Pego ya Baboledi ba Bogosi
Dikopano tsa “Baboloka Bothokgami” mo Philippines
DIKOPANO tsa “Baboloka Bothokgami” tse 23 tsa 1985 tse di neng tsa tshwarelwa mo Philippines ka tatelano di ne tsa atlega thata ka ditsela di le dintsi. Palo-kakaretso ya batho ba ba nnileng gone ba ba 213 734, mo e neng e le koketsego ya diperesente tse 27 go feta palo ya ngwaga o o fetileng, e ne e feta palo-kakaretso ya baboledi mo nageng eo ka makgetlho a le mabedi le sephatlo. Seno se bontsha gore go na le batho ba le bantsi ba ba kgatlhegang ba ba nnang gone mo dikopanong. Gape, batho ba le 2 223 ba ne ba kolobediwa, moo e neng e le koketsego ya diperesente tse 14,5 go feta ngogola.
Mo Tuguegarao, Cagayan, go ne go solofetswe gore batho ba le 12 000 ba tla nna gone mo kopanong eo, mme go ne ga tla ba le 24 327! Seteitšhane sa radio se ne sa gasa potsolotso ya bakaulengwe ya metsotso e le 30, moo kwantle ga pelaelo go neng ga tlaleletsa mo palong e e molemo ya ba ba nnileng gone. Mmotsolotsi o ne a botsa gore re kgona jang go boloka kagiso le tidimalo mo dikopanong tsa rona. Go ne ga tlhalosiwa gore maloko otlhe a phuthego ya rona a leka ka natla go tlhagolela leungo la Bibela la lorato le kagiso. Jalo nako le nako fa re na le dikopano tse di tshwanang le eno, ga go na dikomang. Mmotsolotsi o ne a gakgamala thata a bo a re: “Abo phuthego ya lona e le molemo-lemo jang ne! Diphuthego tse dingwe ga di kgone go ka dira seno. Nako le nako kwa ba nang le bontsi jo bo kana, ka metlha go nna le ditiragalo dingwe tse di sa siamang.”
Kwa go yone kopano eo, morutisi mongwe wa Cagayan State University o ne a tlhalosa jaana: “Boidiidi bo ne bo boitshega; batla-kopanong ba ne ba itshwere sentle; ba ne ba dirisanya mmogo; ba ne ba supa boineelo jo bo feletseng mo bodiheding. Lemororo palo ya batla-kopanong e ne e le kgolo, lefelo le ne le le botswerere thata; go ne go na le tidimalo go bile go sena ditiragalo dipe tse di bosula, mo go supang fela gore Basupi ba dirisa ka tsela ya sedumedi seo ba se ithutileng mo Dikwalong.”
Motlhokomedi wa Rizal Memorial Stadium mo Manila o ne a akgela jaana mo kopanong: “Ke kgatlhegela thulaganyo ya kopano ya lona. Mokgatlho wa lona o rulagantswe sentle, mme ke gone fela jaanong ke iponetseng ka matlho mofuta ono wa thulaganyo ya Basupi ka go bo ke gone fela ke bonang mofuta o o ntseng jaana wa kopano.”
Kwa kopanong ya Calbayog City, baboledi ba le 7 ba ne ba nna gone ba tswa kwa setlhopheng se se kwa thoko, mme ba tla le batho ba ba kgatlhegang ba le 14. Ka go lemoga botlhokwa jwa go nna gone mo modirong ono wa semoya, lelapa lengwe go tswa Palawan le ne la senya diperesente tse 20 tsa madi a baa amogelang mo ngwageng yotlhe gore ba nne gone mo Puerto Princesa City.
Batla-kopanong ba le bantsi ba dinaga di sele ba ne ba etela mo kopanong ya Manila, mme ba ba ka nnang diperesente di le 80 mo go bano ba ne ba le mo tirelong ya mothale mongwe ya nako e e tletseng. Go ne go omosa pelo go bona kafa bakaulengwe ba neng ba kgothadiwa ka gone ke motshameko o o neng o re Isagwe ya Gago—Ke Kgwetlho, o o neng o tlhalosa kaga tirelo ya nako e e tletseng. Kwa Iloilo City, batho ba le bararo ba ba neng ba tsaya karolo mo motshamekong ono ba ne ba tlhotlheletsega thata fa ba ntse ba o ithapisetsa mo e leng gore ba ne ba romela dikopo tsa bone tsa go nna babulatsela ba ka metlha le e leng pele ga kopano e simologa. Mo Ormoc City, modula-setilo wa kopano o ne a tlhalosa gore morago fela ga motshameko oo, baboledi ba le barataro ba ne ba ikopela gore ba fiwe diforomo tsa go ikwadisa jaaka babulatsela ba ka metlha.
Tota ruri moya wa ga Jehofa o tlhotlheletsa batho ba gagwe go “italetsa ka pelo e e thamileñ” mo metlheng eno ya bofelo. (Pesalema 110:3) Dikopano tsa “Baboloka Bothokgami” mo Philippines di kgothaditse bakaulengwe thata thata le batho ba ba kgatlhegang koo.