LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w86 8/1 ts. 8-9
  • Ke Eng Se Se Letleletsweng ka Sabata?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Eng Se Se Letleletsweng ka Sabata?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ke Eng Se Se Letlelesegang ka Sabata?
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Ke Ditiro Dife Tse di Tshwanetseng go Dirwa ka Letsatsi la Sabata?
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Ba Kgetla Dijo Tsa Ditlhaka ka Sabata
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Go Roba Mabele ka Sabata
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
w86 8/1 ts. 8-9

Botshelo le Bodihedi tsa ga Jesu

Ke Eng Se Se Letleletsweng ka Sabata?

KE KA Sabata yo mongwe fa Jesu a etela Sinagoge nngwe e e gaufi le Lewatle la Galilea. Koo go na le monna mongwe yo o nang le letsogo le le omeletseng. Bakwadi le Bafarisai ba lebile thata thata go bona gore a jaana Jesu o tla mo fodisa. Labofelo ba botsa ba re: “A go letlelecwe go hodisa ka letsatsi ya Sabata?”

Baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda ba dumela gore go fodisa go letleletswe ka Sabata fela fa e le gore botshelo bo mo kotsing. Ka sekai, ba ruta gore, ka Sabata ga go a letlelelwa go alafa lerapo kana go hapa le le robegileng. Jalo bakwadi le Bafarisai ba botsa Jesu ka boiteko jwa gore ba mmone molato.

Lefa go ntse jalo, Jesu o itse kafa ba akanyang ka gone. Ka nako e e tshwanang, o lemoga gore ba dirisa pono e e feteletseng, e e seng kafa dikwalong malebana le gore ke eng se se kayang tlolo-molao mo patlafalong ya letsatsi la Sabata e e iletsang tiro. Jalo Jesu o dira namane e tona ya tiro e e sa tlwaelegang mo go bone ka go raya monna yo o letsogo je le omeletseng a re: “Ema ha gare.”

Jaanong, a retologela go bakwadi le Bafarisai, Jesu a re: “E ka nna motho ohe mo go lona, eo ekareñ a na le nku e le nwe hèla, me ha eōna e wetse mo mokoleñ ka letsatsi ya sabata, eo o sa kakeñ a e chwara, a e ntsha?” Ereka nku e le selo se se bapalang madi, ba ne ba se kitla ba e tlogela mo mokoleng go fitlhelela ka moso, mo gongwe e ne e ka tsenwa ke bolwetsi mme e latlhegelwe ke mosola wa yone. Mme ebile gape, Dikwalo di re: “Motho eo o siameñ o tla a gopole botshelō yoa kgomo eabō.”

Fa a tshwantshanya le seno, Jesu o tswelela pele a re: “Me ke gōna motho o tlhwatlhwa e kgolo yañ go gaisa nku! Ke gōna go letlelecwe go diha molemō ka letsatsi ya sabata.” Ka go sa kgone go ganetsanya le mogopolo oo o o utlwalang sentle le wa kutlwelobotlhoko, baeteledipele ba bodumedi ba didimala fela.

A bua a galefile, gammogo le go hutsafalela boeleele jwa botlhogo-e-thata jwa bone, Jesu o leba go mo dikologa. Go tswa foo o raya monna a re: “Ōtlōlōla lecōgō ya gago.” Mme o a le otlolola mme letsogo le bo le fola.

Go na le gore ba itumelele go bo letsogo la monna le alafilwe, Bafarisai ba a phegoga mme ba loga leano le lekoko la balatedi ba ga Herode gore ba bolaye Jesu. Lekoko leno la sepolotiki ka phepafalo le akareletsa maloko a Basadukai ba sedumedi Ka tlholego fela, lekoko leno la sepolotiki ba a ganetsanya le Bafarisai, mme fa ba tla go ganetsa Jesu ba kitlanye thata thata. Mathaio 12:9-14; Mareko 3:1-6; Luke 6:6-11; Diane 12:10; Ekesodo 20:8-10.

◆ Ke eng se se neng sa dira gore go nne le thulano e kgolo fa gare ga ga Jesu le baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda?

◆ Ke eng se Bajuda ba neng ba se dumela mabapi le go fodisa ka Sabata?

◆ Ke setshwantsho sefe se Jesu a neng a se dirisa go ganetsa dipono tsa bone tse di phoso?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela