Basha—Lo Se Tsiediwe
“Satane le ena o tla a ichwantshe le moengele oa lesedi.”—2 BAKORINTHA 11:14
1. (a) Bontsi jwa rona bo ile jwa tsiediwa ka ditsela dife? (b) Ke bomang, bao gantsi ba tsiediwang motlhofo fela?
KWANTLE ga pelaelo rotlhe re ile ra tsiediwa ka nako nngwe. Gongwe o ne o tshameka motshameko oo mo go one motshameki wa letlhakore le lengwe a ileng a go tlosa ka motsamao wa bolalome mo o neng o eme gone mme ka gone a nosa go fenya motshameko. Kana gongwe o ka ne o ile wa reka seaparo sengwe se se lebegang se le sentle thata, mme ya re morago o sena go se apara ka nako e khutshwane fela le go se tlhatswa wa lemoga gore se ne se se sa boleng jwa kafa se neng se bonala ka gone. Ke bomang, ba gantsi ba tsiediwang motlhofo fela, ke gore, ba forwang kana ba direlwang boferefere? A ga se bao ba tlhaelang boitemogelo? Mme gantsi matswela a gone a masisi thata go gaisa go latlhegelwa fela ke motshameko kana go tsiediwa fa o ne o rekile sengwe.
2. Basha bangwe ba ile ba gogelwa jang mo go direng diphoso tse di masisi?
2 Ka sekai, Julie, yo o neng a le mo ngwageng wa bobedi fela wa sekolo se segolwane, o ne a “ratana,” jaaka a ne a bolela, le “lekolwane lengwe la marata-go-lejwa le leo le tumileng thata mo sekolong sotlhe.” O ne a tlhalosa a re: “Ke ne ka mmolelela gore ke ne ke sa ipaakanyetsa se a neng a se batla, mme o ne a tswelela ka go mpolelela ka moo a neng a nthata ka gone, le gore sengwe le sengwe se tla apara tshiamo. Fa ke ntse ke gana, o ne a mena phatla. O ne a re, ‘tota ruri ke ne ke amega ka wena, mme ke ne ke akanya gore le wena o ikutlwa jalo. Fa o ka seka wa ntlhomamisetsa seo, ke bona gore go tla tshwanela fela gore re seka ra tlhola re bonana ka gope.’” Jalo Julie o ne a ineela mme a dira boaka. Mo letsatsing le le latelang, fa a tla go lemoga gore mosimane o ne a ntse a ipelafatsa ka gore o mo “fentse,” o ne a lemoga kafa a neng a tsieditswe thata thata ka gone. O ka bo a itsile gore fa e le gore tota mosimane yoo o ne a mo rata, a ka bo a ile a seka a dira jalo.
3. (a) Ke ka ntlha yang fa boaka e le phoso e e masisi mo go kana kana? (b) Boitlhomo jwa ga Satane Diabolo ke bofe?
3 Seo Julie a neng a forwa kana a logelwa boferefere gore a se dire e ne e le tlolo e e masisi ya molao wa Modimo. Ka ntlha ya gone moo Bibela e re kgothatsa jaana: “Tshabañ boaka.” Mme ebile e tlhalosa jaana ka papamalo: ‘Ga go seaka se se ka dirang le boswa bope mo bogosing jwa ga Keresete le Modimo.’ (1 Bakorintha 6:18; Baefesia 5:5) Jalo lemororo Satane Diabolo a ka se kgathalele gore a o a fenya kana o a fenngwa mo motshamekong wa bolo kana o reka selo se se tshwanetseng kana nnya, tota o leka ruri ruri go go timetsa gore o robe molao wa Modimo. “Mmaba oa lona, diabolo, o potologa yaka tau e e dumañ, a batla eo o ka mo kometsañ,” Bibela e tlhagisa jalo. (1 Petere 5:8) Eleruri, o dirisa megopolo yotlhe ya gagwe e e botlhale, go akareletsa le go ipaya jaaka moengele wa lesedi, go re faposa gore re seka ra direla Jehofa Modimo! A seo ga se ntlha e e masisi?—2 Bakorintha 11:14.
