LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w86 8/1 ts. 15-20
  • Basha Ba Ba Ipedisang Pelo Ya Ga Jehofa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Basha Ba Ba Ipedisang Pelo Ya Ga Jehofa
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lebaka la go bo go le Botlhale
  • O Ikutlwa Jang Ka Jehofa?
  • Ba Ne Ba Ipedisa Pelo ya Modimo
  • Go Ipedisa Pelo ya Modimo Gompieno
  • Basha ba ba Ipedisang Pelo ya ga Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • Basha, a lo Ikagela Isagwe?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • Basha ba ba Gakologelwang Mmopi wa Bone
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Basha—Ipediseng Pelo ya ga Jehofa
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
w86 8/1 ts. 15-20

Basha Ba Ba Ipedisang Pelo Ya Ga Jehofa

“Ipedisè pelo ea me, gore ke tlè ke hetolè èna eo o nkgōbañ?​—DIANE 27:11.

1. Batsadi ba rona le Mmopi wa rona ba amiwa jang ke tsela eo re tshelang ka yone?

GO SA kgathalesege gore oa go lemoga kana nnyaa, go tshela ga gago go kaya sengwe. Ka sekai, go kaya sengwe mo batsading ba gago. “Mosimane eo o botlhale o itumedisa rragwè,” Bibela e a tlhalosa, “me mosimane eo o seeleele ke khutsahaco ea ga mmagwè.” (Diane 10:1; 23:24, 25) Mme le e leng se se botlhokwa go feta, kafa o tshelang ka gone go itumedisa kana go hutsafatsa Mmopi wa rona, ebong Jehofa Modimo. “Morwaaka u tlhalehè,” Jehofa o a kgothatsa, “me u ipedisè pelo ea me, gore ke tlè ke hetolè èna eo o nkgōbañ.”​—Diane 27:11.

2. Ke kganetsano efe e e botlhokwa-tlhokwa e e neng ya tsosiwa ke Satane, mme re kopanyelediwa jang?

2 Ee, ene yo o kgobang Jehofa, ke Satane Diabolo. Mo tshimong ya Edena, Satane o ne a tsosa kganetsano e e botlhokwa-tlhokwa e e neng ya tlhoka gore Modimo a e fetole. Fa Diabolo a sena go kgona go dira gore Efa, mme e re morago Adame, ba robe molao wa Modimo, mme go bonala a go dirile motlhofo fela, go na le bosupi jwa gore o ne a gwetlha Jehofa. Tota, Satane o ne a bolela gore: ‘Wena mpha sebaka fela mme ke ka faposa mongwe le mongwe gore a seka a go direla.’ (Yobe 1:6-12) Ka gone, Jehofa o ne a dira boikuelo jo bo omosang pelo jo bo kwadilweng fa godimo, gore morwawe a Mo fe ‘phetolo’ gore a tle A arabe kgwetlho ya ga Satane.

3. Ke ka ntlha yang fa boikuelo jwa ga Jehofa bo dira segolo-bogolo go Jesu, mme ke mang yoo le ene o tla bong a ipedisitse pelo ya Modimo?

3 Lefa go ntse jalo, ke mang yo segolo-bogolo Jehofa a neng a ikuela mo go ene, a mmitsa a re “morwaaka”? Jesu Keresete ke morwa Modimo ka tsela e e tlhomologileng, e le ene fela Morwawe yo o tsetsweng a le esi. (Yohane 1:14) Mme legale, kwantle ga ga Adame, yo o neng a swabisa Mmopi wa gagwe, Jesu ke ene fela motho yo o itekanetseng yo o kileng a tsamaya mo lefatsheng, jalo he e le ene motho fela yo o neng a kgona go supa ka botlalo gore motho o ka kgona go ikanyega mo Modimong. (1 Bakorintha 15:45) Ka gone boikuelo jwa ga Jehofa bo dira segolo-bogolo mo go Jesu. Mme Jesu ga a ka a swabisa Rraagwe. Ka boikanyego jwa gagwe, Jesu o ne a fa Modimo karabo go ikarabela mo kgwetlhong ya boikgantsho ya ga Satane ya gore batho ba ka se Mo direle ka boikanyego fa ba le mo ditekong. (Bahebera 2:14; 12:2) Mme gape, botlhe ba ba tla busang le Keresete mo legodimong le bone e tla bo e le ba ba itumedisitseng pelo ya ga Jehofa ka go ikanyega ga bone mo Modimong le e leng go isa losong.​—Tshenolō 2:10.

