsane, erile fa Jesu a bitsa barutwa ba gagwe ba ntlha, “ba akoha ba tlogèla ditloa tsa bōnè, ba mo sala moragō.” (Mareko 1:17-21) A jalo he go tla bo go le botlhale gore motho a apesiwe ke bobi jwa ditelekiso tsa lefatshe? Jesu o laela balatedi ba gagwe gompieno go ‘rera mafoko a a molemo a Bogosi.’ (Mathaio 24:14) Gone ke boammaaruri, o ka ne o na le maikarabelo a lelapa kana a mangwe a o tshwanetseng go a tlhokomela. Ka jalo Basupi ba ga Jehofa ka bontsi ba dirisa dinako tsa maitsiboa le mafelo-beke go diragatsa boikarabelo jwa bone jwa Bokeresete jwa go rera. Bangwe ba bile ba kgona go rulaganyetsa gore ba dire jalo ka nako e e tletseng!
Mo Afrika Borwa lekawana lengwe le ne la rulaganyetsa go ya kwa unibesithing fa le sena go fetsa sekolo. Lefa go ntse jalo, fa a sena go supa boineelo jwa gagwe go Jehofa ka kolobetso, o ne a ikutlwa a tlamega go tsenelela bodihedi jwa nako e e tletseng. Rraagwe, yo o neng a se Mosupi, la ntlha o ne a seka a dumalana. Mme morago ga fa ba sena go buisanya thata, kgabagare a dumela gore morwawe a direle kwa ofising ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa mo Afrika Borwa.
Morago ga dingwaga tse di herang bongwe tseo a di ipeletseng koo, o ne a nyala a bo a tsenelela tiro ya go rera ya nako e e tletseng le mohumagatsana wa gagwe. Moragonyana ba ne ba bona ngwana. Lefa go le jalo, ba ne ba kopa gore Jehofa a ba thuse go tswelela pele e le badihedi ba nako e e tletseng. Ba ne ba gakologelwa tsholofetso ya ga Jesu ya gore fa motho a eteletsa Bogosi jwa Modimo kwa pele, “dilō cotlhe tse [ditlhokafalo tsa dilo tse di bonalang] lo tla di okelediwa.” (Mathaio 6:33) Seno se ne sa nna jalo ruri. “Re ile ra fetsa dingwaga re tshela ka tsela e e botlhale,” rre a bolela, “mme re ile ra fa morwadiarona legae je le itumedisang le go tlhokomela dilo tsotlhe tse di bonalang tse a di tlhokang.”
“Bonōlō le Boiñōtlō mo Peduñ”
“Tlañ kwano go nna lotlhe ba lo lapileñ,” Jesu a bolela, “me ke tla lo lapolosa. Ipeleseñ yokwe oa me, lo ithutè ga me; gonne ke bonōlō le boiñōtlō mo peduñ: me lo tla bōnèla meōea ea lona tapologō. Gonne yokwe oa me o monate, le morwalō oa me o motlhoho.”—Mathaio 11:28-30.
Fa a ne a dira dikgakgamatso, jaaka go kgoromeletsa badimo ntle, Jesu o ne a seka a ikgalaletsa ka gone mme o ne a ipolela phatlalatsa gore dilo tse di ntseng jalo o ne a di dira “ka mōea oa Modimo.” (Mathaio 12:28) Mme lemororo a ne a kgona go gapa tlhokomelo ya bareetsi ba gagwe ka tsela ya gore ba bo ba ‘gakgamalele thuto ya gagwe,’ o ne a seka a senka go ikgalaletsa. (Luke 4:32) Go na le moo, o ne a tle a re: “Thutō ea me, ga se ea me; ke ea eo o nthomileñ.”—Yohane 7:16.
Bakeresete ba boammaaruri gompieno ba leka go bontsha boikokobetso jo bo tshwanang. Ka sekai, fa ba ruta ba bangwe, ga ba leke go lebisa tlhokomelo ya batho mo go bone. Go na le moo, ba akofa ba neela Jehofa kgalaletso le phuthego ya gagwe ka ntlha ya kgono nngwe le nngwe e ba nang le yone e le gore ba tsamaise molaetsa wa Lefoko la Modimo. Moaposetoloi Paulo o ne a botsa a re, “u na le eñ se u se kañ ua se nèwa hèla?”—1 Bakorintha 4:7.