Ithute Ka Se Se Diragaletseng Efa
4. Ke ka ntlha yang fa go ka twe basha ke bone bao thata thata Satane a itebagantseng nabo?
4 Mme mo go lona ba ba sa leng babotlana, eno ke ntlha e e masisi le e leng go feta: Ke lona ba Satane a itebagantseng thata thata le lona. Ka ntlha yang? Ka ntlha ya bosha jwa lona, lo nnile le lobaka lo lo botlana lwa go ka bapala kitso le botlhale, mme Satane o itebaganya le batho ba ba tlhaelang boitemogelo. O ne a dira jalo fela fa a ne a simolola botsuolodi jwa gagwe. Gakologelwa gore o ne a atamela Efa mo tshimong ya Edena, mme e seng monna wa gagwe Adame yo o neng a bopilwe nako nngwe pele ga gagwe. Mme Satane o ne a atlega. O ne a tsietsa, ee, a tsietsa Efa yo o neng a le mmotlana ebile a tlhaela maitemogelo, ka go ikgakantsha. “Gonne Adame o bopilwe pele,” Bibela e a tlhalosa, “me Efe kwa moragō; Adame ga a ka a tsiediwa, me mosadi, e rile ka a tsiedicwe, a wèla mo tloloñ.”—1 Timotheo 2:13, 14.
5. (a) Ke eng seo le ka motlha re sa tshwanelang go iteseletsa go se akanya? (b) Moaposetoloi Paulo o ne a amegile kaga eng, mme ke ka ntlha yang fa go ne go tshwanetse jalo?
5 Le ka motlha o seka wa forega wa akanya gore mekgwa ya ga Satane e ka seke e dire mo go wena, gore a ka se kgone go go robisa melao ya Modimo. Gakologelwa tlhagiso ya bomodimo ya gore “Satane le èna o tla a ichwantshe le moengele oa lesedi.” (2 Bakorintha 11:14) Moaposetoloi Paulo o ne a amegile ka tshwanelo gore Motsietsi yo Mogolo a seka a atlega mo tlhaselong ya gagwe mo Bakereseteng mmogo le Paulo ba ba neng ba santse ba tlhaela maitemogelo. Paulo o ne a kwala a re: “Kea boiha, gore e se re kgotsa motlha moñwe, yaka nōga e tsieditse Efe ka boherehere yoa èōna, pelo tsa lona tsa senyèga yalo, tsa kgaogana le tshiamō le boitshèkō yo bo ntlheñ ea ga Keresete.”—2 Bakorintha 11:3.
6. Go hepisiwa go raya eng?
6 Elatlhoko gore Efa o ne a seka a tsiediwa fela kana a logelwa boferefere; o ne a bo a hepisiwa. Seno se raya gore o ne a gogelwa mo tseleng e e gobatsang ka go okiwa kana ka thaelo. Go ya ka Webster’s Third New International Dictionary, go hepisiwa go raya “go tlhotlhelelediwa mo botlhokeng kutlo.” “Go gapa kana go goga jaaka ekete ka pheko e e boferefere.” Ka papamalo, buka-mantswe eno e re, phepiso e raya “go tlhotlheletsa (motho wa sesadi) go tlhakanela le ene dikobo la ntlha.” Re ka solegelwa molemo ka go tlhatlhoba mekgwa ya ga Satane ya go hepisa Efa (lemororo mo kgannyeng eno tlhakanelo-dikobo e ne e sa kopanyelediwe) mme gape ka go tlhokomela metlhala e e tshwanang eo a e dirisang gompieno.
7, 8. (a) Boikaelelo jwa potso ya ga Satane mo go Efa e ne e le bofe? (b) Satane o ne a dira jang gore go ja setlhare go tswise pelo thata thata?
7 Kwa tshimologong fela ya go mo atamela ga gagwe, Satane, ka tsela e e boferefere, o ne a dirisa noga go dira gore Efa a simolole go belaela molao wa Modimo. Ka mantswe a a neng a rulagantswe sentle go tsosa pelaelo le kabakanyo, o ne a botsa a re: “Kana, eu! A Modimo o rile, lo se ka loa ya ditlhare tsa tshimo?” Ka potso eno e e bolalome, Satane o ne a kaya gore go ne go tlhomola pelo go bo a ka seka a ja ditlhare tsotlhe tsa tshimo. Tota, o ne a tatalala a re, go na le gore a swe jaaka Modimo a buile, ruri o ne a tla solegelwa molemo ke go ja go tswa mo setlhareng se se ileditsweng. “Gonne Modimo oa itse, go re, e tla re mo letsatsiñ ye lo lo yañ,” Satane a mo tlhomamisetsa, “hoñ matlhō a lona a tla buduloga, me lo tla nna yaka Modimo, lo itse molemō le boshula.”—Genesise 3:1-5.
8 Abo seno e ne e le boikepo jo bo boferefere jang ne jwa ga Satane, go akantsha gore Modimo o ne a leka go tima Efa kitso nngwe e e nang le mosola! Go ya ka Satane, Modimo o ne a bile a dirisa matshosetsi a e seng a sepe a loso go mo thibela mo go diriseng nonofo ya gagwe ya kgololesego. ‘Bona fela, o a latlhegelwa!’ ke sone, se go ka tweng, o ne a se raya Efa. ‘Ga o kitla o swa. O ka ipelela se Modimo ka boene a se ipelelang. O ka itirela phetso ya gore ke eng se se molemo kana se se bosula.’ Go kgona go itirela diphetso tsa gagwe kwantle ga gore a ikarabelele go mongwe o sele go ne ga ikuela mo go Efa.
9. Jaaka go bontshitswe go Yakobe 1:14, 15, ke ditiragalo dife tse di latelanang tse di neng tsa gogela mo go reng Efa a leofe mme kgabagare a swe.
9 Ka jalo, Efa o ne a simolola go leba setlhare ka go se eletsa. “Me mosadi ea re a bōna ha setlhare se le molemō go yewa, se bile se kgatlha mo matlhoñ, le gōna ha setlhare se eletsèga go tlhalehisa motho, a tsaea louñō loa shōna, me a ya.” (Genesise 3:6) Mme morago ga moo, fa Efa a tla go lemoga gore o ne a sa amogela se a neng a se solofeditswe, o ne a tlhalosa jaana: “Nōga e mphorile.” (Genesise 3:13) Tota, e ne ebile gape e mo hepisitse, e mo gogetse ka go mo okisa kana ka go mo raela go fitlhelela keletso ya bogagapa e dira gore a leofe mme, kgabagare, kwa bofelong a swe.—Yakobe 1:14, 15.
Itise mo Maanong a ga Satane
10. Ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go sa itse maano a ga Satane, mme ke ditao dife tseo re tla bong re le botlhale go di latela?
10 Satane o dirisa maano a a tshwanang le ao, ke go re, merero, maretshwa, le matlhale, go tsietsa le go hepisa basha gompieno. Mme e re ka jaana Bibela e neelana ka ditiragalo tsotlhe kaga mekgwa e Satane a tsietsang ka yone, ga o a tshwanela gore o seka wa itse maano a gagwe. (2 Bakorintha 2:11) Se o se tlhokang ke tlhaloganyo e e molemo go reetsa ditlhagiso le ditao tseo Jehofa Modimo a di baakanyetsang ka Lefoko la gagwe le ka phuthego ya gagwe.—Diane 2:1-6; 3:1-7, 11, 12; 4:1, 2, 20-27; 7:1-4.
11. Satane gantsi o hepisa kana o timetsa jang basha gore ba dire phoso?
11 Satane gantsi o gogela kana o okisa jang basha gore ba dire phoso? O dira jalo ka go dira gore se Modimo a se nyatsang, ditiro tseo di ka gogelang mo go reng motho a latlhegelwe ke go ka amogelwa ke Modimo, di bonale di kgatlhisa, mme ebile ekete ga di gobatse, le e leng fela jaaka loungo lo ne lwa bonala mo go Efa. Mme jaaka a dirile ka Efa, o tla leka go godisa mogopolo wa gore ga go tlhokafale gore o bo o latlhegelwa ke sengwe se se itumedisang jaana. Ka gone, ka tsela ya boherehere le ya tsietso, Satane o leka go koafatsa go tlotla Lefoko la ga Jehofa ga gago, gammogo le mo ditaong tseo di neelwang ke batsadi ba gago ba ba boifang Modimo le ke phuthego ya Modimo. Jalo Bibela ka lebaka je le utlwalang e kgothatsa jaana, ‘Ganelang le maano a boferefere a Diabolo.’—Baefesia 6:11.
12. (a) Ke lebaka lefe kaga Satane leo rotlhe re tshwanetseng go le akanyetsa ka masisi, mme ka ntlha yang? (b) O leba jang se se bolelwang go 1 Yohane 2:15 le Yakobe 4:4? (c) Ke eng se Satane a ka ratang gore a go timetse gore o se dumele?