4. Fa o dira phetso ya se o ka se dirang ka botshelo jwa gago, ke kgang efe e e botlhokwatlhokwa e o tshwanetseng go e akanyetsa?

4 Mme go tweng kaga rona gompieno, go akareletsa le lona ba basha? A lo kopanyelediwa mo kganetsanong eno ya gore a batho ba ka ikanyega go Modimo kana nnya? Tota ruri! (Pesalema 147:11; 148:12, 13) O ka nna wa seka wa go lemoga, mme se o se dirang ka botshelo jwa gago se ka ne se tshegetsa letlhakore la Modimo la kganetsano kana letlhakore la ga Satane. Se ka ne se itumedisa Jehofa kana se itumedisa Satane. Tota tota, taletso ya ga Jehofa kana boikuelo bo ka lejwa gape e le jo bo lebagantsweng le wena ka sebele: “Morwaaka [kana morwadiaka] u tlhalehè, me u ipedisè pelo ea me gore ke tlè ke hetolè èna eo o nkgōbañ.” (Diane 27:11) A go itumedisa pelo ya Mmopi wa gago ga se mokgele o o kgotsofatsang o o ka nnang le one?

Lebaka la go bo go le Botlhale

5. Ke ka ntlha yang fa go le botlhale go ipedisa pelo ya ga Jehofa?

5 Elatlhoko gore Jehofa o kgothaletsa gore, “u tlhalehè.” Ke ka ntlha yang fa re le botlhale fa re itumedisa pelo ya ga Jehofa? Ke ka go bo Jehofa ke Rre yo o lorato yo o re batlelang fela se se molemo, mme sengwe le sengwe se a re kopang gore re se dire se solegela rona molemo. Ke fela jaaka Isaia 48:17, 18 e bolela: “Ke Nna Yehofa, Modimo oa gago, eo ke gu rutañ gu itemohalèla, eo ke gu gōgañ mo tseleñ e u chwanetseñ go tsamaea ka eōna. A bo u ka bo u reeditse ditaolō tsa me, kagishō ea gago e ka bo ne ne hano e nntse yaka noka, le tshiamō ea gago yaka dintèlō tsa lewatlè.”

6. (a) Ke eng se se supang gore Jehofa o batla gore o ipelele botshelo? (b) Ke diphelelo dife tse o ka sekeng o di tile?

6 Jaaka motsadi yo o lorato, Jehofa o batla gore o ipelele neo ya gagwe ya botshelo e e tlhokegang thata ka botlalo. Ka gone o re: “Itumèlè, wèna lekau, mo bokauñ yoa gago; me a pelo ea gago e gu yesè monate mo metlheñ ea bokau yoa gago, me u sepelè mo ditseleñ tsa pelo ea gago, le mo ponoñ ea matlhō a gago.” Mme legale, seno ga se taletso ya gore o dire sengwe le sengwe se se monate seo o se eletsang. Seno se supiwa ke tlhagiso e e latelang: “Me u bo u itse ha Modimo o tla gu isa tshekoñ kaga dilō tse cotlhe hèla.” (Moreri 11:9) Ee, o ka se tile diphelelo tsa ditiro tsa gago; Modimo o tla dira gore o ikarabelele se o se dirang. Taolo eno ke e e tlhomamisegang: “Se motho o se yalañ, ke shōna se o tla se rōbañ.”​—Bagalatia 6:7.