Boikokobetso jwa ga Jesu bo ne jwa supiwa gape ke go bo a ile a ikemisetsa go tsamaya diketekete tsa dimmaele, a sa tsamaye ka kara, mme a tsamaya ka dinao jaaka moreri yo o sa nneng golo go le gongwe fela. Mo pakeng nngwe ene le barutwa ba gagwe ba ne ba lapile thata mo e leng gore ba ne ba tlhoka gore ba “itapolosè ka lobakanyana.” Lefa go le jalo erile fa boidiidi jwa batho bo tlhaga, bo nyoretswe go batla go kgothadiwa mo semoyeng, Jesu a lebala kaga letsapa la gagwe mme “a simolola go ba ruta dilō di le dintsi.”—Mareko 6:31-34.
Kwa Lesotho, Afrika, modihedi mongwe yo o etang wa Basupi ba ga Jehofa (yo o bidiwang molebedi wa potologo) le ditsala tsa gagwe tse pedi bosheng o ne a bontsha moya o o tshwanang. Ba ne ba tsamaya dioura tse 22 go kgabaganya dithaba ba etetse Bakeresete-ka-bone ba ba neng ba nna kwa mafelong a a ka kwantle. A tsenywe ke letsapa la mosepele, molebedi wa potologo o ne a bona gore go botoka a ikhutse mo letsatsing je le latelang. Mme go ne ga tla bontsintsi jwa batho bo tlile go mo dumedisa le go mmotsa dipotso mo e leng gore, lemororo a ne a lapile thata, o ne a ema ka dinao mme a ba ruta kaga mafoko a a molemo a Bogosi. Karabelo e ne ya kgothatsa thata mo e leng gore baeti ba ba lapileng ba ne ba fitlhela gore maiteko a bone a ba solegetse molemo.
Mo Etseng!
Moaposetoloi Paulo o re kgothaletsa go ‘leba kwa go Jesu, mosimolodi le mowetsi wa tumelo ya rona.’ (Bahebera 12:2) Re ka dira seno ka go bala dipolelo tsa Efangele ka metlha yotlhe le go tlhatlhanya ka ditsela tseo re ka etsang Keresete ka tsone. Ka sekai, Jesu o ne a supa bopelokgale fa a ne a latofatsa boitimokanyo le boitshiamiso jwa baeteledipele ba bodumedi, lemororo a ne a itse gore ba ne ba mo tlhoile ba bile ba tla mmolaya. (Mathaio 23:1-36; 26:3, 4) Fa a ne a tlhaselwa o ne a kgona go wela dibete le go ikgapa. (1 Petere 2:23) Mo thutong ya gagwe, o ne a bontsha kafa a lemogang tsela eo batho ba bopilweng ka yone le go kgona go tlhalosa boammaaruri jo bo boteng ka puo fela e e motlhofo.
Mme neo e e tlhomologileng thata e Jesu a neng a na nayo e ne e le lorato lwa gagwe. “Ga go opè eo o nañ le loratō lo lo hetañ lo, ha motho a ka beèla ditsala tsa gagwè botshelō yoa gagwe.” (Yohane 15:13) O ne a bo a oketsa ka selo se sengwe gape mo lefokong le le reng lorato ka go re bolelela gore re rate baba ba rona.—Mathaio 5:43-48.
Abo Jesu a ne a le sekao se se molemo-lemo jang ne mo go rona! Go mo etsa ga go motlhofo, jaaka fa re ka etla re kgotšwa ka dinako tse dingwe. Mme ga re a tshwanela go itlhoboga. (Bagalatia 6:9) Ka go bo go na le dimilione tsa bao ba lekang ka thata ebile ba atlega go latela Jesu. Aitsane, ene yo o go tliseditseng makasine ono kwantle ga pelaelo ke mongwe wa bone mme o tla itumelela thata go go thusa gore le wena o latele dikgato tsa ga Jesu—TOTA-TOTA!
[Mafoko a a mo go tsebe 5]
Le eleng fa a ne a sa le mosha, Jesu o ne a supa kgatlhego e e nonofileng mo dilong tsa semoya. A o a mo etsa le wena mo go seno?
[Mafoko a a mo go tsebe 6]
Keresete o ne a gana boitshediso jwa selefatshe gore a tsenelele bodihedi