12 Ka phepafalo, Efa o ne a le seeleele go dumela maaka a ga Satane. Lefa go le jalo a ga go boammaaruri le gompieno gore basha ba bantsi ba tsaya ditlhagiso tsa Lefoko la ga Jehofa kana tse ba di fiwang ke batsadi ba bone kana bagolwane ba Bakeresete ka go di nyatsa? Gotweng kaga wena? Ka sekai, a o go tsaya e le selo se se masisi gore Satane Diabolo ke mmusi wa lefatshe leno le gore, jaaka modimo wa tsamaiso eno ya dilo, o foufatsa megopolo ya batho? (1 Yohane 5:19; Yohane 12:31; 14:30; 16:11; 2 Bakorintha 4:4) A ruri ruri o leka go reetsa taolo ya Modimo: “Se rateñ lehatshe, leha e le dilō tse di mo lehatshiñ”? (1 Yohane 2:15) Mme ipotse: ‘A tota ruri ke dumela tlhaloso ya Dikwalo e e reng, “eo o ratañ go nna tsala ea lehatshe, o itiha mmaba oa Modimo”’? (Yakobe 4:4) Satane o tla batla go go tsietsa gore o dumele gore lefatshe ga le na bokotsi bope, le gore ditiro tseo le di etleetsang ga di gobatse ka gope. Mme itlhokomele! O se tsiediwe!
Dithaelo tsa Tsietso Gompieno
13. Ke mokgwa ofe o o tumileng mo mafelong a le mantsi, mme ke eng seo Satane a ka ratang gore re se dumele mabapi le one?
13 Gantsi Satane o hepisetsa batho gore ba dire phoso ka dilo tseo ka botsone di ka nnang tsa bo di se phoso kana tseo di sa kgalweng mo Bibeleng ka papamalo. Ka sekai, lemororo banyalani ba le bantsi ba e tle ba gakologelwe ka boitumelo dinako tse di phepa tsa fa ba ne ba ipelela malatsi a bone a lefereo, go na le dikotsi tse di ka nnang gone fa batho ba le bosi fela ka nako eo ba ratanang ka yone. Tota ruri, thatano ke mokgwa o re ka reng o sa le mosha oo o ileng wa tuma mo mafelong a le mantsi morago fela ga Ntwa ya Lefatshe I. Satane o tla batla gore o dumele gore mokgwa ono ke mofuta wa boitloso-bodutu fela o o itshiametseng le oo o kgonisang batho ba babotlana go tlwaelana le batho ba bong jo bo fapaaneng ba lebanye difatlhego. Mme tota, mokgwa ono o na le dikotsi di le dintsi tsa kafa boitsholong.
14. (a) Mokgwa wa thatano o ka tlhatlhobiwa jang? (b) Ke maikutlo afe a a ka tsogang fa thatano e ntse e tsweletse?
14 Bakeresete ba bagolwane, ba ba godileng, ka ntlha ya boitemogelo jwa bone, ba lemoga dikotsi tseno thata mme ka gone ba ka baakanyetsa ka kaelo e e thusang (Diane 27:12) Mme gongwe o ikutlwa ka gore ga go na kotsi epe mo thatanong le gore batsadi ba gago ba go kganela ka mo go feteletseng, ba go amoga monate. Mme gone fela jaaka batho ba ka lepiwa ka maungo a ba a tlhagisang, go ntse fela jalo le ka mekgwa e e tshwanang le thatano. (Diane 20:11; Mathaio 7:16) Ka sekai, motho mongwe wa dingwaga tse 18 yo o neng a ratana ka metlha, mme a ile a ithwala, o ne a tlhalosa a re: “Ke ne ka nna mongwe wa diketekete tsa banana bao ba neng ba gopola gore go ka se ntiragalele.” O ne a dumela gore morago ga go ratana ka lobakanyana “go tshwarana ka diatla le go sunana go a tswapoga.” Ka mo go tshwanang, mosetsana mongwe wa dingwaga tse 17 yo gantsi a neng a tsenelela thatano, o bega jaana: “Go sunana le go phoraphorana go a oketsega go fitlhelela ke swela gore mosimane a lale le nna.” A ke boikutlo jo bo sa tlwaelegang? E seng jalo gotlhelele.