7, 8. (a) O ka tlosa bohutsana jang le go kganela botlhoko? (b) Ke leng fa bosha le bokau di nnang boithamako fela?

7 Ka ntlha ya seno, Jehofa o oketsa jaana: “Me ke gōna u tlosè bohutsana [kana se se bakang tlhobaelo] mo peduñ ea gago, u bo u tlosè boshula mo nameñ ea gago: gonne bokau le bonna yo bo tletseñ ke boithamakō hèla.” (Moreri 11:10) Tota ruri, go botlhale go tila ditiro tseo di tla go bakelang mathata a a hutsafatsang moragonyana. Aitsane, go tla nna le bao ba tla reng o a latlhegelwa​—ba re ga o ise o ‘je monate wa lefatshe’ fa o ise o ko o tagwe, o tlhakanele dikobo kafa go sa tshwanelang, kana go dira sengwe se se ntseng jalo sa go “lekeletsa.” Mme a bo ba le dieleele jang ne! “Tota ruri go ne go sena mosola,” ga itelela jalo moithuti mongwe yo mmotlana a itshekile dikeledi morago ga go dira boaka. “Ke sale ke tshwenyega go tloga foo.”

8 Jalo lona ba babotlana, dirang gore ka botlhale lo reetseng kgakololo ya Modimo go tlosa mo dipelong tsa lona sepe se se ka lo tlhobaetsang kana se se ka lo swabisang, jaaka se se itemogetsweng ke basha bao ba tsamaileng mo tseleng ya botlhaswa kana ya bogagapa. Mokwadi mongwe wa ditlhamo wa lekgolo la dingwaga la bo-17 o ne a tlhokomedisa jaana: “Batho ka bontsi ba dirisa dingwaga tsa bone tsa ntlha go sulafatsa tse di kwa morago.” Ke boammaaruri, mme abo go utlwisa botlhoko jang ne! Fa mmotlana a senya dinonofo tsa gagwe tsa mmele le dikgono mo tseleng eo e dirang gore botshelo jwa gagwe jwa fa a setse a le mogolo bo nne bokete, bosha jwa gagwe le maatla a botshelo ruri ke lefela! (Diane 22:3) Jalo o tlhalefe! Latela kgothatso e nngwe gape: “U bo u gakologèlwè Mmopi oa gago mo metlheñ ea bokau yoa gago.”​—Moreri 12:1.

9. Ke melemo efe e o ka e ipelelang ka go gakologelwa Jehofa mo bosheng jwa gago?

9 Ka go gakologelwa Jehofa mo bosheng jwa gago, ruri o tla iponela molemo. Ga o kitla o tila fela bohutsana le mathata a a kotsi mme o tla ipelela gone jaanong jaana botshelo jo bo itumedisang le jo bo duelang, jwa go direla Mmopi wa gago yo Mogolo. Gammogo le seo, o tla bo ka botlhale o ipolokela mahumo kwa legodimong gore a tle a go solegele molemo ka bosakhutleng (Mathaio 6:19-21) Fa o gakologelwa Jehofa gone jaanong jaana ka go dira thato ya gagwe, o tla go gakologelwa mme a go duele ka “dikeleco tsa pelo ea gago,” ee, botshelo jo bo itumetseng, jo bo tletseng mo paradaiseng ka bosakhutleng!​—Pesalema 37:4; 133:3; Luke 23:43; Tshenolō 21:3, 4.

O Ikutlwa Jang Ka Jehofa?

10. (a) Ke ka ntlha yang fa phetso ya gago ya go direla Modimo e ka se nne tlhatlhelelo fela ya seo selo sa botlhale e leng sone? (b) Ke boikuelo bofe jo bongwe jo Jehofa a bo dirang?

