Go Dirisa Thata ka Tsela e e Bosula mo Motlheng wa Gompieno
KA MOLAO o a neng a o neela ka Moshe, Mmopi o ne a gana gotlhelele gore baatlhodi ba amogele neo epe ya pipa-molomo. (Ekesodo 23:8; Duteronome 10:17; 16:19) Re ka bona kafa ditao tse di ntseng jalo di neng di siame ka gone ka go elatlhoko ditiragalo tsa gompieno tsa go dirisa thata kafa go sa tshwanelang ke basimegi.
Yo mongwe wa bao e ne e le Moatlhodi Martin T. Manton. Bogologolo ka 1918 o ne a leka go kgaupetsa maiteko a Baithuti ba Bibela, jaaka Basupi ba ga Jehofa ba ne ba itsiwe ka nako eo, go duelela J. F. Rutherford beili le ditsala tsa gagwe tse supa. Badihedi bano ba Bakeresete ba ba herang bobedi ba ne ba latofadiwa ka gore ba itshunya nko mo maitekong a ntwa mme ba romelwa kwa kgolegelong ya morafe mo Atlanta, Georgia. Kgotla-tshekelo ya boikuelo eo e neng e reeditse kgetsi ya bone e ne e dirilwe ka baatihodi ba le bararo, go akareletsa le Manton. O ne a intsha moteng, mme baatihodi ba bangwe ba babedi ba ne ba dumelela gore go nne le boikuelo, mme pono-molato e e sa tshwanelang e ne ya tlosiwa.
Manton e ne e le moatlhodi wa mofuta ofe? Dikoranta di ne di mmitsa “Modiri mo boatlholeding wa maemo a a kwa godimodimo [mo United States] yo o tihatihamang Bora-melao ba bagolo ba hera bongwe ba Kgotla-tshekelo e e Kwa Godimo-dimo.” O ne a bile gape e le mongwe wa bathonyana fela mo setšhabeng ba ba tlotlegang thata thata mo Amerika, mopapa a mo dirile “Knight of St. Gregory.” Manton o ne a felelwa ke maemo fa a sena go bonwa molato le go atlholelwa dingwaga di le pedi mo kgolegelong le go lefisiwa R20 000. A atlholelwang? Ka go rekisa diphetso tsa katlholelo. Mo godimo ga moo, o ne a sena ditlhong tsa go batla madi a pipa-molomo mo go bao a tlileng go ba sekisa, a ba tshosetsa ka go re fa ba ne ba se kake ba mo duela madi a le mantsi, o ne a ka ba digela kgang. The New York Times e ne ya bua jaana ka ene: “Pipa-molomo e ne e dirisiwa mo ntlong ya kgotla-tshekelo ya Morafe.” Abo seo e ne e le go dirisa thata ya katlholelo kafa go sa tshwanelang jang ne!
Dingwaga moragonyana kgetsi e nngwe e e tladikegileng e ne ya utlwala, eo e neng e kopanyeletsa Spiro Agnew, mothusa-tautona wa United States ka 1969-73. O ne a latofadiwa ka gore o utswetse goromente diketekete tsa didolara, mme jalo a rola tiro. Moragong fela jaana ka 1983, o ne a duela naga ya Maryland madi a a fetang R500 000 ka ntlha ya dineo tsa pipa-molomo tse a neng a di amogetse.
Go tswa foo ga latela Richard M. Nixon, yo o neng a ile a kgetha Agnew go nna mothusa-tautona wa gagwe. Komiti ya Senate ya U.S. e e neng e seka-seka kgang ya “Watergate” e ne ya haka gore Nixon a sekisediwe melato e le meraro: gore o ile a dirisa thata ya gagwe ya botautona kafa go sa tshwanelang; gore o ne a kgoreletsa tshiamiso; le gore o ne a gana fa a ne a bilediwa tshekong. O ka ne o itse gore o ne a rola tiro ka August 9, 1974, a santse a saletswe ke dingwaga tse pedi le sephatio tsa gore a tswelele eletautona.
Tiriso e e sa tshwanelang eo ya thata e aname le lefatshe lotlhe. Ka sekai, makasine wa Canada ebong Maclean’s wa July 15, 1985, o ne wa bega ka “bofafalele jwa kafa dikobong mo Parliament Hill . . . le go ntsha dituelo tse di sa letlelelwang.” O ne wa anela gore kwa maitisong mangwe modirela-puso mongwe wa maemo a a kwa godimo yo o thapang babereki o ne a bolelela mosadi mongwe wa dingwaga tse 30 a re: “Fa o sa tsole diaparo tsa gago, ga o kake wa lala o bonye tiro.”
Ka yone nako eo, makasine mongwe wa dikgang tsa merafe yotlhe o ne wa gatisa setlhogo se se reng “Go Bola go Nyafatsa Maikaelelo a China.” E ne ya bega ka go re: “Mo e ka nnang letsatsi lengwe le lengwe le go fitlha jaanong, koranta ya mmuso e ne e bega dikgang kaga boferefere mo go tsa madi, dingwe di kopanyeletsa basimegi ba maemo a a kwa godimo.”
Bosheng jaana, New Zealand Herald, kafa tlase ga setlhogo: “Sekgobo sa go Bola ke Matshosetsi a Magolo mo ‘Lucky Country,’” e ne ya bega pono ya moatlhodi mongwe yo o rotseng tiro: “Australia, mo bogareng jwa bo-1980, e humile, e itshetletse ebile e bodile.” Setlhogo seo se ne sa umaka “tsamaiso ya tshiamiso eo mo ngwageng e e fetileng e neng ya bona moatlhodi wa kgotla-tshekelo e e kwa godimo-dimo ya lefatshe leo a latlhelwa mo kgolegelong eo mo e ka nnang ka malatsi otlhe e bonang tiragalo e e sa tlwaelegang ya go tsietsa ga mapodisi.”
Go bonala sentle gore batho bao botlhe ba ba dirisang thata kafa go sa tshwanelang ba tlhokomologa molao-motheo oo Keresete a o tlhalositseng: “Ga go na sepè se se bipilweñ, se se se ketlañ se senolwa, leha e le se se lobilweñ se se se ketlañ se itsege.”—Mathaio 10:26.