15. Ke dikotsi dife tseo thatano e ikarabelelang mo go tsone?
15 Fa batho ba babotlana bao ba kgatlhegelanang mebele ba itlhaola, jaaka fa go tlwaelegile mo thatanong, keletso ya kafa dikobong e ka oketsega go fitlhelela e gogela le e leng basha ba ba maikutlo a mantle gore ba robe molao wa Modimo. Akanyetsa gore basetsana ba banana ba ba ka fetang sedikadike mo United States ba a ima ngwaga le ngwaga le gore makgolo a a diketekete a bone ba senya dimpa kana ba tshola bana ba dikgora. Ka maswabi, ka dinako tse dingwe bangwe ba basetsana bano ba banana ke bana ba Basupi ba ga Jehofa mme le bone basimane ba ba ratanang le bone. Mokgwa wa segompieno wa thatano o na le boikarabelo jo bogolo mo dikotsing tseno, mme ebile gongwe le mo dimilioneng tsa malwetsi a masha a dikobo ngwaga le ngwaga.
16. (a) Ke kae fela moo dikeletso tsa kafa dikobong di thethebadiwang gone kafa tshwanelong? (b) Ke eng se se diragalelang batho ba bantsi ba Modimo?
16 Modimo o ne a rulaganyeditse gore keletso ya kafa dikobong e thethebadiwe sebofong sa lenyalo, koo e ka tlisang boipelo jo bo phepa le kgotsofalo gone. (Bahebera 13:4; Diane 5:15-19) Lefa go le jalo, Satane ka boferefere o dirisitse neo eno e e tswang mo Modimong go hepisa batho gore ba se dirise tlhakanelo-dikobo kafa go tshwanetseng mme le gore ba dire boaka. Mo metlheng ya bogologolo, Baiseraele ba le 24 000 ba ne ba bolawa ka letsatsi le le lengwe ka ntlha ya molato ono kgatlhanong le Modimo, mme gone jaanong jaana diketekete di a kgaolwa ngwaga le ngwaga mo phuthegong ya Bokeresete ka ntlha ya boaka. Jalo tlhalefa. Reetsa kgakololo le kaelo. Se itetlelele go tsiediwa.—Dipalō 25:1-9, 16-18; 31:16.
17. (a) Ke pono efe e e tsietsang eo Satane a ileng a e etleetsa mabapi le dilo tse di tshwanang le metshameko, mmino, le go tantsha? (b) Ke ka ntlha yang fa boitlosobodutu jo bo mo lefatsheng e le matshosetsi mo bathong ba Modimo?
17 Mme, itise gape, le mo maanong a mangwe a ga Satane. Ka sekai, metshameko, mmino, le go tantsha, di nnile karolo e e tlhomologileng mo boitlosong bodutu jwa lefatshe la gagwe. Ke boammaaruri, dilo tseno ka botsone ga se gore di phoso mme ebile di ka itumedisa le e leng go nna mosola. (1 Timotheo 4:8; Sekaria 8:5; Luke 15:25) Lefa go ntse jalo, Satane, o ile ka boferefere a etleetsa pono ya gore ga di bake kotsi epe kana kgobalo, le e leng fa ka metlha di tlhakanelwa le batho ba lefatshe leno. Mme Lefoko la Modimo le tlhagisa jaana: “Lo se ka loa tsietsèga: Go ikōpanya le ba ba boshula, go tlo go bodise mekgwa e mentlè.” (1 Bakorintha 15:33) Akanya ka gone. Fa e le gore bodumedi le dipolotiki ke karolo ya tsamaiso ya ga Satane, a ga se boeleele go dumela gore boitloso-bodutu jo bo etleediwang ke lefatshe ga bo tlhotlhelediwe ke ene? O tshwanetse gore ka dinako tsotlhe o bo o itisitse gore ‘o se bopege jaaka lefatshe leno.’—Baroma 12:2.