10 Lefa go le jalo phetso ya gago ya go direla Jehofa e ka seke e nne go akanya fela ka tsela e e motlhofo gore ke eng selo sa botlhale Satane ke mmaba yo o boferefere thata mo e leng gore fa o akanya fela ka melemo ya gago ya botho, e tla re kgabagare a kgone go ikuela mo ditshekamelong tsa gago tsa bogagapa go go faposa mo go direleng Jehofa. Jalo Jehofa ga a go laletse ga motlhofo fela go nna botlhale. Nnyaa, mme gape o batla gore re ineele ka sebele sa rona mo go ene. Jesu o ne a re: “U ratè Yehofa Modimo oa gago ka pelo eotlhe ea gago.” (Mathaio 22:37) A o itse gore go rata Jehofa ka pelo yotlhe go rayang?

11. (a) Go neela Jehofa pelo ya gago go rayang? (b) Boitemogelo jwa ga Josefa bo tshwantshetsa jang kafa tlhotlheletso e e tshwanetseng ya pelo e ka re kgoromeletsang go dira thato ya Modimo ka gone?

11 Pelo ya gago e kaya botho jwa gago jo bo kafa teng-teng, ditlhotlheletso tsa gago, maikutlo a gago, le boteng jwa pelo ya gago, mmogo le dikgono tsa gago tsa go akanya. Ka gone go rata Jehofa ka pelo yotlhe ya gago go raya go mo rata thata thata le gore godimo ga sengwe le sengwe mo botshelong ke selo se o se ikgethetseng go itumedisa pelo ya gagwe ka go mo fa karabo ya go araba kgobo ya ga Satane. Temogo e e ntseng jalo e e kwa teng le maikutlo a a boteng a lorato le go amega ka Modimo di tla go tlhotlheletsa thata thata go dira thato ya gagwe, le e leng fa go ka bonala go dira sengwe se se farologaneng go ikuela. Josefa yo mmotlana o ne a na le lorato lo lo ntseng jalo mo go Jehofa, jalo ya re fa mosadi mongwe wa maemo a a kwa godimo a mo kopa a re: “Lala le nna,” Josefa a araba ka go re: “Kana hoñ boshula yo bogolo yo, ke ka bo diha yañ, ke leohèla Modimo?”​—Genesise 39:7-9.

12. (a) O bontsha jang gore o neetse Jehofa pelo ya gago? (b) Fa o sa neele Jehofa pelo ya gago, ke dipotso dife tse o tshwanetseng go di akanyetsa?

12 O bontsha gore o rata Jehofa ka pelo yotlhe ya gago fa o mo rapela le go mmolelela gore o batla go nna wa gagwe, gore o batla go mo direla ka bosakhutleng. Ka tsela eno o ineela go Jehofa. A o dirile seno? Fa go sa nna jalo, e le ka ntlha yang? Ke eng se se go kganelang? A o setse o godile mo go lekaneng go ka lemoga kganetsano e kgolo magareng ga ga Jehofa le Satane? Mme ebile a o batla go ipedisa pelo ya ga Jehofa? Satane ruri ga a batle gore o rate Jehofa ka pelo yotlhe ya gago. O batla gore ka bogagapa “o dire maratwa-e-pelo,” go iitumedisa. O tla ipedisa, mang Jehofa kana Satane? Akanyetsa seno ka masisi.

13. Fa o ineetse le go kolobediwa, ke dipotso dife tse o tshwanetseng go di ipotsa?

13 Fa o ineetse go Modimo le go supa seno ka go kolobediwa mo metsing a tsela e o tshelang ka yone e bontsha gore pelo ya gago ruri e mo Modimong? O kgatlhegelang thata thata, ke eng se o se ratang? a ke go bapala kara e ntšha? a ke go kgobokanya madi go reka diaparo kana dilwana dingwe tsa gago ka sebele? Ke dikgatlhego tsa ga mang tse di tlang pele​—a ke tsa gago kana tsa ga Jehofa? A ruri ruri o arabetse boikuelong jwa ga Jehofa go mo naya pelo ya gago?

14. (a) Ke letlotlo lefe le le tlhokegang thata le basha ba nang le lone? (b) Ke ka ntlhayang fa go hutsafatsa fa mosha a sa gakologelwe Mmopi wa gagwe?

