A O Tsamaya mo Dikgatong tsa Mmoloki?
NNGWE ya ditlotla tse dikgolo tse o ka di direlang motho ke ka go mo etsa. Bana gantsi ba etsa batsadi ba bone. Banana ba ka nna ba itshwantsha le dithakga tse di tumileng, bagolo bone ba itshwantshe le baeteledipele ba ba thwadi mo go tsa kgwebo le dipolotiki. Mme ke ba le kae ba ba lekang go etsa moeteledipele yo mogolo thata yo o kileng a nna gone mo bathong—Jesu Keresete?
Tseo-dipalo ya bosheng jaana e e neng ya tsamaisiwa ke lekgotla la Gallup e ne ya senola jaana: “Maamerika a a herang bobedi mo go a a 10 ba boletse gore go na le boiteko bongwe jo ba bo dirang go etsa sekao sa ga Jesu.” Ba ka tlala seatla fela ebong “ba le lesome le bobedi lekgolong ba ile ba bolela gore ba ne ba dira boiteko jo bogolo thata jo ba ka bo kgonang.”
Lefa go le jalo, ke eng se se dirang gore Jesu a gaise ba bangwe mo e leng gore o ka ediwa go na le batho ba bangwe ba ba tumileng? Selo sa botlhokwa ke gore, jaaka The World Book Encyclopedia e ile ya tlhalosa, Jesu Keresete “o ile a tlhotlheletsa setho go feta lefa e le mang yo o kileng a nna gone.” Mme ka go sa tshwane le banna ba bangwe ba ba tumileng, Keresete ga aa ka a etelela mephato pele go ya go pateletsa batho go sokologa. O ne a seka a ikanya dikgoeletso tse di jang madi a mantsi jaaka go dira bareri ba ba itsegeng ba segompieno. Mme ebile ga aa ka a ema lekoko lepe la bopolotiki nokeng. Tlhotlheletso ya gagwe e ne e le fela mo nonofong ya molaetsa wa gagwe le tsela eo a neng a o bua ka yone.—Mathaio 7:28, 29; Yohane 7:46.
Jesu o ne a tlhotlheletsa batho go dira diphetogo tse dikgolo mo matshelong a bone, mo semoyeng sa bone le mo boitsholong. Ke motho ofe yo mongwe yo o tumileng yo o ileng a ama batho ba le bantsi jaana ka tsela e e mosola? Mme ebile, ke moeteledipele ofe wa motho yo o ka tlhalosiwang jaaka yo o “boitshèpō, a sena boleo, a sena leshwè, a lomologanye le baleohi”? (Bahebera 7:26) Jalo he sekao sa ga Jesu ke se se itekanetseng—ke se se sa tshwaneng le sa motho lefa e ka nna ofe yo o kileng a tsamaya mo lefatsheng!
Bangwe ba akanya ka gore, ‘tota motho yo o bokoa le yo o sa itekanelang o ka kgona jang go etsa sekao se se ntseng jalo?’ Mo bukeng ya gagwe The Outline of History H. G. Wells o tlhokomedisa gore go tloga fela kwa tshimologong batho ba ile ba gana go latela Keresete. “Ka go bo go direla [Keresete] ka tlhoafalo,” Wells o a bolela, “e ne e le go itsenya mo botshelong jo bo sa tlwaelegang le jo bo gakgamatsang, motho a kgaogana le mekgwa ya gagwe, a laola tlholego ya gagwe le ditlhotlheletso, a senka [go leka] boitumelo jo bo sa tlhaloganyesegeng.” Wells o digela jaana: “Ga go gakgamatse ka gope go bo le go fitlhelela jaanong Mogalalea [Keresete] yono a bo a santse a fekeetsa dipelwana tsa rona.”
A mme tota go ntse jalo? Gone ke boammaaruri, go latela Keresete ka tsela e e phepafetseng e ka nna selo se se sa kgonegeng. Lefa go le jalo moaposetoloi Petere o ne a bolela gore Keresete ‘o re tlogeletse sekao, gore re tsamaye mo dikgatong tsa gagwe tota-tota.’ (1 Petere 2:21) Elatlhoko gore, o ne a seka a re “ka tsela e e itekanetseng” mme e leng ‘tota-tota.’ Ke sekao sa mofuta ofe he, se Jesu a neng a se re tlogelela? Re ka se etsa jang?