Dipaakanyetso Tsa Go Sireletsa Basha
18. Ke ka ntlha yang fa o tshwanetse go anaanela batsadi ba ba go layang le go go kaela?
18 Jehofa Modimo ka lorato o dirile dipaakanyetso tsa go sireletsa lona ba babotlana gore lo se tsiediwe. Santlha, o lo neetse batsadi ba lona go lo laya le go lo goga. Mme o ka itumela fa ba dira jalo. Motho mongwe wa dingwaga tse 18, yo o neng a hutsafetse ka ntlha ya go ima ngwana wa dikgora, o ne a ngongorega ka gore go ka bo go sa mo diragalela “fa batsadi ba me ba ka bo ba dirile tiro ya bone jaaka fa batsadi ba tshwanetse, mme ba mpolelela mamena a go nna le mosimane yo o ratanang le ene, mme ba nkitsa go ratana nae.” Jalo o leboge fa e le gore o na le batsadi ba ba boifang Modimo. Ga ba leke go go pitlaganya le go dira gore o sulafalelwe ke botshelo ka dithibelo tse ba di go neelang. Phapaanong le seo, ba a go rata mme ebile ba batla go go sireletsa. Sola boitemogelo jwa bone molemo le botlhale ka go utlwa kgakololo ya bone.
19. Ke dithuso dife tse dingwe gape tse di baakanyeditsweng go sireletsa basha?
19 Mme gape, Jehofa o baakanyeditse ka phuthego ya gagwe ya selefatshe go go thusa. Ka motlhala, tokololo nngwe le nngwe ya Awake! e na le setlhogo se se reng “Young People Ask . . .” seo se bontshang bomolemo jwa ditekanyetso tsa ga Jehofa. Ka mo go tshwanang, bukana Sekolo le Basupi ba ga Jehofa e ne ya baakanyediwa gore e go thuse go sepela ka melao ya Modimo le melao-metheo fa o le mo sekolong. Kgothatso e nngwe gape le kgakololo e neelwa go Tora ya Tebelo le mo dipokanong tsa phuthego, mo dikopanong tsa potologo, le mo dikopanong tsa kgaolo. Tota ruri, yone kgang eno, “Basha—Lo se Tsiediwe,” e ne e le puo e e neng ya neelwa mo kopanong nngwe ya bosheng ya kgaolo gammogo le mo karolong nngwe ya Pokano ya Tirelo.
20. (a) Ke ka ntlha yang fa basha ba le bantsi ba baakanyediwa ka dithuso? (b) Ke boikutlo bofe jo bo tla go thusang go ganana le maiteko a ga Satane a go go tsietsa?
20 Ekete le ka motlha o ka seka wa akanya gore ka tlhokomelo eno re leka go go pitlaganya gore re go amoge boipelo jwa gago. Go na le moo, phuthego ya Modimo e a go rata, mme sengwe le sengwe se se gatisitsweng le go buiwa ke se maikaelelo a sone e leng go go sireletsa—go boloka botshelo jwa gago! Ithute go anaanela dipaakanyetso tseno. Dira gore thuto ya Bibela ka go dirisa dikgatiso tsa Mokgatlho di nne tlwaelo ya gago; dira gore boammaaruri jwa Bibela bo godise kanaanelo ya gago. Ekete o ka nna le boikutlo jwa motho mongwe wa dingwaga tse 18 yoo, morago ga fa a sena go akanyetsa kgakololo e e tlhamaletseng e e neng e lebagantswe le basha, a neng a kwala a re: “E ne ya ntira fela gore ke lemoge kafa rona batho ba basha re leng sego ka gone go bo re le mo boammaaruring! Ga go na lefa e le phuthego nngwe e sele mo lefatsheng eo e kgathalelang le go rata basha ba yone mo go kana kana!” Ekete re ka ngaparelana mme re ganane le maiteko a ga Diabolo a go re tsietsa, ka go bo ga re mo lefifing kaga maano a gagwe!
LEBOKOSO LA POELETSO
◻ Ke ka ntlha yang fa batho ba babotlana e le bone bao thata thata Satane a itebagantseng nabo?
◻ Satane o ne a hepisetsa Efa jang mo go direng phoso?
◻ Satane gantsi o hepisa basha gore ba dire phoso jang gompieno?
◻ Ke dipaakanyetso dife tse di leng gone go sireletsa batho ba babotlana?
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
Fela jaaka Satane a ne a senka go timetsa Efa, yo o neng a sena boitemogelo go le kalo go feta Adame, jalo basha ke ditlhaselwa tse di kgethegileng tsa ga Satane
[Setshwantsho mo go tsebe 13]
Fa basha ba ikarola, keletso ya kafa dikobong e ka gola mme e ba gogele mo go robeng molao wa Modimo