14 Lemororo ba bagolwane ba na le boitemogelo jo bo oketsegileng mme gantsi ba na le botlhale jo bogolwane, basha ba na le letlotlo le le tlhokegang thata le ba ka le dirisang go itumedisa Modimo. “Kgalalèlō ea makau ke thata ea aōna,” Bibela e a bolela. (Diane 20:29) Jalo dirisa thata eo gone jaanong. Gakologelwa Mmopi wa gago “metlha ea boshula” ya botsofe “e e se e be e tle,” fa mmele o koafala le ditokololo tsa ona di senyega mme di palelwa ke go tlhola di dira ka tshwanelo. Abo go hutsafatsa jang fa motho a ile a palelwa ke go gakologelwa Mmopi wa gagwe a sa le mosha mme jalo fa a setse a tsofetse a sena se a ka se supang mo Modimong! Ke “boithamakō yoa maithamakō!” (Moreri 12:1-8) Jalo, ka botlhale, gakologelwa Mmopi wa gago fa o santse o na le nonofo le botlhaga. Itirele motlhala wa tirelo e e ikanyegang go Modimo, yo o tla go gakologelwang jaaka motho yo o molemo, ee, go ya botshelong jo bo sa khutleng.​—Bahebera 6:10-12; Moreri 12:13, 14.

Ba Ne Ba Ipedisa Pelo ya Modimo

15. Ke dikai dife tsa Bibela tsa basha bao ba neng ba dirisa nonofo ya bone mo tirelong ya Modimo?

15 Bibela e tletse ka dikai tsa basha ba ba neng ba dirisa “bontlè” jwa bone​—thata ya bone​—mo tirelong ya Modimo. E ne e le “makau” a a neng a le bofefo le majato a a ileng a tlhola Lefatshe la Tsholofetso. (Yoshue 6:22, 23; 2:15, 16, 23) Dafide ka sebele, fa a santse fela a le dingwaga tsa bo-20, o ne a romela “makau a le shomè” mo thomong ya go kopa gore Nabale a ba thuse. (1 Samuele 25:4, 5) Fa Bajuda ba ba neng ba eteletswe pele ke molaodi Nehemia ba aga dithako tsa Jerusalema sesha ba lebanye le matshosetsi a tlhaselo, ke bomang ba ba neng ba dira tiro e e kotsi, e e bokete? “Bontlha ñwe yoa [makau, NW],” Nehemia o a tlhalosa, “ba diha mo tihoñ, me bontlha ñwe yoa bōnè ba bo ba chotsè marumō, le dithèbè, le mara, le maichomèlō a phemèlō.” (Nehemia 4:16) Mme e ne ya re fa Modimo a bolaya Ananiase le mosadi wa gagwe Safira ka go bo ba akile, “makau,” a ba ntshetsa kwantle go ba fitlha.​—Ditihō 5:5, 6, 10.

16. Ke mo ditirong dife tsa semoya tseo babotlana mo nakong e e fetileng ba ileng ba tlhakanela mo go tsone?

16 Tota ruri, go itumedisa pelo ya ga Jehofa fa basha ba ithebolela tirelo lefa e ka nna efe e e tlhokegang ka nako efe le efe. Lefa go le jalo basha ba ile ba nna le seabe mo ditirong tsa semoya tseo di neng di tlhoka se se fetang nonofo fela ya mmele le mafatlha. “Nna ke lekau,” Elihu a bolela. Lefa go le jalo, Jehofa o ne a mo dirisa go gakolola Jobe. (Yobe 32:4-6) Samuele o ne a le “ñwanyana” fela fa a simolola go direla mo motlaaganeng wa ga Jehofa kwa Shilo. (1 Samuele 2:18) E ne e le “morweetsana” yo, lemororo e ne e le setshwarwa mo ntlong ya ga Naamane, a neng a bolela kwantle ga poifo se se neng se ka dirwa ke moperofeti wa ga Jehofa. (2 Dikgosi 5:2-4) Fa Jehofa a sena go tlhoma Jeremia jaaka moperofeti, Jeremia o ne a re: “Ke ñwanyana hèla.” (Yeremia 1:5, 6) “Me kaga makau a manè auō”​—Daniele le ditsala tsa gagwe tsa Bahebera tse tharo-abo ba ne ba le batlhanka ba ba tlhomologileng jang ne ba ga Jehofa mo botshwarong jwa Babelona! (Daniele, dikgaolo 1 le 3) Setlogolo sa ga Paulo, “lekau,” ka bopelokgale o ne a thusa malomaagwe. (Ditihō 23:16-22) Go tswa foo ga nna mokolwane Timotheo yo go tswa bonnyaneng jwa gagwe a neng a itse dikwalo tse di boitshepo mme a dirisa bosha jwa gagwe mo tirelong ya ga Jehofa.​—2 Timotheo 3:15; Bafilipi 2:19-23; 1 Bakorintha 4:17.

Go Ipedisa Pelo ya Modimo Gompieno

17. Ke ka ntlha yang fa re ka lebelela go bona basha gompieno bao ba itumedisang Jehofa, a mme go ntse jalo ka rona?

17 Mme ga se basha fela ba nako e e fetileng ba ba itumedisitseng pelo ya Modimo ka go ikanyega ga bone mo tirelong. “Go tla dihala mo metlheñ ea bohèlō, go bua Modimo, oa re, Ke tla gorometsa Mōea oa me mo nameñ eotlhe: me bomorwa lona, le bomorwadia lona ba tla perofesa, le makau a lona a tla bōna dipōnatshègèlō.” (Ditihō 2:17; Yoele 2:28) Jalo go matshwanedi gore re lebelele Bakeresete ba le bantsi ba babotlana mo metlheng eno ya bofelo ba ba itumedisang Jehofa. Mme go ntse jalo! Lemororo Basupi ba babotlana e se ba ba se keng ba fosa, fela jaaka go ntse le ka rona, ba le bantsi ba dira sentle thata jaaka Bakeresete. Ba amegile kaga go ipedisa pelo ya ga Jehofa.​—Diane 27:11; 3:1, 2.

18, 19. Ke tiro efe e e tshwanetsweng go dirwa gompieno, mme ke ka ntlha yang fa basha ba e tshwanela thata thata?

18 Mo metlheng eno ya bofelo, thato ya ga Jehofa ke gore go neelwe bosupi jwa lefatshe lotlhe kaga Bogosi jwa gagwe, joo bo kopanyeletsang nonofo e e boitshegang. (Mathaio 24:14) Diholo tsa Bogosi tsa kobamelo di tshwanetse go agiwa, gammogo le dikago tse dikgolwane tsa dikopano tsa potologo. Mo dinageng di le dintsi, go ntse go tlhokega manno a magolwane a difeketiri tse di gatisang dibuka tsa Bibela, gammogo le matlwana a mangwe a bonno mo magaeng a Bethele. Go baakanyetsa ka didirisiwa tseno tse dintšha go tlhoka tiro ya go aga e e bokete, mme fela jaaka go ne go ntse kaga go aga dithako mo motlheng wa ga Nehemia, basha ba ba nang le nonofo le mafatlha ba dira bogolo jwa tiro.

19 Basha bao ba bile gape ba dira namane e tona ya tiro e e bokete ya diatla e e tlhokafalang mo go gatiseng, mo go rokaganyeng, le mo go romeleng diketekete tsa ditone tsa dibuka tsa Bibela ngwaga le ngwaga. Tota, kwa ntlong-kgolo ya New York ya Basupi ba ga Jehofa, go akareletsa le kwa Watchtower Farms, go na le basha ba ba fetang 1 400 ba ba dingwaga tse 25 le kwa tlase. Mme tiro ya bone ga e felele fela mo tirong e e batlang nonofo ya mmele eo ba e dirang fa gare ga beke; ka mafelo-beke ba nna le seabe mo tirong ya ntlo le ntlo ya go rera le mo dipokanong tsa Bokeresete mo diphuthegong tsa mafelo a bone. Abo ba ipedisa pelo ya ga Jehofa jang ne!

20. (a) Ke seabe sefe se basha ba nang le sone mo bodiheding jwa bobulatsela? (b) Ke dipotso dife tse basha ba ba seng mo bodiheding jwa nako e e tletseng ba tshwanetseng go di ipotsa?

20 Mo United States, batho ba ba dirang mmogo le basha bano ke ba ba ka fetang 12 700 ba dingwaga tse di tshwanang ba ba direlang jaaka badihedi ba babulatsela ba ka metlha. Mo dikarolong tse dingwe tsa lefatshe, masome-some a mangwe a dikete tsa basha le bone ba bula tsela. Fa o le mosha yo o iseng a tsenele bodihedi jwa nako e e tletseng, a o ka itlhomela mekgele eo e tla bayang Jehofa kwa pele mo botshelong jwa gago, go na le fela gore gongwe o ikaelele go bona tiro ya boitshediso e e duelang madi a mantsi, go tswa foo o bo o nyala o bo o nna le lelapa? A o tlhaloganya namane e tona ya kganetsano ya lobopo lotlhe? A ruri ruri o eletsa go bona leina la Mmopi wa rona yo o Molemo-lemo le tlosiwa mo kgobong eno yotlhe? Fa go ntse jalo, a mme he ga go matshwanedi gore o dire sengwe le sengwe se o ka se kgonang mo tirelong ya ga Jehofa? A mme seo ga se kitla se akareletsa, gongwe ebile ba ba oketsegileng ba lona, go ithaopela go direla kwa magaeng a Bethele kana go tsenela tiro ya bobulatsela?

21. (a) Ke taletso efe go tswa go Jehofa e o tshwanetseng go arabela go yone, mme jang? (b) Ke ka ntlha yang fa re ka tlhomamisa gore ba le bantsi ba basha ba tla arabela taletsong ya ga Jehofa jaaka Isaia a dirile?

21 Reetsa! Jehofa o a go laletsa, ee, o ikuela mo go wena, go mo fa karabo ya go araba dikgobo tse di boikepo tsa ga Satane. A le wena, jaaka Isaia, o utlwa Jehofa fa a botsa a re: “Ke tla roma mañ? me e mañ eo o tla re elañ?” Ke ka ntlhayang fa o sa nne botlhale mme wa arabela fela jaaka Isaia a dirile: “Ke hano, roma nna.” (Isaia 6:8) Re tlhomamisa sentle gore bontsi jwa lona ba babotlana lo tla arabela ka ntlha ya go bo Lefoko la Modimo le solofetsa jaana: “Batho ba gago ba tla italetsa ka pelo e e thamileng mo letsatsing ja thata ya gago . . . O na le mophato wa gago wa makau [le makgarebe] fela jaaka monyo.” (Pesalema 110:3; 148:12, 13, NW) Mme fa o arabela, o ka bona boipelo jwa go itse gore Jehofa o lebile ebile o a amogela​—gore o ipedisa pelo ya gagwe!

LEBOKOSO LA POELETSO

◻ Ke ka ntlha yang fa tsela e re tshelang matshelo a rona ka yone e le botlhokwa go Jehofa?

◻ Ke ka ntlha yang fa go le botlhale go ipedisa pelo ya ga Jehofa?

◻ Re ka bontsha jang gore re neetse Jehofa pelo ya rona?

◻ Ke bomang mo nakong e e fetileng ba ba ileng ba ipedisa pelo ya ga Jehofa, mme jang?

◻ Ke bomang ba ba ipedisang pelo ya ga Jehofa gompieno, mme jang?

[Mafoko a a mo go tsebe 17]

Fa basha ba tlola melao ya Modimo, ba roba matswela a a botlhoko moragonyana

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Basha ba ile ba ipedisa pelo ya Modimo ka go thusa mo go ageng dithako tsa Jerusalema

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela